LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 21
  • Mafoko A A Molemo go Tswa Norway

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mafoko A A Molemo go Tswa Norway
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lorato Io Utlwanya Malapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 21

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Mafoko A A Molemo go Tswa Norway

BABOLEDI ba Bogosi ba ba fetang 9 500 ba kwa Norway ba nna le maitemogelo a mantsi a a itumedisang. Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba lemoga gore molaetsa wa Bibela o o bolelwang ke Basupi ba ga Jehofa ke boammaaruri le gore ke karabo ya dithapelo tsa bone, jaaka go bonala mo boitemogelong jo bo latelang.

◻ Banyalani bangwe ba babotlana ba ne ba rapela Modimo gore o ba thuse go nna le boikaelelo mo botshelong. Beke moragonyana ga foo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ba etela, mme mosadi yoo o ne a ba kopa go tsena mo ntlung. Monna wa gagwe o ne a tlhagisitswe kgatlhanong le Basupi, ka jalo o ne a tswela kwa ntle go ya go tlhatswa koloi. Mosadi wa gagwe o ne a tsholetswe kwa Lebanon ka gone o ne a na le bothata jwa puo, ka jalo Basupi ba ne ba mmontsha leina Jehofa mo Bibeleng ya gagwe ya Searabia. Basupi ba ne ba boa gape dibeke tse pedi moragonyana ga foo, mme monna wa gagwe o ne a tswela kwa ntle gape go ya go tlhatswa koloi ya gagwe. Basupi ba ne ba botsa mosadi gore a monna wa gagwe ga a kake a nna gone mo loetong lo lo latelang gore a tle a mo ranolele, mme o ne a solofetsa gore o tla mo kopa.

Mo loetong lwa boraro, koloi e ne e le phepa mo monna yoo a neng a sa kake a e dira seipato sa go ba tlogela, ka jalo o ne a nna mme a botsa dipotso di le mmalwa go bona pharologano fa gare ba Basupi le kereke ya Naga eo. Loeto loo lo ne lwa nna boleele jwa diura tse tharo, mme banyalani bao ba ne ba tsamaisetswa boroutšhara. Fa Basupi ba sena go tsamaya, mosadi o ne a ya go robala mme monna wa gagwe o ne a sala a bala boroutšhara eo, a bala dikwalo tsotlhe. Mo gare ga bosigo o ne a tsosa mosadi wa gagwe a bo a re: “O tshwanetse go bala seno.” O ne a tsoga mme ba ne ba bala mmogo go fitlha ka ura ya botlhano mo mosong. Fa ba lemoga gore ba bone boammaaruri, ba ne ba tlala boitumelo fela thata mme ba rapela Jehofa, ba dirisa leina la gagwe. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela ya ka metlha le bone, mme ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong. O ne a tlogela tiro ya gagwe ya bosole, ba ne ba tswa mo kerekeng ba bo ba tlogela go goga motsoko. Jaanong ba kolobeditswe mme ba direla Jehofa ka boitumelo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone go ralala lefatshe.

◻ Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba kwa Norway ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo a neng a supa kgatlhego fa ba le mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. O ne a ba kopa gore ba boe gape mme a ba botsa gore a o ka laletsa basadi ba bangwe. Mo loetong lo lo latelang, go ne go na le basadi ba bangwe ba le banè. Mongwe wa bone o ne a le tlhaga thata mo kerekeng. O ne a ba bolelela gore o sale a batla go ikobela molao wa ga Jesu wa go dira barutwa fa a santse a le mmotlana. Mme seno se ne sa dira gore a tle mo Afrika le monna wa gagwe go tla go thusa mo dinageng di sele. Basadi botlhe ba ne ba na le dipotso tse dintsi, mme bokgaitsadi ba ne ba rulaganya gore ba tla ba etela dibeke dingwe le dingwe tse pedi. Ba ne ba laletsa baagelani ba bangwe ba basha, mme ba bangwe ba ne ba tswelela go nna ba tla fa ba bangwe ba ne ba lesa go tla, mme leloko le le tlhaga lele la kereke le ne le lemoga gore le ne le ithuta boammaaruri. Letsatsi lengwe, fa moruti wa kereke ya gagwe a ne a bolela gore o tshegetsa ntwa le gore o dumela thuto ya Tharonngwe, o ne a tswa mo kerekeng. O ne a simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mme go ise go e kae a simolola go dira tiro ya go rera. O ne a kolobediwa ka bonako fela morago ga foo. Jaanong kgabagare, morago ga dingwaga tse 30, o kgona go itumelela go obamela taolo ya ga Jesu ya go dira barutwa.—Mathaio 28:19.

Jehofa o segofatsa bakaulengwe ba kwa Norway mo tirelong ya bone e e boitshepo mmogo le bao ba reetsang mafoko a a molemo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela