LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/15 ts. 4-7
  • Kafa O Ka Nonotshang Sebofo sa Lenyalo la Gago ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa O Ka Nonotshang Sebofo sa Lenyalo la Gago ka Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Molao wa ga Moshe O Neng O se Letleletse
  • Go Na le Lebaka Le Le Lengwe Fela la go Tlhala
  • Koo Mathata A Lelapa A Simologileng Teng
  • Buisanang
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dira Lenyalo la Gago Tshwaragano ya Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/15 ts. 4-7

Kafa O Ka Nonotshang Sebofo sa Lenyalo la Gago ka Teng

“A GO letlelecwe monna go tlhala mosadi oa gagwè ka ntlha ea señwe le señwe?” go ne ga botsa jalo Bafarasai ba ba neng ba leka go tshwara Moruti yo Mogolo, Jesu Keresete. O ne a ba araba ka go ba lebisa mo kgannyeng ya lenyalo la batho ba ntlha mme a tlhoma molao mabapi le kgang eno ka go re: “Se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”

Bafarasai ba ne ba ganetsana le ene ka gore Moshe o letleletse tlhalo ka go laola gore go ntshiwe “lokwalō loa tlhalō.” Jesu o ne a ba araba ka go re: “Moshe a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ea bothata yoa dipelo tsa lona: me go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo. Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka.”—Mathaio 19:3-9.

Kwa tshimologong, lenyalo le ne le tshwanetse go nnela ruri. Le eleng loso le ka bo le sa kgaoganya banyalani ba ntlha, ka gore ba ne ba bopilwe jaaka batho ba ba itekanetseng ba ba lebeletseng go tshelela ruri. Lefa go ntse jalo, ba ne ba leofa. Go leofa ga bone go ne ga senya lenyalo la batho. Mmaba ebong loso o ne a simolola go kgaoganya banyalani. Modimo o leba loso jaaka selo se se khutlisang lenyalo, jaaka fa re bala mo Bibeleng jaana: “Mosadi eo o nyecweñ o golegilwe ka lobaka lo monna oa gagwè o sa tshedileñ ka lōna; me ha monna a shule, o golocwe, o ka nyalwa ke eo o mo ratañ: me e be e le mo Moreneñ hèla.” (1 Bakorintha 7:39) Seno se farologane thata le megopolo ya bodumedi e e tshwanang le mokgwa mongwe wa Mahindu o mo go one mosadi ka nako ya loso lwa monna wa gagwe a patelediwang go ipolaya ka go iphisa mo molelong, go dumelwa gore lenyalo la bone le tla tswelela le e leng morago ga fa ba sena go swa.

Seo Molao wa ga Moshe O Neng O se Letleletse

Ka nako ya fa go ne go ntshiwa Molao wa ga Moshe, lenyalo le ne le senyegile mo eleng gore Jehofa, ka ntlha ya bopeloethata jwa Baiseraele, o ne a letlelela tlhalo. (Duteronome 24:1) E ne e se maikaelelo a Modimo gore Baiseraele ba dirise molao ono ka mo go sa tshwanelang ka go tlhala basadi ba bone lefa ba ka dira diphosonyana tse dinnye jaaka go ne go bontshitswe mo molaong wa gagwe gore ba ne ba tshwanetse go rata bang ka bone jaaka ba ithata. (Lefitiko 19:18) Le eleng go ntshiwa ga lokwalo lwa tlhalo go ne go ntse go thibela tlhalo ka ntlha ya gore, jaaka karolo ya mokgwa wa go kwala lokwalo lwa tlhalo, monna yo o neng a batla go tlhala o ne a tshwanelwa ke gore a ikopanye le banna ba ba neng ba filwe thata, bao ba neng ba tla dira bojotlhe jwa bone go ka letlanya batho. Nnyaa, Modimo o ne a sa ntshetsa molao ono go neela motho tetla ya go tlhala mosadi wa gagwe “ka ntlha ea señwe le señwe.”—Mathaio 19:3.

Lefa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba feleletsa ba tlhokomologile se tota molao ono o neng o se batla mme ba dirisa molawana ono ka tsela e e sa tshwanelang go tlhala fela tota le ka mabaka a a sa utlwaleng. Ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., ba ne ba direla basadi ba bosha jwa bone boferefere, ba ba tlhalela fela sengwe le sengwe. Jehofa o ne a ba bolelela a sa dikadike gore o ila tlhalo. (Malaki 2:14-16) Ke ka lone lebaka leno Jesu a neng a nyatsa tlhalano ereka mo motlheng wa gagwe Baiseraele ba ne ba dirisa mokgwa oo.

Go Na le Lebaka Le Le Lengwe Fela la go Tlhala

Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a umaka lebaka le le lengwe fela la go tlhala: boaka. (Mathaio 5:31, 32; 19:8, 9) Lefoko le le ranotsweng fano eleng “boaka” le akaretsa tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang lefa e ka nna efe ya batho ba ba sa nyalanang go ya kafa Dikwalong e ka tswa e dirwa le mongwe wa bong jo bo tshwanang kana wa bong bo sele kana le phologolo.

Lefa go ne go ka nna jalo, Jesu o ne a sa rotloetse gore balekane ba ba sa ikanyegeng ba tlhalwe. Go ikaegile ka molekane yo o senang molato go itirela tshwetso gore a o batla go tlhala fa a sena go sekaseka gore seno se ka nna sa felela se mo amile jang. Basadi ba ba akanyetsang tlhalo go ya ka kgang eno ya Dikwalo ba ka nna ba batla go sekaseka seo Modimo o neng wa se bua fa a ne a atlhola mosadi wa ntlha ka ntlha ya boleo jo a neng a bo dirile. Mo godimo ga go atlholelwa loso, Modimo o ne wa bolelela Efa ka papamalo jaana: “Kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesise 3:16) Commentary on the Old Testament, ka C. F. Keil le F. Delitzsch, e tlhalosa “kelecō” eno jaaka “keletso e e tshwenyang fela jaaka bolwetsi.” Gone ke boammaaruri, keletso eno ga e maatla mo go kalo mo mosading mongwe le mongwe, mme fa mosadi yo o senang molato a akanyetsa go tlhala, o tla be a le botlhale go akanyetsa keletso ya gore a ka be a na le monna wa gagwe, eleng sengwe seo mosadi a se ruileng go tswa mo go Efa. Lefa go ntse jalo, ereka tlhakanelodikobo le motho yo eseng molekane wa gago e ka dira molekane yo o senang molato gore a tshwarwe ke malwetsi a tlhakanelodikobo a a tshelanang, go akaretsa le AIDS, bangwe ba ile ba bona go le botoka gore ba tlhale jaaka Jesu a ne a tlhalosa.

Koo Mathata A Lelapa A Simologileng Teng

Go kgwaralatsa dipelo ga batho go bakilwe ke boleo jo banyalani ba ntlha ba neng ba bo direla Modimo. (Baroma 5:12) Mathata a lelapa a ile a simolola fa banyalani ba ntlha ba ne ba leofela Rraabone wa selegodimo. Seno se diragetse jang? Fa mosadi wa ntlha, Efa, a ne a raelwa ke noga go ja setlhare se se neng se ileditswe, ga a ise a ko a tlhole a botsa mme a tsaya loungo a ja. Ke fela morago ga fa a sena go dira phetso e e masisi eo a neng a bua le monna wa gagwe ka seo noga e se mmoleletseng. (Genesise 3:6) Ee, o ne a dira seo kwantle ga go botsa monna wa gagwe pele. Seno ke bothata joo bontsi jwa malapa bo lebaneng le jone gompieno—go tlhoka go buisana.

Moragonyana, fa ba lebanwe ke matswela a boleo jwa bone, Adame mmogo le Efa ba ne ba bona go le botoka gore ba pege mongwe molato eleng selo se se dirwang ke banyalani ba bantsi gompieno. Monna wa ntlha, Adame, o ne a pega molato mo mosading wa gagwe mmogo le mo go Jehofa ka ntlha ya seo a neng a se dirile, ka go re: “Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè, ke èna eo o nneileñ setlhare, me ka ya.” Mosadi ene o ne a re: “Nōga e mphorile, me ka ya.”—Genesise 3:12, 13.

Go bolela phatlalatsa ga ga Jehofa gore o atlhotse Adame le Efa go ne go supa gore go ne go tla nna le mathata a mangwe gape a a neng a tla tsoga. Mabapi le kamano ya gagwe le monna wa gagwe, Jehofa o ne a bolelela Efa jaana: “O tla gu laola.” Banna ba le bantsi gompieno, jaaka Isao yo o umakilweng mo setlhogong sa rona sa ntlha, ba laola basadi ba bone ka tsela e e setlhogo kwantle ga go akanyetsa maikutlo a basadi ba bone. Go ntse go le jalo, basadi ba le bantsi ba ntse ba nna le keletso ya gore banna ba bone ba ba neye tlhokomelo. Fa keletso eo e sa kgotsofadiwe, basadi ba ka nna ba batla go newa tlhokomelo eo ka dikgoka mme ba itshware ka tsela ya bopelotshetlha. Ereka banna ba le bantsi ba laola basadi ba bone le basadi ba le bantsi ba eletsa gore banna ba bone ba ba neye tlhokomelo, bopelotshetlha bo nna teng, mme kagiso e nyelele. Mo pampiring nngwe e e neng e na le setlhogo se se reng “Ka Moo go ka Sekasekwang Seo se Bakang Ditlhalano Gompieno,” Shunsuke Serizawa o ne a bolela jaana: “Fa re itlhokomolosa bothata jo tota bo bakiwang ke ‘go itirela dilo ka tsela ya gago,’ eleng, go baya dikgatlhego tsa gago kwa pele go na le tsa yo mongwe, go tla nna thata gore re bone gore ke eng se se bakang gore batho ba tlhalane gompieno.”

Lefa go ntse jalo, Jehofa o re neetse kaelo mo Lefokong la gagwe gore banyalani ba ba utlwang molao wa gagwe ba ka nna le boitumelo mo lenyalong la bone lefa gone ba sa itekanela. Isao o ne a latela kaelo ya Modimo mme gone jaanong botshelo jwa gagwe jwa lelapa ke jo bo itumetseng. A re boneng ka moo melaometheo ya Bibela e thusitseng batho go nonotsha lenyalo la bone ka gone.

Buisanang

Mo manyalong a le mantsi, go tlhoka go buisanya, mokgwa wa go pega ba bangwe molato, le go nna pelotshetlha go dira gore go nne thata mo monneng le mosadi go tlhaloganya maikutlo a yo mongwe. “Ereka go abelana maikutlo e le selo sa konokono gore batho ba atamelane thata, go botlhokwa gore ba ikanyane gotlhelele. Mme gompieno o ka tshogana o bona batho ba ikanyega,” go bolela jalo modiradipatlisiso Caryl S. Avery. Go tswelela le ntse le abelana maikutlo a a tswang mo botennyeng jwa pelo go aga boikanyego jwa mofuta oo. Seno se tlhoka gore monna le mosadi fa ba buisanya e nne selo se se tswang mo botennyeng jwa pelo.

Mo go Diane go dirisiwa setshwantsho go rotloetsa go akantshana go tswa mo botennyeng jwa pelo, ka gore: “Kgakololō mo peduñ ea monna e nntse yaka metse a a boteñ; me motho eo o tlhaloganyō o tla a e ge hèla.” (Diane 20:5) Balekane ba lenyalo ba tshwanetse go tlhaloganya le go itse se se leng mo botennyeng jwa dipelo tsa balekane ba bone. A re re gongwe molekane wa gago o sulafetse maikutlo. Go na le gore o mo arabe o re: “Le nna ke tlhotse bokete gompieno,” ke eng o sa mmotse ka bonolo o re: “A o tlhotse bokete gompieno? Go diragetseng?” Go ka nna ga tsaya nako le maiteko go reetsa dingongorego tsa molekane wa gago, mme gantsi go itumedisa thata, go a kgotsofatsa, mme ebile go boloka nako e ntsi go dira jalo go na le go itlhokomolosa molekane wa gago mme kwa morago o bo o tshwanela ke go tshwara phage ka mangana ka ntlha ya maikutlo a gagwe a a kukegileng.

Gore go ikanyana go nne teng, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikanyega le go leka go tlhalosa ka moo a ikutlwang ka teng ka tsela e e tla tlhalogangwang ke molekane yo mongwe. “Bu[a] boammaaruri,” Lefoko la Modimo le kgothatsa jalo, “gonne moñwe le moñwe oa rona ke tokololō ea eo moñwe.” (Baefesia 4:25) Go bua boammaaruri go tlhoka tlhaloganyo. A re re gongwe mosadi o ikutlwa gore ga a reediwe. Pele ga fa a ka bua, o tshwanetse go akanya seane se se reng: “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwe o na le kicō: le eo o mōea o o tsididi ke motho oa tlhaloganyō.” (Diane 17:27) Go na le gore a pege monna wa gagwe molato ka gore, “Ga o nke o ntheetsa!” go ne go tla nna botoka thata fa a ne a ka ntsha maikutlo a gagwe a ritibetse pele ga fa go bolaisega pelo le go swaba go gola mo go ene. Ka gongwe a ka ntsha maikutlo a gagwe ka go bua sengwe se se tshwanang le, “Ke a itse gore o tshwaregile, mme go nna le wena nakonyana e nnye fela go intumedisa thata.”

Ke boammaaruri, “kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” (Diane 15:22) Molekane wa gago o a go rata, mme seno ga se reye gore o ka kgona go itse se se mo mogopolong wa gago. O tshwanetse go dira gore molekane wa gago a itse ka moo o ikutlwang ka teng mme e nne ka tsela e e botlhale. Seno se tla le thusa, jaaka banyalani ba Bakeresete, go dira dipaakanyo tse di lorato gore le tle le “tlhōhalè[le] go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.”—Baefesia 4:2, 3.

A re tseyeng ka sekai Kazuo, yo e neng e le monna yo o gatelelang mosadi wa gagwe, yo o neng a sa kgone go nna fela a sa betšhe. O ne a iphitlhela a nwetse mo melatong e e neng e ka fitlha kwa diranteng di feta makgolo a le dikete. One a adima madi go leka go duela melato ya gagwe, mme a nna a nwelela kwa tlase mo seretseng sa melato. Kwa morago o ne a simolola go ithuta Bibela mme kgabagare a kgona go nna le sebete sa go bolelela mosadi wa gagwe ka mathata a a neng a le mo go one. O ne a ipaakanyeditse gore fa mosadi wa gagwe a mo tshwaya diphoso o tla di amogela. Lefa go ntse jalo, o ne a gakgamala fa mosadi wa gagwe, yo o neng a ntse a ithuta Bibela ka lobaka lo loleele, a neng a mo araba a ritibetse maikutlo fela a re: “A re bone gore re ka dira jang gore re duele melato eno.”

Letsatsi le le latelang, ba ne ba ya kwa bathong ba ba ba kolotang mme ba simolola go duela melato ya bone, ba be ba rekisa le ntlo ya bone. Go ne ga ba tsaya lobaka lo e ka nnang lwa ngwaga go duela melato eo. Ke eng se se neng sa fetola Kimie, ebong mosadi wa gagwe? O bolela jaana: “Mafoko a a fitlhelwang mo go Bafilipi kgaolo ya 4, ditemana 6 le 7, tota a boammaaruri. ‘Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.’” O oketsa ka go re: “Tsala ya me, yo o neng a gakgamaditswe ke go bona ka tsela e ke neng ke itumetse ka yone, le mororo ke ne ke na le mathata, o ne a simolola go ithuta Bibela le nna.” Fa esale Kazuo le mosadi wa gagwe ba kolobediwa botshelo jwa bone jwa lelapa ke jo bo itumedisang.

Mo godimo ga go ikanyana ka go bua boammaaruri, banna le basadi ba ba ileng ba diragalelwa ke dilo tse go builweng ka tsone fa godimo ba ile ba dira sengwe se se thusang banyalani go rarabolola mathata a bone a lenyalo. Ba ile ba buisanya le Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo ebong Jehofa Modimo. Go sa kgathalesege dikgatelelo le mathata a banyalani ba lebaneng le one, o tla ba segofatsa ka kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe fa ba dira bojotlhe jwa bone go dirisa melaometheo ya gagwe mme ba bo ba tlogelela sengwe le sengwe mo matsogong a gagwe. Go rapela mmogo go thusa segolo bogolo. Monna o tshwanetse go etelela pele le go ‘goromeletsa pelo ya gagwe’ fa pele ga Modimo, a batla tsela le kaelo ya mathata lefa e ka nna afe fela a ene le mosadi wa gagwe ba lebaneng le one. (Pesalema 62:8) Jehofa Modimo o tla utlwa dithapelo tse di ntseng jalo e le ruri.

Ee, go a kgonega gore re ka nonotsha lenyalo la rona. Le eleng gone jaanong, re ntse re sa itekanela ebile re tshela mo nakong e e tlhakatlhakaneng, banyalani ba santse ba ka itumelela fela thata manyalo a bone. O ka bona dikakantsho tse dingwe gape tse di mosola tse di tswang mo lefokong la Modimo mo bukeng ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York Inc. Mo godimo ga moo, banyalani ba ba dirang ka bojotlhe jwa bone go dirisa melaometheo ya Bibela ba na le tsholofelo ya go kitlana ka lorato mo lefatsheng le lesha le le tla tlogang le tla leo Modimo a tlileng go le dira.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela