Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
E re ka moperisiti wa bogologolo yo o neng a bidiwa Melekisedeke e ne e le motho wa mmatota, ke eng fa Bibela e bolela gore o ne a “sa balwe ka losika lopè”?
Polelo eno e buiwa mo go Bahebera 7:3. A o ko o ele tlhoko temana eno fa e nopotswe le tse di gaufi le yone:
“Gonne motho eo Melekisedeke, kgosi ea Salema, moperisiti oa Modimo o Mogodimodimo, eo o kgatlhantshitseñ Aberahame ka a hulara a cwa kwa polaoñ ea dikgosi, me a mo segōhatsa, eo Aberahame o bileñ a mo kgèthèla sa boshomè sa dilō cotlhe,—eo e rileñ pele, ha go phuthololwa, ke go re, Kgosi ea tshiamō, me gapè ke go re, Kgosi ea Salema, ke go re, Kgosi ea Kagishō; A sena rragwè, a se na mmagwè, a sa balwe ka losika lopè, a sena ha metlha ea gagwè e simologañ gōna, le ha botshelō bo khutlañ gōna, me a dihilwe mo chwanoñ ea Morwa Modimo,—èna o nntse moperisiti ka metlha eotlhe.”—Bahebera 7:1-3.
Jaaka go setse go umakilwe, Melekisedeke e ne e le motho wa mmatota, fela jaaka Aberahame e ne e le motho, yoo a neng a dirisana nae tota. (Genesise 14:17-20; Bahebera 7:4-10) E re ka go ntse jalo, Melekisedeke o tshwanetse a bo a ne a na le batsadi, rre le mmè, e bile a ka tswa a ne a na le bana. Ka gone, jaaka motho o ne a na le losika, kana dikokomana. Gape o ne a swa. Melekisedeke o ne a swa ka nako nngwe, go dumelana le polelo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Baroma 5:12, 14. Mme lefa go ntse jalo, e re ka re sa itse gore Melekisedeke o ne a swa leng mme ka jalo a sa tlhole a dira jaaka moperesiti, fa go tla mo kgannyeng eno ga go itse ope gore o ne a dira go fitlha leng.
Mo go Bahebera, Paulo o ne a akgela kaga Melekisedeke ka nako ya fa a ne a tlotla ka seabe sa ga Jesu Keresete jaaka Moperisiti yo Mogolo. Paulo o ne a bolela jaana fa a ne a umaka Melekisedeke jaaka yo o tshwantshetsang, kana sekao, sa seabe sa ga Jesu jaaka moperisiti: “Yesu o . . . beilwe moperisiti eo mogolo ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” (Bahebera 6:20) Ka tlhaloganyo efe?
Paulo o tshwanetse a bo a ne a lemoga gore pego ya Bibela ga e bolele sepe kaga losika lwa lelapa la ga Melekisedeke—borraagwemogologolwane kana bana bape fela ba gagwe. Tshedimosetso eo tota ga e yo mo Bibeleng. Ka gone, go ya ka se Paulo a neng a se itse kana se re se itseng, go ne go ka bolelwa sentle ka Melekisedeke gore o ne “a sa balwe ka losika lope” (New World Translation of the Holy Scriptures; American Standard Version), “go sena sepe se se supilweng sa gore o tshotswe ke mang” (W. J. Conybeare), “kana go sena lelapa lepe le a tswang mo go lone.”—J. B. Phillips.
Jesu o ne a ntse jalo ka tsela efe? Ga re kake ra ganela gore re itse gore Rraagwe Jesu e ne e le Jehofa Modimo le gore mmaagwe wa motho e ne e le Maria wa lotso lwa Juda. Lefa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse Melekisedeke le Jesu ba tshwanang ka tsone. Jang? Jesu o ne a sa tsholwa go tswa mo lotsong lwa Lefi, lotso lwa baperisiti mo morafeng wa Iseraela. Nnyaa, Jesu ga a ka a nna moperisiti gonne rraagwe wa motho e ne e le moperisiti. Melekisedeke le ene, o ne a sa nna moperisiti “kaha molaoñ oa taolō ea senama,” go raya gore a tsholetswe mo lotsong kana mo lelapeng lo e leng lwa boperisiti. (Bahebera 7:15, 16) Go na le gore e nne moperisiti ka rre yoo le ene e neng e le moperisiti, Jesu o ne a “rèwa ke Modimo leina, go twe, Moperisiti eo mogolo kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.”—Bahebera 5:10.
Mo godimo ga moo, Jesu ga a ka a nna le bana kana yo o mo latelang mo boperisiting jwa gagwe. Mo ntlheng eno le gone o ne a sena losika. O tlile go dira tiro ya gagwe ya boperisiti ka bosakhutleng a thusa jaaka mokaedi. Paulo o ne a akgela ka tirelo eno e e sa feleng a re:
“Ereka [Yesu] a nntse ka bosakhutleñ, boperesito yoa gagwè ke yo bo sa kakeñ yoa hetoga. Ke gōna ka mouō le gōna o nonohileñ go bolokèla rure ba ba atamèlañ Modimo ka èna, ka a nntse a tshedile ka metlha eotlhe go ba rapèlèla.”—Bahebera 7:24, 25.
Fa re sena go sekaseka mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 7:3 ga re a tshwanela go tsaya seo jaaka kitsonyana fela e re ka e tsenyang mo megopolong ya rona. E tshwanetse ya nonotsha kafa re anaanelang ka teng dilo tse Jehofa Modimo a di re neileng ka lorato gore re itshwarelwe maleo ka bosakhutleng e bile e tshwanetse ya nonotsha kafa re anaanelang ka teng tsela e a e rulagantseng ya gore re kgone go thusiwa le go kaelwa ka bosakhutleng.