LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/1 ts. 31
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mogenerala Yo O Rotseng Marapo O Ithuta Boammaaruri
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • ‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Mafoko A A Molemo go Tswa Norway
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/1 ts. 31

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”

SEANE seno se itshupile se le boammaaruri kwa Korea, koo jaanong go nang le Basupi ba ga Jehofa ba ba itumetseng ba feta 71 000. (Diane 3:13) Mme a ko o akanye fela, 42 lekgolong ya badihedi bano ba mo tirelong ya nako e e tletseng! Maitemogelo a a latelang a tla bontsha gore batho ba ba senkang botlhale jwa boammaaruri ba a itumela.

Mosadi mongwe kwa Pusan o ne a tsene nngwe ya dikereke tsa Labokeresete dingwaga di le 16. O ne a bone go dirwa ditiro tse dintsi tse di seng kafa Dikwalong mo e leng gore o ne a simolola go akanya gore ga go kake ga bo go na le Modimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a ka se ka a ganetsa gore Modimo o teng, ka jalo o ne a rapela Modimo ka pelo yotlhe gore a bone kereke ya boammaaruri fa e le gore gone e teng. Ka nako eo a bo a gakologelwa Basupi ba ga Jehofa, mme a gakologelwa gore kereke e a neng a e tsena e ne e ba nyatsa e bile e tlhagisa batho ba ba e tsenang kgatlhanong le bone ka gonne Basupi ba ne ba sa dumele Tharonngwe, molelo wa dihele, le dithuto tse dingwe tsa Labokeresete. A e seng gore e ne e le bone kereke ya boammaaruri? Moagisani mongwe o ne a mo thusa go bona kwa Holo ya Bogosi e leng teng. E ne ya re letsatsi le le latelang fela a bo a ya kwa pokanong.

O ne a gakgamadiwa ke tsela e go neng go ritibetse ka yone kwa pokanong. Go ne go sa goiwe mo go feteletseng kana go opelwa ka tsela ya go tseega maikutlo jaaka go ne go dirwa kwa kerekeng e a neng a e tsena. O ne a itsisiwe Mosupi mongwe yo o neng a iketleeditse go ithuta Bibela le ene, mme thuto ya ntlha e ne ya tsaya diura di le dintsinyana ka gonne a ne a botsa dipotso tse dintsi. Mo thutong ya bobedi, o ne a bolela gore o ne a tla tswa mo kerekeng ya gagwe a bo a nna Mosupi. O ne a bolelela kgaitsadi yoo gore go ne go se kitla go tlhokafala gore a ithute le ene, ka gonne o ne a tla nna a ya fela kwa dipokanong. Lefa go ntse jalo, o ne a bontshiwa kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le thuto ya gagwe ka namana ya Bibela mmogo le go ya kwa dipokanong. O ne a amogela kakantsho eo, a ithuta ka natla, mme ya re morago ga nako a bo a kolobediwa.

Jaanong o itumetse tota ka gonne o bone botlhale jwa Modimo wa boammaaruri, Jehofa, gape o na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Modimo le lesha.

Mogenerala Yo O Rotseng Marapo O Ithuta Boammaaruri

Mosadi yo o nyetsweng ke mogenerala mongwe wa sesole o ne a kolobediwa ka 1962. Monna wa gagwe o ne a mo ganetsa kwa tshimologong, mme lefa go ntse jalo moragonyana o ne a tlogela go nna a mo ganetsa, mme bakaulengwe ba ba farologaneng ba ne ba ithuta le ene mo dingwageng tse 28 tse di neng tsa latela, mme a etla a ithuta a etla a lesa, ba leka go dira gore a kgatlhegele boammaaruri. O ne a nna gone kwa dipokanong dingwe le kwa dikopanong dingwe tse dikgolo, mme lefa go ntse jalo e ne e le mongwe wa batho ba ba ikgogonang go tsaya boammaaruri masisi. Ka 1990 ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ya kwa Japane, koo ba neng ba nna gone mo kopanong ya kgaolo. Ka lekgetlho leno o ne a reetsa dipuo ka kelotlhoko—sengwe se a neng a ise a tsamaye a se dire pele. O ne a jesiwa kgakge ke dipuo tsa bopelokgale tse di neng di senola bodumedi jwa maaka, mme lefa go ntse jalo kwantle ga pelaelo di ne tsa mmula matlho a lemoga boitimokanyi jwa Labokeresete. O ne a kgatlhiwa ke kafa batho ba Modimo ba kwa Japane ba neng ba ritibetse e bile ba itumetse ka gone, e le se se tshwanang le se a neng a se bone kwa Korea. Fa a boela kwa Korea, o ne a simolola go ithuta Bibela a tlhoafetse mme ya re kgabagare a kolobediwa.

Jaanong ka a kolobeditswe o tla dira eng? O ne a rola marapo a go nna poresidente wa hotele nngwe e e itsegeng ya bajanala mme a kopanela le mosadi wa gagwe mo bodiheding jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng. O bona gore go nna mmulatsela wa ka metlha ke yone tsela e e molemolemo e ka yone a ka busetsang se a se latlhileng ka dingwaga tse 28 tsa fa a ntse a ikgogona.

Jaanong o lemoga gore seane se se reng “go tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale” se a dira le mo go ene!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela