LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/15 ts. 12-17
  • ‘Bitsa Bagolwane’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Bitsa Bagolwane’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso E E Leng Teng
  • ‘Dineo Tse E Leng Banna’
  • Go Tsaya Kgato Pele
  • Kafa “Bagolwane” Ba Thusang ka Teng
  • Boikarabelo jwa Motho ka Namana le Thapelo
  • “Dimpho ka Banna” di Tlhokomela Dinku Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • ‘Bitsa Bagolwane’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Go Anaanela “Dimpho ka Banna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Utlwang ba ba lo Eteletseng Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/15 ts. 12-17

‘Bitsa Bagolwane’

“A moñwe mo go lona oa bobola? a a bitsè bagolwane ba phuthègō.”—YAKOBE 5:14.

1, 2. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ba iphitlhela ba le mo boemong bofe jo bo kotsi, mme ba ka nna ba ikutlwa jang? (b) Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa?

“DIPAKA tse di tlhokohatsañ” di gorogile. Batho ba dira dilo ka bogagapa, ba rata dithoto thata, ba a ikgogomosa, gantsi ba tsosa dikhuduego mo “metlheñ [eno] ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1-5) Jaaka Bakeresete ba ba tshelang mo tsamaisong ya jaanong ya dilo, re iphitlhela re lebane le dikotsi tseno tse tharo tse dikgolo: Satane Diabolo, lefatshe la batho ba ba sa batleng Modimo, le go sekamela ga rona thata mo go rateng go dira boleo.—Baroma 5:12; 1 Petere 5:8; 1 Yohane 5:19.

2 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa re fekeediwa ka ntlha ya go bo re lebane le dikotsi tseno. Ka gone, ke eng se se ka re thusang go itshoka re ntse re ikanyega? Re ka ya kwa go mang go bona kaelo fa re tshwanela go dira ditshwetso kaga ditiro tsa rona tsa Bokeresete le kobamelo ya rona?

Thuso E E Leng Teng

3. Ke mang yo o ka re gomotsang le go re neela tsholofelo e e tlhomamisegang, le gone jang?

3 Go itse fela gore Jehofa ke ene Motswedi wa nonofo e re nang le yone go a re gomotsa le go re neela tsholofelo e e tlhomamisegang. (2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:13) Mopesalema Dafide, yo o neng a thusiwa ke Modimo, o ne a bolela jaana: “Pitikèla tsela ea gago mo go Yehofa; u bo u mo ikanyè, me o tla go dihatsa.” “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.” (Pesalema 37:5; 55:22) Abo re tshwanetse go lebogela go tshegediwa ka tsela eo jang ne!

4. Petere le Paulo ba re gomotsa jang?

4 Re ka gomodiwa gape ke go itse gore ga se rona fela re lebanang le diteko le dikotsi. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa Bakeresete ba bangwe jaana: “Lo èmalanè naè [Satane Diabolo] lo nitame mo tumeloñ ea lona, lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ.” (1 Petere 5:9) Bakeresete botlhe eleruri ba batla go nitama mo tumelong. Ke boammaaruri gore re ka nna ra ikutlwa re ‘pitleletswe ka ntlha tsotlhe,’ fela jaaka go ne ga diragalela moaposetoloi Paulo. Lefa go ntse jalo, o ne a sa “pitlagana.” Re ka nna ra akabala jaaka ene “leha go nntse yalo e be e se mo go re tlhobosañ.” Lefa re bogisiwa, ga re “a latlhwa.” “Re thubanyediwa ha hatshe,” mme ga “rea senyèga.” Kwa bokhutlong, “ga re ñodiege.” Re leka thata gore re se ‘lebe dilo tse di bonalang, mme re lebe dilo tse di sa bonaleng.’ (2 Bakorintha 4:8, 9, 16, 18) Re ka dira seno jang?

5. Jehofa o re thusa ka ditsela dife tse tharo?

5 Jehofa, “eo u utlwañ thapèlō,” o re thusa ka ditsela tse tharo. (Pesalema 65:2; 1 Yohane 5:14) Sa ntlha, o re kaela ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng eleng Bibela. (Pesalema 119:105; 2 Timotheo 3:16) Sa bobedi, moya wa gagwe o o boitshepo o re nonotsha gore re dire thato ya gagwe. (Bapisa Ditihō 4:29-31.) Mme sa boraro, phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe e nna ka metlha e iketleeditse go re thusa. Re tshwanetse go dira eng gore re bone thuso eo?

‘Dineo Tse E Leng Banna’

6. Jehofa o ne a thusa ka eng kwa Tabera, mme jang?

6 Sengwe se se neng sa diragala mo metlheng ya ga moperofeti Moshe se re thusa go lemoga kafa Jehofa a supang kafa a amegang ka teng ka lorato ka batlhanka ba Gagwe ka go dira gore ba thusiwe. Seno se ne sa diragala kwa Tabera, e e kayang “go sha; molelo; ditlhase.” Modimo o ne a wa fisa Baiseraele ba ba neng ba ngongorega ka molelo mo lefelong leno mo nageng ya Sinai. “Bontsi yoa batho yo bo tlhakatlhakanyeñ” jo bo neng jwa tswa le batho ba Iseraele kwa Egepeto le jone bo ne bo kopane le bone mo go ngongoregeleng dijo tse ba neng ba di filwe ke Modimo. Moshe o ne a tlhaeletsa jaana fa a ne a lemoga gore Modimo o galefile le fa a ne a utlwa a imelwa ke boikarabelo jo a neng a na najo jwa batho bano le dilo tse ba di tlhokang: “Ga kea nonoha go rwala batho botlhe ba ke le nosi, gonne ke bokete yo mo nkimèlañ. Me ha u ntihèla yana, kea gu rapèla, u mpolaeè hèla yana yana, ha ke bonye letlhōgōnōlō mo matlhoñ a gago; me a ke se ipōne bobenyana yoa me.” (Dipalo 11:1-15) Jehofa o ne a araba jang? O ne a tlhopha “banna ba ba mashomè a shupa ba bagolwane ba Iseraela” mme a ba naya moya wa gagwe gore ba kgone go thusa Moshe mo tirong ya bolaodi. (Dipalo 11:16, 17, 24, 25) Baiseraele le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” ba ne ba bona thuso ka bonako gonne go ne go tlhophilwe banna ba ba tshwanelang sentle.—Ekesodo 12:38.

7, 8. (a) Jehofa o ne a naya ‘dineo tse e leng banna’ jang kwa Iseraele wa bogologolo? (b) Paulo o ne a dirisa Pesalema 68:18 jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

7 Fa Baiseraele ba sena go nna dingwaga tse dintsi mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, Jehofa o ne a tlhatloga Thaba ya Sione ka tsela ya tshwantshetso mme a dira Jerusalema moshate wa bogosi jwa tshwantshetso jo Dafide e neng e le kgosi ya jone. Dafide o ne a tsholetsa lentswe la gagwe a opela a baka Modimo “Mothataeotlhe” jaana: “U tlhatlogetse kwa godimo, u gogile bochwarō yoa gago bo chwerwe: u amogetse dineō [tse e leng batho, NW].” (Pesalema 68:14, 18) Eleruri, batho ba ba neng ba gapilwe fa go ne go thopiwa Lefatshe Le Le Solofedisweng ba ne ba thusa Balefi go dira ditiro tsa bone.—Esere 8:20.

8 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo o ne a supa fa mafoko a ga mopesalema a seperofeti a ne a diragadiwa. Paulo o ne a kwala jaana: “Me moñwe le moñwe oa rona o neilwe tshegōhaco kaha selekanyoñ sa go aba ga lebole ya ga Keresete. Ke gōna o reñ, E rile a tlhatlogèla godimo, a gōgèla bagolègwa kgolegoñ, me a naea [dineo tse e leng banna, NW]. Me yana ha go twe, A tlhatloga, ke go reñ, ha e se go re, le gōna o na a hologetse mo maheloñ a a kwa tlhatse a lehatshe? Eo o hologileñ e nntse ke èna eo o tlhatlogetseñ kwa godimodimo ga magodimo aotlhe, gore a tlè a tlalè ka dilō cotlhe.” (Baefesia 4:7-10) Ke mang yo go tweng “e nntse ke èna”? Ga se ope fa e se moemedi wa ga Jehofa, Dafide yo Mogolwane le Kgosi e e leng Mesia, Jesu Keresete. Ke ene yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing mme o mo tlotlomaditseng o mo “godisitseñ thata.”—Bafilipi 2:5-11.

9. (a) Dineo tse e neng e le banna mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le bomang? (b) Dineo tse e leng banna tsa metlha ya segompieno ke bomang?

9 Ka jalo he, ‘dineo tse e leng banna’ (kana, “tse di dirilweng ka banna”) ke bomang? Paulo o tlhalosa gore Moemedi yo Mogolo wa Modimo o ne a “neèla bañwe gore ba nnè baaposetoloi; le ba bañwe gore ba nnè baperofeti; le ba bañwe barèri ba Mahoko a a Molemō; le ba bañwe badisa ba phuthègō, le baruti: Gore baitshepi ba itekanèdiwè, le gore ba dihè tihō ea tihèlō ea phuthègō, le gore ba agèlèlè mmele oa ga Keresete.” (Baefesia 4:11, 12) Balatedi botlhe ba ga Keresete ba ba neng ba dira jaaka baaposetoloi, baperofeti, baefangele, le badisa, le baruti ba ne ba dira jalo ba kaelwa ke puso ya bomodimo. (Luke 6:12-16; Ditihō 8:12; 11:27, 28; 15:22; 1 Petere 5:1-3) Mo motlheng ono wa rona, bagolwane ba ba tshwanelang sentle semoyeng ba ile ba tlhophiwa ke moya o o boitshepo gore ba dire jaaka balebedi mo diphuthegong tse di fetang 70 000 tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe. Ke banna ba re ba neilweng. (Ditihō 20:28) Ereka tiro ya go rera ka Bogosi e ntse e atolosiwa le lobelo lwa yone lo ntse lo oketsega mo lefatsheng lotlhe, go na le bakaulengwe ba bantsi ba ba ‘senkang’ go dira ditiro tse di amanang le ‘boemo jwa go okamela’ ebile ba di dira. (1 Timotheo 3:1) Le bone e nna dineo tse e leng banna, fa ba sena go tlhophiwa.

10. Tsela e Isaia a tlhalosang “dikgōsana” e tshwanela jang tiro ya bagolwane ba Bakeresete gompieno?

10 Bagolwane bano ba Bakeresete, kana dineo tse e leng banna, ba tshwanela go tlhalosiwa ka tsela e moperofeti Isaia a neng a tlhalosa ka yone fa a ne a bolelela pele tiro ya “dikgōsana,” balaodi ba ba tla bong ba dira mo Bogosing. Mongwe le mongwe wa bone o tla tshwana le “boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.” (Isaia 32:1, 2) Seno se senola kafa go okamela ka lorato ga banna ba ba tlhophilweng bano go thusang ka teng. Go ka go solegela molemo ka botlalo jang?

Go Tsaya Kgato Pele

11. Re ka thusiwa jang fa re utlwile botlhoko, mme thuso eo re ka e bona jang?

11 Motho fa a nwela o a goa. Ga a senye nako. Fa botshelo jwa motho bo le mo kotsing ga go tlhokege gore ope a mo reye a re kopa thuso. A Kgosi Dafide o ne a se ka a tlhola a kopa Jehofa kgapetsakgapetsa gore a mo thuse? (Pesalema 3:4; 4:1; 5:1-3; 17:1, 6; 34:6, 17-19; 39:12) Fa re utlwile botlhoko, gongwe re tlaletswe, le rona re retologela kwa go Jehofa ka thapelo re mo kopa gore a re kaele ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7) Re senka kgomotso mo Dikwalong. (Baroma 15:4) Re leba dikgatiso tsa Bokeresete tsa Mokgatlho wa Watch Tower go bona gore re ka dira eng. Seno gantsi se dira gore re kgone go rarabolola mathata a rona. Lefa go ntse jalo, fa re fekeediwa ke mathata, re kopa kgakololo mo bagolwaneng ba phuthego. Ebile tota, go ka nna ga nna le dinako tse dintsi tse ruri re tlhokang go ‘bitsa bagolwane.’ Ke ka ntlha yang fa re bitsa bagolwane ba Bakeresete? Ba ka thusa jang ba ba tlhokang go thusiwa semoyeng?

12-14. (a) Ke tsela efe e e botlhale e motho a ka e tsayang fa a lwala? (b) Go ya ka Yakobe 5:14, Bakeresete ‘ba ba lwalang’ ba gakololwa go dira eng? (c) Yakobe 5:14 e bolela ka bolwetsi jwa mofuta ofe, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?

12 Fa re lwala, re a ikhutsa gore re neye nonofo ya mebele ya rona ya go iphodisa sebaka sa go dira jalo. Mme fa bolwetsi bo sa fole, re dira ka botlhale mme re ya kwa go ba ba tshwanelang sentle mo go tsa kalafi. A ga re a tshwanela go dira se se tshwanang fa re nna bokoa semoyeng?

13 Ela tlhoko kafa morutwa Jakobe a re gakololang ka teng mo ntlheng eno. O bolela jaana: “A moñwe mo go lona oa bobola? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna.” (Yakobe 5:14) Jakobe fano o bua ka bolwetsi jwa mofuta ofe? Batho bangwe ba ba akgelang ka Bibela ba swetsa ka gore ke bolwetsi jwa mmele, ba bolela gore go tlotsa ka lookwane e ne e le tsela e e tlwaelegileng ya go alafa ya motlha oo. (Luke 10:34) Gape ba dumela gore Jakobe o ne a akantse ka go fodisiwa ka kgakgamatso go dirisiwa neo ya go fodisa. Gone mme, ditemana tse di e dikologileng di supa eng?

14 ‘Go itumela’ go bapisiwa le ‘go utlwa botlhoko.’ Seno se supa gore Jakobe o ne a bua ka bolwetsi jwa semoya. (Yakobe 5:13) Go ne ga bidiwa “bagolwane ba phuthègō,” eseng dingaka kana batho ba ba neng ba na le neo ya go fodisa ka dikgakgamatso. Mme ba ne ba tla dira eng? Jakobe o ne a re: “A ba rapèlè ha go èna, . . . Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ.” (Yakobe 5:14, 15; bapisa Pesalema 119:9-16.) Ntlha e e kgaolang kgang gore Jakobe o ne a bua ka bolwetsi jwa semoya ke fa a kgothaletsa motho gore a ipolele dibe ka tsholofelo ya gore o ne a tla fola. O kwala jaana: “Lo ipolèlèlanè dibe, me lo rapèlèlanè, gore lo tlè lo hodisiwè.” Fa e le gore bolwetsi joo jwa semoya bo bakiwa ke go lwala semoyeng, motho yo o lwalang a ka lebelela gore o tla fola fela fa a tsaya kgato e e siameng ka se Lefoko la Modimo le mo kgothaletsang go se dira, a ikwatlhaya, a bo a tlogela tsela ya gagwe ya boleo.—Yakobe 5:16; Ditihō 3:19.

15. Yakobe 5:13, 14 e akantsha gore go tsewe kgato efe?

15 Go na le selo se sengwe gape se se tshwanetseng go elwa tlhoko mo kgakololong e Jakobe a e nayang. Mokeresete o tshwanetse go nna a ntse a “rapèla” fa a boga. Fa a itumetse o tshwanetse gore a “ōpèlè dipakō.” Motho o tshwanetse go dira sengwe fa a le mo boemong bongwe le bongwe—a boga kana a itumetse. O tshwantse go rapela, a bo a bue dilo tse di supang gore o itumetse. Ka jalo, re tshwanetse go lebelela eng fa Jakobe a botsa jaana: “A moñwe mo go lona oa bobola?” O akantsha gore motho a dire sengwe, ee, a tseye kgato pele. “A a bitsè bagolwane ba phuthègō.”—Pesalema 50:15; Baefesia 5:19; Bakolosa 3:16.

Kafa “Bagolwane” Ba Thusang ka Teng

16, 17. Bagolwane ba re thusa jang go dirisa melaometheo ya Bibela?

16 Ka dinako tse dingwe ga re kgone go itse gore re ka dirisa melaometheo ya Bibela jang mo maemong a a re amang ka namana. Bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa thata mo maemong a a ntseng jalo. Ka sekai, ba rapelela yo o lwalang semoyeng ba bo ba mo ‘tlotsa ka lookwane mo leineng la Morena’ ka go dirisa kaelo e e tswang mo Lefokong la Modimo ka botswerere. Ka go dira jalo, bagolwane ba ka re thusa gore re fole semoyeng. (Pesalema 141:5) Gantsi se re se tlhokang fela ke go tlhomamisediwa gore re akanya dilo ka tsela e e siameng. Go bua le mogolwane yo o nang le boitemogelo wa Mokeresete go tla nonotsha go iketleetsa ga rona go dira se se siameng.—Diane 27:17.

17 Fa ba biditswe, bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ‘nametsa ba ba lapang pelo.’ Gape ba tla ‘pepetletsa ba ba bokoa, [le] go nna pelotelele mo go bone.’ (1 Bathesalonia 5:14) Kamano e e atamalaneng jalo e mo go yone motho a tlhaloganngwang sentle fa e le teng fa gare ga “bagolwane” le “ba ba bokōa” e ka dira gore motho a itekanele sentle gape semoyeng.

Boikarabelo jwa Motho ka Namana le Thapelo

18, 19. Bagolwane ba Bakeresete ba na le seabe sefe go ya ka Bagalatia 6:2, 5?

18 Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go dira boikarabelo jwa bone mo letsomaneng la Modimo. Ba tshwanetse go le tshegetsa. Ka sekai, Paulo o ne a bolela jaana: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa. Rwadisanyañ [mekgweleo, NW] me lo dihatsè molaō oa ga Keresete yalo.” Moaposetoloi o ne a kwala jaana gape: “Gonne motho moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.”—Bagalatia 6:1, 2, 5.

19 Re ka thusa ba bangwe go rwala mekgweleo ya bone jang re ntse re rwele merwalo ya rona? Go farologana ka bokao ga mafoko a Segerika a a ranotsweng jaaka “mekgweleo” le “morwalō” go thusa go araba. Fa Mokeresete a nna le mathata a a mo imelang thata a semoya, bagolwane le badumedi ba bangwe ba tla mo thusa, ka gone ba mo thusa go rwala “mekgweleo” ya gagwe. Lefa go ntse jalo, motho ka boene o lebeletswe gore a ithwalele “morwalō” wa boikarabelo jwa gagwe mo Modimong.a Bagolwane ba itumelela go rwala “mekgweleo” ya bakaulengwe ka go ba kgothatsa, go ba gakolola ka Dikwalo, le go ba rapelela. Lefa go ntse jalo, bagolwane ga ba rwale “morwalō” wa rona wa boikarabelo jwa semoya.—Baroma 15:1.

20. Ke ka ntlha yang fa thapelo e sa tshwanela go tlhokomologiwa?

20 Thapelo e botlhokwa thata ebile ga e a tshwanela go tlhokomologiwa. Mme lefa go ntse jalo, Bakeresete ba bantsi ba palelwa ke go rapela fa ba lwala semoyeng. Boikaelelo e a bo e le eng fa bagolwane ba rapela ka tumelo mo boemong jwa yo o bobolang? “Morèna [Jehofa] o tla mo kakatlolola,” a tswe mo kutlobotlhokong, mme o tla mo nonotsha gore a tswelele gape mo tseleng ya boammaaruri le tshiamo. Mokeresete yo o lwalang a ka tswa a na le boikutlo bongwe jo bo phoso mme e se gore o dirile boleo bongwe jo bo masisi, ka go bo Jakobe o bolela jaana: “Ha a leohile, o tla go ichwarèlwa.” Kgakololo ya Dikwalo ya bagolwane mmogo le thapelo e e rapelwang ka tlhoafalo gantsi e dira gore motho yo o koafetseng semoyeng a bolele maleo a gagwe a a masisi a a ka tswang a a dirile mme a supe moya wa boikwatlhao. Seno ka bosone se dira gore Modimo a mo itshwarele.—Yakobe 5:15, 16.

21. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bangwe ba se ka ba bitsa bagolwane? (b) Go tlile go sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?

21 Bagolwane ba ba elang tlhoko thata ba dira ka natla go okamela ka tsela e e tshwanetseng, gonne ba lebane le kgwetlho ya go tlamela bontsintsi jwa ba bangwe ba basha ba ba tlang mo phuthegong ya Bokeresete. Eleruri, dineo tseno tse e leng banna ke selo se se molemo se Jehofa a se re fileng go re thusa go itshoka mo metlheng e e botlhoko eno. Lefa go ntse jalo Bakeresete ba bangwe ga ba itlhaganelele go batla thuso, ba akanya gore bakaulengwe bano ba tshwaregile thata kana ba imediwa ka mathata a mantsi. Setlhogo se se latelang se tla re thusa go lemoga gore banna bano ba itumelela go thusa, gonne ba dira fela ka go rata jaaka badisa ba babotlana mo phuthegong ya Bokeresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

a A Linguistic Key to the Greek New Testament, e e kwadilweng ke Fritz Rienecker e tlhalosa phor·tiʹon jaaka “morwalo o motho a lebeletsweng go o rwala” e bo e oketsa jaana: “Le ne le dirisiwa mo bosoleng go kaya pakinyana kana sephuthelwana sa dilwana tsa lesole.”

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Jehofa o re thusa ka ditsela dife tse tharo fa re tlhoka thuso?

◻ Dineo tse e leng banna tsa segompieno ke bomang?

◻ Re tshwanetse go bitsa bagolwane leng?

◻ Re ka lebelela gore bagolwane ba Bakeresete ba re thuse ka tsela efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A o itumelela melemo ya semoya e e bonwang ka go rapela, go ithuta Bibela, le go thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela