Go Direla Jehofa ka Moya wa Go Intsha Setlhabelo
“Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.”—MATHAIO 16:24.
1. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe kaga loso lwa gagwe lo lo neng lo atamela jang?
JESU KERESETE o fitlha mo karolong ya konokono ya botshelo jwa gagwe a le mo tikologong ya Thaba ya Heremone e e nang le kapoko kwa setlhoeng sa yone. O santse a tla tshela lobaka lo lo kwa tlase ga ngwaga fela. Ene o a itse; barutwa ba gagwe bone ga ba itse. Jaanong go tlile nako ya gore ba itse. Ke boammaaruri, Jesu o kile a ama kgang ya gore o tla swa, mme jaanong ke la ntlha a bua jalo ka tlhamalalo. (Mathaio 9:15; 12:40) Pego ya ga Mathaio e balega jaana: “Go simolola ka lobaka louō, Yesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwè ha a na le go ea kwa Yerusalema, le go bogisiwa dilō di le dintsi ke bagolwane le baperisiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a cosiwa ka letsatsi ya boraro.”—Mathaio 16:21; Mareko 8:31, 32.
2. Petere o ne a itshwara jang fa Jesu a bolela gore O ne a tla boga, mme Jesu o ne a araba jang?
2 Jesu o saletswe ke malatsi a se kae fela a bo a swa. Lefa go ntse jalo, Petere o tenegela kgopolo eo e e lebegang e le bosula tota. Ga a kgone go dumela gore tota Mesia o tla bolawa. Ka jalo, Petere o nna le sebete sa gore a bo a kgale Mong wa gagwe. O bolela jaana ka go phamoga, a le maitlhomo mantle fela: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Mme lefa go ntse jalo gone fela foo Jesu o kgala bopelonomi jo bo sa dirisiweng sentle jwa ga Petere, a dira jalo a sa okaoke fela jaaka motho a ne a ka kgantla tlhogo ya noga e e botlhole. “Tloga ha pele ga me Satana: gonne u sekgopi mo go nna: ka go bo ga u tlhokomele dilō tsa Modimo, ha e se dilō tsa batho hèla.”—Mathaio 16:22, 23.
3. (a) Petere o ne a itira morongwa wa ga Satane jang a sa lemoge? (b) Petere o ne a nna sekgopi jang mo tseleng ya go intsha setlhabelo?
3 Petere o itirile morongwa wa ga Satane a sa lemoge. Karabo ya ga Jesu e bogale fela jaaka fa a ne a araba Satane mo nageng. Koo Diabolo o ne a leka go raela Jesu ka botshelo jo bo iketlileng, bogosi jo bo senang matshwenyego. (Mathaio 4:1-10) Jaanong Petere o mo kgothaletsa gore a ineneketse. Jesu o itse gore seno ga se thato ya ga Rraagwe. Botshelo jwa gagwe e tshwanetse ya nna jwa go intsha setlhabelo, eseng jwa go ikgotsofatsa. (Mathaio 20:28) Petere o fetoga sekgopi mo tseleng eo; kutlwelobotlhoko ya gagwe ya maitlhomo a mantle e fetoga serai.a Lefa go ntse jalo, Jesu o lemoga sentle gore fa a ne a ka nna le mogopolo ope fela wa botshelo jo e seng jwa go intsha setlhabelo, o ne a tla se ke a ratwe ke Modimo a bo a iphitlhele a tshwerwe ke serai sa bosatane sa loso.
4. Ke ka ntlha yang fa Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa rate botshelo jwa go ritibala le go itlhapedisa?
4 Ka jalo, tsela e Petere a neng a akanya ka yone e ne e tlhoka go baakanngwa. Mafoko a a neng a a bolelela Jesu a ne a bontsha kakanyo ya motho, eseng ya Modimo. Botshelo jwa manobonobo le boitlhapediso, tsela e e motlhofo ya go tswa mo matshwenyegong, e ne e se e Jesu a neng a e rata; lefa e le gone go e ratela balatedi ba gagwe, ka gonne go tswa foo Jesu o bolelela Petere le barutwa ba bangwe ba gagwe jaana: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.”—Mathaio 16:24.
5. (a) Kgwetlho ya go tshela botshelo jwa Sekeresete ke efe? (b) Mokeresete o tshwanetse go nna a ipaakanyeditse dilo dife tse tharo tse di tlhokegang?
5 Jesu o boela mo kgannyeng eno ya konokono kgapetsakgapetsa: kgwetlho ya go tshela botshelo jwa Bokeresete. E le gore ba tle ba nne balatedi ba ga Jesu, Bakeresete, fela jaaka Moeteledipele wa bone, ba tshwanetse go direla Jehofa ka moya wa go intsha setlhabelo. (Mathaio 10:37-39) Ka jalo o thathamisa dilo tse tharo tse Mokeresete a tshwanetseng gore a bo a iketleeditse go di dira: (1) go iitatola, (2) go tsaya mokgoro wa gagwe, le (3) go tswelela pele a Mo sala morago.
“Ha Moñwe Leha E Le Mañ A Rata go Ntshala Moragō”
6. (a) Motho o iitatola jang? (b) Ke mang yo re tshwanetseng go mo itumedisa go na le go iitumedisa?
6 Go iitatola go raya eng? Go raya gore motho o tshwanetse a ikgana gotlhelele, mo go wena ka tsela nngwe o nna yo o suleng. Bokao jwa konokono jwa lefoko la Segerika le le ranotsweng ‘go iitatola’ ke “go re nnyaa”; le raya “go gana gotlhelele.” Ka jalo, fa e le gore o amogela kgwetlho ya botshelo jwa Bokeresete, o tlogela maikaelelo a gago ka bomo, go ritibala ga gago, dikeletso tsa gago, boitumelo jwa gago, le boipelo jwa gago. Totatota, o neela Jehofa Modimo botshelo jwa gago jotlhe le sengwe le sengwe se se akarediwang mo go jone ka bosakhutleng. Go iitatola go kaya se se fetang go itima menate mengwe ka dinako dingwe. Go na le moo, go raya gore motho o tshwanetse gore a neele Jehofa gore e nne ene mong wa gagwe. (1 Bakorintha 6:19, 20) Motho yo o iitatotseng o tshelela go itumedisa Modimo, eseng ene ka boene. (Baroma 14:8; 15:3) Seo se raya gore mo motsotsong mongwe le mongwe wa botshelo jwa gagwe, o ikemiseditse go laolwa ke Jehofa eseng ke dikeletso tsa bopelotshetlha.
7. Mokgoro wa Mokeresete ke eng, mme o o sikara jang?
7 Ka jalo, go tsaya mokgoro wa gago go kaya dilo tse di masisi. Go sikara mokgoro ke mokgweleo gape ke sesupo sa loso. Mokeresete o iketleeletsa go boga fa go tlhokega, kana go tlhabisiwa ditlhong le go tekitiwa kana le eleng go bolawa ka gonne e le molatedi wa ga Jesu Keresete. Jesu o ne a re: “Le eo o [sa] tseeñ mokgōrō oa gagwè, me a ntshala moragō, ga aa nchwanèla.” (Mathaio 10:38) Ga se gore botlhe ba ba bogang ba sikere mokgoro. Baikepi ba na le “mahutsana” mme ba se na mokgoro. (Pesalema 32:10) Lefa go ntse jalo, botshelo jwa Mokeresete ke botshelo jwa go sikara mokgoro wa tirelo ya go intshetsa Jehofa setlhabelo.
8. Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao se se ntseng jang sa go tshela?
8 Selo sa botlhokwa sa bofelo se Jesu a se umakileng ke gore re tswelele pele re mo setse morago. Jesu ga a tlhoke fela gore re amogele re bo re dumele seo a se rutileng mme gape o tlhoka gore re latele sekao se a re se beetseng mo botshelong jotlhe jwa rona. Mme dingwe tsa dikarolo tse di tlhomologileng thata mo tseleng e a neng a tshela ka yone ke dife? Fa a ne a neela balatedi ba gagwe thomo ya bone ya bofelo, o ne a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa . . . : Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Jesu o ne a rera le go ruta mafoko a a molemo a Bogosi. Barutwa ba ba gaufiufi le ene le bone ba ne ba dira jalo, tota le phuthego yotlhe ya bogologolo ya Bokeresete. Tiro eno e e neng e dirwa ka matlhagatlhaga, mmogo le go sa nneng karolo ya lefatshe ga bone, di ile tsa dira gore lefatshe le ba ile le go ba ganetsa, selo se se ileng sa felela ka gore mokgoro o ba o sikarang o nne bokete le go gaisa.—Yohane 15:19, 20; Ditihō 8:4.
9. Jesu o ne a tshwara batho ba bangwe jang?
9 Mokgwa o mongwe o o tlhomologileng o o bonwang mo botshelong jwa ga Jesu ke tsela e a neng a tshwara batho ba bangwe ka yone. O ne a le pelonomi ebile a le “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.” Ka jalo, bareetsi ba gagwe ba ne ba ikutlwa ba shafetse semoyeng ebile ba kgothetse fa a le teng. (Mathaio 11:29) O ne a sa ba kgerise gore ba mo latele lefa e le gone go ba beela melaolao ya gore ba ka dira jalo jang; le gone ga a ka a leka go ba patelela gore e nne barutwa ba gagwe ka go dira gore ba ikutlwe ba le molato. Lefa ba ne ba tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo, ba ne ba na le boipelo jwa boammaaruri. Abo seo se ne se farologana thata jang ne le bao ba nang le moya wa boitlhapediso wa ‘metlha ya bofelo’!—2 Timotheo 3:1-4.
Tlhagolela O Bo O Tswelele ka Moya wa ga Jesu wa Go Intsha Setlhabelo
10. (a) Go ya ka Bafilipi 2:5-8, Keresete o ne a iitatola jang? (b) Fa e le gore re balatedi ba ga Keresete, re tshwanetse go bontsha boikutlo jo bo ntseng jang?
10 Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao sa go iitatola. O ne a tsaya mokgoro wa gagwe mme a tswelela a o sikere ka go dira thato ya ga Rraagwe. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi jaana: “Lo nnè le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna: Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; Me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ [je] e leñ losho loa mokgōrō.” (Bafilipi 2:5-8) Ke mang yo o neng a ka iitatola gotlhelele go feta foo? Fa e le gore o wa ga Keresete Jesu ebile o le mongwe wa balatedi ba gagwe, o tshwanetse wa boloka boikutlo jo bo ntseng fela jalo jwa mogopolo.
11. Go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo go raya go tshelela thato ya ga mang?
11 Moaposetoloi yo mongwe, Petere, o re bolelela gore ereka Jesu a ile a boga ka ntlha ya rona a bo a re swela, Bakeresete ba tshwanetse gore ba tlhomelele, jaaka masole a a ipaakantseng sentle, ba na le moya o o tshwanang le o Keresete a neng a na le one. O kwala jaana: “Me ke gōna, ereka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameñ, le lona lo tlhomèlè ōna mogopolō ouō; gonne eo o bogileñ botlhoko mo nameñ o baketse boleo; Gore e tle e re mo lobakeñ lo lo setseñ loa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelèla dithatō tsa batho, ha e se go rata ga Modimo hèla.” (1 Petere 3:18; 4:1, 2) Tsela ya ga Jesu ya go intsha setlhabelo e ne e bontsha ka phepafalo gore o ne a akanya jang kaga gone. O ne a se pelopedi fa go tliwa mo boineelong jwa gagwe, ka dinako tsotlhe o ne a baya thato ya ga Rraagwe kwa pele ga ya gagwe, go fitlha le mo goreng a swe loso lwa matlhabisa ditlhong.—Mathaio 6:10; Luke 22:42.
12. A botshelo jwa go intsha setlhabelo bo ne bo sulafalela Jesu? Tlhalosa.
12 Le mororo botshelo jwa ga Jesu jwa go intsha setlhabelo e ne e le tsela e e bokete le e e gwetlhang gore a e sale morago, o ne a sa utlwe e le bosula. Go na le moo, Jesu o ne a ipelela go ineela go dira thato ya Modimo. Mo go ene, go dira tiro ya ga Rraagwe go ne go tshwana le dijo. O ne a e kgotsofalela tota, jaaka motho a ka kgotsofalela dijo tse di monate. (Mathaio 4:4; Yohane 4:34) Ka jalo, fa o batla go ikutlwa o kgotsofetse tota mo botshelong jwa gago, ga go na sepe se o ka se dirang se se botoka go na le go latela sekao sa ga Jesu ka go tlhagolela tsela e a neng a ikutlwa ka yone.
13. Lorato lo tlhotlheletsa moya wa go intsha setlhabelo jang?
13 Totatota, ke eng se se tlhotlheletsang moya wa go intsha setlhabelo? Fa se bewa ka lefoko le le lengwe fela, ke lorato. Jesu o ne a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. E ke eōna taolō e kgolo le ea ntlha. Me e ñwe ea bobedi e e chwanañ naeō ke e, U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:37-39) Mokeresete ga a kake a ipatlela molemo ene ka esi fela, mme ka nako e e tshwanang a utlwa mafoko ao. Selo sa ntlhantlha, boitumelo jwa gagwe le se a se ratang se tshwanetse sa laolwa ke lorato lwa gagwe mo go Jehofa le go mongwe ka ene. Jesu o ne a tshela jalo, mme o solofetse gore balatedi ba gagwe le bone ba tshele jalo.
14. (a) Ke maikarabelo afe a a tlhalosiwang mo go Bahebera 13:15, 16? (b) Ke eng seo se re rotloetsang gore re rere mafoko a a molemo ka tlhagafalo?
14 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhaloganya molao ono wa lorato. O ne a kwala jaana: “Yalo a re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè. Me go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.” (Bahebera 13:15, 16) Bakeresete ga ba neele Jehofa ditlhabelo tsa diphologolo kana dilo tse di ntseng jalo, ka jalo, ga ba tlhoke baperesiti ba batho mo tempeleng e e bonalang gore ba tsamaise tiro mo kobamelong ya bone. Setlhabelo sa rona sa pako se neelwa ka Keresete Jesu. Mme re bontsha lorato lwa rona mo Modimong segolobogolo ka setlhabelo seo sa pako, go ipolela leina la gagwe phatlalatsa ka tsela e e ntseng jalo. Mme thatathata moya wa rona o e seng wa bopelotshetlha o o thailweng mo loratong o re tlhotlheletsa gore re rere mafoko a a molemo ka matlhagatlhaga, re leka gore ka dinako tsotlhe re bo re iketleeditse go neela Modimo loungo lwa melomo ya rona. Ka tsela eno gape re bontsha go rata moagisani.
Go Intsha Setlhabelo Go Lere Masego A Magolo
15. Re ka ipotsa dipotso dife tse di tlhatlhobang malebana le go intsha setlhabelo?
15 A ko o iketle go le gonnye mme o akanye ka dipotso tseno: A tsela e ke tshelang ka yone gone jaanong e bontsha moya wa go intsha setlhabelo? A mekgele ya me e bontsha go tshela botshelo jo bo ntseng jalo? A maloko a lelapa la me a solegelwa molemo semoyeng ke sekao sa me? (Bapisa 1 Timotheo 5:8.) Go tweng ka masiela le batlholagadi? A le bone ba solegelwa molemo ke moya wa me wa go intsha setlhabelo? (Yakobe 1:27) A ke ka oketsa nako e ke e dirisang fa ke ntsha setlhabelo sa phatlalatsa sa pako? A ke kgona go lekela go nna le tshiamelo ya go tsena mo tirelong ya bobulatsela, ya Bethele, kana ya borongwa, kana a nka fudugela go ya go direla kwa lefelong le go tlhokegang thuso e kgolwane ya baboledi ba Bogosi kwa go lone?
16. Botlhale bo ka re thusa jang gore re tshele botshelo jwa go intsha setlhabelo?
16 Ka dinako tse dingwe go tlhoka botlhale go sekae fela gore re kgone go dira ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone fa re direla Jehofa ka moya wa go intsha setlhabelo. Ka sekai, Janet, mmulatsela wa ka metlha kwa Ecuador, o ne a dira tiro ya boitshediso e e tsayang letsatsi lotlhe. Go ise go ye kae, thulaganyo ya ditiro tsa gagwe e ne ya dira gore go nne boima mo go ene gore a fitlhelele diura tse di batlegang fa motho e le mmulatsela wa ka metlha ka boipelo. O ne a dira tshwetso ya gore a tlhalosetse mothapi wa gagwe bothata jono, mme a kopa go fokolediwa diura tse a di berekang. Ereka mothapi a ne a sa dumele go fokotsa nako ya gagwe ya go bereka, e ne ya re go tswa foo a tsamaya le Maria, yo o neng a batla tiro e e seng ya letsatsi lotlhe gore a kgone go bula tsela. Mongwe le mongwe wa bone o ne a ithaopela go dira halofo ya letsatsi, ka jalo ba arolelana tiro ya letsatsi lotlhe. Mothapi o ne a dumelana le kakantsho eo. Jaanong bokgaitsadi bano ka bobedi jwa bone ke babulatsela ba ka metlha. Fa a sena go bona matswela ano a a molemo, Kaffa, yo le ene a neng a lapisitswe ke go bereka letsatsi lotlhe mo khampaning yone eo gape a sokola gore a fitlhelele diura tsa gagwe tsa bobulatsela, o ne a tsamaya le Magali mme a ikopela ka tsela e e tshwanang. Le yone e ne ya amogelwa. Ka jalo, bokgaitsadi bano ba le bane ba kgona go bula tsela, ga se bobedi jo bo neng bo tloga bo tlogela tirelo ya nako e e tletseng. Botlhale le go itirisa dilo go ne ga ba tswela molemo.
17-21. Banyalani bangwe ba ne ba sekaseka jang sesha boikaelelo jwa bone mo botshelong, mme seno se ne sa felela ka eng?
17 Mo godimo ga moo, ela tlhoko go intsha setlhabelo ga ga Evonne mo dingwageng tse some tse di fetileng. O ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower jaana ka May 1991:
18 “Ka October 1982, lelapa la gaetsho mmogo le nna le ne la etela Bethele ya Brooklyn. Go e bona go ne ga dira gore ke batle go ithaopela go direla koo. Ke ne ka bala mo lekwalokopong, mme go ne go na le potso nngwe ya botlhokwa moo, ‘O dirile palokakaretso ya diura di le kae mo tirelong ya tshimo mo dikgweding tse thataro tse di fetileng? Fa e le gore palokakaretso ya diura e kwa tlase ga lesome, tsweetswee tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo.’ Ke ne ke sa kgone go akanya ka lebaka lepe la go bo diura tsa me di ne di le kwa tlase, ka jalo ke ne ka ipeela mokgele mme ka o fitlhelela dikgwedi di le tlhano.
19 “Le mororo ke ne ka kgona go akanya ka diipato di le mmalwa tsa go bo ke ne ke sa bule tsela, fa ke bala 1983 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ke ne ka tlhatswega pelo gore ba bangwe ba ne ba kgonne go fenya dikgoreletsi tse dikgolo go na le tsa me gore ba bule tsela. Ka jalo, ka April 1, 1983, ke ne ka tlogela tiro ya me ya letsatsi lotlhe e e duelang mme ka nna mmulatsela wa nakwana, mme ka September 1, 1983, ke ne ka tsena mo bobulatseleng jwa ka metlha.
20 “Ke ne ka itumelela go nyalwa ke motlhanka yo o molemo wa bodihedi ka April 1985. Dingwaga di le tharo moragonyana, puo nngwe kwa kopanong ya kgaolo e ne ya dira gore monna wa me a ntshebetse jaana, ‘A o bona go na le lebaka la gore ke seka ka simolola go bula tsela ka September 1?’ O ne a kopanela le nna mo tirong eno lobaka lwa dingwaga tse pedi morago ga foo.
21 “Monna wa me gape o ne a ithaopela go dira tiro ya kago kwa Bethele e e kwa Brooklyn dibeke di le pedi mme a dira kopo ya go tsenela Thulaganyo ya Go Aga Mo Dinageng Tsotlhe. Ka jalo ka May 1989 re ne ra tsaya mosepele go ya kwa Nigeria go ya go thusa mo kagong ya lekala lobaka lwa kgwedi e le nngwe fela. Kamoso re tla bo re ya kwa Jeremane, koo dibisa tsa rona di tla baakanngwang gore re tsene kwa Poland. Re itumelela thata go bo re na le seabe mo kagong eno e e botlhokwatlhokwa le go nna karolo ya mofuta ono o mosha wa tirelo ya nako e e tletseng.”
22. (a) Re ka nna sekgopi jang re sa lemoge, jaaka Petere? (b) Go direla Jehofa ka moya wa go intsha setlhabelo ga go a ikaega ka eng?
22 Fa e le gore ka bowena ga o kgone go bula tsela, a o ka kgothaletsa bao ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng gore ba tshwarelele mo tshiamelong ya bone gongwe ebile o ba thuse go dira jalo? Kana a o tla tshwana le maloko a mangwe a lelapa kana ditsala, ba ba maitlhomo mantle, bao, jaaka Petere, ba ka bolelelang motlhanka wa nako e e tletseng gore a iketle, a ineneketse, ba sa lemoge kafa seo e ka nnang sekgopi ka gone? Ke boammaaruri, fa e le gore botsogo jwa mmulatsela bo mo kotsing fela thata kana fa e le gore ga a diragatse maikarabelo a Bokeresete, a ka nna a tshwanelwa ke gore a tlogele tirelo ya nako e e tletseng ka nakwana. Go direla Jehofa ka moya wa go intsha setlhabelo ga go a ikaega ka leina le le tshwanang le mmulatsela, modiredi wa Bethele, kana le lengwe fela. Go na le moo, go ikaegile ka gore re batho ba ba ntseng jang—gore re akanya jang, re dira eng, re tshwara ba bangwe jang, re tshela botshelo jwa rona jang.
23. (a) Re ka dira jang gore re tswelele pele re ipelela go nna badiri mmogo le Modimo? (b) Re tlhomamisediwa eng mo go Bahebera 6:10-12?
23 Fa e le gore ruri re na le moya wa go intsha setlhabelo, re tla ipelela go nna badiri mmogo le Modimo. (1 Bakorintha 3:9) Re tla kgotsofalela go itse gore re itumedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Gape re tlhomamisa gore Jehofa ga a ketla a re lebala kana a re latlha fa fela re santse re ikanyega mo go ene.—Bahebera 6:10-12.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka Segerika, “sekgopi” (σκάνδαλον, skanʹda·lon) lantlhantlha e ne e le “leina la karolo ya serai eo go bewang dijonyana tse di gogelang mo go yone, ka jalo, le raya serai ka bosone.”—Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words.
O Akanya Jang?
◻ Petere o ne a fetoga sekgopi jang mo tseleng ya go intsha setlhabelo a sa lemoge?
◻ Go iitatola go kaya eng?
◻ Mokeresete o sikara mokgoro wa gagwe jang?
◻ Re ka tlhagolela ra bo ra tswelela re na le moya wa go intsha setlhabelo jang?
◻ Ke eng se se tlhotlheletsang moya wa go intsha setlhabelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o iketleeditse go iitatola, go tsaya mokgoro wa gago, le go tswelela pele o latela Jesu?