LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/1 ts. 21
  • Basha ba kwa Italy ba Itirela Ditshono tsa go Supa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha ba kwa Italy ba Itirela Ditshono tsa go Supa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rera Mafoko a a Molemo Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe
    Tsogang!—1996
  • Pego ya Baboledi ba Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/1 ts. 21

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Basha ba kwa Italy ba Itirela Ditshono tsa go Supa

BAO ba anaanelang maikaelelo a a molemo a Modimo ba ipelela go thusa ba bangwe gore ba ithute ka tsholofelo e e gakgamatsang ya Bogosi. Seno gantsi se kopanyeletsa go dirisa ditshono tseo di tlhagang, jaaka pego e e latelang e e tswang kwa Sardinia e bontsha.

◻ “Mmoledi mongwe yo o nang le dingwaga di le 12 o ne a boa go tswa kwa tirelong ya tshimo a palame bese. Gape mo go yone bese eo go ne go na le basimane ba babedi ba basha le mosetsana mongwe, botlhe ba ne ba ka nna dingwaga di le 18. Mmoledi yono yo mosha o ne a dula go bapa le mosetsana yoo mme a simolola go bala makasine wa Awake!, a solofela go tsosa kgatlhego ya gagwe. Mosetsana yoo o ne a lemoga makasine oo mme a mmotsa gore o bala eng. O ne a tlhalosa gore o ne a bala setlhogo se se malebana le ka moo mathata a basha ba lebanang le one a ka rarabololwang ka gone. O ne a bolela gore kgang eo e ne e mo solegetse molemo thata le gore le mosetsana yoo e ne e tla mo thusa. Mosetsana yoo o ne a amogela dimakasine tseo ka boitumelo.

“Ereka basha ba bangwe ba babedi ba ne ba reeditse motlotlo oo, ba ne ba kopa dimakasine tseo. Fa ba ne ba santse ba ntsha moneelo, mokgweetsi o ne a ba bolelela gore ba seka ba itshenyetsa madi ka dilo tse di ntseng jalo tse di sa thuseng sepe. Basha bao ba ne ba araba ka gore ba tlhalefile, le gore dimakasine tseo di a kgatlhisa. Jalo mokgweetsi wa bese o ne a fapogela fa thoko ga tsela, a emisa bese gone, mme a batla go bona gore ke eng se se neng se kgatlhisa mo dimakasineng tseo. Le ene o ne a amogela dikaelo.

“Mosupi yo mosha yoo o neng a bolela boitemogelo jono o ne a re: ‘Ke itumetse go menagane go bo ke ile ka simolola bosupi mo beseng eo.’”

◻ Mosupi yo mongwe o ne a dirisa boemo jo bo neng bo le kwa sekolong Mosha yono o bega jaana: “Morutabana wa rona wa kwa sekolong o ne a re ruta mokgwa wa go ithuta o o neng o farologane thata le oo o tlwaelegileng. Fa re sena go o sekaseka, re ne re tshwanetse go dira thulaganyo ya puo e e nang le dintlha tsa konokono le dintlha tse di tshegetsang tseo re bo re neela puo e re e tsentseng mo tlhogong ka setlhogo seo.

“‘Ke tlwaelane thata le mokgwa ono,’ Mosupi yoo o ne a bolela jalo. ‘Ke oo o akantshiwang ke Buka ea Tataiso ea Sekolo sa Boboleli sa Puso ea Leholimo.’ Morutabana yoo o ne a akofa go lemoga gore e ne e le nna fela yo ke neng ke atlegile mo go diriseng mokgwa ono. O ne a botsa gore ke ka ntlha yang fa go ne go na le pharologanyo e e ntseng jalo magareng ga tiro ya me le ya ba bangwe. Ke ne ka tlhalosa gore ke ne ke ithutile mokgwa ono kwa Sekolong sa Bodihedl sa Bolegodimo. O ne a itumela thata a bo a nkopa gore ke o bontshe tlelase, ke dirisa Buka ea Tataiso ea Sekolo sa Boboleli sa Puso ea Leholimo. Ke ne ka dira jalo.

“Fa ke ya gae, ke ne ka bolelela lelapa laetsho ka seo se neng se diragetse. Rre, yoo eseng Mosupi, o ne a atisa go bolela gore go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ne go kgoreletsa kwa sekolong, mme fa a sena go utlwa boitemogelo jwa me, o ne a patelesega gore a fetole mogopolo wa gagwe.”

Abo lona basha lo na le tshiamelo e e molemo jang ne, gammogo le lona ba lo godileng, ya gore lo godise Ieina la ga Jehofa le go le itsise!​—Pesalema 148:12, 13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela