LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/1 ts. 3-30
  • “Ke Hano, Roma Nna”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Hano, Roma Nna”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ne ka Itlhophela Ke sa le Mmotlana
  • Go ya kwa Singapore
  • Kabelo ya Me kwa Shanghai
  • Go Ya kwa Hong Kong mme kwa Morago kwa Burma
  • 1Go Boela Gape kwa Australia
  • Go Boela kwa Dilo Di Simologileng Teng
  • Go Itumelela go Dira Thato ya Modimo Botshelo Jwa me Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Singapore—Sebenyane sa Asia se se Nang le Selabe
    Tsogang!—1997
  • Jehofa O Nnaya Tsotlhe Tse Ke Di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/1 ts. 3-30

“Ke Hano, Roma Nna”

JAAKA FA E BOLETSWE KE WILFRED JOHN

Masole a tshireletso a Burma a a neng a tlhomeletse a ne a re tlhasela go tswa mo matlhakoreng oomabedi a noka. Ba ne ba sometse dibaenete mo ditlhobolong ebile ba re supile ka tsone, ba ne ba tlolela ka mashetla mo metsing a a neng a ba fitlha mo mathekeng mme ba re dikaganyetsa kafa tlase ga borogo jwa tselakgolo.

NNA LE mopati wa me re ne re tshogile thata. Matsapa di ne di a tsaya kae? Lefa gone re ne re sa tlhaloganye puo e ba neng ba e bua, ka bonako re ne ra tlhaloganya gore ba ne ba reng—re ne re tshwerwe. Re ne re ithatile fela ka ditoulo mo mathekeng, mme re ne ra kgokgoelediwa kwa seteisheneng sa mapodisi se se gaufi mme ra fitlha ra botsolotswa dipotso ke lepodisi le le neng le bua Seesemane.

E ne e le ka 1941, ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, mme re ne re belaelwa gore re dirukhutlhi tse di tlileng go senya. Morago ga fa re sena go tlhalosetsa lepodisi leo ka ga tiro ya rona ya go rera ya Bokeresete gore le seka la tlhola le nna le dipelaelo, le ne la re bolelela gore re nnile lesego go bo re ile ra falola tlhaselo eno re sa bolawa. O ne a re bolelela gore, bontsi jwa batho ba ba neng ba belaelwa, ba ne ba thuntshiwa kwantle ga go botswa dipotso. Re ne ra leboga Jehofa mme ra tsaya kgakololo ya lepodisi ya gore mo nakong e e tlang re seka ra tlhola re tsamayatsamaya mo borogong.

Go tlile jang gore ke tsene mo mathateng a a ntseng jalo kwa Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar)? A ko ke tlhalose le go neela tshedimosetso ka botshelo jwa me jwa nako e e fetileng.

Ke Ne ka Itlhophela Ke sa le Mmotlana

Ke ne ka bonwa ka 1917 kwa Wales, mme fa ke ne ke le dingwaga di le thataro nna le batsadi ba me le morwarre yo mmotlana re ne ra fudugela kwa New Zealand, koo ke neng ka golela teng mo polaseng ya dikgomo tsa mashi ya ga rre. Ka letsatsi lengwe rre o ne a tla kwa gae ka ngata ya dibuka tsa bogologolo tse a neng a di rekile kwa lebentleleng le le neng le rekisa dilo tse di setseng di dirisitswe. Mo gare ga tsone go ne go na le dibolumu tse pedi tsa Studies in the Scriptures, tse di gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society. Mmè o ne a di tsaya e le dilo tse di botlhokwa fela thata mo go ene, mme jaaka mmaagwe Timotheo e leng Eunike, o ne a ntlhotlheletsa gore ke nne le keletso ya go senya nako ya me ya bosha mo go direng ditiro tse di amanang le Bogosi jwa ga Jehofa.—2 Timotheo 1:5.

Ka 1937 ke ne ka lebanwa ke ditlhopo tse pedi: e leng go tsaya polase ya ga rre ya dikgomo tsa mashi kana go raya Jehofa jaaka go ne ga dira moperofeti wa Modimo ebong Isaia ke re, “Ke hano, roma nna.” (Isaia 6:8) Ke ne ke le mosha, ke itekanetse ebile ke sena maikarabelo a mantsi. Ke ne ke setse ke latswitse botshelo jwa polase mme ke ne ke bo rata. Kafa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke sena maitemogelo a go nna modihedi wa nako e e tletseng kana mmulatsela. Ke ne ke tla tlhopha go dira eng—go dira mo polaseng kana go direla jaaka mmulatsela?

Bakaulengwe ba ba neng ba neela dipuo ba ba neng ba tswa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Australia, ke bone ba ba neng ba nkgothatsa. Ba ne ba etela lefelo la rona kwa New Zealand mme ba nkgothaletsa gore ke dirise nako ya me ya bosha mo go direleng Modimo. (Moreri 12:1) Ke ne ka tlotla le batsadi ba me ka kgang eo, mme ba ne ba dumela mogopolo wa go baya thato ya Modimo kwa pele. Ke ne ka gopola gape mafoko a ga Jesu Keresete a Thero ya gagwe ya kwa Thabeng a a reng: “Me batlañ pele bogosi yoa [Modimo], le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.

Ke ne ka kgona go itlhophela se ke se batlang! Ereka ka nako eo go ne go sena lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa New Zealand, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa lekaleng la Australia kwa Sydney. Ka jalo, ka 1937, ke ne ka tshwara sekepe se se yang kwa Australia go ya go nna modihedi wa nako e e tletseng wa ga Jehofa Modimo.

‘Ke kabelo efe e ke neng ke tlile go e amogela?’ ke ne ka ipotsa jalo. Lefa go ntse jalo, a gone go ne go kgathalesega? Ka totatota ke reile Jehofa ka re, ‘Ke fano. Nthome gongwe le gongwe kwa o batlang teng.’ Ke ne ka thusa go dira difonokerafa sebaka sa dingwaga di le pedi, tseo di neng di dirisiwa ka dinako tseo ke Basupi ba ga Jehofa go tshamekela beng ba matlo dipuo tse di neng di gatisitswe tsa Bibela. Lefa go ntse jalo katiso ya me ya konokono kwa lekaleng e ne e le tiro ya go tlhokomela mabolokelo a dibuka.

Go ya kwa Singapore

Ka 1939, ke ne ka amogela kabelo ya go ya kwa Botlhaba jo bo Kgakala—go ya go direla kwa mabolokelong a Mokgatlho kwa Singapore. Mabolokelo ao a ne a direla jaaka lefelo le le mo bogareng la go amogela le go romela dibuka tse di neng di tswa kwa Australia, Borithane, United States le go ya kwa dinageng tse dintsi tsa Asia.

Singapore e ne e le toropo e go neng go buiwa dipuo di le dintsi, koo go neng go tlhakatlhakane merafe ya Botlhaba le ya Yuropa. Puo ya Se-Malay e ne e le yone e e neng e buiwa thata, mme rona ba dinaga di sele, gore re tle re kgone go rera ka ntlo le ntlo, re ne re tshwanelwa ke go e ithuta. Re ne re na le dikarata tse di neng di bidiwa dikarata tsa go rera ka dipuo di le dintsi. Tseno go ne go kwadilwe molaetsa wa Bogosi o mokhutshwane mo go tsone.

Ke simolotse pele ke ithuta go bua mafoko a a mo karateng ya go rera a a kwadilweng ka Se-Malay mme ka bonya ka bonya ka nna ka oketsa mafoko a ke neng ke a itse a puo eo. Mme lefa go ntse jalo, re ne re ntse re tsamaya re tshotse dibuka tsa Bibela ka dipuo tse dingwe tse dintsi. Ka sekai, mo morafeng wa Ma-India, re ne re na le dikgatiso ka Se-Bengali, Se-Gujarati, Se-Hindi, Se-Malayalam, Se-Tamil, le Se-Urdu. Go kopana le batho ba ditlhopha tsa dipuo tse dintsi jaana e ne e le maitemogelo a masha mo go nna.

Ke gopola sentle kitsiso e e tshosang e e neng ya dirwa ka September 1939, e leng ya go simolola ga ntwa kwa Yuropa. Re ne ra ipotsa gore ‘A e ne e tla atologa gore e be e akareletse Botlhaba jo bo Kgakala?’ Mo go nna go ne go bonala ekete ke sengwe se se neng se etelela pele go ya kwa Hara–Magedona—ke ne ke bona fa nako e setse e gorogile! Ke ne ka ikutlwa ke kgotsofetse gore ke ne ke dirisa bosha jwa me ka botlalo le ka tsela e e tshwanetseng.

Mo godimo ga tiro ya me ya kwa mabolokelong, ke ne ke kopanela ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego le mo bodiheding jwa tshimo. Go ne ga tshwarwa dithuto tsa Bibela, mme bangwe ba ne ba arabela mme ba ineela ka kolobetso ya mo metsing. Ba ne ba tseelwa kwa losing lwa lewatle le le neng le le gaufi mme ba nwediwa mo metsing a a bothitho a boemakepe jwa Singapore. Re ne ra ba ra fetsa ka gore re tshwarele kopano koo, re tsamaisa ka tidimalo ditaletso gareng ga ba ba neng ba kgatlhega. Se se neng sa re itumedisa ke gore, mo e ka nnang batho ba le 25 ba ne ba tla kwa kopanong e ka nako eo re neng re akanya gore e tla nna ya bofelo pele ga Hara–Magedona.

Ditlhaeletsano magareng ga makala a Mokgatlho di ne di ngotlegile thata ka ntlha ya ntwa. Ka sekai, mabolokelo a rona a kwa Singapore, a ne a amogela lekwalonyana le lekhutshwane le le neng le bolela gore babulatsela ba bararo ba kwa Jeremane ba ne ba setse ba tla goroga mo Singapore ka nako nngwe e e rileng ka sekepe sengwe se go neng go sa bolelwa leina la sone se ba isa kwa lefelong lengwe, mme go sa bolelwa gore ba ne ba abetswe kae. Morago ga dibeke di le mmalwa ba ne ba goroga mme ba nna le rona sebaka sa diura di le lesome tse di itumedisang. Lefa gone re ne re sa tlhaloganyane ka puo, re ne ra kgona go tlhaloganya gore lefelo le ba neng ba abetswe kwa go lone e ne e le Shanghai.

Kabelo ya Me kwa Shanghai

Morago ga ngwaga le nna ke ne ka amogela kabelo ya go ya go direla kwa Shanghai. Ke ne ke sena aterese ya seterata, mme ke ne ke tshwere fela nomoro ya bokoso ya poso. Morago ga fa ke sena go botsolotswa ka botlalo kwa posong, ba ne ba kgotsofala ka bosupi jo ke neng ka bo ba neela jwa gore ke mang mo e leng gore ba ne ba kgona go nnaya aterese ya Mokgatlho. Lefa go ntse jalo, moagi mongwe wa kwa China o ne a mpolelela gore lekala le ne le fudugile, le gore go ne go sena aterese ya kwa ba fudugetseng teng.

‘Jaanong ke ne ke tla dira eng?’ Ke ne ka ipotsa. Ke ne ka rapelela mo pelong gore ke kgone go bona kwa ke neng ke ya teng. Fa ke tsholetsa tlhogo, ke ne ka rakanya matlho le banna ba bararo, ba ba neng ba le baleele go sekae go na le batho ba ba neng ba ntse ba feta mme gape tebego ya bone e ne e farologane ka tsela nngwe le ya bone. Ruri ba ne ba tshwana le banna ba bararo ba Majeremane ba ba neng ba na le rona kwa Singapore sebakanyana sa diura tse di neng tsa feta ka bonako. Ka bonako, ke ne ka ema mo tseleng e ba neng ba tlile go feta mo go yone.

“Intshwareleng tsweetswee,” ke ne ka bua jalo ke kwakwaetsa ka ntlha ya boitumelo. Ba ne ba ema mme ba ntebelela sentle ka go ntshekatsheka. Ke ne ka ba botsa ka re “Singapore. Basupi ba ga Jehofa. A lo a nkgopola?”

Morago ga sebakanyana ba ne ba araba ka gore: “Ee! Ee! Ee!” Go ne ga itlela fela gore re tlamparelane, mme dikeledi tsa boitumelo di ne tsa elela mo sefatlhegong sa me. Mo gare ga dimilionemilione tse di kanakana tsa batho, go tlile jang gore banna ba bararo bao ba tle go feta mo lefelong leo ka nako e e tshwanetseng? Ke ne ka bua fela ka re “Ke a go leboga, Jehofa.” Ka nako eo e ne e le nna, malapa a mararo a Ma-China, le banna ba bararo ba Majeremane fela ba re neng re le Basupi kwa Shanghai.

Go Ya kwa Hong Kong mme kwa Morago kwa Burma

Morago ga go direla kwa Shanghai ka dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Hong Kong. Fa mopati wa me wa mmulatsela yo ke neng ke mo lebeletse wa kwa Australia a ne a sa kgone go tla, ke ne ka iphitlhela ke setse ke le mongwe fela, e le nna fela Mosupi mo koloneng eo. Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke ikgopotse gape gore ke boleletse Jehofa ka re, “Ke hano, roma nna.”

Ke ne ke lebagantse tiro ya me thata le batho ba Ma-China ba ba neng ba bua Seesemane, lefa gone ke ne ke nna le bothata jwa go feta mo dihekeng tsa matlo a bonno, ereka badiri ba ba emang mo dihekeng tseo ba ne ba bua puo ya Se-China fela. Ka jalo, ke ne ka ithuta mafoko a se makae fela a Se-China mo dipuong tse pedi tse di neng di dirisiwa thata. Seno se ne sa atlega! Ke ne ke kgona go bua le badiri ba ba neng ba lebelela foo, ke ntsha karata ya me, ke bua le bone bonnyennyane jwa puo ya Se-China e ke neng ke e itse, mme ka gale kwa morago ba ne ba ntetlelela go tsena.

Nako nngwe e ne ya re ke etetse sekolo sengwe, ke ne ka leka go dirisa one mokgwa ono gore ke tle ke kgone go bua le mogokgo wa sekolo. Morutabana mongwe wa maemo a a kwa tlase o ne a kopana le nna mo mathuding a sekolo. Ke ne ka mo sala morago re ntse re feta diphaposi di le mmalwa, ke ntse ke tlhokometse jaaka bana ba ema go supa maitseo, mme ke ne ke ipaakanyeditse go ya go itsisiwe kwa go mogokgo. Morutabana o ne a kokota, a bula mojako, a emela kwa morago, mme a ntshupetsa gore ke fetele kwa pele. Se se neng sa nkgopisa le go nkgakgamatsa ke gore, kante o ne a nkisa kwa ntlwaneng! Go ne go bonala gore o ne a sa tlhaloganya puo ya me ya Se-China le gore, jaaka mogokgo a ne a ntlhalosetsa kwa morago, o ne a ithaya a re ke motlhatlhobi wa diphaephe tsa leswe la dintlwana.

Morago ga dikgwedi di le tharo ke ntse ke direla koo, mapodise a kwa Hong Kong a ne a mpolelela gore tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe le gore ke ne ke tla tshwanelwa ke go tlogela go rera kana eseng jalo go lelekwa mo nageng eo. Ke ne ka itlhophela go lelekwa ereka tshono ya gore ke tle ke kgone gore ke tswelele ke ntse ke rera golo gongwe e ne e santse e le gone. Ka nako ya fa ke santse ke le kwa Hong Kong, ke ne ka tsamaisa dibuka di le 462 mme ka thusa ba bangwe ba babedi go nna le seabe mo bodiheding.

Go tswa kwa Hong Kong, ke ne ka abelwa go ya go dira kwa Burma. Ke ne ke bula tsela koo mme gape ke ne ke thusa mo tirong ya mabolokelo kwa Rangoon (e jaanong e bidiwang Yangon). Mangwe a maitemogelo a a neng a kgatlhisa thata ke a go rera kwa ditoropong le kwa metseng e e neng e phatlaletse, mo tseleng e e tswang kwa Rangoon e ya kwa Mandalay le go ya ntlheng ya toropo e e fa molelwaneng wa China e leng Lashio. Nna le mopati wa me re ne re beile tlhokomelo ya rona segolo thata mo bathong ba ba neng ba bua Seesemane, re ne ra kgona go bona makgolo a le mmalwa a dipeeletso tsa makasine wa Consolation (e gone jaanong e bidiwang Tsogang!). Go ne ga diragala gore, yone tsela eno e kgolo e e tswang kwa Rangoon e ya kwa Mandalay e ne e tlile go itsiwe jaaka Tsela ya Burma, e leng tsela e go neng go fetwa mo go yone fa go romelwa didirisiwa tsa ntwa tsa Amerika tse di neng di romelwa kwa China.

Go tsamaya re gobua mo leroleng le le neng le re fitlha mo mangenaneng gantsi go ne go re dira gore re ikutlwe re batla go tlhapa. Seno ke sone se ileng sa re dira gore re tsene mo bothateng jo ke buileng ka jone kwa tshimologong, e leng jwa go tshwarwa fa re santse re tlhapa mo nokeng kafa tlase ga borogo. Ka bonako fela morago ga moo, ditlhaselo tsa sesole le bolwetsi, di ne tsa re pateletsa gore re boele kwa Rangoon. Ke ne ka kgona go nna kwa Burma go fitlhelela ka 1943, ka nako ya fa ditlhaselo tsa sesole tse di neng di oketsega di mpateletsa gore ke boele kwa Australia.

1Go Boela Gape kwa Australia

Ka yone nako eo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Australia. Lefa go ntse jalo, ka bonako fela thibelo e ne ya tlosiwa mme kgabagare ke ne ka lalediwa gape go ya go direla kwa ofising ya lekala. Moragonyana ka 1947, ke ne ka nyala Betty Moss, yo o neng a ntse a direla kwa lekaleng la Mokgatlho kwa Australia. Rraagwe Betty le mmaagwe ba ne ba bula tsela, mme ba ne ba mo kgothatsa ene mmogo le morwarraagwe e leng Bill gore ba dire bobulatsela tsela ya bone ya botshelo. Betty o ne a simolola go bula tsela ka letsatsi le a neng a tlogela sekolo ka lone, a na le dingwaga tse 14. Ke ne ka bona gore re ka dirisana sentle nna le ene, ereka totatota le ene a ne a reile Jehofa a re, “Ke hano, roma nna.”

Morago ga sebaka sa ngwaga re ntse re nyalane, ke ne ka lalediwa tiro ya go potologa, ke etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Go direla kwa metseng ya magae e e neng e le kwa thoko ya Australia e ne e le kgwetlho tota. Merwalela ya metsi nako le nako e ne e dira gore go nne le mathata a mosepele, segolo jang mo ditseleng tse di relelang tsa seloko. Megote ya selemo e ne e tlhatlogela kwa dikiriing di le 43 tsa Celsius o le kafa tlase ga moriti. Ereka re ne re nna mo ditenteng tsa seile, ka nako ya selemo se se mogote thata, re ne re fitlhela go le mogote ka selekanyo se se thata go itshokelwa le mariga a teng a ne a le bogale thata.

Go ne go itumedisa go direla jaaka molebedi wa kgaolo ka nako ya fa go ne go na le dikgaolo di le pedi fela kwa Australia. Donald MacLean o ne a direla mo kgaolong e nngwe, fa nna ke ne ke direla mo go e nngwe. Ka jalo, re ne re refosana ka dikgaolo. E nna boitumelo jo bogolo fa re bala ka ga diphuthego tse di leng teng gone jaanong kwa mafelong ao re kileng ra bo re direla kwa go one. Tota peo ya boammaaruri jwa Bibela e tlhogile ebile e ungwile!

Go Boela kwa Dilo Di Simologileng Teng

Ka 1961, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsena tlelase ya ntlha ya sekolo sa borongwa sa Gileade morago ga fa se sena go fudugela kwa Brooklyn, kwa New York. Mo nakong e e fetileng ke ne ke tle ke amogele ditaletso tsa go ya kwa sekolong seo mme ke ne ke sa kgone go di amogela ka ntlha ya mathata a botsogo. Kwa bofelong jwa khoso ya dikgwedi di le lesome, ke ne ka lalediwa go tsaya kabelo ya go direla kwa New Zealand.

Ka jalo, fa e sale go tloga ka January 1962, nna le Betty re ne re ntse re le gone mono mo New Zealand, e leng nngwe ya mafatshe a a kwa tlase mo kgolokweng. Gantsi e tsewa jaaka nngwe ya ditlhaketlhake tse dintle thata tsa Pacific. Mabapi le dikgang tsa bolegodimo, e ne e ntse e le boitumelo go direla mo tirong ya potologo mmogo le ya kgaolo. Mo dingwageng di le 14 tse di fetileng, fa e sale go tloga ka April 1979, re ntse re direla mo ofising ya lekala ya New Zealand.

Gone jaanong nna mmogo le Betty re mo bogareng jwa dingwaga tsa rona tsa bo-70, ka bobedi jwa rona re na le dingwaga di le 116 re ntse re sa kgaotse mo tirelong ya Bogosi ya nako e e tletseng. Betty o simolotse go bula tsela ka January 1933, mme nna ka April 1937. Bontsi jwa dilo tse di re dirang gore re itumele ke fa re leba bana ba rona ba semoya le ditlogolwana ba dira se re neng re se dira fa re ne re le basha, jaaka, go tsaya tsia kgakololo e e mo go Moreri 12:1 e e reng: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.”

Abo e nnile tshiamelo e e molemo jang ne go senya botshelo jwa rona jotlhe re rera ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go dira barutwa, jaaka Morena wa rona Jesu Keresete a re laetse! (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ke boitumelo jo bogolo mo go rona ka ntlha ya gore re ile ra arabela taletso ya Modimo jaaka moperofeti Isaia a ne a bua bogologolotala a re: “Ke hano, roma nna.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela