LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 10/8 ts. 23-28
  • “Seporo Sa Boeleele” Sa Kwa Afrika Botlhaba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Seporo Sa Boeleele” Sa Kwa Afrika Botlhaba
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a Ntlha
  • Go Kgabaganya Poa ya Taru
  • Go Bogisiwa ke Ditau
  • Mathata a Mangwe Gape
  • Karolo ya Bofelo
  • Seporo Seno Gompieno
  • “Lente ya Tshipi” go Ralala Mawatle
    Tsogang!—2010
  • Go Kgabaganya Kontinente ka Dingwaga Tse di Fetang 120
    Tsogang!—2008
  • Mosha Mongwe Yo O Ratang Go Tsamaya ka Terena O Ithuta Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Simologile e le Maatla a Motlakase ga Felela e le Lesedi la Semoya
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 10/8 ts. 23-28

“Seporo Sa Boeleele” Sa Kwa Afrika Botlhaba

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA KENYA

DITHULAGANYO tse Boritane e ileng ya di dira dingwaga di feta 100 tse di fetileng tsa go aga seporo go kgabaganya Afrika Botlhaba ga di a ka tsa engwa nokeng ke mongwe le mongwe kwa palamenteng ya kwa Lontone. Mongwe yo o neng a ganetsa kgang eno o ne a kwala jaana ka go kgala:

“Se tlile go ja madi a mantsi thata;

Ga go na yo o itseng gore se direlwang;

Ga go na ope yo o itseng gore se tlile go simolola kae;

Ga go na ope yo o itseng gore se tlile go ya kae.

Ga go na ope yo o itseng gore se tla dirisediwa eng;

Ga go na ope yo o ka bolelang gore se tlile go tsamaisa eng;

Go phepafetse gore ke seporo sa boeleele tota.”

Boammaaruri ke gore tiro eno ya go aga seporo e ne e se boeleele jaaka go bolelwa fa godimo. Go ne go solofetswe gore seporo seno se tla nna boleele jwa mo e ka nnang dikilometara di le 1000 go tloga kwa Mombasa kwa boemakepeng jwa Kenya mo Lewatleng la India go fitlha kwa Lake Victoria. Baatlanegisi ba sone ba ne ba bolela gore fa se fedile, se tlile go tsweletsa kgwebo le tlhabologo mme gape se tla fedisa kgwebo ya makgoba mo karolong eo. Go ne go akantswe gore tlhwatlhwa ya go aga seporo seno e tla nna diranta di le dimilione di le 25 tse di neng di tla duelwa ke baduedi ba lekgetho ba kwa Boritane. Go ne go fopholediwa gore seporo seno se tla agiwa mo dingwageng di le nnè go ya go di le tlhano.

Le fa go ntse jalo, dintlha ka botlalo kaga seno di ne di sa phepafala. Fa moenjenere yo mogolo e bong George Whitehouse a ne a goroga kwa Mombasa ka December 1895, o ne a tshotse fela setshwantsho sa kafa seporo seno se tshwanetseng sa tsamaya ka teng. Tshedimosetso e nngwe e Whitehouse a neng a e itse moragonyana e ne ya nna e e boifisang tota. Kwa bophirima fela jwa Mombasa go ne go na le sebata se se fisang, se se lokgere se bontsi jwa batho ba ba tsamayang mo dikakeng ba neng ba se tila. Go feta moo, seporo seno se ne se tla tsamaya dikilometara di le 500 go kgabaganya naga e e lokgere le dikgwa tse di tletseng ditau mme di nyeula matsetse le menang. Morago ga moo, go ne ga latela kgaolo ya lekgwamolelo le legolo le le arogantsweng ke dikilometara di le 80 tsa Mokgatšha wa Mosima o Mogolo, ka mekgokolosa ya one ya dimetara di le 600. Mo e ka nnang dikilometara di le 150 tsa bofelo tse di lebang ntlheng ya letsha go ne go twe ke lefelo le le loraga. Ga go gakgamatse go bo go agiwa ga seporo seno e ne e tla nna tlhamane e e kgatlhang thata mo Afrika.

Mathata a Ntlha

Go phepafetse gore go ne go tla tlhokega badiri ba le bantsi go dira tiro e kgolo eno. E re ka Mombasa e ne e na le baagi ba le mmalwa fela, go ne ga leriwa badiri go tswa kwa India. Ka 1896 fela, badiri ba feta 2000 ba ne ba goroga ka sekepe—babetli ba maje, bathudi, babetli ba dikgong, batlhatlhobi ba naga, bathadi ba dipolane, ditlelereke le badiri.

Morago ga moo go ne go tshwanetse ga dirwa gore Mombasa e nne lefelo le dilo tse dintsintsi tse di tla dirisiwang di tla gorogelang mo go lone, tse di neng di tla tla ka sekepe go tla go aga seporo sa dikilometara di le 1000. Seporo se le sengwe fela se ne se tla tlhoka ditshipi tsa seporo di le 200 000 tsa boleele jwa dimetara di le 9, nngwe le nngwe ya tsone e le boima jwa dikilogerama di le 200. Gape go ne go tla tlhokega dilo di ka nna dimilione di le 1,2 tse seporo seno se tla agiwang mo godimo ga tsone (tse bontsi jwa tsone e leng tshipi). Go sireletsa seporo le dilo tse se tla agiwang mo godimo ga tsone gone go tla tlhoka gore go romelwe di-fishplate di le 200 000, di-fishbolt di le 400 000 le ditshipi tse dingwe di le dimilione di le 4,8. Mo godimo ga moo, go ne go tshwanetse ga tlisiwa le ditlhogo tsa diterena, materoko, mariki, materoko a dithoto le materoko a a pegang batho. Le fa go ntse jalo, pele ga go dirwa seporo sa ntlha, go ne go tshwanetswe ga agiwa maemakepe, mabolokelo a dithoto, manno a babereki, mafelo a go baakanya le madirelo. Ka bonako fela toropo e e neng e iketlile e e leng gaufi le lewatle e ne ya fetolwa go nna boemakepe jwa segompieno.

Whitehouse o ne a lemoga gape ka yone nako eo gore go ne go tla nna le bothata jwa metsi; didiba di le mmalwa tse di neng di le teng mo Mombasa di ne di sa lekana go tlamela baagi ba lefelo leno ka metsi. Mme gone, go ne go tlile go tlhokega metsi a mantsintsi tota a a tla dirisediwang go nowa le go tlhapa le a go tla agiwang ka one. Whitehouse o ne a kwala jaana: “Go tswa mo go se ke se boneng le se ke se itseng ka naga eno, ke akantsha gore go nne le diterena tse di tlisang metsi mo dimaeleng tsa ntlha di ka nna 100 [dikilometara di ka nna 160].” Diterena tseo tsa metsi di ne di tla tlhoka go lere dilitara di le 40 000 tsa metsi letsatsi le letsatsi!

Sa ntlha, baenjenere ba seporo ba ne ba rarabolola bothata jwa metsi ka go dira letamo le go aga bodutelo jwa go tshwara metsi a pula. Moragonyana go ne ga lerwe metšhini e e neng e tlhatswa metsi a lewatle.

Tiro e ne ya simololwa mme mo bokhutlong jwa 1896—ngwaga fela morago ga gore Whitehouse a goroge kwa Mombasa—go ne go setse go agilwe seporo sa dikilometara di le 40. Le mororo go ne go fitlheletswe tiro e kana, batshwayadiphoso ba ne ba bolela gore fa go sa agiwe ka bonako, terena ya ntlha e e tla tsamayang lwa ntlha go ya kwa losing lwa Lake Victoria e tla dira jalo mo masimologong a bo1920!

Go Kgabaganya Poa ya Taru

Lefa go ntse jalo, badiri ba ne ba welwa ke bolwetse. Ka December 1896, ditente tse di neng di dira jaaka bookelo di ne tsa tlala ka badiri ba feta 500 ba ba neng ba tshwerwe ke malaria, letshololo, ditlhagala tsa boboatsatsi le nyumonia. Dibeke di le mmalwa moragonyana, sephatlo sa badiri bano se ne se koafetse ke go lwala.

Lefa go ntse jalo, tiro e ne ya tswelela mme ka May seporo se ne se setse se le dikilometara di le 80 go fitlha kwa Poeng e e lokgere ya Taru. Le fa gone fa e le la ntlha o bona naga eno o ka akanya gore ke lefelo le le siametseng gore go ka agiwa mo go lone, Taru e ne e le sekgwa se se nang le ditlhare tsa sekgwa tsa boleele jo bo lekanang le motho, tse di nang le mebitlwa e e tlhabang. Badiri ba ne ba hupediwa ke lorole lo lohibidu. Letsatsi le ne le fisa tota le besa lefatshe—lefelo la teng le ne le tletse ka ditlhare tsa mutlwa mme go le mogote tota. Le e leng bosigo, dithemperetšha tsa teng di ne di sa ye kwa tlase ga dikerii tsa Celsius di le 40. Mokwadi e bong M. F. Hill o ne a kwala jaana mo hisitoring ya gagwe ya semmuso ya seporo seno: “Go ne go bonala e kete Afrika ka boyone e ne e sa rate go tsenatsena ga seporo sa mosweu mo go yone.”

Go Bogisiwa ke Ditau

Mo bofelong jwa 1898 seporo se ne se fitlha kwa Nokeng ya Tsavo, dikilometara di ka nna 195. Mo godimo ga tikologo e e sa jeseng diwelang, go ne ga tsoga bothata jo bongwe gape—ditau tse pedi di ne tsa simolola go tlhasela babereki. Bontsi jwa ditau di tshaba batho. Gantsi tse di tlhaselang batho di a bo di tsofetse kana di le bokoa go ka tsoma diphologolo. Ditau tse pedi tsa kwa Tsavo, e tona le e namagadi tsone di ne di farologane gotlhelele. Di ne di sa tsofala e bile di sa koafala, di ne di kukuna bosigo mme di tseye batho.

Badiri ba ba neng ba tshogile ba ne ba aga mesako ya mebitlwa go dikologa dikampa tsa bone, ba besa molelo mme ba tlhoma balebedi ba ba neng ba kgatikanya metomo e e se nang sepe ya oli gore ba kobe diphologolo tseno. Ka December babereki ba ne ba tshositswe ke ditau mo e leng gore bangwe ba bone ba ne ba emisa terena e e neng e boela kwa Mombasa ka go rapalala mo seporong mme ba ka nna 500 ba bone ba oologele mo teng ga yone. Go ne ga sala babereki ba le 48 fela. Tiro ya go aga e ne ya emisa ka dibeke di le tharo fa babereki ba ne ba tlhomile mogopolo mo go nonotsheng pabalesego ya bone.

Kgabagare ba ne ba bolaya ditau tseo mme tiro ya tswelela.

Mathata a Mangwe Gape

Mo bogareng jwa 1899 seporo se ne sa fitlha kwa Nairobi. Go tloga fano seporo se ne sa leba ntlheng ya bophirima, sa fologa ka dimetara di feta 400 go ya ntlheng ya Mokgatšha wa Mosima mme sa tlhatloga kafa ntlheng e nngwe go kgabaganya dikgwa tse di kgotlaganyeng le melatswana e e boteng go fitlha se goroga kwa Tlhoeng ya Mau, dimetara di ka nna 2600.

Mathata a go aga seporo mo nageng e e makgawekgawe jalo e ne e le a a gwetlhang tota, le fa go ntse jalo go ne go na le mathata a mangwe gape. Ka sekai, masole a mo lefelong leno a ne a tsamayatsamaya mo kampeng mme a itseele dilo tsa go aga—megala ya tlhaeletsano gore ba itirele mabenya mmogo le diboutu, dipepena le ditshipi tsa seporo go dira dibetsa. Sir Charles Eliot yo o kileng a nna mokomisinara wa Afrika Botlhaba o ne a kwala jaana fa a ne a akgela ka gone: “O ka akanya fela gore go ne ga utswiwa dilo di le dintsi jang mo seporong sa Yuropa fa e le gore megala ya tlhaeletsano e ne e le dibaga tsa perela mme ditshipi tsa seporo e le ditlhobolo tsa maemo a a kwa godimo . . . Ga go gakgamatse go bo [maloko a morafe] a ne a raelesega jaana.”

Karolo ya Bofelo

Fa babereki ba mo seporong ba fitlha mo dikilometareng di le lesome tsa bofelo go fitlha kwa Lake Victoria, letshololo le malaria di ne tsa gogola kampa. Sephatlo sa babereki se ne se lwala. Mo godimo ga moo, dipula di ne tsa tla mme tsa fetola naga e e ntseng e le bongola go e dira borere. Dipota tsa seporo di ne tsa nna botsatsa mo e leng gore diterena tsa dithoto di ne di tshwanelwa ke gore di pagololwe dithoto di ntse di tsamaya; go seng jalo di ne di tla menoga mme di nwelele mo seretseng. Modiri mongwe o tlhalosa terena nngwe gore “e ne e tla ka iketlo le ka kelotlhoko, e thetheekela, e ya kwa godimo le kwa tlase e kete sekepe mo makhubung a mannye mo lewatleng e bile e gasa seretse mo e ka nnang dikgato di le lesome [dimetara di le tharo] mo letlhakoreng le lengwe le lengwe la yone.”

Kgabagare ka December 21, 1901 go ne ga otlelelwa boutu ya bofelo mo seporong sa bofelo kwa Port Florence (e jaanong e leng Kisumu), mo losing lwa Lake Victoria. Seporo seno sotlhe sa dikilometara di le 937 se agilwe ka dingwaga di le tlhano le dikgwedi di le nnè mme sa ja diranta di le 45 700 000. Mo badiring ba le 31 983 ba ba tlileng go tswa kwa India, go ne ga swa ba ba fetang 2000, ba bangwe ba boela kwa India mme ba le dikete bone ba sala mme ba gola go nna baagi ba bantsi ba kwa Asia ba ba nnang kwa Afrika Botlhaba gompieno. Go ne ga agiwa diteishene tsa seporo di le 43 mmogo le marogo a le 35 le meratho e e fetang fa godimo le dikoloboroto di feta 1000.

Mokwadi e bong Elspeth Huxley o se bitsa “seporo sa bopelokgale go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.” Le fa go ntse jalo potso e e salang ke gore, A ditlamorago tsa gone di ne tsa tshwanela boiteko jwa teng kana a ruri seporo seno se ne sa nna “seporo sa boeleele,” tshenyo e kgolo ya nako, madi le matshelo?

Seporo Seno Gompieno

Karabo ya potso eno e bonwa fa go sekasekwa se se diragetseng go tloga mo e ka nnang dingwaga di le 100 fa e sa le seporo seno se agiwa. Ditimela di ne tsa emisediwa ka diterena di le 200 tse di maatla tsa disele tsa gompieno. Seporo seno se ne sa atolosiwa go fitlha le kwa ditoropong tse di kwa thoko le kwa ditoropokgolong tsa kwa Kenya le Uganda. Se nnile le seabe se segolo tota mo go tlhabololeng metsemegolo ya Nairobi le Kampala.

Seabe sa seporo seno gompieno se dikarolo di pedi. Sa ntlha se gorosa bapagami ka boikanyegi le ka pabalesego kwa ba yang teng. Sa bobedi, seporo seno se rwala merwalo e e jaaka semente, kofi, metšhini, dikgong le dijo kwantle ga bothata bope fela. Gape Kenya Railways ke kgwebo e kgolo ya go tsamaisa ditsholo di le dintsi go di isa kwa gare ga naga morago ga fa di se na go pagololwa mo dikepeng.

Eleruri, seporo seno se itshupile se le botlhokwa thata kwa Afrika Botlhaba. Gongwe letsatsi lengwe o tla itumelela go nna mopagami mo seporong se se itsegeng thata seno se se kileng sa kgalwa ka gore ke “seporo sa boeleele.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

LOETO KA TERENA

BAJANALA le batho ba bangwe ba lefelo leo ba rata thata go tsamaya ka terena, segolobogolo gareng ga Mombasa le Nairobi. Diterena tse di rwalang batho di tloga ka 7:00 p.m. letsatsi le letsatsi kwa Nairobi le kwa Mombasa. Fa o tsamaya ka phaposana ya maemo a ntlha kana a bobedi, pele ga o tsena mo go yone o leba dipati tsa tshedimosetso gore o tlile go tsamaya ka letoroko lefe le phaposi efe. Modiri wa mo tereneng yo o emeng gaufi moo o go botsa gore a o batla go ja tinara ka 7:15 kana ka 8:30 p.m. O a itlhophela mme o tla go neela setlankana se se tshwanetseng.

O tsena mo tereneng. Terena e letsa phala ya yone mme go utlwale mmino fa terena e tswa ka seteishene.

Fa e le nako ya tinara, mongwe o tsamaya mo diphasiking tse di tshesane a letsa saelefono e e tshwarwang ka letsogo go lo itsise gore dijo di siame. Fa o le kwa phaposing e go jelwang kwa go yone, o otara dijo; mme fa o ntse o ja, motlhokomedi o ntse a go baakanyetsa boalo jwa gago.

Mo karolong ya ntlha ya loeto lono go lefifi. Le fa go ntse jalo, pele ga o robala, o ka nna wa batla go tima dipone tsa phaposana ya gago, o lebe kwa ntle ka fensetere mme o ipotse gore, ‘A ditshwantsho le diriti tseno tsa ngwedi ke ditlou le ditau kana ke dikgwa le ditlhare fela? Go ne go ntse jang go robala fano dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng fa go ne go agiwa seporo seno? A ke ne ke tla boifa go dira jalo ka nako eo? Go tweng he gone jaanong?’

Loeto lo tsaya diura tse di kwa tlase ga di le 14 fela, ka jalo o tla kgona go bona dilo tse dintsi fa bosigo jwa Afrika bosa. Fa o ya kwa Mombasa, letsatsi la mo mosong le tlhabela sekgwa sa mebitlwa, mme lo bone ditlhare tsa mokolane le bojang jo bo segilweng bontle, ditlhare tse di pomilweng ka manontlhotlho tse di dirang logora le dikago tsa bosheng tsa Mombasa. Balemirui ba lema masimo a bone ka matsogo fa bana ba ba sa rwalang ditlhako bone ba gwetlha ka matsogo a bone ka boipelo ba dumedisa bapagami ba ba mo tereneng.

Fa o ya kwa Nairobi, letlhasedi la ntlha le tswa fa lo kgabaganya mo poeng e kgolo e e bulegileng. Fano gone o ka kgona go bona diphologolo, segolobogolo fa lo kgabaganya mo Nairobi National Park.

Ruri tiragalo eno ke ya maemo a yone e le nosi. Ke mo tereneng efe gape mo o ka jang sefitlholo sa gago se se monate o lebile motlhape wa dipitse tse di tilodi kana ditshepe kwa ntle ka fensetere?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kenya Railways

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

KENYA

Lake Victoria

Kisumu

NAIROBI

Tsavo

Mombasa

LEWATLE LA INDIA

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

Map of Africa on globe: The Complete Encyclopedia of Illustration/J.G. Heck

Trains: Kenya Railways

Male and female kudu. Lydekker

Lioness. Century Magazine

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela