Sebofo Se Se Ntseng Se Koafala sa Lenyalo
MMANGWANA yo mmotlana o ne a ntse a tlamparetse ka lorato lesea la gagwe la dikgwedi di le pedi. Mme, ka tshoganetso fela, o ne a digela leseanyana leo fa fatshe. Mosimanyana o ne a swa morago ga diura di le mmalwa fela. “Ke mo digile ka boomo,” go ne ga bolela jalo mmangwana, “ka ntlha ya gore monna wa me ga a tlhokomele lelapa la gagwe.” Go na le gore a buisane le monna wa gagwe ka bothata joo, o ne a ntshetsa bogale jwa gagwe mo leseanyaneng le le senang molato.
Ga se bommabana ba le bantsi ba ba ka tsayang kgato eo, mme ba le bantsi ba ikutlwa jaaka ene. Go ntse go nna bokete le go feta mo bathong ba ba nyalaneng go dira gore manyalo a bone a atlege. Journal of Marriage and the Family e bolela jaana: “Fa palo e go ka tweng ke ya manyalo a a atlegang e le kwa tlase fela thata jaaka ya United States gompieno, go ineela ka bojotlhe mo lenyalong . . . go diphatsa mo e leng gore ga go na motho ope yo o feletseng sentle mo tlhaloganyong yo o ka dirang jalo.”
Mo dinakong tseno tse di utlwisang botlhoko, boitsholo jo bo maswe, dikgogakgogano, go nna mo melatong, go sa utlwane le babogogadi, le bogagapa, tsotlhe di gakatsa ntwa ya mo gae, tseo gantsi di oketsang ditlhalo. Boemo jono bo masisi thata kwa Japane mo e leng gore le Kereke ya Katoliki, e itsegeng ka go nna kgatlhanong gotlhelele le tlhalo, e ne ya tshwanelwa ke go tlhoma komiti e e kgethegileng gore e repisetse maloko a yone a a tlhadileng le a a ileng a nyala gape dikgole. Palo ya batho ba ba tsenang kereke e ntse e fokotsega ka ntlha ya mathata a a amanang le tlhalo.
Lefa go ntse jalo, palo ya ditlhalo e supa fela karolo e nnye ya bontsi jwa mathata. Dipatlisiso kwa United States di bontsha gore ke go koafala ga boleng jwa lenyalo go go dirang gore tlhalo e oketsege, go na le mekgwa fela e e tlwaelegileng e e dirang gore go nne motlhofo go tlhala. Ka ntlha ya go bo go sa dirwe maiteko a a kalo ebile go sa ineelwe ka bojotlhe mo lenyalong, seo se dira gore botshelo jwa lelapa bo seka jwa tlhola bo kgatlhisa. Ba le bantsi ba tshotse setshwantsho fela sa gore ke banyalani, mme lefa go ntse jalo ba sa neelane ditshwanelo tsa lenyalo, mme o ka tshogana o ba bona ba buisanya. Bangwe ba ikutlwa jaaka mosadi mongwe wa kwa Botlhaba yo o neng a ithekela setsha sa gagwe sa lebitla a le nosi, a re, ‘Ga ke batle go fitlhelwa mo lefelong le le lengwe le monna wa me.’ Ereka a sa kgone go tlhala monna wa gagwe gone jaanong, o ikaeletse go mo tlhala fa a sena go swa. Ka maswabi, lefa gone batho ba ba ntseng jalo ba sa tlhalwe, botshelo jwa lelapa ga se sengwe se se ba tlisetsang boitumelo.
Go ne go ntse fela jalo le ka Isao. O ne a nyala mosadi wa gagwe kwantle ga maikaelelo ape a lenyalo, ka jalo, go ne go sena sepe se se mo tlhotlheletsang go fetola tsela e pele a neng a tshela ka yone ya go ikakanyetsa a le nosi fela. Lefa gone a ne a amogela madi a mantsi jaaka mokgweetsi wa lori, o ne a senya madi otlhe a a neng a a amogela ka go ja le go nwa, a sa tlhokomele lelapa la gagwe. Ka tsela e e ntseng jalo, ba ne ba aga ba omanetse ruri ene le mosadi wa gagwe. Isao o gopola jaana: “Nako le nako fa dilo di sa ntsamaele sentle, ke ne ke ya gae mme ke fitlha ke kgwela bogale jwa me mo lelapeng la me.” Fela jaaka lekgwamolelo le le sa kokobeleng, kgang ya gore yo mongwe o tla tlhala yo mongwe e ne e runya letsatsi le letsatsi.
Basadi le banna ba bantsi ba itshokile fela mo manyalong a a sa itumediseng. Go sa kgathalesege gore a ba a tlhala kana ga ba tlhale, ba nna ba ntse ba sa bone boitumelo. A go na le tsela nngwe e e ka dirang gore manyalo a bone a atlege? Ke eng se se ka dirwang go nonotsha sebofo sa bone sa lenyalo?