Pego ya Baboledi ba Bogosi
Mosha Mongwe Yo O Ratang Go Tsamaya ka Terena O Ithuta Boammaaruri
FA E le gore motho o na le pelo e e siameng, Jehofa Modimo, a dirisa Keresete Jesu le baengele ba legodimo, o tla tlhomamisa gore kgabagare motho yo wa sekanku a ka tlisediwa mafoko a a molemo a Bogosi. Fa nako e ntse e ya motho yo a ka nna a amogelwa ke Jesu jaaka motho yo o siameng. (Mathaio 25:31-33) Seno se ile sa nna jalo ka lekawana le le neng le tserwe maikutlo ke diterena kwa Austria le le neng la amogela boammaaruri ka tsela e e sa tlwaelegang.
Selo se lekawana leno le neng le se itumelela thata e ne e le go tsamaya le palame mo tlhogong ya terena, mme le ne le bone tetla mo balaoding ba diterena. O ne a kapa loeto longwe le longwe ka bidio ya gagwe gore a tle a kgone go ka lo lebelela gape kwa gae. Mo loetong longwe lo a neng a lo tsaya go tswa kwa Vienna go ya kwa Salzburg, mokgweetsi wa terena e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a dirisa sebaka seno go bua kaga Bogosi le motho yono yo o ratang go tsamaya ka terena. Mo lekgetlong la pele lekawana leno le ile la gakgamala go utlwa mokgweetsi yono a bua ka Modimo le ka Bibela, mme lefa go ntse jalo mo loetong lono o ne a tlhomile mogopolo thata mo nageng e ntle e a neng a e bona go na le mo go se mokgweetsi a neng a se mmolelela.
Fa lekawana leno le le neng le tseegile maikutlo le fitlha kwa gae le ne la lebelela bidio ya lone eseng gangwe fela mme ka makgetlo a le lesome ka gore le ne le kgatlhegela loeto lono thata. Ereka le ne le kapile le modumo, le ne le e tla le ntse le utlwa se Mosupi a neng a se mmolelela. Fa le ntse le tsweletse ka go lebelela bidio le ne la nna la tsenya mo tlhogong seo le neng le se boleletswe. O ne a simolola go akanya ka gone mme kgabagare a nna le tlhoafalo ya go batla go itse mo go oketsegileng ka tshedimosetso e e kgatlhisang e e tswang mo Bibeleng. O ne a batla go itse mo go oketsegileng.
O ne a gakologelwa leina la mokgweetsi wa terena mme o ne a itse gore o nna golo gongwe kwa Vienna. Jalo, o ne a ya kwa kantorong ya poso mme a simolola go letsa dinomoro tsa mogala tse di leng mo lenaaneng la maina ka go latelana. Potso e a neng a e botsa mongwe le mongwe yo o neng a araba e ne le gore: “A o mokgweetsi wa terena?” Fa motho a re nnyaa, o ne a letsa nomoro e nngwe. La bofelo o ne a bona mokgweetsi wa terena. O ne a mmolelela kgang ya gagwe le gore o kgatlhegela molaetsa wa Bibela o a o utlwileng mo bidiong.
Mosupi yono o ne a dira dithulaganyo le ofisi ya lekala gore mongwe yo o nnang gaufi le lekawana leno a mo etele. Go ne ga diragala gore mo phuthegong ya lefelo leo, go bo go na le Mosupi yo mongwe yo le ene e neng e le mokgweetsi wa terena. Mokgweetsi yo mongwe yono wa terena o ne a etela motho yono yo o tserweng maikutlo ke diterena mme a simolola thuto ya Bibela. Ka selemo sa 1991, lekawana leno le ile la kolobediwa.
Jehofa, yo o hukutsang dipelo tsotlhe, o tshwanetse a bo a ile a kgona go bona gore motho yono o rata tshiamo eleruri. Ka jalo, o ne a dira gore a bone boammaaruri jwa Bibela—le mororo e ne e le ka tsela e e sa tlwaelegang.—1 Ditihalō 28:9; Yohane 10:27.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Courtesy of the Austrian Railways