Lebaka la go bo Bontsi bo Itshomola mo Lenyalong
KA GO ela tlhoko thata tlhalo kwa Hong Kong, koo dingwao tsa Botlhaba le tsa Bophirima di leng teng tsotlhe, Asia Magazine o ne wa bolela jaana: “Go swa ga puisano, go ntsha dinyatsi, mathata a tsa tlhakanelodikobo le go sa goge mmogo ke mabaka a gantsi a tsosang dikgotlhang mo lenyalong mo banyalaning ba Matšhaena le ba Bophirima.” Seemo se ntse fela jalo le mo mafelong a mangwe mo lefatsheng.
Banna le basadi ba ba bayang ditiro tsa bone kwa pele ba bofefo go ntsha malapa a bone setlhabelo. Ka jalo, ba itaaganya dipati tsa puisano ya lelapa. Fa a tswa tirong a tla a lapile, rre o ina tlhogo ya gagwe mo pampiring ya dikgang. Junichi le mosadi wa gagwe ba ne ba na le diresetšhurente di le tharo mme ba ne ba bereka go simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go fitlhelela ka ya lesome bosigo kwa mafelong a a farologaneng. Junichi o dumela jaana, “Re ne re seke re buisana jaaka monna le mosadi.” Go tlhoka puisano mono go ne ga tsala mathata a magolo a lenyalo.
Selo se sengwe gape se se thubang manyalo ke tsela e batho ba lebang ka yone go tlhakanela dikobo le motho o sele kwa ntle ga molekane. Tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo e aname mo eleng gore 20 lekgolong ya banna le 8 lekgolong ya basadi ba ba ileng ba araba dipotso tsa dipatlisiso kwa Japane ba ile ba dumela gore ba ile ba tlhakanela dikobo le motho o sele go na le molekane wa bone mo ngwageng e e fetileng. Ke selo se se tlwaelesegileng kwa Japane gore mosadi yo o berekang a ratane le monna o sele go na le monna wa gagwe. O kapetsakapetsa banna ba ba farologaneng, a ipolela gore, “Fa monna wa me a ka itse, ke tla mo tlhala.” Batho gompieno ba robela dilo tseno leitlho fela ekete ga ba di bone.
Batho gompieno ba kgothaletsa boikutlo jwa go iteba motho ka namana, mo go dirang gore monna le mosadi ba ikakanyetse ka bobone, selo se ka bosone se tsalang go sa goge mmogo, eleng selo se sengwe gape se se bakang tlhalo. Kiyoko a re, “Go tswa fela kwa tshimologong lenyalo la rona le ne le reketla. Morago fela ga gore re nyalane, monna wa me o ne a mpolelela gore ke tshwane le roboto fela mme ke dire se ke se bolelelwang. Fa dilo di ne di mo tsamaela sentle, go ne go se maswemaswe, mme fa go ne go nna thata, o ne a seke a ipona molato go na le moo o ne a pega ba bangwe molato. Le nna ke ne ke pegwa molato, ka jaana ke ne ke a tle ke tsuologele taolo ya gagwe. Go ne go mpalela go ikobela monna wa me fa a ne dira dilo ka tshokamo.”
Mabaka a mangwe a a bakang tlhalo ke thubakanyo le botagwa, mathata a tsa madi, go nna le mathata le bomatsale, le go tsewa jaaka seeleele.
Ke Eng Se Se Tsalang Mathata Ano Otlhe?
Le fa e ka tswa mabaka a go tlhala a farologane, gone go na le sengwe se se tlhotlheletsang go ntsifala ga tlhalo mo lefatsheng. Le mororo Botlhaba bo pega Bophirma molato wa gore ke bone ba ba tshetseng botlhole, go amogelwa ga tlhalo ke selo se sesha kwa Bophirima. Ebile, ditlhalo di menagane gararo kwa United States le go menagana sene kwa Borithane mo masomeng a sekae a dingwaga a a sa tswang go feta. Andrew J. Cherlin wa The Urban Institute (lekgotla la dipatlisiso le le sekasekang ka mathata a itsholelo le loago mo United States), le fa gone a sa ganetse gore mathata a go gola ga tlhalo ga a tlhaloganngwe thata, a re “go gola ga go ikemela ka nosi mo go tsa itsholelo ga basadi” le “go fetoga ga mekgwa ya setšhaba ka kakaretso” ke mangwe a mabaka a a dirang gore go nne jalo.
Kwa United States, le mo mafatsheng a mangwe a a tlhabologileng, go nyalwa o bo o bereka ga e sa tlhole e le selo se se sa tlwaelesegang. Le fa go ntse jalo, seabe sa monna mo ditirong tsa lelapa se oketsega ka bonya fela thata. Ga go gakgamatse go bo basadi bangwe ba bua jaana: “Selo se mosadi yo o nyetsweng a bile a bereka a se tlhokang ke mosadi!”
E re ntswa basadi bone ba bereka ka natla ba tlhatswa, ba phepafatsa, ba apaya, le go tlhokomela bana, kwa United States, buka ya The Changing American Family and Public Policy ya re, “banna ba le bantsi bone ba nna le nako ya ‘go iketla.’” Moithutamotho mongwe o ne a re seemo seno se lemotshega mo lefatsheng lotlhe. Kwa Japane ke selo se se tlwaelesegileng gore banna ba ye maitisong morago ga tiro. Ba re go dira jalo go thusa thata mo dikamanong tse di botsalano tsa batho kwa ditirong tsa bone, fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba itlhokomolosa dikamano tsa setho tse di siameng kwa magaeng a bone. Go ya ka fa banna ba ikutlwang ka teng, ereka e le bone ba tlisang dijo mo lapeng, basadi le bana ga ba a tshwanela go ngongorega. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo basadi ba bantsi ba bereka, megopolo e e ntseng jalo ga se sepe fela fa e se seipato.
Lebaka le lengwe le le nang le seabe mo go thubegeng ga malapa ke “go fetoga ga mekgwa ya setšhaba ka kakaretso” kana, jaaka Journal of Marriage and the Family e go tlhalosa, “go nyatsega ga maikutlo a gore lenyalo le tshwanetse go nnela ruri.” Mo banyading le banyadiweng ba bo1990, maikano a tlwaelo a lenyalo a a reng “go fitlhelela re kgaoganngwa ke loso” ga a sa tlhole a na le bokao jwa seo tota. Ba nna ba butse matlho go bona molekane yo o botoka. Mme fa e le gore eo ke tsela e banyalani ba basha ba lebang kamano ya bone ka yone, tota e ka nonofa jang?
Diphetogo tseno tsa loago ga di gakgamatse baithuti ba Bibela ka gope. Buka eno e e tlhotlheleditsweng e senola gore fa esale ka 1914 re ntse re tshela mo ‘metlheng ya bofelo,’ e e leng ‘dipaka tse di tlhokofatsang.’ Batho ke ‘baithati, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba senang lorato lwa tlholego, ba ba manganga.’ (2 Timotheo 3:1-3) Ka lebaka leo mo bathong ba ba ithatang go gaisa kafa ba ratang balekane ba bone ka gone, ba ba sa ikanyegeng mo balekaneng ba bone, le ba ba sekeng ba dumelana ka sepe mo lenyalong la bone, tlhalo e nna yone tsela e le yosi ya go tswa mo mathateng a lenyalo la bone.
A Mme ke Motswedi wa Botshelo Jo bo Itumedisang?
Mo mabakeng a le mantsi, tlhalo ga e a ka ya lere boitumelo.a Morago ga dingwaga tse 15 a ntse a sekaseka banyalani ba le 60 ba ba tlhalaneng, mmatlisisi wa botsogo jwa boboko ebong Judith Wallerstein a re, “Tlhalo e a tsietsa. Ka fa molaong ke tiragalo ya gone foo fela e bo e fedile, mme mo tlhaloganyong ke mogolagang—mme ka dinako tse dingwe ke mogolagang o o sa feleng—wa ditiragalo, dikhuduga le dikamano tse di fetogang fela thata tse di tsayang nako e telele.” Ditshekatsheko tsa gagwe di bontsha gore nngwenneng ya basadi le nngwetlhanong ya banna le morago ga dingwaga tse di lesome ba ntse ba tlhalanye matshelo a bone a bo a santse a reketla.
Ba ebileng ba nna le mathata le go feta ke bana ba batho ba ba tlhalanyeng. Go tswa mo go yone patlisiso eo, Wallerstein o ne a lemoga gore mo e ka nnang bana botlhe ba ba amegang, tlhalo e ba ama “ka tsela e e maswe fela thata ka ditlamorago tse di neng di sa solofelwa.” Bana ba ba reng ga ba amiwe ka gope ke go tlhalana ga batsadi ba bone ba ka nna ba bona maikutlo ao a tlhaga mo nakong e e tlang mo botshelong jwa bone fa ba batla molekane wa lenyalo.
Seno ga se reye gore batho botlhe ba ba kileng ba amiwa ke tlhalo ga ba kitla ba itumela ereka bangwe ba bone ba itumela. Mo go bano, maikutlo a a agilweng sesha a nna teng, mme gantsi a agetswe mo bothong jo bogologolo. Ka sekai, morago ga go fela ga go kgoberwa maikutlo ke tlhalo le mahutsana a gone le go ipelaela gore a tota o motho yo o ka kgonang sepe, molekane yo o senang molato o ka nna a falola bothata joo a nonofile le go feta, a tlhagafetse, a ikutlwa gore ke motho le ene.
Mosadi mongwe yo monna wa gagwe a ileng a mo tlogela a sia le mosadi yo mongwe o tlhalosa gore morago ga fa mahutsana le go tenega go simolola go kokobela, “o ikutlwa o le botoka thata. Maikutlo a gago a fetogile. O ka se tlhole o nna ene motho yole wa maloba.” Kgakololo ya gagwe ke e: “Iphe nako go itlhaloganya jaaka motho ka namana gape. Mo lenyalong gantsi balekane ba ipatika mo dilong tse ba di ratang le tse ba di eletsang fela ka ntlha ya yo mongwe, mme morago ga tlhalo, o tshwanetse go ipha nako ya go lemoga gore jaanong dilo tse o di ratang le tse o sa di rateng ke dife. Fa o hupetsa maikutlo a gago, o a hupetsa a ntse a tshela. Mme letsatsi lengwe a tla runya, o bo o tshwanelwa ke go lebagana nao. Ka jalo go ka nna ga raya gore o lebagane le maikutlo a gago mme o a tlhaloganye gone jaanong.”
Ka ntlha ya go lemoga mathata a tlhalo, ga e sa tlhola e tseelwa kwa godimo jaaka selo se se ka dirwang. Makasine wa Time o bega gore palo e e golelang pele ya bagakolodi le fa ba ise ba nne bantsi ka palo jaanong ba kgothatsa banyalani ba ba nang le mathata jaana: “Se kgaoganeng.” David Elkind wa Yunibesithi ya Tufts o kwadile jaana: “Go tlhalwa kana go tlhala go tshwana le go roba leoto la gago o tsere loeto la go ya go tshameka sekii: Go sa kgathalesege gore ke batho ba le kae ba ba ithobileng maoto, seo ga se fokotse botlhoko jwa la gago.”
Tlhalo ga se tsela e e motlhofo ya go rarabolola mathata a lenyalo. Jaanong he, ke tsela efe e e botoka ya go rarabolola diphapaang mo lenyalong?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go tlhala ka fa molaong kana go kgaogana go ka nna ga sireletsa motho mo go sotliweng mo go maswe kana go sa tlamelwe mo go dirwang ka bomo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mo malatsing ano gantsi banyalani ga ba kgone go buisana