Terena E e Se Nang Maotwana
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA HONG KONG
TOTA le pele batho ba palama terena e ntšha e e kgonang go lelesela mo phefong kwa Shanghai, China, ba ne ba lemoga gore terena eo e tsamaya mo seporong se se sa tshwaneng le tse dingwe. Maikutlo a ya magoletsa fa terena e tswa mo seteisheneng sa yone e sa dire modumo e bo e simolola go oketsa lobelo lwa yone go fitlha go dikilometara di le 430 ka ura, mme seno se dira gore e nne terena e e lobelo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. E wetsa loeto lwa dikilometara di le 30 go ya kwa Boemafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa Pudong ka metsotso e le robedi fela. Mme go na le sengwe se se kgethegileng ka terena eno—ga e na maotwana!
Seporo sa Shanghai go ya kwa Pudong ke sone fela seporo sa makenete (magnetic levitation kgotsa maglev) sa kgwebo mo lefatsheng. Go na le gore terena eno e tsamaye ka maotwana a tshipi, e tshegediwa gotlhelele ke maatla a makenete. Gape go na le gore e kgweediwe ke motho, e tsentswe didirisiwa tsa thekenoloji tse gangwe le gape di bonang gore e fa kae di bo di romela tshedimosetso kwa seteisheneng se se laolang. Batho ba ba dirang mo seteisheneng seo, ba ba thusiwang ke dikhomputara ba kgona go laola tsela e terena e tsamayang ka yone ka nepo.
Diporo Tsa Maglev fa di Bapisiwa le Tse di Tlwaelegileng
Go agiwa ga terena eno e e kgethegileng le seporo sa yone go nnile le dikgwetlho di le mmalwa. Ka sekai, terena eno e kgaoganngwa le seporo sa yone ke phatlhanyana. Le fa go ntse jalo, e re ka mmu wa kwa Shanghai o le boleta, baenjeniri ba ne ba tshwanelwa ke go tsenya dikarolo tse di kgethegileng mo seporong seno tse di ka kgonang go baakanngwa fa mmu o suta. Gape ba ne ba tshwanetse go akanyetsa dipilara tsa konkereite tse di ka nnang tsa suta, kgotsa tsa gogomoga le go fokotsega ka ntlha ya dithemperetšha.
Le fa go ntse jalo, thekenoloji ya maglev e na le mesola e mentsi. Ka sekai, terena eno ga e na enjene kgotsa maotwana a a dirang modumo, le mosi o o kotsi o o tswang mo go yone. Seporo sa yone le dilwana tsa yone ga di tlhoke tlhokomelo e kgolo. Terena eno e dirisa motlakase o monnye ka makgetlho a le mararo go na le koloi, le makgetlho a le matlhano go na le sefofane go tsamaisa batho. Tota e bile, motlakase o o dirisiwang ke terena eno go tsamaya o monnye go gaisa o o dirisiwang ke didirisiwa tsa yone tse di fetlhang moya o o tsididi. Mo godimo ga moo, terena eno e kgona go palamela mo mafelong a a tlhatlogang le go tsamaya ka thelelo mo ditseleng tse di matsoketsane go gaisa diterena tse dingwe tsa maotwana, ka jalo seno se fokotsa gore go se ka ga dirwa diphetogo tse dintsi fa go dirwa ditsela.
Le fa go na le mesola e mentsi eno, go ka bonala go gakgamatsa gore ga go ise go agiwe diporo tse dingwe tsa terena eno. Lebaka le lengwe la seno ke tlhwatlhwa e e kwa godimo ya tsone. Tota e bile, balaodi ba kwa China ba emisitse kakantsho ya go agiwa ga seporo sa terena eno magareng ga Shanghai le Beijing ka gonne kago ya sone e ka ja madi a mantsi gabedi go feta kago ya seporo sa terena e e tlwaelegileng. Gape seporo seno ga se ka ke sa golaganngwa le diporo tse di leng gone tsa kwa China.
Seporo sa kwa Shanghai sa terena e e tsamaisiwang ke dimakanete se dirisa thekenoloji ya kwa Jeremane, e bile dipatlisiso tsa maglev di tsweletse kwa Jeremane, Japane le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ka December 2003, terena e e tlhabolotsweng e e tsamaisiwang ke dimakanete ya kwa Japane e ne ya tsamaya ka lobelo lo go se nang terena epe e e kileng ya tsamaya ka lone lwa dikilometara di le 581 ka ura. Go fitlha ga jaana, terena ya kwa Shanghai ke ya mofuta wa yone fela ya kgwebo.
Fa terena eno e e tsamaisiwang ke dimakanete e tloga kwa Pudong e ya kwa Shanghai e bo e boa, bapalami ba ne ba lebeletse disupalobelo tse di neng di le mo letorokong lengwe le lengwe, ba tlhagafaletse go bona fa di bontsha lobelo le le kwa godimo. Eleruri bontsi jwa bapalami ga ba a ka ba bona lefelo sentle mo loetong lwa bone lwa ntlha, ka jalo ba ne ba rulaganya go tsaya loeto lo longwe gape. Fa ba ntse ba le mo tereneng ba bona naga e feta ka bonako, ba ne ba tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa terena eno e bidiwa “sefofane se se se nang diphuka.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24]
TERENA E E TSAMAISIWANG KE DIMAKANETE E BEREKA JANG?
Dimakanete tse di laolwang ke motlakase (1) tse di kgomaretseng gotlhe mo letorokong lengwe le lengwe, mmogo le tse di kgomaretseng kafa tlase ga seporo sa terena eno (2) di isa terena kwa godimo go fitlha dimakanete tse pedi tseno di arogana mo e ka nnang ka sentimetara. Dimakanete tse dingwe tsone (3) di dira gore terena e kgone go tsamaya sentle. Dikhoile (4) mo seporong di dira gore go nne le maatla a makenete a a thusang terena gore e tsamaye.
E le go somarela motlakase, seteishene se se e laolang se dira gore go nne le motlakase mo seporong (5) fela fa terena e feta mo karolong eo. Go bulelwa motlakase o montsi fa terena e tshwanelwa ke go oketsa lobelo kgotsa fa e tshwanelwa ke go tlhatloga. Fa terena e tshwanelwa ke go fokotsa lobelo lwa yone kgotsa e tshwanelwa ke go boela morago, maatla a makenete a dikhoile le one a boela morago.
A E BABALESEGILE?
Le fa gone terena eno e e tsamaisiwang ke dimakenete e tsamaya ka lobelo lo lo boitshegang, matlhakore a yone otlhe (6) a apesitse seporo, mme seno se dira gore e se ka ya kgona go tswa mo seporong. Ga go tlhokege mabanta a tshireletso, e bile le bapalami ba ka itsamaela fela kafa gare, tota le fa terena eno e tsamaya ka lobelo lo lo tlwaelegileng. Fa go direga gore motlakase o time, mariki a a kgethegileng a a berekang ka dibeteri, a ntsha maatla a makenete a a kgonang go fokotsa lobelo lwa terena go fitlha go dikilometara di le lesome ka ura. Terena e tla bo e ema ka iketlo.
A dimakenete tse di maatla tsa terena eno di ka nna kotsi—ka sekai, mo bapalaming ba ba nang le motšhinenyana o o thusang pelo go itaya (pacemaker)? Dipego tsa ditlhatlhobo di bontsha gore ga go lebege go na le kotsi. Tota e bile, maatla a makenete a a dikologileng terena eno a bokoa thata go na le a a leng mo ditereneng tse dingwe tse di tlwaelegileng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Lobelo lo lo fetang dikilometara di le 430 ka ura!
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pages 24 and 25: All photos and diagrams: © Fritz Stoiber Productions/Courtesy Transrapid International GmbH & Co. KG