LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 12-17
  • Tsamaya mo Ditseleng tsa ga Jehofa ka Bopelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsamaya mo Ditseleng tsa ga Jehofa ka Bopelokgale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Bopelokgale E Leng Sone
  • Go Nna Pelokgale go Bolela Molaetsa wa Modimo
  • Go Nna Pelokgale Fa O Lekwa
  • Bopelokgale jwa go Ikobela Modimo
  • Bopelokgale jwa go Ema le Batho ba Modimo
  • Bopelokgale jwa ‘go Sala Jehofa Morago ka Botlalo’
  • Bopelokgale jwa go Ikanya Modimo
  • Bopelokgale jwa go Tlotla Jehofa le go Tsweledisa Kobamelo E E Itshekileng
  • ‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Nna Pelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Nna Pelokgale Jehofa O na Le Wena!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 12-17

Tsamaya mo Ditseleng tsa ga Jehofa ka Bopelokgale

“Go segō moñwe le moñwe eo o boihañ Yehofa, eo o tsamaeañ mo ditseleñ tsa gagwè.”—PESALEMA 128:1.

1, 2. Pego ya Bibela kaga mafoko le ditiro tsa basupi ba bogologolo ba ga Jehofa e re thusa jang?

LEFOKO Le Le Boitshepo la ga Jehofa le tletse ka dipego tse di buang ka diteko le dilo tse di neng tsa itumelelwa ke batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Boitemogelo jwa ga Noa, Aberahame, Sara, Joshue, Debora, Barake, Dafide, le ba bangwe bo tlhomologile thata e bile bo nonofile tota. Botlhe ba kile ba tshela e bile ba na le selo sengwe se se kgethegileng se se tshwanang. Ba ne ba dumela mo Modimong e bile ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe ka bopelokgale.

2 Mafoko le ditiro tsa basupi bano ba bogologolo ba ga Jehofa di ka re kgothatsa thata fa re ntse re leka go tsamaya mo ditseleng tsa Modimo. Mo godimo ga moo, re tla itumela fa re supa gore re tlotla Modimo le fa re supa gore re tshaba go mo utlwisa botlhoko. Seno se boammaaruri lefa re lekwa mo matshelong a rona, ka go bo mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a opela jaana: “Go segō moñwe le moñwe eo o boihañ Yehofa, eo o tsamaeañ mo ditseleñ tsa gagwè.”—Pesalema 128:1.

Se Bopelokgale E Leng Sone

3. Bopelokgale ke eng?

3 Re tshwanetse ra nna pelokgale gore re kgone go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. E bile tota, Dikwalo di laela batho ba Modimo gore ba supe nonofo eno. Ka sekai, mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Nnañ [pelokgale, NW] me a dipelo tsa lona di natlahalè, lona lotlhe ba lo sholohèlañ mo go Yehofa.” (Pesalema 31:24) Bopelokgale ke “nonofo ya mogopolo kana ya go laolwa ke melaometheo e e siameng go dira sengwe, go itshoka, le go emelana le kotsi, poifo kana bothata bongwe.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Motho yo o pelokgale o nonofile, ga a boife, e bile ke segatlhamelamasisi. Mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela modiri ka ene ebong Timotheo a supa sentle ka phepafalo fela gore Jehofa o dira gore batlhanka ba gagwe ba nne pelokgale: “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.”—2 Timotheo 1:7.

4. Tsela nngwe ya go nna pelokgale ke efe?

4 Tsela nngwe ya go bona bopelokgale jono jo bo abiwang ke Modimo ke ka go sekaseka Lefoko la ga Jehofa eleng Bibela ka thapelo. Dipego tse dintsi tse di mo Dikwalong di ka re thusa go nna pelokgale le go feta. Ka gone, a pele re boneng gore re ka ithuta eng mo go seo se kwadilweng mo Dikwalong tsa Sehebera ka bangwe ba ba neng ba tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa ka bopelokgale.

Go Nna Pelokgale go Bolela Molaetsa wa Modimo

5. Bopelokgale jwa ga Enoke bo ka solegela batlhanka ba segompieno ba ga Jehofa molemo jang?

5 Bopelokgale jo Enoke a neng a na najo bo ka thusa batlhanka ba ga Jehofa ba segompieno go bolela molaetsa wa Modimo ba le pelokgale. Pele Enoke a tsholwa, ‘batho ba ne ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.’ Bakanoki bangwe ba bolela gore batho ba ne ba “simolola ka lonyatso” go bitsa leina la ga Jehofa. (Genesise 4:25, 26; 5:3, 6) Ba ka tswa ba ne ba bitsa batho bangwe kana le eleng medimo mengwe ya disetwa ka leina la bomodimo. Ka gone, bodumedi jwa maaka bo ne bo setse bo ntsifala ka nako ya fa Enoke a ne a tsholwa ka 3404 B.C.E. E bile tota, go lebega e ne e le ene fela a neng a “sepela le Modimo,” a tshela ka tsela e e siameng e e dumelanang le boammaaruri jwa ga Jehofa jo bo neng bo itsiwe.—Genesise 5:18, 24.

6. (a) Enoke o ne a bolela molaetsa ofe o o nonofileng? (b) Ke eng se re ka se solofelang?

6 Go lebega Enoke a ne a itsise molaetsa wa Modimo ka bopelokgale ka go rera. (Bahebera 11:5; bapisa 2 Petere 2:5.) “Bōnañ,” go ne ga bolela mosupi yono yo a neng a sa patiwa ke ope, “Yehofa o na a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, A tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa, le dilō tse di thata cotlhe tse baleohi ba ba ikèpañ ba di buileñ kaga gagwè.” (Yude 14, 15) Enoke o ne a le pelokgale gore a dirise leina Jehofa fa a ne a itsise molaetsa o o neng o kgala baikepi. Mme jaaka Modimo o ne wa naya Enoke bopelokgale jwa go itsise molaetsa o o nonofileng oo, fela jalo Jehofa o neile Basupi ba Gagwe ba motlha ono nonofo ya go bolela lefoko la Gagwe ba sa boife mo bodiheding, kwa sekolong, le kwa mafelong a mangwe.—Bapisa Ditihō 4:29-31.

Go Nna Pelokgale Fa O Lekwa

7. Noa ke sekao se se ntseng jang sa go nna pelokgale?

7 Sekai sa ga Noa se ka re thusa go nna pelokgale go dira ditiro tse di siameng fa re lekwa. O ne a tlhotlhelediwa ke bopelokgale le tumelo go tsaya kgato fa Modimo o sena go mo tlhagisa ka morwalela wa lefatshe lotlhe mme a “baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè.” Noa o ne a dira ditiro tse di bontshang boikobo le tse di siameng go supa gore lefatshe la batho ba ba sa dumeleng le ne le le phoso e bile o ne a supa gore ba tshwanetse go bolawa. (Bahebera 11:7; Genesise 6:13-22; 7:16) Go tlhatlhanya ka botshelo jwa ga Noa go thusa batlhanka ba Modimo ba metlha ya segompieno gore ba dire ditiro tse di ntseng jalo tse di siameng tse di jaaka bodihedi jwa Bokeresete ka bopelokgale.

8. (a) Noa o ne a lebana le eng jaaka “moreri oa tshiamō”? (b) Jehofa o tlile go re direla eng fa re rera ka bopelokgale re bolela ka tshiamo?

8 Fa re tshela ka tsela e e siameng mme re sa itse gore re ka lebana jang le teko e e rileng, a re rapeleleng gore re newe botlhale jwa go e itshokela. (Yakobe 1:5-8) Tsela e Noa a neng a ikanyega ka yone mo Modimong fa a ne a lekwa e bontsha gore motho a ka kgona go lebana le diteko a le pelokgale e bile a ikanyega. O ne a se ka a letla lefatshe le le boikepo leo le baengele ba ba neng ba le mo sebopegong sa batho le bana ba bone ba diganka gore ba mo tlhotlheletse. Ee, Noa o ne a le pelokgale jaaka “moreri oa tshiamō” mo ‘lefatsheng leo la bogologolo’ le le neng le tlile go senngwa. (2 Petere 2:4, 5; Genesise 6:1-9) Le mororo a ne a bolela jaaka morongwa se Modimo a neng a tlhagisa batho ba ba neng ba tshela pele ga morwalela ka sone ka go tlhoka poifo, “ga ba a ka ba reetsa go fitlha morwalela o tla o ba tlosa botlhe.” (Mathaio 24:36-39, NW) Mme a re gakologelweng gore lefa batho ba bantsi gompieno ba ka re bogisa le go gana go reetsa molaetsa wa rona o o thailweng mo Bibeleng, Jehofa o tla re ema nokeng fela jaaka a ne a ema Noa nokeng fa re supa gore re na le tumelo le bopelokgale jo bo tshwanang le jwa gagwe jaaka bareri ba tshiamo.

Bopelokgale jwa go Ikobela Modimo

9, 10. Aberahame, Sara, le Isake ba ne ba supa fa ba ikoba ba le pelokgale jang?

9 “Tsala ea Modimo” ebong Aberahame ke sekao se se molemo sa go ikobela Modimo ka bopelokgale. (Yakobe 2:23) Aberahame o ne a tlhoka go nna le tumelo le bopelokgale go ikobela Jehofa le go tswa mo Ure wa Bakaladea, motse o o neng o tletse ka dithoto. O ne a dumela fa Modimo o ne o mo solofetsa gore “ditshika cotlhe tsa lehatshe” di ne di tla segofala ka ene le gore losika lwa gagwe lo ne lo tla newa naga nngwe. (Genesise 12:1-9; 15:18-21) Ka tumelo Aberahame “a cwa moyaki mo lehatshiñ ya polèlō ea choloheco” mme a lebelela go bona “lehatshe ye le molemō bogolo”—Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, joo mo go jone a neng a tlile go tsosiwa mo baswing gore a tle go tshela mo lefatsheng.—Bahebera 11:8-16.

10 Sara, mosadi wa ga Aberahame, o ne a na le tumelo e bile a le pelokgale go tlogela Ure, a tsamaya le monna wa gagwe go ya kwa nageng e e seng ya gaabo, le go itshokela mathata ape fela a ba neng ba tla kopana le one koo. Mme a bo a ne a segofadiwa thata jang ne ka go bo a ne a ikobela Modimo ka bopelokgale! Le mororo e ne e le moopa go fitlha a nna le dingwaga di le 90 e bile “a setse a cohetse,” Sara o ne a newa nonofo ya go ‘ithwala, ka a kaile Modimo o o mo solofeditseng fa o le boikanngo.’ Fa nako e ntse e tsamaya o ne a tshola Isake. (Bahebera 11:11, 12; Genesise 17:15-17; 18:11; 21:1-7) Dingwaga moragonyana, Aberahame o ne a ikobela Modimo ka bopelokgale mme “go ne go tshwana fela lefa a ne a setse a isitse Isake setlhabelo.” Moengele o ne a mo thiba, mme tlhogo eno ya lotso e ne ya amogela morwaayone yo o boikobo le yo o pelokgale go tswa mo losong “ka setshwantsho.” Ka jalo, ene le Isake ba ne ba tshwantshetsa kafa Jehofa Modimo a neng a tlile go ntsha Jesu Keresete, Morwawe, jaaka thekololo ka teng gore ba ba neng ba tla dumela mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Bahebera 11:17-19, NW; Genesise 22:1-19; Yohane 3:16) Eleruri, tsela e Aberahame, Sara, le Isake ba neng ba ikoba ka yone ba le pelokgale e tshwanetse go re tlhotlheletsa go ikobela Jehofa le go dira thato ya gagwe ka metlha.

Bopelokgale jwa go Ema le Batho ba Modimo

11, 12. (a) Moshe o ne a supa jang gore o pelokgale fa go tla mo bathong ba ga Jehofa? (b) Ke potso efe e e ka bodiwang mabapi le bopelokgale jwa ga Moshe?

11 Moshe o ne a ema ka bopelokgale le batho ba ba neng ba bogisiwa ba Modimo. Batsadi ba ga Moshe ka bobone ba ne ba supa bopelokgale mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E. Ba ne ba se ka ba boifa taolo ya kgosi ya gore go bolawe bana botlhe ba basimane ba Bahebera, mme ba ne ba fitlha Moshe mme morago ba mo tsenya mo serotong ba se baya mo teng ga lotlhaka fa losing lwa noka ya Nile. O ne a bonwa ke morwadia Faro mme a godisiwa jaaka morwawe, le mororo a ne a newa thapiso ya semoya kwa legaeng la batsadi ba gagwe pele. Jaaka leloko la ntlo ya ga Faro, Moshe o ne “a rutwa botlhale yotlhe yoa Baegepeto” mme a “nonoha mo puoñ le mo ditihoñ,” a nonofa mo tlhaloganyong le mo mmeleng.—Ditihō 7:20-22; Ekesodo 2:1-10; 6:20.

12 Le mororo ntlo eo ya segosi e ne e tletse dithoto, Moshe o ne a nna pelokgale a itlhophela go ema le baobamedi ba ga Jehofa, ba ka nako eo e neng e le makgoba kwa Egepeto. O ne a femela Moiseraele ka go bolaya Moegepeto a bo a siela kwa Midiana. (Ekesodo 2:11-15) Modimo o ne wa mo dirisa mo e ka nnang dingwaga tse 40 moragonyana go etelela Baiseraele pele a ba ntsha mo botshwarong. Ka nako eo Moshe o ne “a tloga mo Egepeto, a sa boihe bogale yoa kgosi,” e e neng e mo tshoseditse gore e tla mmolaya ka gonne a ne a emela Jehofa mo boemong jwa Baiseraele. Moshe o ne a tsamaya jaaka e kete o ne a bona Jehofa Modimo, “èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:23-29; Ekesodo 10:28) A o na le tumelo le bopelokgale tse di tshwanang le tseo mo e leng gore o tla ngaparela Jehofa le batho ba gagwe le mororo o sotliwa le go bogisiwa?

Bopelokgale jwa ‘go Sala Jehofa Morago ka Botlalo’

13. Joshue le Kalebe ba ne ba itshupa e le dikao tsa bopelokgale jang?

13 Joshue le Kalebe ba ba pelokgale ba ne ba ntsha bosupi jwa gore re ka kgona go tsamaya mo ditseleng tsa Modimo. Ba ‘ne ba sala Jehofa morago ka botlalo.’ (Dipalō 32:12) Joshue le Kalebe e ne e le bangwe ba banna ba ba 12 ba ba neng ba romilwe go ya go tlhola Lefatshe Le Le Solofeditsweng. Ditlhodi tse dingwe tse di lesome di ne tsa boifa baagi ba lone mme tsa leka go thibela Baiseraele gore ba se ka ba tsena mo Kanana. Lefa go ntse jalo, Joshue le Kalebe ba ne ba bolela jaana ka bopelokgale: “Ha Yehofa a itumèla mo go rona, hoñ o tla re hitlhisa mo lehatshiñ yeuō, o tla le re naea: ke lehatshe ye le èlañ mashi le dinotshe. Hèla lo se ka loa cuololèla Yehofa hèla, le gōna lo se ka loa boiha batho ba lehatshe yeuō; gonne ke diyō mo go rona: phemèlō ea bōnè e tlosicwe mo go bōnè, me Yehofa o na le rona: lo se ka loa ba boiha.” (Dipalō 14:8, 9) Kokomana eo ya Iseraele e ne ya se ka ya goroga kwa nageng e ba neng ba e solofeditswe eo gonne ba ne ba sena tumelo e bile ba se pelokgale. Mme lefa go ntse jalo, Joshue le Kalebe, mmogo le kokomana e nngwe e ntšha ba ne ba tsena.

14, 15. (a) Joshue le Baiseraele ba ile ba diragalelwa ke eng fa a ne a dirisa mafoko a a mo go Yoshue 1:7, 8? (b) Ke thuto efe e e amang bopelokgale e re e ithutang mo go Joshue le Kalebe?

14 Modimo o ne wa raya Joshue wa re: “U nnè thata hèla le pelokgale thata hèla, go tlhōkōmèla go diha kaha molaoñ otlhe, o Moshe motlhanka oa me o o gu laoletseñ; u se ka ua hapoga ua ea kaha ntlheñ ea ye legolo kgotsa go ya molèma, gore u tlè u bōnè go segōhala sentlè kwa le kwa u eañ gōna. Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè.”—Yoshue 1:7, 8.

15 Baiseraele ba ne ba kgona go gapa Jeriko le metsemegolo e mengwe gonne Joshue o ne a dirisa mafoko ao. Modimo o ne wa bo wa emisa letsatsi gore le nne le phatsime go fitlha Iseraele a fenya kwa Gibeona. (Yoshue 10:6-14) Joshue o ne a dira ka bopelokgale, fa a ne a tshosediwa ke masole a a ipopileng a baba ba ba neng “ba le bantsi, hèla yaka moshawa o o ha losiñ loa lewatlè,” mme Modimo o ne wa dira gore Baiseraele ba fenye gape. (Yoshue 11:1-9) Le mororo re le batho ba ba sa itekanelang, fela jaaka Joshue le Kalebe, re ka kgona go latela Jehofa ka botlalo, e bile Modimo o ka re naya maatla a go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe re le pelokgale.

Bopelokgale jwa go Ikanya Modimo

16. Debora, Barake, le Jaele ba ne ba supa bopelokgale jang?

16 Go ikanya Modimo ka bopelokgale go a duelwa, jaaka go supilwe mo ditiragalong tsa fa baatlhodi ba ne ba direla batho tshiamo kwa Iseraele. (Ruthe 1:1) Ka sekai, Moatlhodi Barake le moperofeti wa mosadi ebong Debora ba ne ba ikanya Modimo ba le pelokgale. Kgosi ya Mokanana ebong Jabine e ne e setse e na le dingwaga di le 20 e ntse e gateletse Baiseraele ka nako ya fa Jehofa a ne a dira gore Debora a reye Barake a phuthele banna ba le 10 000 kwa Thabeng ya Tabora. Sisere, moeteledipele wa masole a ga Jabine, o ne a sianela kwa mokgatšheng o o nang le metsi wa Kishona, a tlhomamisa tota gore masole a gagwe le dikara tsa one tsa ntwa tse 900 tse di nang le magale a tshipi mo maotwaneng a ne a tlile go fenya banna ba Iseraele fa lebaleng leo. Fa Baiseraele ba tsena ka dinao mo lebaleng la mokgatšha oo, Modimo o ne wa tsaya kgato mo boemong jwa bone, mme morwalela o ne wa dira lefelo leo la botlhabanelo seretse se se neng sa dira gore dikoloi tsa ga Sisere tsa ntwa di palelwe ke go tsamaya. Banna ba ga Barake ba ne ba fenya, mo e leng gore “ntwa eotlhe ea ga Sisere [e ne] ea wa ka boyetla yoa chaka.” Sisere o ne a tshabela kwa mogopeng wa ga Jaele, mme e ne ya re fa a santse a robetse, mosadi yono o ne a nna le bopelokgale jwa go mmolaya ka go kokotela lomapo mo thining ya tsebe ya gagwe mme lo ne lwa tswela ka kwa go e nngwe. Fela jaaka Debora a ne a perofesetsa Barake, “tlotlō” ya phenyo eno e ne ya newa mosadi. Iseraele o ne a “bōna boikhucō ka dinyaga di le mashomè manè” gonne Debora, Barake, le Jaele ba ne ba ikanya Modimo ba le pelokgale.—Baatlhodi 4:1-22; 5:31.

17. Ke sekao sefe sa go ikanya Jehofa ka bopelokgale se Moatlhodi Gideone a neng a se tlhoma?

17 Moatlhodi Gideone o ne a ikanya Jehofa Modimo a le pelokgale ka nako ya fa Bamidiane le ba bangwe ba ne ba tlhasela Iseraele. Le mororo ba ne ba fetwa ke ba ba ba tlhaselang ba ba 135 000, banna ba ba 32 000 ba masole a Iseraele ba ne ba santse ba ka nna ba akanya gore ba fentse ntwa eo ka maatla a bone mme e seng ka a Modimo. Gideone o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse gore a fokotse masole a gagwe go nna ditlhopha tse tharo tsa banna ba le 100 sengwe le sengwe. (Baatlhodi 7:1-7, 16; 8:10) Fa banna bano ba ba 300 ba ntse ba dikologa bothibelelo jwa Bamidiane bosigo, mongwe le mongwe o ne a na le lonaka le nkgwana ya metsi e e neng e na le lobone mo teng. Fa ba supediwa letshwao lengwe ba ne ba letsa dinaka, ba thuba dinkgwana, ba emisetsa mabone a bone kwa godimo, mme ba tlhaeletsa ba re: “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gideona!” (Baatlhodi 7:20) Bamidiana ba ba tshogileng bao ba ne ba simolola go sia mme ba ne ba gapiwa. Ditiragalo tse di ntseng jalo di tshwanetse go re tlhatswa pelo gore go ikanya Modimo ka bopelokgale go a duelwa le gompieno.

Bopelokgale jwa go Tlotla Jehofa le go Tsweledisa Kobamelo E E Itshekileng

18. Ke eng se Dafide a neng a se dira ka bopelokgale ka nako ya fa a ne a bolaya Goliathe?

18 Dikao tse dingwe tsa Bibela di re naya bopelokgale jwa go tlotla Jehofa le go tsweledisa kobamelo e e itshekileng. Dafide yo mmotlana, yoo a neng a falotsa dinku tsa ga rraagwe ka go tlhoka poifo, o ne a itshupa a le pelokgale fa pele ga seganka sa Mofilisitia ebong Goliathe. Dafide o ne a bolela jaana: “U tla kwa go nna ka chaka, le ka lerumō, le ka putlèla: me nna ke tla kwa go wèna mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa dintwa tsa Iseraela, eo u mo kgobileñ. Yehofa o tla gu tsenya mo seatleñ sa me gompiyeno; me ke tla gu bolaea, ke tlosa tlhōgō ea gago; . . . gore lehatshe yeotlhe le itse ha go na le Modimo mo Iseraela: Le go re, phuthègō e, eotlhe, e itse ha Yehofa a sa golole ka chaka le ka lerumō: gonne tlhabanō ke ea ga Yehofa.” (1 Samuele 17:32-37, 45-47) Dafide o ne a kgona go tlotla Jehofa a le pelokgale mme o ne a thusiwa ke Modimo go bolaya Goliathe, ka go dira jalo a dira seabe sa botlhokwa mo go sireletseng kobamelo e e itshekileng mo Bafilisiteng.

19. Solomone o ne a tlhoka bopelokgale gore a dire tiro efe, mme tsela e a neng a dira dilo ka yone e ka latelwa jang mo motlheng ono wa rona?

19 Ka nako ya fa morwa wa ga Kgosi Dafide ebong Solomone a ne a batla go agela Modimo tempele, rraagwe yo o tsofetseng o ne a mo raya a re: “Thatahala, me u nametsègè, me u go dihè: u se ka ua boiha, me u se ka ua rarèga: gonne Yehofa Modimo, eboñ Modimo oa me, o na nau; ga o ketla o gu tlhōkahalèla, leha e le go gu tlogèla, go tsamaea tihō eotlhe ea tihèlō ea ntlo ea ga Yehofa e wediwa.” (1 Ditihalō 28:20) Solomone o ne a dira ka bopelokgale mme a wetsa go aga tempele. Fa thulaganyo nngwe ya kago ya puso ya Modimo e gwetlha ka tsela nngwe gompieno, a re gakologelweng mafoko ano a ga Dafide: “Thatahala, me u nametsègè, me u go dihè.” A bo eo e le tsela e e molemo jang ne ya go tlotla Jehofa le go tsweledisa kobamelo e e itshekileng!

20. Kgosi Asa o ne a nna pelokgale jang?

20 Kgosi Asa o ne a ntsha medimo yotlhe ya disetwa le diaka tsa tempele tsa banna mo Juda gonne a ne a batla go tlotla Modimo le go tsweledisa kobamelo e e itshekileng. O ne a tlosa le mmaagwemogolo yo e neng e le motenegi mo maemong a gagwe a a kwa godimo mme a tshuba “sechwanchō se se maswè thata” sa gagwe. (1 Dikgosi 15:11-13) Ee, Asa o ne a “itira pelokgale, a tlosa dilō tse di makgapha mo lehatshiñ yeotlhe ya Yuda le Benyamina, le mo metsiñ e o na a e gapile mo lehatshiñ ya Eferaima ya makhuyana; me a shahatsa sebesho sa ga Yehofa, se se ha pele ga mokatakō oa ga Yehofa.” (2 Ditihalō 15:8) A le wena o pelokgale mo go ganeng botenegi mme o tsweledisa kobamelo e e itshekileng? Le gone a o dirisa dithoto tse o nang le tsone go tsweledisa ditiro tsa Bogosi pele? A o batla go tlotla Jehofa ka go nna le seabe ka metlha mo go rereng mafoko a a molemo jaaka mongwe wa Basupi ba gagwe?

21. (a) Dipego tsa batho ba ba neng ba boloka bothokgami ba metlha ya pele ga Bokeresete di ka re thusa jang? (b) Go tlile go sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?

21 A bo re leboga jang ne go bo Modimo o ile wa boloka dipego tseno tsa Dikwalo tsa batho ba ba ileng ba boloka bothokgami ba le pelokgale ba pele ga Bokeresete! Eleruri, sekao sa bone se se molemo se ka re thusa go direla Jehofa tirelo e e boitshepo ka bopelokgale, ka poifomodimo, le ka tshisimogo. (Bahebera 12:28) Mme Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le tsone di na le dikao tsa ba ba neng ba dira ditiro tsa bopelokgale tsa bomodimo. Dingwe tsa dipego tseno di ka re thusa jang gore re tsamaye mo ditseleng tsa ga Jehofa ka bopelokgale?

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Bopelokgale ke eng?

◻ Enoke le Noa ba ne ba supa bopelokgale jang?

◻ Aberahame, Sara, le Isake ba ne ba dira ka bopelokgale jang?

◻ Moshe, Joshue, le Kalebe ba ne ba tlhoma sekao sa bopelokgale jang?

◻ Ba bangwe le bone ba ne ba bontsha jang gore ba na le bopelokgale jwa go ikanya Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gideone le setlhophanyana sa gagwe sa masole ba ne ba ikanya Jehofa ba le pelokgale

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela