LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 243-248
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO BAHEBERA
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Itise mo go Tlhokeng Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • O se Ka wa Lapa mo Lobelong Lwa Botshelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 45—Baroma
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 243-248

Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 61 C.E.

1. Paulo o ne a kwalela Bahebera lokwalo go dumalana le thomo efe?

PAULO o itsege thata jaaka moaposetoloi wa “Badichaba.” Mme a o ne a direla fela ba e neng e se Bajuda? Gotlhelele nnyaa! Pele Paulo a kolobediwa le go romiwa go ya go dira tiro eo, Morena Jesu o ne a raya Ananiase a re: “Èna [Paulo] ke seyana sa me se se tlhaocweñ, gore a rwalèlè leina ya me ha pele ga Badichaba, le dikgosi, le bana ba Iseraela.” (Dit. 9:15; Bagal. 2:8, 9) Buka ya Bahebera ka boammaaruri e ne e kwadilwe e dumalana sentle le tiro ya ga Paulo ya go isa leina la ga Jesu kwa go bomorwa Iseraele.

2. Mabaka a a ganetsang gore Paulo ke ene a kwadileng Bahebera a ka ganediwa jang?

2 Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ba ganetsang ba belaela gore Paulo o kwadile Bahebera. Lebaka lengwe le ba ganelang ka lone ke gore leina la ga Paulo ga le tlhage gope mo lokwalong lono. Mme ruri seno ga se kgoreletse ka sepe, jaaka bontsi jwa dibuka tse dingwe tseo e leng karolo ya Dikwalo di sa umake maina a bakwadi ba tsone, bao gantsi ba kgonang go bonwa gore ke bomang ka bosupi jo bo mo go one. Mo godimo ga moo, ba bangwe ba akanya gore Paulo a ka tswa a ne a se ka a kwala leina la gagwe ka boomo fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba ba kwa Judea, ereka Bajuda ba koo ba ne ba mo ila. (Dit. 21:28) Go fetoga ga mokgwa wa gagwe wa go kwala oo o sa tshwaneng le wa makwalo a mangwe a boaposetoloi ga se lebaka tota la go gana gore Paulo ke ene a e kwadileng. Fa a bua le baheitane, Bajuda, kana Bakeresete, Paulo ka metlha o ne a supa nonofo ya gagwe ya go “nna dilō cotlhe mo bathuñ botlhe.” Mme fano o baya mabaka a gagwe ka tsela e Mojuda a ka buang le Bajuda ka yone, mabaka a ba neng ba ka a tlhaloganya ka botlalo ba bo ba a anaanela.—1 Bakor. 9:22.

3. Ke bosupi bofe jo bo mo teng joo bo tshegetsang gore Paulo ke ene a kwadileng Bahebera le jo bo bontshang gore o ne a e kwalela Bajuda segolo?

3 Bosupi jo bo mo teng ga buka eno bo tshegetsa gore Paulo ke ene mokwadi wa yone. Mokwadi o ne a le kwa Itale ebile o ne a na le Timotheo. Dintlha tseno di tshwanela Paulo. (Baheb. 13:23, 24) Mo godimo ga moo, thuto eno e tshwanela Paulo, lemororo mabaka a bewa go ya kafa ponong ya Sejuda, a beilwe ka tsela eo a ka ikuelang thatathata mo phuthegong ya Bahebera eo a neng a e kwalelwa lokwalo lono. Bolumo 6, tsebe 681, ya Commentary e e kwadilweng ke Clarke, e bua jaana ka Bahebera: “Mokgwa o lokwalo lono lwa boaposetoloi lo kwadilweng ka one o supa gore e ne e kwaletswe Bajuda, bao eleng ba tlholego. Fa e ne e ka bo e kwaletswe Baditšhaba, ga go ope wa bone lefa e ka nna a le mongwe mo go ba le sekete yo a neng a ka tlhaloganya kafa mabaka a beilweng ka gone, ka gonne ba ne ba sa tlwaelana le tsamaiso ya Sejuda; kitso eo mokwadi wa lokwalo lono lwa boaposetoloi a neng a e tlhalosa gongwe le gongwe.” Seno se thusa go tlhalosa lebaka la gore ke eng fa mokgwa o lokwalo lono lo kwadilweng ka one o farologane fa o bapisiwa le wa makwalo a mangwe a ga Paulo.

4. Ke bosupi bofe jo bongwe gape jo bo supang gore Paulo ke ene a kwadileng Bahebera?

4 Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46) e e neng ya bonwa mo e ka nnang ka 1930 e ile ya naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Paulo ke ene mokwadi wa lone. Moithuti yo o batlisisang boammaaruri ka ditemana tsa ntlhantlha wa Moboritane yo o itsegeng thata, Sir Frederic Kenyon o ne a bua jaana fa a ne a akgela ka codex eo ya koma e e neng ya kwalwa dingwaga di le lekgolo le sephatlho morago ga loso lwa ga Paulo: “Re lemoga gore Bahebera e beilwe fela fa morago ga Baroma (eleng boemo jo bo ka se kang jwa bapisiwa le bope), seo se supang gore le ka nako eo ya bogologolo fa lokwalo lono lo ne lo kwalwa go ne go sa belaelwe gore le ne le kwadilwe ke Paulo.”a Cyclopedia e e kwadilweng ke McClintock le Strong e bua ka tlhamalalo fela jaana ka selo se se tshwanang: “Ga go na bosupi bope jwa botlhokwa, jo bo tswang kwa ntle kana mo teng jo bo supang fa lokwalo lono lwa boaposetoloi lo kwadilwe ke ope fela fa e se Paulo.”b

5. Seo se leng mo go Bahebera se supa jang gore e tlhotlheleditswe?

5 Kwantle ga gore Bakeresete ba pele ba ne ba amogela buka eno, se se leng mo go Bahebera se supa gore e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo.’ E nna e romela mmadi wa yone gangwe le gape mo boperofeting jwa Dikwalo tsa Sehebera, e umaka dikwalo tsa bogologolo kgapetsakgapetsa, e bo e bontsha kafa di neng tsa diragadiwa ka gone mo go Keresete Jesu. E na le ditsopolo tse di ka nnang supa tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera mo kgaolong ya yone ya ntlha fela e di dirisa go supa gore Morwa jaanong o feta baengele. E tswelela e ntse e goletsa Lefoko la ga Jehofa le leina la gagwe e sa kgaotse, e supa fa Jesu e le Kgosi e Kgolo ya botshelo le gore Bogosi jwa Modimo ka Keresete ke yone tsholofelo fela ya batho.

6. Bosupi bo bontsha eng ka lefelo le nako eo Bahebera e kwadilweng ka yone?

6 Fa e le ka nako e e kwadilweng ka yone, go setse go bontshitswe gore Paulo o ne a kwala lokwalo lono a le kwa Itale. O bua jaana fa a konela lokwalo lono: “Itseñ ha mokauleñwe Timotheo a golocwe: eo e tla reñ ha a akoha a tla, ke be ke tla ke ea go lo bōna ke na naè.” (13:23) Ekete seno se supa gore Paulo o ne a lebeletse gore o tla gololwa ka bonako mo kgolegelong, gape o ne a solofela go pata Timotheo, yoo le ene a neng a golegilwe, mme a ne a setse a golotswe. Ka gone go akantshiwa gore Paulo o ne a kwala ka ngwaga wa bofelo o a neng a tshwerwe ka one lantlha kwa Roma, eleng ka 61 C.E.

7. Bakeresete ba Bajuda ba ba kwa Jerusalema ba ne ba lebagane le kganetso ya mofuta ofe, mme ba ne ba tlhoka eng?

7 Bakeresete ba Bahebera ba ba kwa Judea mme segolobogolo ba kwa Jerusalema ba ne ba lekwa thata ka nako ya fa tsamaiso ya dilo ya Sejuda e ne e ya kwa bokhutlong. Bajuda ba ne ba nna bobaba ba bo ba gakala mo go ganetseng Bakeresete, ka ntlha ya go gola le go anama ga mafoko a a molemo. Go ne ga tsoga khuduego mo Jerusalema dingwaga di sekae pelenyana ga foo, fa Paulo a ne a tsile, mme Bajuda bao ba bodumedi ba ne ba tlhaeletsa kwa godimo ba re: “A motho eo o nntseñ yana a tlosiwè mo lehatshiñ.” Bajuda ba ba fetang 40 ba ne ba ikanne gore ga ba kitla ba ja lefa e le go nwa go fitlha ba mmolaya, mme o ne a tlhoka go patiwa ke masole a a nonofileng a a tshotseng ditlhabano go mo isa kwa Kaesarea bosigo. (Dit. 22:22; 23:12-15, 23, 24) Phuthego e ne e tshwanetse go tshela, go rera, le go ipoloka e nonofile mo tumelong, mo boemong jono jwa go gagamalela bodumedi le go tlhoiwa jaaka Bakeresete. Ba ne ba tlhoka go nna le kitso e e utlwalang le go tlhaloganya kafa Keresete a neng a diragatsa Molao ka gone gore ba se ka ba latela tsamaiso ya Sejuda le go obamela ga yone Molao wa ga Moshe ka go dira ditlhabelo tsa diphologolo, tseo jaanong di neng di dirwa fela go ya ka tlwaelo e e sa thuseng sepe.

8. Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a tshwanela sentle go kwala lokwalo lono lwa Bahebera, mme o ne a ntsha mabaka afe a le mmalwa?

8 Go ne go se ope fa e se moaposetoloi Paulo fela yo a neng a ka kgona go tlhaloganya botoka kafa Bakeresete ba Bajuda ba neng ba bogisiwa le go gatelelwa ka gone. Go ne go se ope yo a neng a nonofile go ba naya mabaka a a nonofileng le go ganetsa ngwao ya Sejuda jaaka Paulo, yoo pele e neng e le Mofarisai. O ne a ntsha bosupi jo bo nonofileng jwa gore Keresete o ne a tlile go diragatsa Molao, melawana ya one, le ditlhabelo tsa one, a dirisa kitso ya gagwe e ntsi ka Molao wa ga Moshe, le seo a se ithutileng mo go Gamaliele. O ne a bontsha kafa tseo jaanong di neng di tseetswe sebaka ka gone ke dilo tse di galalelang tsa mmatota, dilo tseo di neng di lere masego a a ka se kang a lekanngwa a a neng a tla ka kgolagano e ntšha le e e botoka. Kakanyo ya gagwe e e bogale jaaka lomao e ne ya naya bosupi ka go tlhatlologana ka tsela e e phepafetseng le e e tlhatswang pelo. Go khutla ga kgolagano ya Molao le go tlhongwa ga kgolagano e ntšha, boperesiti jwa ga Keresete jo bo fetang jwa ga Arone, boleng jwa mmatota jwa setlhabelo sa ga Keresete fa bo bapisiwa le ditlhabelo tsa dipoo le dipodi, go tsena ga ga Keresete mo bonnong jo e leng jwa ga Jehofa kwa legodimong go na le mo tenteng fela ya selefatshe—dithuto tsotlhe tseno tse disha tse di sa tlwaelegang, tseo Bajuda ba neng ba di ila tota, di ne di newa Bakeresete ba Bahebera ka bosupi jo bontsi jo bo tswang mo Dikwalong tsa Sehebera mo eleng gore go ne go se Mojuda ope fela yo o akanyang sentle yo o neng a ka se ka a tlhatswega pelo.

9. Lokwalo lwa Bahebera lo ne lwa fetoga sebetsa se se nonofileng sa eng, mme lo ne lo supa lorato lwa ga Paulo jang?

9 Ka lokwalo lono, Bakeresete ba Bahebera ba ne ba na le sebetsa se sesha se se nonofileng se ba ka lwang ka sone go thiba melomo ya Bajuda ba ba neng ba ba bogisa, mmogo le mabaka a a patelelang tota ao ba neng ba ka tlhatswa pelo le go sokolola Bajuda bao ka boikanyegi ba neng ba batla Modimo. Lokwalo lono lo supa lorato lo lo boteng lwa ga Paulo mo Bakereseteng ba Bahebera le keletso ya gagwe e e nonofileng ya go ba thusa ka tsela e e mosola ka nako eo ba neng ba e tlhoka thata ka yone eo.

SEO SE LENG MO GO BAHEBERA

10. Mafoko a a simololang a Bahebera a bolela eng kaga boemo jwa ga Keresete?

10 Boemo jo bo kwa godimo jwa ga Keresete (1:1–3:6). Mafoko a a simololang a remeletse thata mo go Keresete: “Modimo, o e rileñ ka o buile le borara mo metlheñ ea bogologolo ka baperofeti, ka mahoko mañwe le mañwe, le ka mekgwa meñwe le meñwe, O buile le rona kwa bokhutloñ yoa metlha eno ka Morwa ōna.” Morwa yono ke Moruaboswa yo o tlhophilweng wa dilo tsotlhe le yoo a galalelang ka kgalalelo ya ga Rraagwe. Morago ga go tlhatswa maleo a rona, jaanong o ‘ntse kafa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.’ (1:1-3) Paulo o tsopola dikwalo di le dintsintsi go supa gore Jesu o feta baengele.

11. (a) Ke ka ntlhayang fa Paulo a naya kgakololo ya go tlhokomela thata dilo tse di utlwilweng? (b) Jesu o kgona go fitlhelela dilo dife ka ntlha ya boitemogelo jwa gagwe le boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo?

11 Paulo o kwala ka go re “ke gōna, re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ.” Ka ntlhayang? Ka gonne, jaaka Paulo a bolela, fa kotlhao ya go sa reetse “lehoko ye le builweñ ke baengele” e ne e le botlhoko jalo, “ana rona re tla halola yañ, ha re tlhokomologa polokō e e kalō? e e [boletsweng] pele ka Morèna.” Modimo o dirile “morwa motho” go nna mmotlana mo baengeleng, mme jaanong re bona Jesu yono a “rwesicwe kgalalèlō le tlotlō, ka ntlha ea go bo a kile a boga losho, gore e tle e re ka tshegōhaco ea Modimo a bè a lekeleletsè motho moñwe le moñwe losho.” (2:1-3, 6, 9) Modimo o ne wa nna le barwa ba bantsi ba kgalalelo ka go dira pele Kgosi e Kgolo ya poloko “boitekanèlō ka dipogisègō.” Ke ene yo o nyeletsang Diabolo a bo a golola botlhe “ba e rileñ ka poihō ea losho ba bo ba nntse ba le mo kgolegoñ mo botsheloñ yotlhe yoa bōnè.” Ka gone Jesu o nna “moperisiti eo mogolo, eo o boutlwèlō botlhoko le boikañō.” Mme se se molemolemo ke gore ereka ene ka boene a ne a boga thata fa a lekwa, “o nonohile go thusa ba ba raèlwañ.” (2:10, 15, 17, 18) Ka gone, Jesu o lejwa a tshwanelwa ke kgalalelo e e fetang ya ga Moshe.

12. Bakeresete ba tshwanetse go tila tsela efe fa ba batla go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?

12 Go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka tumelo le kutlo (3:7–4:13). Mo bathong botlhe, Bakeresete segolobogolo, ba tshwanetse go tsaya tlhagiso mo dikaing tsa go tlhoka boikanyegi tsa Baiseraele, ba boifa go nna le “pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ.” (Baheb. 3:12; Pes. 95:7-11) Baiseraele ba ba neng ba golotswe kwa Egepeto ba ne ba palelwa go tsena mo boikhutsong jwa Modimo, kana Sabata, joo mo go jone a neng a ikhuditse mo tirong ya gagwe ya go bopa dibopiwa tsa lefatshe, ka ntlha ya go tlhoka kutlo le go tlhoka tumelo. Lefa go ntse jalo, Paulo o tlhalosa jaana: “Me ke gōna, boikhucō yoa sesabata bo nntse bo saletse batho ba Modimo. Gonne eo o tsenyeñ mo boikhucoñ yoa gagwè, le èna o bile o ikhutsitse mo tihoñ tsa gagwè, yaka Modimo mo go tsa ōna.” Mokgwa oo Baiseraele ba neng ba supa go tlhoka kutlo ka one o tshwanetse go tilwa. “Gonne lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, . . . me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.”—Baheb. 4:9, 10, 12.

13. (a) Keresete o ne a nna “moperisiti ka bosakhutleñ” yo a nayang poloko ya bosakhutleng jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Paulo a kgothaletsa Bahebera gore ba tswelele pele ba gole?

13 Go tseela bogolo jwa boperesiti jwa ga Keresete kwa godimo (4:14–7:28). Paulo o kgothaletsa Bahebera gore ba tswelele ba ntse ba bua kaga Jesu, Moperesiti yo Mogolo yoo a neng a ralala legodimo, gore ba tle ba bone boutlwelobotlhoko. Keresete ga a ka a ikgalaletsa, mme Rara ke ene a neng a re: “U moperisiti ka bosakhutleñ, kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” (Baheb. 5:6; Pes. 110:4) Sa ntlha, Keresete o ne a dirwa boitekanelo gore a tshwanele tota go nna moperesiti yo mogolo ka go ithuta boikokobetso ka go bogisiwa gore a tle a golole ka bosakhutleng botlhe ba ba mo reetsang. Paulo o na le “dilō di le dintsi go di bua kaga gagwè, le tse di thata go phuthololwa,” mme Bahebera e santse e le banyana ba ba tlhokang mashi, fa tota, ba ne ba tshwanetse go bo e le baruti. “Diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” Moaposetoloi o ba kgothaletsa gore ba ‘gagamalele kwa boitekanelong.’—Baheb. 5:11, 14; 6:1.

14. Badumedi ba ka rua tsholofetso jang, mme tsholofelo ya bone e tlhomamisitswe jang?

14 Ga go kgonege go ka tsosa batho ba ba oleng bao ba neng ba itse lefoko la Modimo gore ba ikwatlhae “ka ba ipapolèla Morwa Modimo sesha, me ba mo tlhabisa ditlhoñ mo ponatshegoñ.” Badumedi ba ka rua ditsholofetso tseo di solofeditsweng Aberahame ka tumelo fela le ka bopelotelele—tsholofetso e e neng ya supiwa fa e le boammaaruri ya bo ya tlhomamisiwa ka dilo tse pedi tseno tse di sa fetogeng: lefoko la Modimo le ikano ya gagwe. Tsholofelo ya bone, eo e leng ‘seitsetsepetso sa moya, se se tlhomameng le se se sa tshikinyegeng,’ e ile ya tlhomiwa fa Jesu a tsena “kwa teñ ga sesirō” jaaka Moeteledipele le Moperesiti yo Mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.—6:6, 19.

15. Ke eng se se bontshang gore boperesiti jwa ga Jesu, ke jwa mokgwa o o tshwanang le jwa ga Melekisedeke, le gore bo kwa godimo go feta jwa ga Lefi?

15 Melekisedeke yono e ne e le “kgosi ea Salema” mmogo le “moperisiti oa Modimo o Mogodimodimo.” Aberahame le ene jaaka tlhogo ya lelapa o ne a mo naya tsa bosome, mme ka ene Lefi, yoo a neng a santse a le mo mankopeng a ga Aberahame o ne a dira jalo. Ka gone tshegofatso ya ga Melekisedeke fa a ne a segofatsa Aberahame e ne ya fetela mo go Lefi yo a neng a ise a tsholwe, mme seno se ne sa supa gore boperesiti jwa ga Lefi bo ne bo le bobotlana mo go jwa ga Melekisedeke. Mo godimo ga moo, fa e le gore boperesiti jwa ga Lefi ka Arone bo ne bo tlisa boitekanelo a go ka bo go ile ga tlhokega moperesiti yo mongwe “kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke”? Mo godimo ga moo, ereka boperesiti bo fetoga, “molaō le ōna o bo o na le go hetolwa.”—7:1, 11, 12.

16. Ke ka ntlhayang fa boperesiti jwa ga Jesu bo le kwa godimo ga boperesiti jwa Molao?

16 Totatota, Molao ga o a ka wa lere boitekanelo bope mme o ile wa itshupa o le bokoa ebile o sena mosola. Baperesiti ba one ba ne ba le bantsi ka ba ne ba ntse ba swa, mme Jesu “ereka a nntse ka bosakhutleñ, boperisito yoa gagwè ke yo bo sa kakeñ yoa hetoga. Ke gōna ka mouō le gōna o nonohileñ go bolokèla rure ba ba atamèlañ Modimo ka èna, ka a nntse a tshedile ka metlha eotlhe go ba rapèlèla.” Moperesiti yo Mogolo yono, ebong Jesu, o ‘boitshepo, ga a na boleo, ga a leswe, o lomologane le baleofi,’ fa baperesiti ba bagolo ba ba tlhophilweng go ya ka Molao ba le bokoa, ba tshwanetse go ntshetsa maleo a bone setlhabelo pele ba ka ntshetsa ba bangwe. Ka jalo lefoko le Modimo o ikanneng ka lone “le baea Morwa Modimo, a itekanetse ka bosakhutleñ.”—7:24-26, 28.

17. Kgolagano e ntšha ke ya maemo a a kwa godimo jang?

17 Boemo jo bo kwa godimo jwa kgolagano e ntšha (8:1–10:31). Jesu o supiwa e le “motsereganyi oa kgōlaganō e e molemō bogolo, e e theilweñ mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo.” (8:6) Paulo o tsopola Yeremia 31:31-34 fela jaaka e ntse, a bontsha gore molao wa Modimo o kwadilwe mo dikakanyong le mo dipelong tsa botlhe ba ba leng mo kgolaganong e ntšha, gore botlhe ba tle ba itse Jehofa, le gore Jehofa ‘ga a kitla a tlhola a gopola dibe tsa bone.’ “Kgōlaganō e ncha” e dirile gore ya pele (kgolagano ya Molao), e e leng “gauhi le go nyèlèla” e se ka ya tlhola e dira.—Baheb. 8:12, 13.

18. Paulo o tshwantshanya kgang ya setlhabelo mo dikgolaganong tse pedi tseno jang?

18 Paulo o tlhalosa ditlhabelo tsa ngwaga le ngwaga tsa kgolagano ya pele tseo di neng di dirwa mo tenteng jaaka “melaōana ea senama . . . e e beecweñ go tla e hitlha mo lobakeñ loa go tlhabololwa.” Lefa go ntse jalo, fa Keresete a ne a tla jaaka Moperesiti yo Mogolo, o ne a tla ka madi a gagwe a a tlhwatlhwakgolo, eseng ka a dipodi le dipowana. Madi a diphologolo a Moshe a neng a a kgatsha a ne a tlhomamisa kgolagano ya pele le go ntlafatsa tente eno ya tshwantshetso, mme dilo tsa mmatota tsa selegodimo tse di amanang le kgolagano e ntšha di ne di tlhoka ditlhabelo tse di botoka. “Gonne Keresete ga a ka a tsèna mo heloñ goñwe ga boitshèpō ha go dihilweñ ka diatla, ha go leñ sechwanō sa helō ga amarure; me o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.” Keresete ga a tlhoke go dira ditlhabelo tsa ngwaga le ngwaga jaaka moperesiti yo mogolo wa Baiseraele a ne a dira, ka go bo “o dihile gañwe hèla mo bokhutloñ yoa metlha, o senolecwe go tla a tlosa dibe ka go intsha setlhabèlō ka esi.”—9:10, 24, 26.

19. (a) Molao o ile wa palelwa go dira eng, mme ka ntlhayang? (b) Go rata ga Modimo ke eng mabapi le boitsheko?

19 Fa a sobokanya, Paulo o bolela gore “molaō, ka o no o na le moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla,” ditlhabelo tsa one tse di neng di dirwa gangwe le gape ga di a kgona go tlosa go ‘ikutlwa ga bone ba le boleo.’ Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tletse go dira go rata ga Modimo mo lefatsheng. Jaaka Paulo a bua: “Re itshepisicwe ke go rata mo ga Modimo, ka mmele oa ga Keresete go ntshediwa setlhabèlō rure gañwe hèla.” Ka gone, a Bahebera ba tshwarelele thata mo go boleleng tumelo ya bone phatlalatsa ba sa tshikinyege mme ba ‘gopolane ba tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo,’ ba ntse ba sa tlogele go kopana mmogo. Fa ba tswelela go dira boleo ka boomo ba sena go amogela kitso e e tlhomameng ya boammaaruri, “ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe.”—10:1, 2, 10, 24, 26.

20. (a) Tumelo ke eng? (b) Paulo o re naya ditshwantsho dife tse di galalelang ka tumelo?

20 Tumelo e a tlhalosiwa le go tshwantshiwa (10:32–12:3). Paulo jaanong o raya Bahebera a re: “Me lo ikgakololè metlha ea yale, e e rileñ lo sena go bōnesiwa, loa bōna ntwa e kgolo ea ditlhokohaco.” A ba se ka ba latlha go bua ka tshosologo ga bone, goo go nang le tuelo e kgolo, mme a ba itshoke gore ba tle ba bone go diragadiwa ga tsholofetso mme ba nne le “tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.” Tumelo! Ee, ke yone e tlhokegang. La ntlha, Paulo o e tlhalosa jaana: “Tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” Morago, mo kgaolong e le nngwe fela e e rotloetsang thata, o tshwantsha ka bokhutshwane banna ba bogologolo ka go tlhatlologana ga bone, ba ba neng ba tshela, ba dira, ba lwa dintwa, ba itshoka, mme ba nna baruaboswa ba tshiamo ka tumelo. “Ka tumèlō” Aberahame yo a neng a nna mo ditenteng le Isake le Jakobe, ba ne ba lebelela “motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta,” o Moagi wa one e leng Modimo. “Ka tumèlō” Moshe o ne a tswelela a nitame, “yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” “Me ke tla hèla ke buañ?” Paulo o a botsa. “Gonne ke tla tlhaèlwa ke lobaka ha ke bolèla kaga Gideone, le Barake, le Samesone, le Yafethe; le kaga Dafide, le Samuele, le baperofeti: Ba e rileñ ka tumèlō ba henya magosi, ba diha tshiamō, ba amogèla dipolèlō tsa choloheco.” Ba bangwe le bone ba ne ba lekwa ka go sotliwa, ka go bediwa, ka go golegwa, le ka go bogisiwa mme ba gana go gololwa “gore ba tlè ba bōnè go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo.” Eleruri, ‘lefatshe le ne le sa tshwanelwa ke bone.’ Botlhe ba ne ba bona bosupi ka tumelo ya bone, mme ba ne ba santse ba tla bona go diragadiwa ga tsholofetso. “Me ke gōna,” Paulo o a tswelela, “ereka re dikanyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, mme a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona.”—10:32, 39; 11:1, 8, 10, 27, 32, 33, 35, 38; 12:1, 2.

21. (a) Bakeresete ba ka bontsha bopelotelele jang mo go tlhabaneleng tumelo? (b) Paulo o re naya lebaka lefe le le nonofileng la go reetsa ditlhagiso tsa bomodimo?

21 Go itshoka mo kgaisanong ya tumelo (12:4-29). Paulo o kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera go itshoka mo kgaisanong eno ya tumelo, ka go bo Jehofa a ba otlhaya jaaka barwa ba gagwe. Eno jaanong ke nako ya go nonotsha diatla le mangole a a bokoa le go tlhamalatsa ditsela tse ba tsamayang mo go tsone. Ba tshwanetse go itisa gore go se ka ga tsena sepe fela se se botlhole kana sepe fela se se leswe se se ka dirang gore ba se ka ba amogelwa, jaaka go ne ga diragala ka Esau, yo a neng a sa anaanele dilo tse di boitshepo. Moshe o ne a bua jaana a le kwa thabeng: “Ke boiha thata, ke bile kea roroma” ka ntlha ya kgabo e e tshosang ya molelo, maru, le go utlwa lentswe. Mme ba ne ba atametse sengwe se se boifisang tota—Thaba ya Sione le Jerusalema wa selegodimo, dimireate tsa baengele, phuthego ya Motsalwapele, Modimo Moatlhodi wa botlhe, le Jesu Motsereganyi wa kgolagano e ntšha le e e botoka. Jaanong go na le mabaka a mantsi a go reetsa tlhagiso ya bomodimo! Lentswe la Modimo le ne la tshikinya lefatshe ka nako ya ga Moshe, mme jaanong O solofeditse gore o tlile go reketlisa lefatshe mmogo le legodimo. Paulo jaanong o otlelela ntlha eno: ‘Ke gona, ereka re amogela bogosi yo bo sa kakeng jwa reketlisiwa, a re . . . direleng Modimo tiro e e kgatlhang ka tshisimogo le poifo. Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.’—12:21, 28, 29.

22. Paulo o konela lokwalo lwa gagwe lwa Bahebera ka kgakololo efe e e agang?

22 Dikgothatso tse di farologaneng ka kobamelo (13:1-25). Paulo o konela ka go naya kgakololo eno e e agang: Tswelelang lo ratana jaaka bakaulengwe, lo se ka lwa lebala go tsholana, a nyalo e tlotlwe mo go botlhe, lo se ka lwa rata madi, ikobeleng ba ba lo eteletseng pele, mme lo se ka lwa faposiwa ke dithuto tse di sa itsiweng. Kwa bokhutlong, “a re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka [Jesu] ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.”—13:15.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

23. Paulo o naya mabaka afe ka Molao, mme o tshegetsa mabaka a gagwe jang?

23 Lokwalo lwa Bahebera jaaka le baya mabaka go ya kafa molaong le tshegetsa Keresete, ke sengwe sa botswerere se se ka se kang sa ganediwa, le rulagantswe sentle le go kwalwa ka bosupi jo bo tswang mo Dikwalong tsa Sehebera. Le bua ka dikarolo tse di farologaneng tsa Molao wa ga Moshe—kgolagano, madi, motsereganyi, tente ya kobamelo, boperesiti, ditlhabelo—mme lo bontsha gore e ne e le dikao fela tse Modimo o neng o di dira go supela kwa pele dilo tse di botlhokwa go gaisa tse di tlang, tsotlhe tseo di neng di felela ka Keresete Jesu le setlhabelo sa gagwe, di diragatsa Molao. Molao ‘o o neng o onala o ne o setse o le gaufi le go nyelela,’ Paulo o ne a bua jalo. Mme “Yesu Keresete e nntse ke èna oa maabane le oa gompiyeno, E, le oa ka bosakhutleñ.” (8:13; 13:8; 10:1) Abo Bahebera bao ba ne ba itumela jang ne fa ba bala lokwalo lwa bone!

24. Ke thulaganyo efe e e tlhalosiwang mo go Bahebera e molemo wa yone o ka se kang wa lekanngwa le sepe gompieno?

24 Mme seno se botlhokwa go le kana kang mo go rona gompieno, mo maemong a rona a a farologaneng? Ereka re se kafa tlase ga Molao, a go na le se se ka re thusang mo tseleng eo Paulo a neng a baya mabaka ka yone eno? Ee, tota ruri. Fano re boleletswe sentle ka thulaganyo e kgolo ya kgolagano e ntšha e e thailweng mo tsholofetsong ya ga Aberahame ya gore malapa otlhe a lefatshe a tla itshegofatsa ka Losika loa gagwe. Eno ke tsholofelo ya rona kaga botshelo, yone tsholofelo fela e re nang nayo, tiragatso ya tsholofetso ya bogologolo ya ga Jehofa ya go re segofatsa ka Losika lwa ga Aberahame, Jesu Keresete. Lemororo re se kafa tlase ga Molao, re tsholelwa mo boleong jaaka ditlogolwana tsa ga Adame, mme re tlhoka moperesiti yo mogolo yo o kutlwelobotlhoko, ene yo a nang le setlhabelo se se tlosang maleo, yo a ka kgonang go tsena mo teng ga bonno jwa ga Jehofa kwa legodimong a ya koo go re buelela. Mme re mmona fano, Moperesiti yo Mogolo yoo a ka kgonang go re thusa go bona botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa, yoo a ka kgonang go re utlwela botlhoko ka makoa a rona, yo a “kileñ a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona,” le yoo a re laletsang gore re ‘atamele setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, le tshegofatso e e tla re thusang mo motlheng o re e tlhokang ka one.’—4:15, 16.

25. Paulo o dirisa Dikwalo tsa Sehebera go re sedifaletsa jang?

25 Mo godimo ga moo, mo lokwalong lono lo lo kwadilweng ke Paulo lwa Bahebera, re fitlhela bosupi jo bo tshikinyang maikutlo tota jwa gore boperofeti jo bo sa bolong go kwalwa bogologolo mo Dikwalong tsa Sehebera bo ne jwa diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang moragonyana. Boikaelelo jwa tsotlhe tseno ke go re kaela le go re gomotsa gompieno. Ka sekai, Paulo o ne a dirisa mafoko a boperofeti a a buang ka Bogosi a a mo go Pesalema 110:1 ka makgetlo a le matlhano mo go Bahebera a a lebisitseng go Jesu Keresete jaaka Losika lwa Bogosi, a le “kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi” go leta “go tsamaea baba ba gagwè ba dihwa sebeèō sa dinaō tsa gagwè.” (Baheb. 12:2; 10:12, 13; 1:3, 13; 8:1) Mo godimo ga moo, Paulo o tsopola Pesalema 110:4 fa a tlhalosa boemo jwa botlhokwa joo bo tserweng ke Morwa Modimo jaaka “moperisiti ka bosakhutleñ, kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” Jaaka Melekisedeke wa bogologolo, yoo rekoto ya Bibela e bolelang gore o ne a “sena rragwè, a sena mmagwè, a sa balwe ka losika lopè, a sena ha metlha ea gagwè e simologañ gōna, le ha botshelō bo khutlañ gōna,” Jesu ke Kgosi ebile ke “moperisiti ka metlha eotlhe” go naya botlhe ba ba ikobelang puso ya gagwe melemo e e sa khutleng ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (Baheb. 5:6, 10; 6:20; 7:1-21) Paulo o bua ka Kgosi eo ya Moperesiti fa a tsopola Pesalema 45:6, 7 jaana: “Setulō sa gago sa bogosi, Modimo, se nntse ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae; tsamma ea thōkgamō ke eōna tsamma ea bogosi yoa gago. U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō: ke gōna Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō godimo ga bankana ba gago.” (Baheb. 1:8, 9) Jaaka Paulo a tsopola Dikwalo tsa Sehebera a bo a bontsha gore di diragadiwa mo go Keresete Jesu, re bona dikarolwana tsa sekao sa bomodimo di tshwaragana sentle fela gore re sedifalelwe.

26. Bahebera e naya kgothatso efe ya go siana lobelo ka tumelo le boitshoko?

26 Jaaka lokwalo lwa Bahebera le supa ka phepafalo, Aberahame o ne a lebeletse pele Bogosi, “motse o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo”—motse wa “selegodimo.” “Ka tumèlō” o ne a eletsa Bogosi joo, mme o ne a dira ditlhabelo tse dikgolo gore a tle a bone masego a one ka “go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo.” Abo re bona sekao se se tlhomologileng jang mo go Aberahame le mo banneng le basadi botlhe bao ba tumelo—“boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi” bao Paulo a buang ka bone mo go Bahebera kgaolo 11! Fa re bala pego eno, dipelo tsa rona di a itumela di bo di tlola ke boitumelo, re anaanela tshiamelo le tsholofelo e re nang le yone mmogo le babolokabothokgami bao ba ba ikanyegang. Ka gone re tlhotlheletsega gore re ‘siane ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele.’—11:8, 10, 16, 35; 12:1.

27. Ke ditebelelo dife tse di galalelang kaga Bogosi tse di tlhomololwang mo go Bahebera?

27 Paulo o tsopola boperofeti jwa ga Hagai, a lebisa tlhokomelo mo tsholofetsong eno ya Modimo: “Ke sa nntse ke tla roromisa gañwe hèla, e señ lehatshe hèla, me le yeōna legodimo.” (Baheb. 12:26; Hag. 2:6) Lefa go ntse jalo, Bogosi jwa Modimo bo tla nnela ruri ka Losika, Keresete Jesu. “Ke gōna, ereka re amogèla bogosi yo bo sa kakeñ yoa reketlisiwa, a re nneñ le tshegōhaco e re ka dihañ tihō e e kgatlhañ Modimo ka eōna, ka tshisimogō le poihō.” Pego eno e e tshikhinyang maikutlo e re tlhomamisetsa gore Keresete o tla bonala gape labobedi “kwa ntlè ga boleo, a bōnalèla ba ba mo lebeletseñ go ba boloka.” A he, “re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” A leina le legolo la ga Jehofa Modimo le itshekisiwe ka bosakhutleng ka Kgosi ya Moperesiti, Jesu Keresete!—Baheb. 12:28; 9:28; 13:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The Story of the Bible, 1964, tsebe 91.

b Kgatisosesha ya 1981, Bol. IV, tsebe 147.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela