Sala Jesu Morago o sa Kgaotse
1 Ka nako nngwe Jesu o ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Math. 16:24) Eleruri re batla go tsibogela mafoko a ga Jesu ka go a tseela kgato. A re tlhatlhobeng gore ke eng se se akarediwang mo polelong nngwe le nngwe ya taletso ya gagwe.
2 “A a Iitatole”: Fa re neela matshelo a rona mo go Jehofa, re a bo re iitatola. Bokao jo bogolo jwa lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore ‘itatole’ ke “go re nnyaa.” Seno se bolela gore ka go rata, re kgaogana le dithato tsa rona, dikeletso, manobonobo le go ijesa monate ka bopelotshetlha—re ikemiseditse go itumedisa Jehofa go ya bosakhutleng.—Bar. 14:8; 15:3.
3 “A Tseye Kota ya Gagwe ya Tlhokofatso”: Botshelo jwa Mokeresete ke botshelo jwa go sikara kota ya tlhokofatso ya go intsha setlhabelo mo tirelong ya ga Jehofa. Tsela e nngwe e moya wa go intsha setlhabelo o ka bonalang ka yone ke ka gore motho a dire ka natla mo bodireding. Go tla go fitlha jaanong mo ngwageng ono, baboledi ba le bantsi ba ile ba ipelela bobulatsela jo bo thusang. Gongwe o mongwe wa bone e bile o ka kgona go tlhomamisa boammaaruri jwa gore masego a o a bonang mo go jone a feta thata tsela e o intshang setlhabelo ka yone. Bao ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ba thusang ba ile ba rulaganyetsa gore gangwe le gape ba dirise nako e e oketsegileng mo tirong ya go rera e le baboledi ba phuthego. Gore ba kgone go fitlhelela seo, diphuthego dingwe di rulaganyetsa gore dipokano tsa tsone tsa tirelo ya tshimo di nne metsotso e se kae pele ga nako e e tlwaelegileng. Baboledi ba le bantsi ba itumelela go dirisa nako e telelenyana mo tirelong ya tshimo. Bangwe gape ba nnile le matswela a a molemo thata fa ba ne ba fetsa ka gore ba tsene mo ‘ntlong e nngwe ya bofelo’ kana ba dire ‘metsotsonyana e se kae fela e e oketsegileng.’
4 Tsela e nngwe e moya wa go intsha setlhabelo o bontshiwang ka yone ke ka go ipeela mekgele. Bangwe ka go rulaganya dilo ka kelotlhoko le ka go fetola thulaganyo ya bone, ba ile ba nna babulatsela ba ka metlha. Ba bangwe ba ile ba kgona go rulaganya maemo a bone ka tsela e e leng gore ba kgone go ya go direla kwa Bethele kana ba tsenela tirelo ya borongwa. Bangwe ba ile ba fudugela kwa lefelong leo go nang le tlhokafalo e kgolwane ya baboledi ba Bogosi kwa go lone.
5 “A Ntshale Morago a sa Kgaotse”: Le fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba nna le diteko di le dintsi, ba ne ba kgothatswa ke tlhoafalo ya gagwe le boitshoko jwa gagwe mo bodireding. (Joh. 4:34) Go nna gone ga gagwe le molaetsa wa gagwe di ne di dira gore ba ikutlwe ba tsosolositswe mo moyeng. Ke ka ntlha ya moo go neng go bonala boitumelo jwa mmatota mo go ba ba neng ba mo latela. (Math. 11:29) Le rona a re kgothatsaneng gore re itshoke mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.
6 E kete rotlhe re ka tsaya kgato go tsibogela taletso ya ga Jesu ya gore re mo sale morago re sa kgaotse ka go tlhagolela moya wa go intsha setlhabelo. Fa re dira jalo, re tla nna le boitumelo jo bogolo jaanong e bile re ka lebelela pele go bona masego a magolwanyane mo isagweng.