Go Kgabaganya Kontinente ka Dingwaga Tse di Fetang 120
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
KA February 3, 2004, terena e e ka nnang boleele jo bo fetang kilometara e le nngwe go se kae e ne ya goroga ka iketlo kwa seteisheneng sa diterena kwa motseng o o se nang batho ba le bantsi wa Darwin e leng motsana o o kwa karolong e e kwa bokone jwa Australia. Batho ba le diketekete ba ne ba tlile go tla go keteka go goroga ga terena eno. Terena e e neng e bidiwa The Ghan, e ne e sa tswa go fetsa loeto lwa yone lwa dikilometara di le 2 979, loeto lwa malatsi a le mabedi lwa go tswa kwa borwa go ya kwa bokone e kgabaganya kontinente. —Bona lebokoso “Tlhamane e e Tlhalosang Leina,” mo tsebeng ya 25.
Babogedi ba ba fetang 2 000 ba ba neng ba tshotse dikhamera ba ne ba kgobokane go bapa le seporo sa terena, ka jalo terena e ne ya tshwanela go tsamaya ka iketlo fa e tsena ka toropo ya Darwin. Ka ntlha ya seo e ne ya goroga thari ka metsotso e e ka nnang 30. Mme gone, ga go na ope yo o neng a ngongorega. Setšhaba se ne se setse se letile ka dingwaga tse di fetang lekgolo. Seporo seno se se kgabaganyang mafelo a a omileng thata, a a bolelo thata le a a bodutu se se neng se tswa kwa Adelaide se ya kwa Darwin se tsere dingwaga tse 126 go agiwa.
Go Tlhokega ga Seporo
Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo 1870, batho ba motsana o monnye wa Adelaide, o o leng kwa botlhaba jwa kgogometso e kgolo e e bidiwang Great Australian Bight, ba ne ba na le keletso e kgolo ya go godisa ikonomi ya naga le go tlhomamisa tsela ya tsa kgwebo go ya kwa botlhaba jo bo kgakala. United States e ne e sa tswa go fetsa go dira seporo se se kgabaganyang kontinente ka 1869. Baagi ba Adelaide ba ne ba akanya go dira se se tshwanang, ba solofela go aga seporo se se kopanyang kolone ya bone le Port Darwin, fela jaaka Darwin e ne e bidiwa ka nako eo. Seporo seo se ne se tla dira gore go nne motlhofo go ya kwa dikarolong tse di kwa bogareng jwa naga mme gape se ne se tla fokotsa nako ya go tsaya loeto go ya kwa Asia le kwa Yuropa.
Kakanyo eno e ne e lebega e le motlhofo mme gone seporo seno se ne se tshwanetse go kgabaganya dithabana di le mmalwa tse di tletseng ka matlapa, mokoloko wa dithaba, ditlhatshana tse di kitlaneng le dikaka tse di tletseng ka matlapa—tse dingwe tsa tsone morago ga pula di neng di fetoga go nna le seretse le go nna dinokana. Ka 1862, mmatlisisi mongwe yo o bidiwang John Stuart o ne a fetsa loeto lwa gagwe la go kgabaganya lefelo la maemo a a bokete morago ga go leka go dira jalo ka makgetlho a le mararo. Mme fa ba ntse ba le mo loetong, ene le setlhopha sa gagwe ba batlile ba bolawa ke tlala le lenyora.
Mogote o o Tseneletseng, Diphefo Tse di Dithole le Dikgogola
Go sa kgathalesege dikgoreletsi, baagi ba Adelaide ba ne ba sa kgobege marapo. Ka 1878 ba ne ba simolola tiro ya go aga seporo kwa Port Augusta. Badiri ba ba ka nnang 900 ba seporo ba ba neng ba dirisa dithulusu tsa diatla, dipitse, le dikamela ba ne ba katolosa seporo go bapa le ditsela tse di kwa bokone tsa Baaborijene go ya kwa dithabeng tsa Flinders Ranges. Metsi a re neng re ka a bona fela e ne e le a didiba tse di neng di epilwe go bapa le tsela, ka ntlha ya gore diterena tsa malatlha di tlhoka metsi gore di tsamaye.
Go ne ga tsaya dingwaga tse pedi le sephatlho go fetsa go aga karolo ya ntlha ya dikilometara di le 100. Ka dinako dingwe dithemperetšha tsa selemo di ne di tle di fitlhe go didikirii di le 50 tsa Celsius. Mo mogoteng le mo komelelong eno, dinala di ne di phatloga, enke e ne e omelela mo ntlhaneng ya pene pele o ka kwala ka yone mme diporo di ne di kopelega. Go tswa ga diterena mo seporong go ne go tlwaelegile thata. Morago ga diphefo tsa dithole badiri ba ne ba tshwanelwa ke go tlosa motlhaba o o neng o le mo seporong dikilometara di le mmalwa, ka dinako dingwe motlhaba o ne o ka nna boteng jwa dimetara tse pedi. Ka dinako dingwe badiri ba ne ba nyera dipelo fa ba ntse ba lebile diphefo di senya tiro ya bone.
Morago ga foo go ne ga tla dipula. Ka metsotso e se mekae fela, dinoka tse di neng di omeletse di ne tsa fetoga dinoka tse di galefileng mme di ne tsa tlhatlhamolola diporo le go senya tiro e e tsereng dikgwedi go dirwa mme di tlogela bapagami ba gaeletswe. Mokgweetsi mongwe wa terena o ne a thuntsha dipodi tsa naga gore a kgone go fepa bapalami. Dingwaga di le dintsi morago ga foo, bapalami ba ne ba folosediwa dijo ka dipharatšhutu.
Morago ga dipula, dimela tsa mo sekakeng di ne tsa simolola go tlhoga gape mme seo se ne se ngoka lesogodi la tsie. Ka nako nngwe ya leroborobo la ditsie, seporo se ne se tletse ka mafura a ditshenekegi tse di tšhwatlilweng mo go neng ga tlhokega terena e nngwe go tla go kgarametsa e e neng e eme. Bothata jo bo bongwe e ne ya nna jwa leroborobo la magotlo. Magotlo ano a ne a gabura sengwe le sengwe se a neng a akanya gore se a jewa—ditlamelo tsa kampa, ditente, dikgole tota le ditlhako. Gaufi le seporo go na le mabitla a a re gakololang ka go anama ga bolwetse jwa letshoroma le bosupi jwa maemo a a neng a sa siama a botshelo jwa dikampa fa go ne go simololwa go aga seporo seno.
Badiri ba diterena ka dinako tse dingwe ba ne ba itlosa bodutu ka go dira metlae. Buka ya The Ghan—From Adelaide to Alice e ne ya bua gore mo lekgetlhong le lengwe fa kgaolo ya Alice Springs e ne e na le mebutla e mentsintsi, badiri ba diterena ba ne ba tsenya mebutla ka bokukuntshwane mo tereneng ya The Ghan. Mo mosong o o latelang fa bapalami ba bula mejako ya diphaposi tsa bone go ya go fitlhola, ba ne ba tsena mo phashiting mme ba gakgamadiwa ke go bona e “tletse ka mebutla e e tshelang.” Mo loetong le lengwe, mongwe o ne a bulela khankaruu e nnye mo diphaposing tsa borobalo.
Baaborijene ba ba neng ba nna kwa mafelong a a kgakala ka dinako dingwe ba ne ba atamela seporo fa terena e ne e feta. Ba emetse kwa kgakajana ba ne ba bona batho ba le mo gare ga terena. Go a utlwala fa kwa tshimologong Baaborijene ba ne ba le kelotlhoko, tota e bile ba ne ba boifa. Boammaaruri ke gore bangwe ba ne ba akanya gore “noga e kgolo thata ya Diabolo” e ne e meditse batho ba tshela!
Go Emisa Tiro ka Lobaka lo Loleele
Morago ga tiro e boima ya dingwaga di le 13, fa seporo se ne se ka nna dikilometara di le 470 go tswa kwa Alice Springs, madi a ne a fela. Australian Geographic e ne ya bega jaana: “Porojeke e kgolo e e neng ya dirwa . . . e ne ya fekeetsa kolone.” Ka 1911 puso e ne ya tsaya marapo a go laola porojeke le go atolosetsa seporo kwa Alice Springs. Le fa go ntse jalo, thulaganyo ya go atolosetsa seporo kwa Darwin e e leng dikilometara di le 880 go ya kwa bokone, e ne ya sekegiwa.
Fa The Ghan e ne e fitlha la ntlha kwa Alice Springs ka 1929, batho botlhe ba mo toropong eo—batho ba ka nako eo ba neng ba ka nnang 200—ba ne ba tla go keteka. Batho ba ne ba gakgamadiwa ke kolotsana e go jelwang mo go yone, mme se se neng se ba kgatlha thata e ne e le kamore ya go tlhapela e ntle tota. Mo malatsing ao go nna le bata ya go tlhapa e ne e le botshelo jwa segosi le jwa manobonobo. Alice Springs e ne ya nna sone seteishene se segolo sa diterena sa kwa bokone go fitlha ka 1997. Ka ngwaga oo dipuso di ne tsa dumelana go fetsa seporo se e leng bogologolo se emetswe se se tlogang kwa Alice Springs se ya kwa Darwin. Tiro e ne ya simololwa ka 2001.
Metšhine e megolo e ne e dira seporo se se ka jang madi a a ka nnang diranta di le dibilione di le 1,3 ka selekanyo se se fetang kilometara le halofo ka letsatsi, se se neng se kgabaganya marogo a a ka nnang 90 a masha a a sa senngweng ke merwalela. Le fa e ne ya tlhalosiwa gore ke “porojeke e e neng e le kgolo go gaisa mo Australia,” seporo sa dikilometara tse 1 420 se ne sa wediwa pele ga nako e e neng e lebeletswe le ka madi a a lekaneng ka October 2003.
Go Gogela ga Metseselegae
Gompieno terena ya The Ghan e e ralalang kontinente, e tloga kwa toropong e e tlhabologileng ya Adelaide mo maitseboeng. Terena ya ditlhogo tse pedi le dikolotsana tse 40 e tswa mo metsesetoropong mme e bo e kgabaganya masimo a korong e ya kwa Port Augusta e e leng dikilometara tse di ka nnang 300 go ya kwa bokone. Fano, naga e fetola ponalo go nna lefelo le le lokgere le le tletseng ka motlhaba le ditlhatshana tse di kitlaneng.
Fa The Ghan e sena go feta Port Augusta, e fitlha mo lefelong le le siametseng maemo otlhe a bosa, le le ikadileng bogolo jwa dikilometara tse 250 go ya kwa bophirima jwa lefelo le pele le neng le ratiwa ke dikgogola. Bosigo bo goroga terena e sa ntse e le mo sekakeng mme bapalami ba a robala fa e ntse e lelesela mo makadibeng a metsi a letswai a mo nakong e ntsi mo ngwageng a nnang a omile mme e re morago ga pula a bo a phatsima mo leseding la ngwedi. Dinaledi tse di se nang palo di apesitse loapi le le apogileng mo bosigong. Se se tlhaelang ke modumo wa bogologolo wa diterena, e re ka jaanong seporo se agilwe sentle mme se momagantswe sentle go fokotsa matsapa a go nna se ntse se baakanngwa.
Ka mahube, sekaka se se gaufi le Alice Springs se phatsima ka marang a mahibidu le a mmala wa gauta fa letsatsi le tlhaba. Mongwe wa bapalami o ne a re: “Se ke neng ke se bona se ne gakgamatsa ruri. Tota le fa ke ne ke le ka fa gare ga terena ke ne ke kgona go utlwa maatla a letsatsi. Le tlhatloga mo sekakeng se seleele, se segolo, se se mebalabala le se se boifisang ka ntlha ya go bo se le lolea mme seno se jesa kgakge tota. Lefelo leno le dira gore motho a ikokobetse tota.”
Go Tswa Kwa Metseselegaeng go ya Kwa Boboatsatsi
Morago ga go ema kwa Alice Springs maitseboa, The Ghan e tsweletsa loeto go ya kwa toropong ya Katherine mme e bo e leba kwa seteisheneng sa diterena kwa Darwin, e e leng lefelo la boboatsatsi. Manejara wa loeto lwa ntlha lwa The Ghan Larry Ierace a re: “Bapalami ba The Ghan ba ipelela manobonobo a loeto ba le mo dikolotsaneng tse di buletsweng mowa o o tsididi.” Fa ba leba kwa ntle ka difensetere tsa bone ba ka kgona fela go akanya ka mathata le dikotsi tse badiri ba ntlha ba neng ba lebana le tsone.
Kwantle ga go atlegisa tsa kgwebo le go naya batho loeto la terena le le monate thata mo lefatsheng, The Ghan e tlisitse boemo jo bongwe jo bo molemo jwa tlhabologo mo bogareng jwa metseselegae. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 19 wa Moaborijene yo o neng a bona loeto lwa ntlha lwa terena eno ka February 2004 o ne a re: “Ga ke ise ke bone terena mo botshelong jwa me. E ntle tota.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe]
Tlhamane e e Tlhalosang Leina
The Ghan ke khutshwafatso ya leina la sereto la The Afghan Express. Gore go tlile jang gore terena e bidiwe ka leina la banna ba ba tsamayang ka dikamela ba kwa Afghan ga go itsiwe. Le fa go ntse jalo, leina leno la sereto le re gopotsa ka moo batswakwa ba ba nonofileng ba ileng ba thusa ka teng gore dikgaolo tsa magae a a kgakala a kwa Australia di fitlhelelwe. Bontsi jwa setlhopha se se bidiwang Ba-Afghan, bo ne bo tswa mo mafelong a a farologaneng a a jaaka Baluchistan, Egepeto, India Bokone, Pakistan, Peresia, le Turkey.
Dikamela tsa bone di ne tsa nna dipalangwa tsa batho ba kwa metseselegaeng mme di ne di ikobela ditaelo tsa bone tsa gore di khubame le go khubamologa fa di tewa go twe “Hooshta!” Mekoloko ya dikamela di ka nna 70 tse di rweleng batho le dithoto di ne di tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di ka nna thataro ka ura. Morago ga gore go tsenngwe seporo le ditsela Ba-Afghan ba ne ba tlogela go dirisa dikamela. Gompieno, go setse losika lwa dikamela tseo—tse di ka nnang diketekete tse di itsamaelang fela mo sekgweng kwa bogareng jwa Australia. Bona Tsogang! ya April 8, 2001, ka Seesemane ditsebe 16-17.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
Northern Territory Archives Service, Joe DAVIS, NTRS 573
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Train photos: Great Southern Railway