Jehofa—Modimo wa Boammaaruri le O O Tshelang
FARO wa Egepeto o ne a bua a gwetlha le ka lonyatso fa a ne a botsa jaana: “Yehofa e be e le mañ?” (Ekesodo 5:2) Jaaka go supilwe mo setlhogong se se fetileng, boikutlo joo bo ne jwa felela ka gore Baegepeto ba itewe ka dipetso le ka loso, go akaretsa le go swela mo lewatleng ga ga Faro le mephato ya gagwe ya ntwa.
Jehofa Modimo o ile a itshupa gore o mogolo thata mo medimong ya maaka ya Egepeto wa bogologolo. Mme go santse go na le dilo tse dintsi tse di tshwanetseng go ithutiwa ka ene. Dinonofo tse dingwe tsa botho jwa gagwe ke dife? Ebile o batla re dira eng?
Leina la Gagwe le Kafa A Itsegeng A Ntse ka Teng
Fa Moshe a ne a bolelela Faro se a tshwanetseng go se dira, ga a ka a re: ‘Morena a re jaana le jaana.’ Faro le Baegepeto ba bangwe ba ne ba tsaya medimo ya bone e mentsi ya maaka jaaka barena. Nnyaa, Moshe o ne a dirisa leina la bomodimo ebong Jehofa. Ene ka boene o ne a le utlwile le umakiwa go tswa kwa godimo ka nako ya fa a ne a le fa setlhareng se se shang kwa nageng ya Midiana. Rekoto e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana:
“Modimo oa bua le Moshe, oa mo raea, oa re, Ke nna YEHOFA: . . . Ke utlwile go duma ga bana ba Iseraela, ba Baegepeto ba ba diiañ mo kgolegoñ; me ke gakologecwe kgōlaganō ea me. Ke gōna, bua le bana ba Iseraela, u re, Ke nna Yehofa, ke tla lo ntsha tlhatse ga merwalō ea Baegepeto, ke tla lo tlogedisa kgolègō ea bōnè, ke tla lo rekolola ka lecōgō ye le otlologileñ, le ka ditshekishō tse dikgolo: Me ke tla lo itseèla go nna batho ba me, ke tla nna Modimo oa lona: me lo tla itse ha ke le Yehofa, Modimo oa lona, eo ke lo ntshañ tlhatse ga merwalō ea Baegepeto. Me ke tla lo isa ke lo tsenya mo lehatshiñ ye ke choleditseñ seatla sa me kaga yeōna, ka re, Ke tla le naea Aberahame, le Isake, le Yakobe: me ke tla le lo naea go nna boshwa: ke nna Yehofa.”—Ekesodo 6:1-8.
Jehofa o ne a dira fela jalo. O ne a ntsha Baiseraele mo botshwarong jwa Egepeto mme a ba tsenya mo lefatsheng la Kanana. Modimo o ne a dira gore dilo tseno di diragale fela jaaka a ne a solofeditse. Abo go tshwanela jang ne! Leina la gagwe, ebong Jehofa, le kaya “O Dira Gore go Nne.” Bibela e bitsa Jehofa ka maina a a jaaka “Modimo,” “Morena Molaodi,” “Mmopi,” “Rara,” “Mothatayotlhe,” le “Mogodimodimo.” Lefa go ntse jalo, leina la gagwe ebong Jehofa le mo tlhaola jaaka Modimo wa boammaaruri yo o dirang gore maikaelelo a gagwe a molemolemo a diragale kgato ka kgato.—Isaia 42:8.
Fa re ne re ka bala Bibela ka dipuo tsa yone tsa ntlhantlha, re ne re tla fitlhela leina la Modimo ka makgetlo a le diketekete. Mo Sehebereng le emelwa ke ditumammogo tse nne eleng Yod He Waw He (יהוה), tse di bidiwang Tetragrammaton, tse di balwang go tloga kafa mojeng go ya kafa molemeng. Bao ba balang Sehebera ba ne ba tsenya medumo ya ditumanosi, mme batho gompieno ga ba itse tota gore e ne e le dife. Lefa ba bangwe ba rata le kwalwa jaaka Yahweh, popego Jehofa e tlwaelegile ebile e tlhaola Mmopi wa rona sentle fela.
Go bitsa Modimo ka leina Jehofa gape go mo tlhaola mo go yoo a bidiwang “morèna oa me” mo go Pesalema 110:1, koo thanolo nngwe e reng: “MORENA [ka Sehebera, יהוה] o ne a raya Morena wa me a re, Nna kafa letsogong la me la moja, go fitlha ke dira baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” (King James Version) Go supa fa e dumela gore leina la Modimo le a tlhagelela fano mo temaneng ya Sehebera, New World Translation e balega jaana: “Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: ‘Nna kafa letsogong la me la moja go fitlha ke baya baba ba gago jaaka sebeo sa dinao tsa gago.’” Mafoko ao a ga Jehofa Modimo a lebisitse mo go Jesu Keresete ka tsela ya seporofeti, yoo mokwadi yono a neng a mmitsa “Morena wa me.”
Jehofa o ne a itlotlomatsa mo motlheng wa ga Faro. Modimo o ne wa raya mmusi yo o tlhogo e thata yoo ka Moshe wa re: “Gonne ke tla re mo lobakeñ lono ke lere dipecō tsa me cotlhe hèla mo peduñ ea gago, le mo batlhankeñ ba gago, le mo bathuñ ba gago; gore u tlo u itse ha go sena opè eo o chwanañ le nna mo lehatshiñ yeotlhe. Ka go bo ha nka bo ke ntshitse seatla sa me go gu itaea le batho ba gago ka kgogodi, u ka bo nene hano u kgaocwè mo lehatshiñ: Me rure hèla ke gu emiseditse gōna mouō, gore ke gu bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.”—Ekesodo 9:14-16.
Mosadi mongwe wa kwa Jeriko ebong Rahaba o ne a bolelela ditlhodi tsa Bahebera jaana mabapi le khudugo ya Baiseraele go tswa kwa Egepeto le go menolwa ga dipuso dingwe tsa Bakanana: “Kea itse ha Yehofa a lo neile lehatshe [Baiseraele], le go re, thèrègishō ea lona e re wetse rotlhe, le go re, banni botlhe ba lehatshe ba tlhapasèla ha pele ga lona. Gonne re utlwile kaha Yehofa o kgadisitseñ metse a Lewatlè ye le Hibidu ha pele ga lona ka gōna, yale ka lo cwa kwa Egepeto; le se lo se dihetseñ dikgosi tse pedi tsa Baamora, tse di ne di le kwa moseya [wa] Yoredane, eboñ Sihone le Oge, ba lo ba senyeditseñ rure. Me e rile hèla re go utlwa, dipelo tsa rona tsa nyerèga, me ga se ka ga sala go le mōea opè mo mothuñ opè, ka ntlha ea lona; gonne Yehofa Modimo oa lona ke èna Modimo kwa legodimoñ kwa godimo, le mo lehatshiñ ha tlhatse.” (Yoshue 2:9-11) Ee, Jehofa o ne a itsege tota.
Jehofa le Dinonofo tsa Gagwe
Mopesalema o ne a bolela keletso ya gagwe e e tswang mo pelong jaana: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” (Pesalema 83:18) Balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba ka kgona go rapela Jehofa jaana gonne a laola lobopo lotlhe: “Morèna, wèna eo u dihileñ legodimo le lehatshe le lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna.” (Ditihō 4:24) Ebile abo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa ke “eo o utlwañ thapèlō”!—Pesalema 65:2.
Nonofo ya ga Jehofa e kgolo ke lorato. Eleruri, “Modimo o loratō”—ke nonofo eno ka boyone. (1 Yohane 4:8) Mo godimo ga moo, “mo go ōna go na le botlhale, le thata.” Jehofa o botlhale go gaisa, o maatla go gaisa, mme ga a ke a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang. (Yobe 12:13; 37:23) Re ka tlhomamisa gape gore Jehofa o tla re direla dilo ka tsela e e lolameng, ka go bo “tshiamō le katlholō ke mothèō oa setulō sa gagwè sa bogosi.” (Pesalema 97:2) Fa re dira diphoso mme re bo re ikwatlhaya, re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:6) Ga go gakgamatse go bo re kgona go itumela fa re direla Jehofa!—Pesalema 100:1-5.
Kgosi ya Selegodimo E E Sa Tshwaneng le Epe
Morwa wa ga Jehofa, Jesu Keresete, o ne a bolela jaana: “Modimo ke Mōea.” (Yohane 4:24) Ka gone, batho ga ba kgone go bona Jehofa ka matlho. Ebile tota, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ga ua nonoha go bōna sehatlhōgō sa me: gonne motho ga a ketla a mpōna a ba a tshela.” (Ekesodo 33:20) Kgosi eno ya selegodimo e galalela thata mo e leng gore matlho a batho ga a kake a kgona go e leba.
Lefa re sa kgone go bona Jehofa, go na le bosupi jo bontsi tota jwa gore o teng jaaka Modimo Mothatayotlhe. Eleruri, “dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” (Baroma 1:20) Tlhaga e e mo lefatsheng, ditlhare, maungo, merogo, le dithunya di supa gore Jehofa ke Modimo o o ntseng jang. Go farologana le medimo e e setilweng e e senang mosola, Jehofa o nesa pula ebile o tlisa metlha ya maungo. (Ditihō 14:16, 17) A o ko o lebe dinaledi go le bosigo. Abo seo e le bosupi jo bogolo jang ne jwa gore Jehofa ke Modimo o o ntseng jang le yo o kgonang go rulaganya dilo sentle thata jang ne!
Jehofa gape o dirile gore go nne le dibopiwa tse di boitshepo le tse di botlhale tsa moya kwa legodimong. Ba dira go rata ga Modimo jaaka phuthego e e utlwanang, fela jaaka mopesalema a bolela jaana: “Bakañ Yehofa, lona baengela ba gagwè: lona dinatla mo nonohoñ, ba lo dihahatsañ lehoko ya gagwè, lo nntse lo reeditse lencwe ya lehoko ya gagwè. Bakañ Yehofa lona mashomōshomō aotlhe a gagwè lona badihedi ba gagwè ba lo dihañ go natehèlwa ga gagwè.” (Pesalema 103:20, 21) Jehofa gape o na le batho ba gagwe ba a ba rulagantseng mo lefatsheng. Morafe wa Iseraele o ne o rulagantswe sentle, le balatedi ba Morwa Modimo ba ntlha le bone ba ne ba rulagantswe sentle. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Jehofa o na le phuthego e e mo lefatsheng lotlhe ya Basupi ba ba tlhaga, ba ba rerang mafoko a a molemo a gore Bogosi jwa gagwe bo atametse.—Mathaio 24:14.
Jehofa Ke Modimo wa Boammaaruri le O O Tshelang
Go ile ga bonala ka ditsela tse dintsi thata gore Jehofa ke Modimo o o ntseng jang! O ne a tlontlolola medimo ya maaka ya Egepeto mme a tsenya Baiseraele ba bolokesegile mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng. Popo e ntsha bosupi jo bontsi thata jwa gore Jehofa ke Modimo o o ntseng jang. Ebile ga a kake a bapisiwa le medimo e e seng ya sepe ya disetwa ya ditumelo tsa maaka.
Moperofeti Jeremia o ne a supa pharologano e kgolo e e leng teng fa gare ga Jehofa, Modimo o o tshelang, le medimo ya disetwa e e sa tsheleng e e dirilweng ke batho. Pharologano eo e supiwa sentle mo go Yeremia kgaolo 10. Gareng ga tse dingwe, Jeremia o ne a kwala jaana: “Yehofa ke èna Modimo oa boamarure; ke èna Modimo o tshedileñ, le Kgosi e e sa khutleñ.” (Yeremia 10:10) Modimo o o tshelang le wa boammaaruri, Jehofa, o tlhodile dilo tsotlhe. O ne wa golola Baiseraele ba ba neng ba golegilwe kwa Egepeto. Ga go na sepe se se ka mo palelang.
Jehofa, “Kgosi e e ntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō,” e tla araba thapelo eno: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (1 Timotheo 1:17; Mathaio 6:9, 10) Bogosi jwa selegodimo jwa Bomesia, jo bo setseng bo le mo diatleng tsa ga Jesu Keresete, bo tla tloga bo tsaya kgato kgatlhanong le baikepi mme bo nyeletse baba botlhe ba ga Jehofa. (Daniele 7:13, 14) Bogosi joo gape bo tla lere lefatshe le lesha le le tla leretseng batho ba ba kutlo masego a a tla nnelang ruri.—2 Petere 3:13.
Go na le dilo tse dintsi tse di tshwanetseng go ithutiwa kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Ke eng fa o sa iketleetse go bona kitso eo mme o dire go ya ka yone? Fa o dira seno, o tla bona tshiamelo ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le le busiwang ke Bogosi joo. O tshela ka nako ya fa kutlobotlhoko, le ditlhabi, le eleng loso di tla bong di tlositswe mme Jehofa a itsiwe mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 11:9; Tshenolō 21:1-4) Isagwe ya gago e ka nna jalo, fa o ka batla dilo tseno, mme wa di bona, le go dira tumalanong le karabo e e thailweng mo Bibeleng ya potso e e reng, “Jehofa ke mang?”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.