LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/1 ts. 7-12
  • Malatsi a ga Daniele a Boperofeti le Tumelo ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Malatsi a ga Daniele a Boperofeti le Tumelo ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsosoloso E Lere Boitumelo
  • Malatsi A A 1 260
  • Malatsi A A 1 290
  • Malatsi A A 1 335
  • Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/1 ts. 7-12

Malatsi a ga Daniele a Boperofeti le Tumelo ya Rona

“Go [itumela, NW] èna eo o lebeletseñ, me a ea go hitlha mo malatsiñ a a thousanda, le makgolo a mararo, le mashomè mararo le botlhano.”—DANIELE 12:12.

1. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa bone boitumelo jwa mmatota mme boitumelo jwa boammaaruri bo amana le eng?

MONGWE le mongwe o batla go itumela. Lefa go ntse jalo, gompieno go itumela batho ba se kae fela. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore bontsi jwa batho bo batla boitumelo mo mafelong a a sa tshwanelang. Boitumelo bo batliwa mo dilong tse di tshwanang le thutego, khumo, tiro ya botshelo jotlhe, kana go batla go busa. Lefa go ntse jalo, fa Jesu a ne a simolola Thero ya gagwe ya mo Thabeng, o ne a amanya boitumelo le go amega ka se motho a se tlhokang semoyeng, bopelotlhomogi, go nna le pelo e e itshekileng, le dinonofo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. (Mathaio 5:3-10) Mofuta wa boitumelo o Jesu a neng a bua ka one ke wa mmatota le gone o nnela ruri.

2. Go ya ka boperofeti, ke eng se se neng se tla dira gore go nne le boitumelo mo motlheng wa bokhutlo, mme go tsoga dipotso dife malebana le seno?

2 Mo masaleleng a a tloditsweng a mo motlheng ono wa bokhutlo, boitumelo bo amanngwa le se sengwe gape mo godimo ga tseo. Re bala jaana mo lokwalong lwa ga Daniele: “Daniela, tsamaea hèla: gonne mahoko a cwalecwe, a kanelecwe go ea go hitlha mo motlheñ oa bokhutlō. Go [itumela] èna eo o lebeletseñ, me a ea go hitlha mo malatsiñ a a thousanda, le makgolo a mararo, le mashomè mararo le botlhano.” (Daniele 12:9, 12) Malatsi ano a a 1 335 a ne a ama lobaka lofe lwa nako? Ke ka ntlha yang fa batho ba ba neng ba tshela mo malatsing ao ba ne ba itumetse? A seno se ama tumelo ya rona gompieno ka tsela nngwe? Se se ka re thusang go araba dipotso tseno ke fa re leba kwa morago kwa nakong ya fa Daniele a ne a kwala mafoko ano, morago fela ga gore Iseraele a gololwe mo botshwarong jwa Babelona mo ngwageng wa boraro wa ga Kurose kgosi ya Peresia.—Daniele 10:1.

Tsosoloso E Lere Boitumelo

3. Ke eng se se neng sa dirwa ke Kgosi Kurose se se neng sa itumedisa thata Bajuda ba ba ikanyegang ka 537 B.C.E., mme lefa go ntse jalo Kurose ga a ka a neela Bajuda tshiamelo efe?

3 Go gololwa mo Babelona e ne e le tiragalo e e ipedisang tota mo Bajudeng. Fa Bajuda ba sena go itshokela dingwaga di ka nna 70 kwa botshwarwa, Kurose yo Mogolo o ne a ba kgothaletsa gore ba boele kwa Jerusalema ba ye go aga tempele ya ga Jehofa sesha. (Esere 1:1, 2) Ba ba neng ba tsaya kgato ka kgothatso eo ba ne ba bolola ba solofetse dilo tse dikgolo, mme ba goroga kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Lefa go ntse jalo, Kurose o ne a sa ba kgothaletse gore ba tsosolose bogosi jo bo tla laolwang ke setlogolwana sa ga Kgosi Dafide.

4, 5. (a) Bogosi jwa lelapa la ga Dafide bo ne jwa menolwa leng? Ka ntlha yang? (b) Jehofa o ne a tlhomamisa jang gore bogosi jwa lelapa la ga Dafide bo ne bo tla tsosolosiwa?

4 Seo se ne se le botlhokwa. Makgolo a ka nna matlhano a dingwaga pele ga foo, Jehofa o ne a solofeditse Dafide jaana: “Motse oa gago o tla tlhōmamisiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutleñ ha pele ga gago: le setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.” (2 Samuele 7:16) Ka maswabi, bontsi jwa ditlogolwana tsa ga Dafide tse di neng di ka busa di ne tsa tsuologa, mme molato wa morafe ono wa tshololo ya madi o ne wa nna mogolo mo e leng gore ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a letla gore bogosi jwa ga Dafide bo menolwe. Kwantle ga nako e khutshwane ya fa go busa Bo-Maccabaeus, Jerusalema o ne a laolwa ke batho ba dinaga di sele go tloga ka nako eo go ya go fitlha fa a senngwa la bobedi ka 70 C.E. Ka jalo, ka 537 B.C.E., “metlha [e e tlhomilweng, NW] ea Badichaba,” e ka yone go neng go se ketla go nna morwa ope wa ga Dafide yo o neng a tla busa jaaka kgosi, e ne e tswelela pele.—Luke 21:24.

5 Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a lebala se a neng a se solofeditse Dafide. O ne a dirisa motseletsele wa diponatshegelo le ditoro go senola ka moperofeti wa gagwe Daniele dilo tse di neng di tla diragala mo lefatsheng mo isagweng mo makgolong a dingwaga a go tloga ka nako ya fa Babelona e busa lefatshe go fitlha ka nako ya fa kgosi ya losika lwa ga Dafide e ne e tla boa e busa mo bogosing jwa batho ba ga Jehofa. Boperofeti jono, jo bo kwadilweng mo go Daniele dikgaolo 2, 7, 8, le 10-12, bo ne jwa tlhomamisetsa Bajuda ba ba ikanyegang gore, kgabagare, setulo sa bogosi sa ga Dafide se ne “se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.” Ruri go phepafetse gore, boammaaruri jo bo ntseng jalo jo bo senotsweng bo ne jwa itumedisa Bajuda bao ba ba neng ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.!

6. Re itse jang gore dikarolo dingwe tsa boperofeti jwa ga Daniele di ne di tla diragadiwa mo motlheng wa rona?

6 Bontsi jwa batho ba ba akgelang ka Bibela ba bolela gore boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa batla bo diragadiwa jotlhe pele Jesu Keresete a tsholwa. Mme lefa go ntse jalo tota go phepafetse gore ga go a nna jalo. Moengele o bolelela Daniele jaana mo go Daniele 12:4: “Cwalèla mahoko, u kanèlè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō: batho bantsi ba tla taboga tabogèla kwa le kwa, me kicō e tla totahala.” Fa e le gore lokwalo lwa ga Daniele lo ne lo tla kanololwa—bokao jwa lone bo senolwa ka botlalo—mo motlheng wa bokhutlo fela, kwantle ga pelaelo bobotlana dikarolo dingwe tsa boperofeti joo di tshwanetse tsa bo di lebisitse mo lobakeng loo.—Bona Daniele 2:28; 8:17; 10:14.

7. (a) Metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba e ne ya khutla leng, mme go ne go tshwanetse ga arabiwa potso efe ya botlhokwa? (b) Ke bomang ba e neng e se “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”?

7 Metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba e ne ya fela ka 1914, mme nako ya bofelo jwa lefatshe leno e ne ya simologa. Bogosi jwa ga Dafide bo ne jwa tsosolosiwa, eseng mo Jerusalema wa selefatshe, mme kwa “maruñ a legodimo” bo sa bonale. (Daniele 7:13, 14) E re ka “mohoka” wa Bokeresete jo e seng jone o ne o gola ka nako eo, seemo sa Bokeresete jwa boammaaruri se ne se sa phepafala sentle—bobotlana mo matlhong a batho. Lefa go ntse jalo, go ne go tshwanetse ga arabiwa potso eno ya botlhokwa: “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ?” (Mathaio 13:24-30; 24:45) Ke mang mo lefatsheng yo o neng a ka emela Bogosi jo bo tsosolositsweng jwa ga Dafide? Eseng bomonnaa Daniele ba senama ebong Bajuda. Ba ne ba gannwe ka gonne ba ne ba tlhokile tumelo le ka gonne ba ne ba kgopisitswe ke Mesia. (Baroma 9:31-33) Motlhanka yo o boikanngo o ne a se ka a bonwa gareng ga diphuthego tsa Labokeresete! Ditiro tsa bone tse di bosula di ne di supa gore Jesu o ne a sa ba itse. (Mathaio 7:21-23) Jaanong e ne e le mang?

8. Ke bomang ba ba itshupileng e le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo motlheng wa bokhutlo? Re itse jang?

8 Kwantle ga pelaelo epe, e ne e le setlhophanyana sa bomonnaa Jesu ba ba tloditsweng ba ba neng ba itsege ka 1914 e le Baithuti ba Bibela mme fa e sale ka 1931 ba bidiwa Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10) Ke bone fela ba ba itsisitseng phatlalatsa go tsosolosiwa ga Bogosi mo losikeng lwa ga Dafide. (Mathaio 24:14) Ke bone fela ba ileng ba nna ba ikgaogantse le lefatshe mme ba tlotlomatsa leina la ga Jehofa. (Yohane 17:6, 14) Mme dikarolo tsa boperofeti jwa Bibela tse di buang ka batho ba Modimo mo metlheng ya bofelo di ile tsa diragadiwa mo go bone fela. Bongwe jwa boperofeti joo ke motseletsele wa metlha ya boperofeti e e kwadilweng mo go Daniele kgaolo 12 jo bo akaretsang jwa malatsi a a 1 335 a a neng a tla lere boitumelo.

Malatsi A A 1 260

9, 10. Ke ditiragalo dife tse di neng di tshwaya “motlha le metlha le ntlha ñwe ea motlha” e e mo go Daniele 7:25, mme ke ditemana dife tse dingwe tse di bontshang lobaka lo lo tshwanang lwa nako lo lo umakilweng?

9 Re bala kaga motlha wa ntlha wa boperofeti jaana mo go Daniele 12:7: “Go tla nna ka motlha le metlha, le bontlhañwe yoa motlha; me e tla re ba sena go wetsa go thubaganya thata ea batho ba ba boitshèpō, dilō cotlhe tse di tla bo di wedicwe.”a One motlha oo o umakwa mo go Tshenolō 11:3-6, e e bolelang gore basupi ba Modimo ba ne ba tla rera ba apere letsela la kgetse ka dingwaga di le tharo le sephatlo ba bo ba bolawa. Gape re bala jaana mo go Daniele 7:25: “E tla bua mahoko a a nyatsañ Mogodimodimo, e tla lapisetsa rure baitshepi ba Mogodimodimo: me e tla sholohèla go hetola metlha le molaō; me ba tla tseñwa mo seatleñ sa eōna go ba go tla go heta motlha le metlha le ntlha ñwe ea motlha.”

10 Mo boperofeting jono jo bo nopotsweng labofelo, go buiwa ka mmuso wa botlhano o mogolo wa lefatshe fa o bala go simolola ka Babelona. Ke “lonaka . . . lo lonnye,” lo Morwa motho a amogelang “pushō, le kgalalèlō, le bogosi” ka nako ya fa lo busa. (Daniele 7:8, 14) Lonaka lono lwa tshwantshetso, lo pele e neng e le mmusomogolo wa Borithane, lo ne lwa fetoga mo ntweng ya ntlha ya lefatshe go nna puso ya lefatshe e e tlhakanetsweng ya Maesemane le Maamerika, e jaanong e laolwang thata ke United States. Puso eno e ne e tla tshwenya baitshepi e bo e leke go fetola dinako le molao ka metlha kana ka dingwaga di le tharo le sephatlo. Kgabagare, e ne e tla letlwa gore e fenye baitshepi.—Bona gape le Tshenolō 13:5, 7.

11, 12. Go ne ga direga eng pele malatsi a boperofeti a a 1 260 a simologa?

11 Dikarolo tseno tsotlhe tsa boperofeti tse di tsamaisanang di ne tsa diragadiwa jang? Dingwaga di le dintsi pele ga Ntwa ya Lefatshe I, bomonnaa Jesu ba ba tloditsweng ba ne ba tlhagisa phatlalatsa gore metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba e ne e tla khutla ka 1914. Fa ntwa e simologa, go ne go bonala sentle gore tlhagiso eo e ne e tlhokomologilwe. Satane o ne a dirisa “sebatana” sa gagwe, eleng lekgotla la bopolotiki jwa lefatshe jo ka nako eo bo neng bo laolwa thata ke Mmusomogolo wa Borithane, go leka go “hetola metlha le molaō,” go dira gore nako e Bogosi jwa Modimo bo neng bo tla busa ka yone e se ka ya lemogiwa. (Tshenolō 13:1, 2) O ne a palelwa. Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong, kgakala kwa motho ope a ka se bo fitlheleleng teng.—Tshenolō 12:1-3.

12 Mo Baithuting ba Bibela, ntwa e ne e tlisa nako ya go lekwa. E ne e sale e rile ka January 1914 ba bo ba ntse ba bontsha Photo-Drama of Creation, e e leng ditshwantsho tsa Bibela tse di neng di tlhalosa boperofeti jwa ga Daniele. Ntwa e ne ya simologa ka selemo sa one ngwaga oo kwa Hemisefereng e e kwa Bokone. Metlha e e tlhomilweng e ne ya fela ka October. Fa ngwaga oo o fela, masalela a a tloditsweng a ne a lebeletse go bogisiwa, jaaka fa go lemogwa mo ntlheng ya gore temana e e neng ya tlhophiwa go nna yone ya ngwaga wa 1915 e ne e le potso e Jesu a e boditseng barutwa ba gagwe, “A lo ka nwa ga senwelo sa me?” e theilwe mo go Mathaio 20:22, King James Version.

13. Baithuti ba Bibela ba ne ba rera jang ba apere letsela la kgetsi mo malatsing a a 1 260, mme go ne ga direga eng kwa bokhutlong jwa motlha oo?

13 Ka jalo, go tloga ka December 1914, setlhophanyana seno se se tlhagafetseng sa basupi ‘se ne sa rera se apere letsela la kgetsi,’ sa itshoka ka boikokobetso se ntse se itsise dikatlholo tsa ga Jehofa. Ka 1916, ba le bantsi ba ne ba garolwa pelo ke loso lwa ga C. T. Russell, poresidente wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society. Fa moya wa ntwa o ntse o anama, ba ne ba ganediwa ka kganetso e e neng e oketsegela pele. Bangwe ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Batho ba ba tshwanang le Frank Platt wa kwa Engelane le Robert Clegg kwa Canada, ba ne ba bogisiwa ke babusi ba ba setlhogo tota. Kgabagare, ka June 21, 1918, J. F. Rutherford, poresidente o mosha, mmogo le bakaedi ba Watch Tower Bible and Tract Society, ba ne ba atlholelwa lobaka lo lotelele mo kgolegelong ba latofaditswe ka maaka. Ka jalo, kwa bokhutlong jwa motlha o o perofetilweng, “lonaka lo lonnye” lo ne lwa bolaya tiro e e rulagantsweng ya go rera phatlalatsa.—Daniele 7:8, King James Version.

14. Dilo di ne tsa fetogela masalela a a tloditsweng jang ka 1919 le morago ga foo?

14 Lokwalo lwa Tshenolō lo perofesa gore go ne ga direga eng morago ga foo. Morago ga nako e khutshwane e ka yone go neng go sa dirwe sepe—e e boleletsweng pele e le malatsi a le mararo le sephatlo a fa ba namaletse ba sule mo mmileng—masalela a a tloditsweng a ne a boa a tshela le go dira gape. (Tshenolō 11:11-13) Ka March 26, 1919, poresidente le bakaedi ba Watch Tower Bible and Tract Society ba ne ba gololwa, mme moragonyana ditatofatso tse di neng di dirilwe kgatlhanong le bone di ne tsa phimolwa gotlhegotlhe. Morago fela ga gore masalela ano a a tloditsweng a gololwe, a ne a simolola go rulaganya dilo sesha gore a tsweledise tiro pele. Ka jalo, go diragatsa tatlhego ya ntlha ya Tshenolō, ba ne ba tswa mo moleteng wa go sa dire sepe jaaka tsie ya semoya e tla le mosi o montsho, go bontsha gore bodumedi jwa maaka bo na le isagwe e e sa itumediseng. (Tshenolō 9:1-11) Mo dingwageng di sekae tse di neng tsa latela, ba ne ba tlamelwa semoyeng ba thusiwa go ipaakanyetsa se se neng se tla direga mo isagweng. Ka 1921 ba ne ba gatisa buka e ntšha, The Harp of God, e e diretsweng go thusa batho ba basha le bana gore ba ithute boammaaruri jwa motheo jwa Bibela. (Tshenolō 12:6, 14) Dilo tseno tsotlhe di diragetse mo lobakeng lo longwe lo lo botlhokwa lwa nako.

Malatsi A A 1 290

15. Re ka bala jang gore malatsi a a 1 290 a simologile leng? Lobaka lono lwa nako lo fedile leng?

15 Moengele o ne a raya Daniele a re: “Go tloga mo lobakeñ lo chupèlō e e hisiwañ ea ka metlha eotlhe e tlosiwañ ka lōna, le makgapha a a shwahatsañ a tlhōñwañ ka lōna, go tla nna malatsi a le thousanda, le makgolo mabedi, le mashomè a a hèrañ moñwe hèla.” (Daniele 12:11) Mo Molaong wa ga Moshe, “chupèlō e e hisiwañ ea ka metlha eotlhe” e ne e fisiwa mo sebesong mo tempeleng e e kwa Jerusalema. Bakeresete ga ba ise ditshupelo tse di fisiwang, mme gone ba isa tshupelo ya ka metlha yotlhe ya semoya. Paulo o ne a bua ka yone fa a ne a re: “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” (Bahebera 13:15; bapisa Hosea 14:2.) Tshupelo eno ya ka metlha yotlhe e ne ya tlosiwa ka June 1918. Jaanong, “makgapha a a shwahatsañ”—karolo ya bobedi e e tshwanetseng ya bonwa e ne e le eng? E ne e le Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, le le rotloeditsweng ke mebuso e e fentseng kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I.b Le ne le le makgapha ka gonne baeteledipele ba Labokeresete ba ne ba le baya mo boemong jwa Bogosi jwa Modimo, ba bolela gore Lekgotla la Kgolagano ke lone fela le batho ba ka solofelang go bona kagiso ka lone. Go ne ga akantshiwa gore go nne le Lekgotla leno la Kgolagano ka January 1919. Fa re bala malatsi a le 1 290 (dingwaga di le tharo, le dikgwedi di le supa) go tloga ka nako eo, re fitlha mo go September 1922.

16. Kwa bokhutlong jwa malatsi a a 1 290, go ne ga bonala jang gore masalela a a tloditsweng a ne a iketleeditse go tsaya kgato?

16 Go ne ga direga eng ka nako eo? Kana jaanong Baithuti ba Bibela ba ne ba lapologile, ba dule mo go Babelona O Mogolo, e bile ba ipaakanyeditse go tsaya kgato. (Tshenolō 18:4) Kwa kopanong e e neng e tshwerwe kwa Cedar Point, kwa Ohio, kwa U.S.A., ka September 1922, ba ne ba simolola go bolela dikatlholo tsa Modimo mo go Labokeresete ka bopelokgale. (Tshenolō 8:7-12) Tsie e ne ya simolola go loma botlhoko tota jaanong! Mo godimo ga moo, tatlhego ya bobedi ya Tshenolō e ne ya simologa. Dipalopalo tsa batlhabani ba Bakeresete—ba pele e neng e le masalela a batlodiwa mme ya re morago ba okediwa ke ba boidiidi jo bogolo—ba ne ba anama le lefatshe. (Tshenolō 7:9; 9:13-19) Ee, bokhutlo jwa malatsi a a 1 290 bo ne jwa leretse batho ba Modimo boitumelo.c Mme go ne go santse go tla direga tse dikgolo.

Malatsi A A 1 335

17. Malatsi a a 1 335 a ne a simologa leng mme a khutla leng?

17 Daniele 12:12 ya re: “Go segō èna eo o lebeletseñ, me a ea go hitlha mo malatsiñ a a thousanda, le makgolo a mararo, le mashomè mararo le botlhano.” Go bonala sentle gore malatsi ano a a 1 335, kana dingwaga tse tharo, dikgwedi tse robedi le sephatlo, a simologile kwa bokhutlong jwa lobaka lwa nako lo re sa tswang go bua ka lone. Fa re bala go tloga ka September 1922, re fitlha mo bofelong jwa dikgakologo tsa 1926 (kwa Hemisefereng e e kwa Bokone). Go ne ga direga eng mo malatsing ao a a 1 335?

18. Ke dintlha dife tse di supang gore go ne go santse go tshwanetse ga dirwa kgatelopele nngwe bogologolo ka 1922?

18 Le mororo go ne ga direga dilo tsa botlhokwa ka 1922, bosupi bo bontsha gore bangwe ba ne ba santse ba tlhologelelwa dilo tse di fetileng. Studies in the Scriptures, tse di kwadilweng ke C. T. Russell, e ne e santse e le tsone dikgatiso tsa konokono tse di dirisiwang mo go ithuteng. Mo godimo ga moo, bukana e e neng e anamisiwa thata ya Millions Now Living Will Never Die e ne e bontsha gore maikaelelo a Modimo malebana le go tsosolosiwa ga lefatshe go le dira Paradaise le go tsosiwa ga batho ba ba ikanyegang ba bogologolo a ne a tla simolola go diragadiwa ka 1925. Go itshoka ga batlodiwa go ne go lebega go setse go le gaufi le go wela. Lefa go ntse jalo, bangwe ba ba neng ba kopanela le Baithuti ba Bibela ba ne ba sa ikutlwe ba tlamega go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo.

19, 20. (a) Batho ba Modimo ba ne ba fetogelwa ke dilo tse dintsi jang mo malatsing a a 1 335? (b) Ke ditiragalo dife tse di neng tsa tshwaya bokhutlo jwa motlha wa malatsi a a 1 335, mme di ne tsa supa eng kaga batho ba ga Jehofa?

19 Fa malatsi a a 1 335 a ntse a feta, seno sotlhe se ne sa fetoga. Go ne ga rulaganngwa gore go nne le ditlhopha tsa ka metlha tsa go ithuta Tora ya Tebelo go nonotsha bakaulengwe. Go ne ga gatelelwa botlhokwa jwa tirelo ya tshimo. Go simolola ka May 1923, mongwe le mongwe o ne a lalediwa gore a nne le seabe mo tirelong ya tshimo ka Labobedi wa ntlha wa kgwedi nngwe le nngwe, mme go ne go seegelwa nako kwa thoko mo pokanong ya fa gare ga beke go ba kgothaletsa tiro eno. Ka August 1923, kwa kopanong nngwe ya kwa Los Angeles, kwa California, kwa U.S.A., go ne ga bontshiwa gore setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi se ne se tla diragadiwa pele ga Puso ya Mileniamo. (Mathaio 25:31-40) Ka ngwaga wa 1924 go ne ga tlhongwa seteišane sa radio sa WBBR, se se neng se dirisediwa go anamisa mafoko a a molemo ka makhubu a phefo. Setlhogo sa “Go Tsalwa ga Morafe” mo tokololong ya March 1, 1925, ya The Watch Tower se ne sa bontsha tlhaloso e e fetotsweng ya Tshenolō kgaolo 12. Kgabagare, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne jaanong ba ka tlhaloganya ditiragalo tsa tlhakatlhakano ya 1914-19 sentle.

20 Ngwaga wa 1925 o ne wa fela, mme bokhutlo bo ne bo ntse bo ise bo tle! Fa e sale ka bo 1870, Baithuti ba Bibela ba ne ba ile ba direla ba na le letlha lengwe mo megopolong ya bone—la ntlha e ne e le 1914, la bobedi e le 1925. Jaanong, ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go direla ka lobaka lo loleele go ya kafa Jehofa a batlang ka gone. Tokololo ya January 1, 1926 ya The Watch Tower e ne e na le setlhogo seno sa botlhokwa “Ke Mang Yo O Tla Tlotlang Jehofa?” se se neng se gatelela thata go feta nako epe pele kafa leina la Modimo le leng botlhokwa ka gone. Mme kgabagare, ka May 1926 kwa kopanong ya kwa Lontone, kwa Engelane, go ne ga dirwa maitlamo a a neng a bidiwa “Bosupi go Babusi ba Lefatshe.” A ne a bolela ka tlhamalalo boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo le kafa lefatshe la ga Satane le tlileng go senngwa ka gone. Kwa go yone kopano eo, go ne ga gololwa buka e e bogale ya Deliverance, e e neng ya nna yone ya ntlha ya motseletsele o o neng o emisetsa Studies in the Scriptures. Jaanong batho ba Modimo ba ne ba lebile kwa pele, e seng kwa morago. Malatsi a a 1 335 a ne a wetse.

21. Go itshoka mo lobakeng lwa malatsi a a 1 335 go ne ga kaya eng mo bathong ba Modimo bogologolo ka nako eo, mme go diragadiwa ga boperofeti malebana le nako eno go kaya eng mo go rona?

21 Bangwe ba ne ba sa batle go fetoga le diphetogo tseno, mme lefa go ntse jalo ba ba neng ba itshoka ba ne ba itumela eleruri. Mo godimo ga moo, fa re gopola kafa metlha eno ya boperofeti e diragaditsweng ka gone, le rona re a itumela ka gonne tshepo ya rona ya gore setlhophanyana sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshela mo metlheng eo ruri ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale e a nonotshiwa. Mo dingwageng tse di ileng tsa latela morago ga foo, phuthego ya ga Jehofa e ile ya gola fela thata, mme motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o santse a e tshegeditse, a e kaela. Ka gone, a bo go itumedisa jang ne go itse gore batlodiwa le dinku di sele ba santse ba tla itumela mo go oketsegileng! Seno re tla se bona fa re tlhatlhoba boperofeti jo bongwe jwa ga Daniele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tlhaloso ya gore metlha eno ya boperofeti e balwa jang, bona Our Incoming World Government—God’s Kingdom, kgaolo 8, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Bona tokololo ya Tora ya Tebelo ya October 1, 1985, ditsebe 8-18.

c Bona tokololo ya January 1, 1991 ya Tora ya Tebelo, tsebe 12, le 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 132.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Re itse jang gore boperofeti bongwe mo go Daniele bo ne bo tla diragadiwa mo motlheng wa rona?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore masalela a a tloditsweng ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”?

◻ Malatsi a a 1 260 a ne a simologa leng a bo a khutla leng?

◻ Malatsi a a 1 290 a ne a lapolosa masalela a a tloditsweng jang le go a tsosolosa?

◻ Ke ka ntlha yang fa ba ba ileng ba itshoka go fitlha kwa bokhutlong jwa malatsi a a 1 335 ba ne ba itumela?

[Lebokoso mo go tsebe 11]

METLHA YA GA DANIELE YA BOPEROFETI

Malatsi a a 1 260:

December 1914 go fitlha ka June 1918

Malatsi a a 1 290:

January 1919 go fitlha ka September 1922

Malatsi a a 1 335:

September 1922 go fitlha ka May 1926

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa e sale ka 1919 go ntse go bonala ka phepafalo gore “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” ke masalela a a tloditsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ntlokgolo ya Lekgotla la Kgolagano ya Merafe kwa Geneva, kwa Switzerland

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela