LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/1 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Malatsi a ga Daniele a Boperofeti le Tumelo ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/1 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Re ne ra itumelela go ithuta ka ga boporofeti jwa ga Daniele jaaka bo tlhalositswe go “Tora ya Tebelo.” Mme lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa metlha e meraro le sephatlo ya Tshenolō 11:3 e farologana le e e mo bukeng ya “Tshenolō Konelo ya Yone”?

Ee, tota Tora ya Tebelo ya November 1, 1993 e ile ya dira diphetogonyana kaga dinako tsa go diragadiwa ga Tshenolō 11:3 mo nakong ya segompieno. Ka ntlha yang?

A re tlhokomeleng pele Tshenolō 11:2, eo e umakang “dikgwedi di le mashomè manè le bobedi” mo bofelong. Re tswelela mo temaneng ya 3: “Ke tla naea bashupi ba me ba ba babedi taolō, me ba tla bolèla ka malatsi a le thousanda a le moñwe, le makgolo mabedi, le mashomè marataro, ba apere letsela ya kgetse.” Seno se diragala leng?

Tota ke kgale Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolela gore boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya morago ga bokhutlo jwa “metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba” (Metlha ya Baditšhaba) ka 1914. (Luke 21:24, NW; 2 Bakorintha 1:21, 22) Fa e bua kaga seno, Tshenolō Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse!a (1988) e bua jaana mo tsebeng ya 164: “Go ne ga nna le nako e e tshwailweng ya dingwaga tse tharo le sephatlo fa maitemogelo a a boima a batho ba Modimo a neng a tshwana le ditiragalo tseo di bolelelwang pele fano—go tswa tshimologong ya ntwa ya lefatshe ya ntlha mo karolong ya bofelo ya 1914 le go tswelela go ya karolong ya ntlha ya 1918.”

Tlhokomela gore nako e e boletsweng e ne e le mo “tshimologong ya ntwa ya lefatshe ya ntlha mo karolong ya bofelo ya 1914 [go fitlha] karolong ya ntlha ya 1918.” Seno se dumalana le nako e e bolelwang ka gale, jaaka mo go “Then Is Finished the Mystery of God,” ditsebe 261-4, (1969).*

Lefa go ntse jalo, Tora ya Tebelo e ne e lebisitse thata mo dipolelelopeleng tse di mo go Daniele, buka e e umakang gabedi lobaka lwa nako lo lo tsamaisanang le lo lo umakiwang moragonyana mo go Tshenolō—dingwaga di le 3 1/2 kana dikgwedi di le 42. Fa re bua ka tlhamalalo fela, Daniele 7:25 e re baitshepi ba Modimo ba ne ba tla sotliwa ka “motlha le metlha, le bontlhañwe yoa motlha,” kana metlha e e 3 1/2. Moragonyana, Daniele 12:7 e ne ya bolelela pele ka ga “motlha le metlha, le bontlha ñwe yoa motlha,” kana metlha e le 3 1/2 e e neng e tla konelwa ka “go thubaganya thata ea batho ba ba boitshèpō.”

Ka jalo re na le boporofeti jo bo buang ka lobaka lo lo tsamaisanang le lo lo mo go Daniele 7:25, Daniele 12:7 le Tshenolō 11:2, 3, mmogo le Tshenolō 13:5. Dikgatiso tsa rona di ile tsa bontsha gore bo ile jwa diragadiwa jotlhe mo lobakeng lwa 1914-18. Mme fa re bua ka ga nngwe le nngwe ya dipolelelopele tseno, dinako tsa tshimologo le bokhutlo di ile tsa farologana go le gonnye.

Lefa go ntse jalo, Tora ya Tebelo ya November 1, 1993 e ile ya botsa ka gore: “Dikarolo tseno tsotlhe tsa boporofeti tse di tsamaisanang di ne tsa diragadiwa jang?” Ee, boporofeti jwa metlha e le 3 1/2 jo bo umakiwang mo go Daniele 7:25, Daniele 12:7, le Tshenolō 11:3 bo ne bo bonwa jaaka “boporofeti jo bo tsamaisanang.” Ka jalo, bo ne bo tla dumalana mo tshimologong le mo bokhutlong jwa jone.

Ka ga bokhutlo, makasine ono o ne wa bontsha kafa go lekwa ga batlodiwa ba Modimo (Daniele 7:25) go neng ga fitlha mo setlhoeng sa gone ka June 1918 fa J. F. Rutherford le bakaedi ba bangwe ba Watch Tower Bible and Tract Society ba ne ba “atlholelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong ba latofaditswe ka maaka.” Tota tiragalo eno e ne e le “go thubaganya thata ea batho ba ba boitshèpō,” jaaka go bontshitswe mo go Daniele 12:7.

Fa re balela morago go tswa ka June 1918 re fitlha mo go December 1914 kwa tshimologong ya metlha e 3 1/2. Mo kgweding eo ya bofelo ya 1914, batlodiwa ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba ile ba utlwa temana ya setlhogo ya ngwaga o o neng o latela: ‘“A lo ka nwa senwelo sa me?’—Mathaio 20:20-23.” Setlhogo se se neng se itsise se ne sa tlhagisa ka go re: “Ke mang yo o itseng gore gongwe go tla nna le teko nngwe e e kgethegileng, senwelo sa pogiso kana bosetlhogo, mo balateding ba ba ikanyegang ba Kwana ka 1915!” Jaaka Daniele 7:25 e ne ya bolelelapele seno kaga metlha e 3 1/2, ‘go lekwa ga baitshepi ba Mogodimodimo go ne ga simolola mme ga nna ga tswelela.’ Ditšhaba di ne tsa tshwarega mo Ntweng ya Lefatshe I mme seo sa dira gore di nne le seipato sa go ba tlhorontsha motlhofo fela kwantle ga mabaka ape. Re digela ka go re: Dipolelelopele tse tharo tseno tse di tsamaisanang—Daniele 7:25, 12:7 le Tshenolō 11:3—di ile tsa diragadiwa ka dingwaga tse 3 1/2 kana dikgwedi di le 42, go tswa ka December 1914 go fitlha ka June 1918.

Seno se tlhalosa lebaka la go bo nako ya go diragadiwa ga Tshenolō 11:3 e ile ya fetolwa go le gonnye. Tsela eno e ntšha e tshwanetse go gopolwa fa re ithuta le go dirisa buka ya Tshenolō Konelo ya Yone mo isagweng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela