Rera Mafoko a a Molemo Gongwe le Gongwe
1 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rera mafoko a a molemo gongwe le gongwe. Ba ne ba tlhagafetse tota mo e leng gore mo dingwageng tse 30 fela morago ga tsogo ya ga Jesu Keresete, molaetsa wa Bogosi o ne o setse o ‘reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’—Bakol. 1:23.
2 Batlhanka ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng ba gompieno, ba na le boikaelelo jo bo tshwanang—go fitlhelela mongwe le mongwe yo o leng teng ka mafoko a a molemo a Bogosi. Ke eng se se ka re thusang go fitlhelela mokgele ono? Mo dikarolong tse dintsi tsa tshimo ya rona, segolobogolo kwa dikgaolong tsa kwa magaeng re sa ntse re fitlhela batho ba le gone mo magaeng fa re tsamaya ka ntlo le ntlo. Lefa se go buiwang ka sone mo tsenyeletsong eno se sa emisetse bodiredi jwa rona jwa ntlo le ntlo, batho ba bantsi ba bereka mmereko wa letsatsi lotlhe mme gantsi ga ba yo mo gae fa re ba etela. Fa ba sa bereke, gongwe ba a bo ba eta, ba ya mabenkeleng, kana ba le mo boitapolosong jwa mofuta mongwe. Batho ba ba tshwanelegang mo gare ga bone ba fitlhelelwa jang ka molaetsa wa Bogosi?—Math. 10:11.
3 Bangwe go kopanwe le bone kwa mafelong ao ba berekang mo go one. Le eleng ditoropo tse dinnye di na le karolo ya dikgwebo mo batho ba bantsi ba fetsang nako e ntsi ba le gone motshegare. Mo ditoropong tse dikgolo, batho ba ba berekang mo madirelong a diintaseteri kana mo dikagong tse dikgolo tsa diofisi le bao ba nnang mo difoleteng tse di sireleditsweng ba amogela bosupi—ba bantsi ka lekgetlho la ntlha. Ka mafelobeke bao go ileng ga buisanwa le bone ka nako ya fa ba ne ba iketlile kwa diparakeng, kwa mafelong a boitapoloso, kwa mafelong a go kampa, kana mo matlwaneng a boitapoloso kana fa ba santse ba letile mo mafelong a go emisiwang dikoloi mo go one, kana kwa dimolong, go fitlhetswe ba rata mafoko a a molemo fela thata.
4 Palo e e ntseng e oketsega ya baboledi ba dira maiteko a a kgethegileng a go neela bosupi mo mafelong a botlhe, gongwe le gongwe mo batho ba ka fitlhelwang gone. Ka lekgetlho la ntlha, Basupi bano ba ne ba ikutlwa ba okaoka e bile ba tshogile ka ntlha ya go bo ba ne ba tlwaetse go rera ka mokgwa o o tlwaelegileng, o o tshwanang le wa ka ntlo le ntlo. Gone jaanong ba ikutlwa jang?
5 “Go ntšhafaditse bodiredi jwa me!” go bua jalo mokaulengwe mongwe yo o nang le maitemogelo. Yo mongwe o oketsa jaana: “Go ntira gore ke nne ke tlhokometse.” Mmulatsela mongwe yo o setseng a godile o akgela jaana: “Go dira gore o tlhagafale mo mogopolong, mo mmeleng le mo moyeng, . . . mme e bile le jaanong ke sa ntse ke gatela pele.” Mmoledi mongwe o ne a tlhokomela gore jaanong o fitlhelela batho ba bantsi ba ba iseng ba tsamaye ba bue le Basupi ba ga Jehofa pele. Basha le bone ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirong eno e e itumedisang. Mosha mongwe o itlhalosa jaana: “Go monate ka gonne o kgona go bua le batho ba bantsi fela thata.” Yo mongwe a re: “Ke tsamaisa dibuka tse dintsi go feta leng pele!” Tseno tsotlhe di diragala mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa.
6 Balebedi ba ba Etang ba Eteletse Pele: O ntse o tlhokometse gore “mokgwa wa lefatshe leno o a feta,” bosheng jaana Mokgatlho o akantshitse gore balebedi ba ba etang ba baakanye thulaganyo ya bone ya tirelo ya tshimo beke nngwe le nngwe e le gore batho ba bantsi ka fa go ka kgonegang ka teng ba ka fitlhelelwa ka mafoko a a molemo. (1 Bakor. 7:31) Ka dingwagangwaga, balebedi ba potologo ba ile ba beela nako ya mo mosong mo gare ga beke kwa thoko go dira tiro ya ka ntlo le ntlo, fa ya thapama yone e ne e dirisediwa go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele. Mo mafelong a mangwe, thulaganyo eo e ka nna ya bo e sa ntse e tswelela sentle. Mo go a mangwe, go ka nna ga se ke ga fitlhelelwa mo go kalokalo fa go berekiwa ka ntlo le ntlo mo mesong mengwe ya mo gare ga beke. Mo mabakeng a a ntseng jalo, molebedi yo o etang a ka nna a swetsa gore go ka nna molemo go dira tiro ya mabenkele kana go neela bosupi mo mmileng mo mosong. Kana a ka nna a rulaganya gore ditlhopha tse dinnye di neele bosupi mo dikagong tse dikgolo tsa diofisi, mafelo a mabenkele, mafelo a go emisiwang dikoloi mo go one, kana mafelo a mangwe fela a botlhe. Fa baboledi ba dirisa nako ya bone e ntsi ba le mo tirelong ya tshimo, ba tla kopana le batho ba bantsi.
7 Dipego di bontsha gore phetogo eno e ile ya amogelwa ka diatla tsoopedi ke balebedi ba ba etang le baboledi ka tsela e e tshwanang. Palo e e rileng ya bagolwane e ne ya kopa molebedi wa potologo gore a thapise baboledi ba le mmalwa mo dikarolong dingwe tsa ditiro tse di tlhokang go tlhokomelwa mo lefelong la bone. Go tsamaya le molebedi yo o etang fa a ntse a dira nngwe ya ditiro tseno go thusitse baboledi bano. Le bone, ka tsela e e tshwanang ba ile ba kgona go thapisa ba bangwe. (2 Tim. 2:2) Seno se feletse ka gore gone jaanong batho ba bantsi ba fitlheletswe ka mafoko a a molemo.
8 Ee ruri, ga o a tshwanela go leta molebedi wa potologo gore a tle e be e le gone o lekang dingwe tsa ditsela tseno tsa go rera. Dikgopolo tse dingwe tse o ka fitlhelang di le mosola mo tshimong ya lona ke tseno:
9 Go Neela Bosupi mo Mmileng: ‘Batho ba kae?’ re ipotsa jalo ka dinako tse dingwe fa re etela mafelo a bonno a a se nang batho mo mosong mo gare ga beke. Bangwe ba fitlhelwa ba ile kwa mabakeng mangwe kana kwa mabenkeleng. A o kile wa leka go ba fitlhelela ka go neela bosupi mo mmileng? Fa karolo eno ya bodiredi e dirwa sentle e ka nna e e nang le matswela a a molemo fela thata. Go na le go ema mo lefelong le le lengwe fela ka dimakasine, go ka nna botoka go atamela batho mme o simolole motlotlo o o botsalano le bone. Ga go tlhokege gore o neele bosupi mo go mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela. Bua le ba ba sa itlhaganelang, jaaka ba ba tsamayang fela ba ntse ba lebelela dilo mo mabenkeleng, ba ba mo dikoloing tse di phakilweng, kana batho ba ba letetseng sepalamo sa botlhe. O ka nna wa simolola fela ka go dumedisa ka botsalano mme o bo o letela karabo. Fa motho a rata go bua, mmotse gore o akanya eng ka ga setlhogo seo o bonang gore se tla mo kgatlha.
10 Molebedi mongwe yo o etang o ne a laletsa baboledi ba le barataro gore ba tsamaye le ene le mosadi wa gagwe go ya go neela bosupi mo mmileng. Go ne ga nna le matswela afe? “Re ne ra nna le moso o o itumedisang thata!” o bega jalo. “Ga re a nna le bothata jwa go se fitlhele batho mo gae. Re ne ra tsamaisa dimakasine tse 80 le dipampitshana tse dintsi. Re nna le metlotlo e le mentsi e e kgatlhang. Mmoledi mongwe yo e neng e le lekgetlho la gagwe la ntlha a dira tiro ya mmila, o ne a bolela jaana: ‘Ke na le dingwaga di le dintsi ke le mo boammaaruring mme ke ne ke sa tlhokomele gore ke ne ke fetwa ke eng!’ E rile fa beke e fela mokoa wa setoko sa phuthego sa dimakasine o ne o fedile.”
11 Fa a ne a direla kwa phuthegong e e latelang, ka letsatsi lengwe mo mosong molebedi yono yo o etang o ne a tlhokomela gore baboledi bangwe ba ne ba neela bosupi mo mmileng mme ba ne ba se ka ba atlega mo go kalo. Kgaitsadi mongwe o ne a buile fela le batho ba le babedi ka nako yotlhe ya fa a ne a neela bosupi, e re ka mongwe le mongwe yo o neng a kopana le ene a ne a itlhaganeletse go ya tirong. Molebedi yo o etang o ne a akantsha gore botlhe ba boele gone kwa mmileng oo kgantelenyana mo mosong. Ba ne ba boela, mme ba ne ba ema moo go fitlha motshegare. Kgaitsadi yo o neng a buile fela le batho ba babedi mo mosong o ne a dira botoka fa a ne a boela. O ne a tsamaisa dimakasine di le 31 le diboroutšhara di le 15, mme o ne a bona maina le diaterese tsa batho ba le supa, mme a simolola dithuto tsa magae tsa Baebele tse pedi! Ba bangwe mo setlhopheng ba ne ba nna le matswela a a tshwanang a a kgothatsang.
12 Fa o fitlhela motho yo o kgatlhegang, leka go tsaya leina la motho yoo, aterese, le nomoro ya gagwe ya thelefouno. Go na le go mo kopa tshedimosetso ka tlhamalalo, o ka nna wa re: “Ke itumeletse motlotlo ono. A go na le tsela nngwe e re ka o tsweledisang pele ka yone ka nako e nngwe?” Kana o botse jaana: “A go na le tsela e ke ka go fitlhelang ka yone mo gae?” Ba bantsi ba go builweng le bone ka tsela e, ba ne ba dumela gore ba boelwe gape. Tlhomamisa gore o na le dipampitshana tsa taletso tse di lekaneng go laletsa ba ba ka ratang go nna gone kwa dipokanong tsa rona.
13 Fa o bua le motho yo o kgatlhegang yo o nnang mo tshimong e e abetsweng phuthego e nngwe, o tshwanetse go tsaya tshedimosetso mo go ene gore e newe bakaulengwe ba ba nnang moo, e le gore ba tle ba kgone go mo etela. A go neela bosupi mo mmileng e ka nna tsela e e nang le matswela ya go anamisa mafoko a a molemo mo lefelong la lona? Fa go ntse jalo, boeletsa setlhogo se se reng “Go Bona Batho ba ba Kgatlhegang ka Bosupi Jwa Mmila jo bo Nang le Matswela” mo tokololong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 1994. Morago ga moo rulaganya go neela bosupi mo mmileng ka nako e e tshwanetseng ya motshegare e e tla go thusang gore o kgone go fitlhelela batho ba bantsi ka fa go ka kgonegang ka teng.
14 Go Neela Bosupi mo Dipalangweng Tsa Botlhe: Ka letsatsi lengwe mo mosong babulatsela ba le mmalwa ba ne ba swetsa gore ba neele bosupi mo bathong ba ba neng ba emetse bese gaufi le kholetšhe ya lefelo leo. E rile ba sa ntse ba tshwere puisano e e monate, go ne ga nna le bothata. Ka nako ya fa ba santse ba tlotla, bese e ne ya tla, mme seno ka tshoganyetso fela se be se kgaoletsa motlotlo. Babulatsela ba ne ba rarabolola bothata ka go palama mo beseng mme ba bo ba tswelela ka go neela bapalami bosupi jaaka fa ba ntse ba tsamaya ba ya toropong. Fa bese e fitlha kwa e yang gone, babulatsela ba bo ba boa ka yone gape, ba ntse ba neela bosupi mo beseng fa ba ntse ba tsamaya. Morago ga maeto a le mmalwa a go ya le go boa, ba ne ba sobokanya matswela a maiteko a bone: Ba ne ba tsamaisitse dimakasine tse di fetang 200 mme ba simolotse dithuto tsa Baebele tse thataro. Bapalami ba bangwe ba ne ba ba naya diaterese le dinomoro tsa bone tsa thelefouno ka boithatelo gore ba ba etele kwa gae. Beke e e latelang babulatsela ba ne ba boela kwa boemeladibeseng mme ba latela mokgwa o o tshwanang fela le wa ntlha. Ba ne ba tsamaisa dimakasine tse 164 mme ba simolola thuto e nngwe ya Baebele. Mo lefelong le lengwe, mopalami o ne a tsena mo beseng mme a nna mo setulong se e neng e le sone fela se sa nnwang—gaufi le mmulatsela. O ne a leba mokaulengwe mme a bua jaana a nyenya: “Ke a itse gore o ntshwaretse Tora ya Tebelo.”
15 Baboledi ba bantsi ba neela bosupi jo bo nang le matswela fa ba tsamaya ka bese, terena, kana ka sefofane. O ka simolola motlotlo jang le mopalami yo o dutseng gaufi le ene? Mmoledi mongwe yo o nang le dingwaga tse 12 o ne a simolola fela ka go bala khopi ya Tsogang! mo beseng, a solofetse gore o tla dira gore mosetsana wa dingwaga tsa bolesome yo o neng a dutse gaufi le ene o tla nna le kgatlhego. Leano la gagwe le ne la dira. Mosetsana o ne a mmotsa gore o bala eng, mme mosha o ne a mo araba a re o bala ka ga tharabololo ya mathata a basha ba lebaneng le one. O ne a oketsa ka gore setlhogo seno se ne se mo solegetse molemo fela thata mme le ene se ka mo thusa fela thata. O ne a amogela dimakasine ka boitumelo. Motlotlo wa bone o ne wa utlwiwa ke basha ba bangwe ba babedi bao le bone ba neng ba kopa dikhopi tsa dimakasine. Ka ntlha ya seno, mokgweetsi wa bese o ne a emisa bese fa thoko ga tsela mme a botsa gore ke ka ntlha yang fa ba kgatlhegela dimakasine tseno thata jaana. E rile fa a utlwa, le ene o ne a amogela dikhopi. Ee ruri, ga go na sepe se se ka bong se ile sa direga fa mmoledi yo mosha yono a ka bo a sa ka a tsaya dimakasine di le mmalwa gore a di abelane le mongwe le mongwe yo o kgatlhegang!
16 Go Rera mo Diparakeng le mo Mafelong a go Emisiwang Dikoloi mo go One: Go neela bosupi mo diparakeng le mo mafelong a go emisiwang dikoloi mo go one ke tsela e ntle thata ya go fitlhelela batho. A o kile wa leka go neela bosupi mo mafelong a go emisiwang dikoloi mo go one a kwa mabenkeleng? Ka metlha, ema sebakanyana go tlhokomela tikologo e o leng mo go yone. Batla mongwe yo o sa itlhaganelang kana yo o letileng mo koloing e e phakilweng mme o leke go simolola puisano e e botsalano. Fa puisano e tswelela pele, tlhalosa ka molaetsa wa Bogosi. Leka go bereka o le mongwe mme go na le mmoledi mongwe yo o mo tikologong eo. Tila go tshwara beke e kgolo e e tletseng kana go dira sengwe se se tla gogelang tlhokomelo mo tirong ya gago. Nna botlhale. Go ka nna botoka fa o ka fetsa nakonyana e khutshwane mo lefelong le le lengwe le go emisiwang dikoloi mo go lone mme o bo o fetela kwa go le lengwe. Fa motho a sa batle go tlotla le wena, tsamaya fela ka maitseo mme o batle yo mongwe yo o ka mo atamelang. A dirisa mekgwa eno mokaulengwe mongwe o ne a tsamaisa dimakasine tse 90 ka kgwedi fela fa a ne a neela bosupi mo mafelong a dikoloi di emisiwang mo go one.
17 Batho bangwe ba ya kwa parakeng go ya go ikhutsa; ba bangwe ba ya go tshameka motshameko mongwe kana go ya go iphokisa phefo ba na le bana ba bone. O sa ba kgoreletse thata mo ditirong tsa bone, batla tshono ya go neela bosupi. Mokaulengwe mongwe o ne a simolola motlotlo le motlhokomedi wa mabala a paraka mme a fitlhela gore o ne a amegile ka diokobatsi le isagwe ya bana ba gagwe. Ba ne ba simolola thuto ya legae ya Baebele mme ba ne ba e tshwarela ka metlha mo parakeng.
18 Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo mo Dimolong: E re ka e se ka metlha go kgonegang go rera ka tsela e e tlwaelegileng mo mabenkeleng ka ntlha ya dithibelo tse di nnang gone mo mafelong ao, baboledi bangwe ba dira gore go nne le ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ba nna mo ditulong tsa go ikhutsa ba bo ba simolola puisano e e botsalano le ba bangwe ba ba ikhutsitseng foo. Fa ba bontsha kgatlhego, ka botlhale ba ba naya dipampitshana kana dimakasine mme ba bo ba leka go dira dithulaganyo tsa go dira loeto lwa go boela. Morago ga go fetsa metsotso e se kae ba neela bosupi mo karolong e nngwe ya mabenkele, ba fetela kwa go e nngwe mme ba bo ba buisana le mongwe. Gone mme, lo tshwanetse lwa dira gore batho ba se ka ba lo tlhokomela thata fa lo neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo ka tsela eo.
19 Fa o dumedisa motho, simolola puisano ka tsela e e botsalano. Fa a araba, mmotse potso, mme o reetse ka kelotlhoko fa a itlhalosa. Bontsha gore o kgatlhegela se a se buang. Bontsha gore o tsaya kakgelo ya gagwe e le botlhokwa. Fa go kgonegang teng, dumelana le ene.
20 Kgaitsadi mongwe o ne a nna le puisano e e monate le mosadi mongwe yo o setseng a godile, a umaka ka fa tlhwatlhwa ya dilwana tsa botlhokwa e leng kwa godimo ka gone. Mosadi yono o ne a dumela, mme ga nna le motlotlo o o monate. Kgaitsadi o ne a kgona go tsaya leina le aterese ya mosadi yono, mme o ne a dira loeto lwa go boela mo go yone beke eo.
21 Go Bereka mo Mabenkeleng: Diphuthego dingwe di bereka dikgaolo tsa kgwebo e le karolo ya tshimo e di e abetsweng. Mokaulengwe yo o tlhokomelang tshimo a ka nna a baakanyetsa gore go nne le karata e e kgethegileng ya mmapa wa dikarolo tseno tse di tletseng ka batho tsa kgwebo. Karata lefa e le efe ya mmapa wa tshimo ya mafelo a bonno e e kopaneng le mabenkele e tshwanetse go bontsha sentle gore dikgwebo ga di a tshwanelwa go berekwa e le karolo ya tshimo. Kwa ditshimong tse dingwe, mafelo a kgwebo a ka berekwa mmogo le mafelo a bonno. Bagolwane ba ka laletsa baboledi ba ba tshwanelegang gore ba bereke ditshimo tsa dikgwebo ka metlha e le gore tiro ya mabenkele e se ka ya tlhokomologiwa.
22 Fa e le gore o laleditswe go dira tiro eno mme o ise o e dire mo nakong e e fetileng, tsela e e molemo ya go “sosologela pele” ke go dira mabenkele a mannye a le mmalwa pele; e be e re morago fa o utlwa gore ga o tlhole o boifa, o bo o bereka a magolwane. (1 Bathes. 2:2) Fa o dira mo mabenkeleng apara jaaka fa o ya pokanong kwa Holong ya Bogosi. Fa go kgonega, tsena mo lebenkeleng fa o bona gore ga go na bareki ba ba emetseng go thusiwa. Kopa go bua le manejara kana motho yo o tlhokometseng. Nna botsalano mme mo godimo ga tsotlhe bua ka bokhutshwane. Ga go tlhoke gore o kope maitshwarelo. Dikgwebo di le dintsi di na le bareki ba le bantsi thata mme di a ga di itewa tsebe.
23 Fa o sena go dumedisa mongalebenkele, o ka nna wa bua jaana: “Batho ba le bantsi ba dikgwebo ba na le thulaganyo e e pitlaganeng mo e leng gore ga se gantsi re ba fitlhelang ba le gone kwa gae, ka jalo re go etetse mo lefelong la gago la kgwebo go go tlogelela setlhogo se se kgatlhang thata gore o se bale.” Mme dira kakgelo kana tse pedi ka makasine o o tsamaisiwang.
24 Kana o ka nna wa leka seno fa o bua le manejara: “Re tlhokometse gore batho ba dikgwebo ba kgatlhegela go sedimosetswa sentle. Tokololo ya makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo (kana Tsogang!) e bontsha setlhogo se se re amang rotlhe motho ka namana.” Tlhalosa gore se reng, mme o bo o feleletsa ka gore: “Re tlhomamisega gore o tla itumelela go se bala.”
25 Fa e le gore go na le badiri, mme go lebega go tshwanela, o ka oketsa jaana: “A o ka rata fa ke buisana le badiri ba gago ka one motlotlo o mokhutshwane ono?” Fa a dumela, gakologelwa gore o solofeditse gore o tla tlotla ka bokhutshwane, mme manejara o tla lebelela gore o dire jaaka fa o solofeditse. Fa badiri bangwe ba batla gore puisano e nne telele, go ka nna botoka fa o ka ba etela kwa magaeng a bone.
26 Bosheng jaana, baboledi ba le mmalwa kwa toropong nngwe e nnye ba ne ba tsamaya le molebedi wa potologo mo tirong ya mabenkele. Baboledi bangwe fa ba simolola ba ne ba boifa, ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba dire tiro eno; mme ka bonako fela ba ne ba phuthologa mme ba simolola go e itumelela. Mo sebakeng se se ka fa tlase ga ura, ba ne ba bua le batho ba le 37 mme ba tsamaisa dimakasine di le 24 le diboroutšhara di le 4. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhokomela gore ka tlwaelo ga ba kgone go kopana le batho ba bantsi mo kgweding ya fa ba dira tiro ya ka ntlo le ntlo jaaka ba ba kopaneng le bone fa ba le mo tirong ya mabenkele mo nakong e khutshwane eo.
27 Go Dira Ditshono Tsa go Rera: Jesu ga a ka a dira gore tsela e a neelang bosupi ka yone e nne fela e e tlwaelegileng. O ne a anamisa mafoko a a molemo ka nako nngwe le nngwe e e tshwanelang. (Math. 9:9; Luke 19:1-10; Joh. 4:6-15) Ela tlhoko tsela e baboledi ba bangwe ba dirang gore ba nne le ditshono tsa go rera ka yone.
28 Bangwe ba itlwaeditse go neela bosupi go batsadi ba ba letileng bana ba bone gaufi le matseno a sekolo. E re ka batsadi ba bantsi ba fitlha metsotso e ka nna 20 pele ga nako, go na le nako ya go tlotla le bone ka motlotlo o o kgatlhang wa setlhogo sengwe sa Dikwalo.
29 Babulatsela ba bantsi ba kgothalela go fitlhelela batho ba ba nang le kgatlhego e e kgethegileng ka setlhogo se se rileng se go buiwang ka sone mo dimakasineng tsa rona. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a bona matswela a mantle tota fa a ne a etetse dikolo tse thataro mo tshimong ya phuthego ya bone a bua ka setlhogo se se buang ka dikolo se se tlhagang mo makasineng wa Tsogang! wa January 8, 1996. Gape o ne a etela ditirelo tsa go tlhokomela lelapa ka dimakasine tse di buang ka botshelo jwa lelapa le tshotlho ya bana mme o ne a kopiwa gore a boele a tle ka ditokololo tsa dimakasine tse di tla tswang mo nakong e e tlang tse di nang le ditlhogo tse di tshwanang. Tsela e ba ileng ba arabela ka yone fa a ne a etetse kwa ofising e e thusang batho ba ba tlhokang tiro ka makasine wa Tsogang! ya March 8, 1996 o o buang ka go tlhoka tiro e ne ya tlhalosiwa e le e e “kgothatsang tota.”
30 Molebedi mongwe wa kgaolo o ne a bega gore ene le mosadi wa gagwe ka metlha ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo fa ba ile go reka korosari. Ba reka ka nako ya motshegare fa batho ba se bantsi, fa bareki ba ntse ba ya kwa le kwa mo gare ga dishelofo ba iketlile. Ba bega gore ba ile ba nna le metlotlo e mentsi e e molemo.
31 Baboledi ba bantsi ba bega matswela a a molemo fa ba neela bosupi mo bathong ba ba leng mo botlhatswetsong jwa botlhe. Ga ba tlogele dimakasine fela go sena motho. Mokgele wa bone ke go fitlhelela batho ka mafoko a a molemo, ka jalo ba leka go bua ka namana le batho ba ba dirisang lefelo leo.
32 Mo mafelong a mangwe, baboledi ba ba tlhophilweng ba letleletswe go neela bosupi mo boemadifofaneng. Ka dinako tse dingwe ba ile ba itumelela go neela bosupi go batsamai ba boditšhabatšhaba ba ba nnang mo dinageng tse di nang le batho ba ga Jehofa ba le mmalwa fela thata ka palo. Ba ba bontshang kgatlhego ba ile ba ba naya dipampitshana kana dimakasine.
33 Fa ba sa letlelelwe gore motho ka namana a neele bosupi go batho ba ba hirileng mo difoleteng tse di disitsweng thata tse di leng mo tshimong ya bone ya phuthego, bangwe ba ile ba neela bosupi ka botlhale go balebedi ba ba disitseng ka nako eo kana go bomanejara ba ba mo diofising tsa folete tse di hirisiwang. One mokgwa ono o dirisiwa mo matlong a a disitsweng thata a e seng a botlhe. Molebedi wa potologo le baboledi ba le mmalwa ba ne ba etela difolete di le supa ka yone tsela eno. Ka lekgetlho lengwe le lengwe, ba ne ba bolelela manejara gore lefa ba ne ba sa letlelelwa go etela difolete ka mokgwa wa rona o o tlwaelegileng, ba ne ba sa batle gore a latlhegelwe ke tshedimosetso e e mo makwalopakeng a bosheng. Bomanejara ba difolete tseno tsotlhe tse supa ba ne ba itumelela go amogela dimakasine mme ba kopa le ditokololo tse di latelang! Mme jaanong batho ba ba nnang mo difoleteng tseno go buisanwa le bone ka thelefouno.
34 Iteke go Rera Gongwe le Gongwe: Go tshelela boineelo jwa rona go akaretsa go bona go potlaka ga tiro ya rona ya go rera ka molaetsa wa Bogosi. E le gore re fitlhelele batho ka nako e e ba siametseng, re tshwanetse go beela dikgatlhego tsa rona tsa motho ka namana kwa thoko e le gore re “boloke bangwe ka mokgwa mongwe.” Batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba batla gore ba bue jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bua a re: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, gore ke tle ke nne le kabelano go yone.”—1 Bakor. 9:22, 23.
35 Paulo o ne a tswelela a kwala jaana: “Ke gone bogolo thata ke tla ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna. . . . Gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.” (2 Bakor. 12:9, 10) Ka mafoko a mangwe ga go ope wa rona yo o ka kgonang go swetsa tiro eno ka nonofo ya gagwe. Re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re fe maatla a moya wa gagwe o o boitshepo. Fa re rapela gore Modimo o re nonotshe, re ka tlhomamisega gore o tla araba dithapelo tsa rona. Ka gone, go rata batho ga rona go tla re tlhotlheletsa gore re batle ditshono tsa go ba rerela mafoko a a molemo, gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang gone. Mo bekeng e e tlang ke eng fa o sa leke nngwe ya dikakantsho tse di bontshitsweng mo tsenyeletsong eno?