LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 9/1 ts. 23
  • Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mafoko A A Molemo go Tswa Norway
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 9/1 ts. 23

Pego ya Baboledi Ba Bogosi

Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe

JAAKA fa tiro ya go rera e ntse a atologela kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go kaela batlhanka ba gagwe kwa go ba seka dinku. Ba utlwa lentswe la ga Jesu mme ba ithuta go mo direla ba itse gore botshelo jo bo sa khutleng bo tla tla. Jesu o ne a bolela jaana mo go Yohane 10:27, 28: “Dinku tsa me di utlwa lencwe ya me, me kea di itse, me di ntshale moragō: Me ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ.” Ela tlhoko kafa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kwa Madagascar ba reeditseng lentswe la ga Jesu ka gone.

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a neela ngaka e e neng e tlile go tlhola rraagwe yo o neng a lwala dikaelo tsa dibuka tsa O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise le Bosha jwa Gago—go Iponela Molemo mo go Jone.

Ngaka eno e ne e le Moporotesetanta mme a le kgatlhanong thata le Basupi, mme lefa go ntse jalo o ne a bala buka eno a bo a bala ditemana mo Bibeleng ya gagwe. Mosadi wa gagwe, yo e neng e le Mokatoliki gape e le ngaka, o ne a bala buka ya Bosha makgetlo a le mantsi ka gonne a ne a bolela gore e ne ekete e kwaletswe ene ka mo go kgethegileng. Ba ne ba kgatlhiwa ke kafa Mokgatlho o tlhalosang ka gone go tswa mo Bibeleng kafa 1914 e leng botlhokwa ka gone. Monna o ne a ikopanya le Mosupi yo o neng a mo file dibuka tseno. Mosupi o ne a mo neela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? a bo a rulaganya gore a mo etele le mosadi wa gagwe mme a arabe dipotso tsa bone. Fa a ba etela, o ne a simolola thuto ya ka metlha ya Bibela le banyalani bano le bana ba bone ba bararo. Ba ne ba tlhaloganya Bibela ka bofefo.

Morago ga thuto ya bone ya ntlha, lelapa lotlhe le ne la simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi mme ya re ka bofefo fela morago ga foo ba ikwadisa mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Bana ba ne ba simolola go itshola botoka fela thata. Ba ne ba lemoga go tswa mo thutong ya bone ya Bibela gore, go keteka meletlo ya matsalo le malatsi a mangwe a boikhutso a bodumedi e ne e se tlwaelo ya Bokeresete; ka jalo, ba ne ba emisa go a keteka. Monna o ne a gana go neela mongwe wa losika lwa gagwe madi a gagwe a mmele, le mororo kgang eo e ne e ise e tlotliwe mo thutong ya Bibela. Erile go ise go ye kae seaparo sa gagwe sa karate se ne sa nyelela mo lekaseng la gagwe la diaparo; o ne a e romela kwa moseging mongwe gore bana ba gagwe ba direlwe diaparo ka yone. O ne a fisa dimakasine tsa gagwe tsotlhe le dibuka tse di buang kaga go lepa dinaledi. E ne ya re dikgwedi di le tharo fela morago ga ba sena go simolola go ithuta, monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba tlogela dikereke tsa bone mme ba bontsha gore ba eletsa go nna le seabe mo tirong ya go rera. Jaanong ba kolobeditswe.

◻ Mosadi mongwe kwa Thailand o ne a batla boammaaruri. Le mororo e ne e le Mobuda, o ne a ise a ko a ineele mo bodumeding jwa gagwe ka gonne o ne a bone boitimokanyi jo bontsi le bogagapa. Mo godimo ga moo, go ne go na le dingwao tse di farologaneng tseo di neng di sa mo itumedise. Dilo tseno tsotlhe di ne di setse di mo fedisitse pelo.

Go tswa foo, moagelani mongwe o ne a mo akantsha gore a leke Bakeresete mme a mo isa kwa kerekeng ya Pentekosete. Lefa go ntse jalo, fa tirelo e ntse e tsweletse mosadi yono o ne a batla tota gore a ka tswa a boela kwa gae ka ntlha ya modumo, ereka botlhe bao ba neng ba le gone ba ne ba rapelela kwa godimo. E ne ya nna lone lekgetlo la bofelo a ya kwa kerekeng eo.

Moragonyana, o ne a leka kereke ya Roma Katoliki. Lefa go ntse jalo fa a sena go ya teng makgetlo a le mmalwanyana, o ne a boa gape a lemoga boitimokanyi le bogagapa, mmogo le tsela eo moruti a tshelang botshelo jwa manobonobo ka yone. O ne a tenega mme a se ka a tlhola a ya teng gape. Moruti o ne batla go itse gore o ne a tlogeletse eng. Fa a sena go utlwa lebaka, o ne a bolela jaana ka go sotla: “Fa e le gore o batla go tsena le batho ba ba gagamaditseng molao tota, ya kwa Basuping ba ga Jehofa.” Mosadi o ne a botsa jaana: “Ba kwa kae?” Moruti o ne a fetola jaana: “Ba gaufi le fa metšhineng e e pompang metsi.” Letsatsi le le latelang o ne a ba batla mme a se ka a ba bona. Lefa a ne a utlwile botlhoko, o ne a tswelela pele a gopola Basupi ba ga Jehofa ka metlha.

Letsatsi lengwe o ne a utlwa moagelani wa gagwe a bua le yo mongwe ka go sotla a re: “Wena o tla tloga o fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!” Fa a utlwa seo, mosadi yono o ne a tabogela kwa moagelaning yono a mmotsa a re: “A go na le Basupi ba ga Jehofa fa gaufi?” “Ee,” o ne a arabiwa jalo. “Bangwe ba tla mo tikologong ya rona ba rera ka ntlo le ntlo. O tla ba lemoga ka mokgwa wa bone wa go apara sentle diaparo tse di phepa.” Fa a utlwa go tualo o ne a siana a ya go ba batla. La ntlha ga a ka a ba bona, mme fa a boela kwa ntlong ya gagwe, o ne a lemoga basadi ba babedi ba ba apereng sentle ba buisana le mongwe. O ne a ba atamela a ba botsa gore a e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Fa ba bolela gore e ne e le bone, o ne a ba rapela a re: “Tsweetswee lo tle kwa ntlong ya me. Ke batla go bua le lona.”

Go ne ga simololwa thuto ya Bibela, mme lefa a ne a ganediwa le go sotliwa ke maloko a lelapa, mosadi yono o simolotse go nna gone kwa dipokanong le go rerela ba losika lwa gagwe.

Jesu ruri o itse dinku tsa gagwe mme o di phuthela mo phuthegong ya gagwe gore ba falolele mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela