Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
A go tla bo go tshwanetse gore Mokeresete a kopanele kgwebo le motho yo o sa dumeleng, e re ka Bibela e re raya e re: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ”?
Re fitlhela kgakololo eo mo go 2 Bakorintha 6:14-16: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa?”
Ga go bonale go na le lebaka lepe leo le ka dirang gore re dumele gore moaposetoloi Paulo o ne a ntsha kgakololo eno ka maikaelelo a gore a tlhome dikiletso dingwe tse di kgethegileng, tse di ntseng jaaka e e reng Mokeresete o ka se kopanele kgwebo le motho mongwe yo e seng modumedi. Lefa go ntse jalo, kgakololo ya gagwe e tsamaisana le seo, e bile e ama le dikarolo tse dingwe tsa botshelo.
Paulo o ne a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo kgakololo eo. E re ka ba ne ba nna mo motseng o o neng o na le ditsela tse di sa siamang tota, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lwantshane le dikotsi tse di ka tlhaselang boitsholo jwa bone le semoya. Fa ba ne ba ka se ka ba itlhokomela, ba ne ba ka tlelwa ke ditlhotlheletso tse di seng phepa tse di neng di ka koafatsa ka bonya ka bonya boitlhomo jwa bone jwa gore ba nne batho ba ba tlhaolegileng, “losika lo lo itshenkecweñ, . . . boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, . . . chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.”—1 Petere 2:9.
Paulo o ne a kwala se re se fitlhelang mo go 2 Bakorintha 6:14-16 morago ga fa a sena go rarabolola bothata bongwe jo bo masisi mo bakaulengweng ba gagwe ba Bakorintha. Ba ne ba ile ba letla gore motho mongwe a dire boitsholo jo bo sa siamang jo bo maswemaswe mo gare ga bone, ka jalo Paulo o ne a ba laela gore ba leleke, kana ba kgaole motho yo o leofileng yo o sa ikwatlhaeng yoo. (1 Bakorintha 5:1) Bosula jo bo neng bo dirilwe ke monna yoo bo ne jwa bontsha gore Bakeresete ba ne ba ka amega fa ba ne ba ka ikopanya le ba ba bosula kana fa ba ne ba ka tsena ka tlhogo mo boitsholong jwa lefatshe kwantle ga go itlhokomela.
A mme ka go bo Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tshwanetse go sa ikopanye le motho yo o lelekilweng yoo, seo se raya gore ba ne ba tshwanetse go ikgaoganya gotlhelele le batho ba ba sa dumeleng? A ba ne ba tshwanetse go sa amane gotlhelele kana go sa dirisane ka gope le batho bao e neng e se Bakeresete, ba nna jaaka e kete ke lekokonyana lengwe la baitlami, jaaka Bajuda ba ba neng ba ya go nna ba le bosi kwa Qumran gaufi le Lewatle le le Suleng? A re mme Paulo a arabe: “Ke lo kwaletse mo lokwaloñ loa me, ka re, lo se ka loa nna le bokopanō le baakahadi; Ka bo ke sa ree baakahadi ba lehatshe hèla, . . . gonne yalo e tla bo e le gore lo cwè mo lehatshiñ.”—1 Bakorintha 5:9, 10.
Go phepafetse sentle gore mafoko ao a kaya eng. Paulo o ne a itse sentle gore Bakeresete ba ne ba santse ba le mo polaneteng eno, ba tshela le go amana mo e batlileng e le letsatsi le letsatsi le batho ba ba sa dumeleng ba maitsholo a bone a neng a se mantle le melao ya bone e le e e sa tshwaneng le ya bone. E re ka jaana seo se ne se ka se tilwe gotlhelele, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna ba itisitse tota mo dikotsing tse di ka ba tlhagelang ka ntlha ya go amana le batho ba ba ntseng jalo.
A jaanong re sekasekeng gape lokwalo lwa bobedi lwa ga Paulo loo a neng a lo romelela Bakorintha. O ne a bolela gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tshwanelega go nna badihedi ba Modimo, a re ke barongwa mo boemong jwa ga Keresete. O ne a ba raya a re ba itise gore ba se ka ba kgopisa motho ope gore bodihedi jwa bone bo se ka jwa lejwa ka leitlho le le maswe. (2 Bakorintha 4:1–6:3) Paulo ka tlhamalalo o ne a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe ba Bakorintha, bao ba neng ba tshwana le bana ba gagwe ba semoya, gore ba pitlologe mo loratong lo lo tswang mo pelong. (2 Bakorintha 6:13) Morago ga moo o ne a kgothatsa jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ.” O ne a dirisa dipotso tse di sa batleng karabo di le mmalwanyana gore a tiisetse ntlha eo.
Kgang yotlhe e bontsha gore Paulo o ne a sa bue kaga karolo nngwe e e kgethegileng mo botshelong, jaaka re ka re mo kgwebong kana mo mmerekong, mme jalo a tlhoma molao mongwe o o tshwanetseng go latelwa mo kgannyeng eno. Go na le moo, o ne a fa bakaulengwe ba gagwe ba a neng a ba rata thata kgakololo e e akaretsang, e e utlwalang le e e thusang.
Ka sekai, a kgakololo eno e ne e ka dira mo Mokereseteng yo o neng a na le keletso ya go nyala? E le ruri go ntse jalo. Mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha, moaposetoloi o ne a gakolola Bakorintha ba ba neng ba batla go nyala gore ba dire jalo “mo Moreneñ hèla.” (1 Bakorintha 7:39) O ne a gatelela kafa mafoko ao a thusang ka gone ka seo a neng a se kwala moragonyana, jaaka fa go tlhalositswe mo go 2 Bakorintha 6:14-18. Fa Mokeresete mongwe a ne a ka akanya ka go nyala mongwe yo e neng e se motlhanka wa ga Jehofa e bile e se molatedi wa ga Keresete, o ne a tla bo a akanya ka gore a ikgolaganye le motho yo o sa dumeleng. (Bapisa Lefitiko 19:19; Duteronome 22:10.) Ka phepafalo, go sa tshwanelane mo go sa belaetseng go ne go tla dira gore mathata a nne teng, go akaretsa le a semoya. Ka sekai, motho yo o sa dumeleng o ne a ka nna a bo a obamela modimo wa maaka kana a tla dira jalo mo isagweng. Paulo o ne a ntsha lebaka leno: “Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale?”
Mme re ka reng he ka karolo e nngwe gape ya botshelo—go kopanela mo kgwebong le motho mongwe yo o sa dumeleng? Mo mabakeng mangwe, Mokeresete mongwe a ka akanya gore go itshedisa le go tlhokomela lelapa la gagwe go tlhoka gore a kopanele kgwebo le mongwe yo e seng Mokeresete jaaka ene. (1 Timotheo 5:8) Akanya fela ka dikai tseno:
Mokeresete mongwe a ka eletsa gore a simolole kgwebo ya gore a rekise mofuta mongwe wa dithoto, mme tsela fela e a ka dirang seno ka yone e le go dumela gore a nne seoposengwe le motho mongwe yo o ka kgonang go bona dilo tse a di tlhokang kana madi. Mokeresete yo mongwe o ka batla go nna molemi (kana go rua diruiwa tsa mofuta mongwe); lefa go ntse jalo, a ka se kgone go bona setsha, mme jalo a tshwanelwe ke gore a dire mmogo le mongwe yo o ka mo hirisetsang setsha seo gore a tle a kgaogane dipoelo le ene. Gongwe Mokeresete mongwe ga a kgone go tsena mo kgwebong ya bopolammara ka go bo Kaesare a ntsha dilaesense di sekaenyana fela, mme jaanong di setse di fedile; tsela e le yosi fela e le gore a ikopanye le wa losika yo o sa dumeleng yo o setseng a na le laesense eo.—Mareko 12:17.
Tseno ke dikai fela. Ga re leke go tlhalosa dilo tsotlhe tse di ka diragalang, kana go bua mafoko ape a gore re dumalana le sengwe se se rileng kana ga re dumalane naso. Mme le gale, fa o akanya ka dikai tseno fela, a ga o kgone go bona gore ke ka ntlha yang fa kgakololo e e mo go 2 Bakorintha 6:14-18 e sa tshwanela go tlhokomologiwa?
Mokeresete yo o ileng a kopanela kgwebo le motho mongwe yo o sa dumeleng, e ka ne e le wa losika kana nnyaa, o ka nna a rakana le mathata mangwe kana dithaelo tse a neng a sa di solofela. Gongwe molekane yoo a ka nna a nna le maikutlo a gore tsela e go ka bonwang dipoelo tse di lekaneng sentle ka yone e ka nna ka go sa bege madi otlhe a a bapetsweng kana go hira batho bangwe mme ba bo ba sa kwadisiwe jaaka ba ba hirilweng, lefa seo e le gore se tlola melao ya puso. O ka nna a bo a itumelela go duela batho ba ba rwalang dilwana ka koloi madi a pipamolomo fa ba mo tliseditse le dilwana dingwe tse di sa kwalwang mo pampitshaneng ya sesupasekoloto e e kafa mokgweng. A Mokeresete o ka nna le seabe mo boikanyologing jo bo ntseng jalo kana jo bo tshwanang le joo? Mme ke eng se Mokeresete a neng a tla se dira fa go tla gore boobabedi ba saenele dipampiri tsa lekgetho kana dipampiri dingwe tsa kafa molaong tse di tlhalosang kaga kgwebo ya bone?—Ekesodo 23:1; Baroma 13:1, 7.
Kana gongwe molekane wa kgwebo yo o sa dumeleng a ka nna a batla go rekisa dilo tse di amanang le malatsi a boikhutso a boheitane, gongwe a batle go romela dikarata tsa malatsi a boikhutso ka leina la khampani, le go kgabisetsa lefelo la kgwebo malatsi a boitapoloso a sedumedi. Paulo o ne a botsa ka gore: “Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa? gonne rona re tempela ea Modimo o o tshedileñ.” Abo e tshwanela jang ne tlhaloso e e reng: “Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla”! (2 Bakorintha 6:16, 17) Ka go dirisa kgakololo eo e e thusang, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba tlhopha kafa ba ka kgonang ka teng mebereko ya boitshediso e e tla se keng e ba bakele mathata a le mantsi.—Bahebera 13:5, 6, 18.
Phuthego ga e a fiwa boikarabelo jwa gore e dise kana e tlhotlhomise sengwe le sengwe se Bakeresete ba se dirang mo tirong ya bone ya boitshediso, e ka ne e le bahiriwa kana ba na le dikgwebo tse e leng tsa bone. Le gale, fa e le gore go ka utlwalelwa gore Mokeresete mongwe o kopanetse mo tirong nngwe e e sa siamang, jaaka mo go tshegetseng kobamelo ya maaka kana mo mofuteng mongwe wa go aka kana go utswa, phuthego e tla tshwanelwa ke gore e tseye dikgato gore e tle e tshegetse melao ya ga Jehofa.
Lefa go ntse jalo, ntlha ya konokono ke gore, kgakololo ele e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo e e reng, “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ,” e ka thusa Bakeresete gore ba tile mathata le sepe fela se se ka dirang gore ba atlholwe ke komiti. Bakeresete ba ba tlhalefileng ba tla tsaya kgakololo eo masisi mme ba dire gore ba se ka ba ipaya mo maemong a a tla dirang gore ba latlhe melaometheo ya Bibela. Fa mongwe a ikutlwa gore o ka kopanela kgwebo le motho mongwe yo o sa dumeleng, ba bangwe ga ba a tshwanela go itlhaganelela go mmona molato kana go mo kgala, ka ba lemoga gore ke ene yo o tla ikarabelang ka se a se itlhophetseng. Totatota, Paulo o ne a sa tlhome taolo epe fela e e gagametseng e e tshwanetseng go salwa morago e e kgatlhanong le go kopanela kgwebo le motho mongwe yo o sa dumeleng. Lefa go ntse jalo, kgakololo ya gagwe ga e a tshwanela go tlhokomologiwa. Modimo o ne a tlhotlheletsa gore kgakololo eo e neelwe a bo a dira gore e kwalwe mo Bibeleng gore e tle e re solegele molemo. Re tla bo re dira sentle fa re ka e sala morago.