LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/15 ts. 20-25
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Etsè Tumèlō ea Bōnè”
  • Gana Dithuto tsa Maaka
  • Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Modimo
  • Ineeleng
  • Rapelang
  • Mafoko A A Konelang le Kgothatso
  • Lekwalo Le Le Nang le Botlhokwa Jo Bo Nnelang Ruri
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhabelo Tsa Pako Tse di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jehofa Ke Mothusi wa Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/15 ts. 20-25

Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa

“A re ntshetseng Modimo setlhabelo sa pako ka [Jesu Keresete] ka metlha, seo eleng, loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe phatlalatsa.”—BAHEBERA 13:15 “NW.”

1. Ke eng seo Jehofa a neng a kgothaletsa Baiseraele bao ba neng ba leofile gore ba se dire?

JEHOFA ke Mothusi wa bao ba mo ntshetsang ditlhabelo tse di amogelesegang. Ka jalo, o kile a bo a rata Baiseraele bao ba neng ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo. Mme go ne ga diregang morago ga gore ba nne ba leofe gangwe le gape? O ne a ba kgothaletsa jaana ka moperofeti Hosea: “Iseraela wè, boèla mo go Yehofa Modimo oa gago; gonne u ole ka boikèpō yoa gago. Eañ le mahoko, lo boèlè mo go Yehofa: lo mo reè, lo re, Tlosa boikèpō yotlhe, me u amogèlè se se molemō: yalo re tla isa chupèlō ea melomo ea rona yaka e ka bo e le dikgomo.”—Hosea 14:1, 2.

2. ‘Tshupelo ya melomo e e jaaka e ka bo e le dikgomo’ e ne e le eng, mme moaposetoloi Paulo o ne a bua jang a lebisitse go polelelopele ya ga Hosea?

2 Ka jalo batho ba bogologolo ba Modimo ba ne ba kgothadiwa jalo gore ba ntshetse Jehofa Modimo ‘tshupelo ya melomo ya bone jaaka e ka bo e le dikgomo.’ Tseno e ne e le eng? Aitsane, e ne e le ditlhabelo tsa pako e e tswang pelong! Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka polelelopele eno, o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba ‘ntshetse Modimo setlhabelo sa pako, seo eleng, loungo lwa melomo eo e ipolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15, NW) Ke eng seo se ka thusang Basupi ba ga Jehofa gore ba ntshe ditlhabelo tsa go nna jalo gompieno?

“Lo Etsè Tumèlō ea Bōnè”

3. Totatota, ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a se bua mo go Bahebera 13:7, mme seno se tsosa potso efe?

3 Go dirisa kgakololo eo Paulo a neng a e neela Bahebera go tla re kgontsha gore re ntshetse Mothusi wa rona yo Mogolo, ebong Jehofa Modimo, ditlhabelo tse di amogelesegang. Ka sekai, moaposetoloi yono o ne a kwala jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” (Bahebera 13:7) Paulo o ne a bua ka bomang fa a ne a re, “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola,” kana “ba ba lo etelelang pele”?—New World Translation Reference Bible, ntlhanyana e e kwa tlase.

4. (a) Go ya ka tshedimosetso e e tswang Segerikeng, ke eng seo ‘bao ba laolang’ ba se dirang? (b) Ke bomang bao ba ‘laolang’ mo gare ga Basupi ba ga Jehofa?

4 Paulo o ne a bua ka bao ba ‘laolang,’ kana ba ba etelelang pele. (Ditemana 7,  17, 24) Lefoko la Seesemane eleng “govern” le tshotswe ka Selatine go tswa mo go la Segerika eleng ky·ber·naʹo, leo le rayang “go tsamaisa sekepe, go kaela, go laola.” Bagolwane ba Bakeresete ba etelela pele ka go dirisa “dikgono tsa bone tsa go kaela” (Segerika, ky·ber·neʹseis) fa ba neelana ka boeteledipele le kaelo mo diphuthegong tsa mafelo a bone. (1 Bakorintha 12:28, NW) Mme baaposetoloi le bagolwane ba bangwe ba kwa Jerusalema ba ne ba direla jaaka setlhopha seo se kaelang diphuthego tsotlhe ebile se di gakolola. (Ditihō 15:1, 2, 27-29) Ka jalo, gompieno setlhopha se se laolang sa bagolwane se okamela Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara semoyeng.

5. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra rapelela bagolwane ba diphuthego le maloko a Setlhopha Se Se Laolang mme re tshwanetse ra ba rapelela jang?

5 Bagolwane ba lefelo la rona le maloko a Setlhopha Se Se Laolang ba a re laola; ka ntlha ya moo, re tshwanetse ra ba tlotla le go rapelela gore Modimo a ba neye botlhale jo bo tlhokegang gore ba laole diphuthego. (Bapisa Baefesia 1:15-17.) Abo go tshwanela jang ne gore re gakologelwe bape bao ‘ba neng ba re bolelela lefoko la Modimo’! Timotheo o ne a sa rutiwa fela ke mmaagwe le mmaagwemogolo mme moragonyana gape o ne a rutiwa ke Paulo le ke ba bangwe. (2 Timotheo 1:5, 6; 3:14) Ka jalo Timotheo o ne a ka akanya malebana le ka moo boitshwaro jwa bao ba etelelang pele bo neng jwa felela ka gone mme o ne a kgona go etsa tumelo ya bone.

6. Re tshwanetse ra etsa tumelo ya bomang, mme ke mang yo re mo latelang?

6 Batho ba go nna jalo ba ba jaaka Abele, Noa, Aberahame, Sara, Rahabe, le Moshe ba ne ba bontsha tumelo. (Bahebera 11:1-40) Ka jalo, re ka etsa tumelo ya bone kwantle ga go okaoka ka gonne ba sule ba ikanyega mo Modimong. Mme gape re ka ‘etsa tumelo’ ya banna ba ba ikanyegang bao ba re etelelang pele gompieno. Legale, ga re latele batho ba ba sa itekanelang, ka gonne re tlhomile matlho a rona mo go Keresete. Jaaka fa moranodi mongwe wa Bibela ebong Edgar J. Goodspeed a ne a bolela: “Bagaka ba bogologolo ga se batlhoma-sekao ba modumedi, ka gonne o na le sekao se se botoka mo go Keresete . . . Motabogi wa Mokeresete o tshwanetse a tlhoma matlho a gagwe mo go Jesu.” Ee, ‘Keresete o ne a boga mo boemong jwa rona, a re tlogelela sekao gore re gate ka kelotlhoko mo a gatileng teng.’—1 Petere 2:21; Bahebera 12:1-3.

7. Bahebera 13:8 e tshwanetse ya ama boikutlo jwa rona jang malebana le go boga ka ntlha ya ga Jesu Keresete?

7 Fa a ne a lebisa tlhokomelo go Morwa Modimo, Paulo o ne a oketsa jaana: “Yesu Keresete e nntse ke èna oa maabane le oa gompiyeno, E, le oa ka bosakhutleñ.” (Bahebera 13:8) Basupi ba ba ikanyegang ba ba ntseng jaaka Setefane le Jakobe ba ne ba ile ba bontsha bothokgami jo bo sa tshikinyegeng, morago ga sekao se se tlhomameng sa ga Jesu. (Ditihō 7:1-60; 12:1, 2) Ereka ba ne ba iketleeleditse go swa jaaka balatedi ba ga Keresete, go a tshwanela gore re etse tumelo ya bone. Mo nakong e e fetileng, ga jaanong, tota le eleng mo isagweng, batho ba Modimo ga ba tshabe go swela tumelo jaaka barutwa ba ga Jesu.

Gana Dithuto tsa Maaka

8. O ne o ka tlhalosa jang mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 13:9?

8 Go sa fetofetogeng ga botho jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe go tshwanetse ga re dira gore re ngaparele mo go seo ene le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba se ruta. Bahebera ba ne ba bolelelwa jaana: “Lo se ka loa ucwiwa dipelo ke dithutō diñwe le diñwe le tsa seeñ: gonne go molemō gore pelo e tlhōmamisiwè ka tshegōhaco; e señ ka diyō, tse e rileñ batho ba itapisa ka cōna, ba se ka ba bōna thushō mo go cōna.”—Bahebera 13:9.

9. Paulo o ne a lebisa go dilo dife tse di botlhokwatlhokwa mo lekwalong le a neng a le kwaletse Bakeresete ba Bahebera?

9 Bajuda ba ne ba lebisa go dilo tsa go nna jalo tse di jaaka go newa Molao ka tsela e e gakgamatsang kwa Thabeng ya Sinai le bogosi jo bo tsereng lobaka jwa ga Dafide. Mme Paulo o ne a bontsha Bakeresete ba Bahebera gore lemororo kgolagano ya Molao e ne ya tlhongwa ka tsela e e jesang kgakge, Jehofa o ne a neela bosupi ka ditshupo, dikgakgamatso, ditiro tse di maatla, le ka go ntshiwa ga moya o o boitshepo a dira seno ka maatla fa kgolagano e ntšha e ne e kgakolwa. (Ditihō 2:1-4; Bahebera 2:2-4) Bogosi jwa ga Keresete jwa selegodimo ga bo kake jwa tshikinngwa, jaaka fa bogosi jwa babusi ba ga Dafide ba selefatshe bo ne jwa tshikinngwa ka 607 B.C.E. (Bahebera 1:8, 9; 12:28) Mo godimo ga moo, Jehofa o phutha ba ba tloditsweng pele ga sengwe seo se boitshegang go feta ditshupo tsa dikgakgamatso kwa Thabeng ya Sinai, ka gonne ba atamela Thaba ya Siona ya selegodimo.—Bahebera 12:18-27.

10. Go ya ka Bahebera 13:9, pelo e tlhomamisiwa ka eng?

10 Ka jalo Bahebera ba ne ba tshwanetse ba tila gore ba seka ba “ucwiwa dipelo ke dithutō diñwe le diñwe le tsa seeñ” tsa Sejuda. (Bagalatia 5:1-6) Ga se ka dithuto tsa go nna jalo mme ke ka ‘tshegofatso ya Modimo pelo e ka tlhomamisiwang’ gore e nne e tlhomame mo boammaaruring. Go bonala bangwe ba ne ba tsosa kgang ka dijo le ditlhabelo, ka gonne Paulo o ne a bolela gore pelo ga e tlhomamisiwe “ka diyō, tse e rileñ batho ba itapisa ka cōna, ba se ka ba bōna thushō mo go cōna.” Melemo e e bonwang mo dilong tsa semoya e nna gone ka ntlha ya poifo-modimo le go anaanela thekololo, eseng ka ntlha ya go amega ka tsela e e sa tshwanelang kaga go ja dijo dingwe le go tlhokomela malatsi mangwe. (Baroma 14:5-9) Mo godimo ga moo, setlhabelo sa ga Keresete se ne sa dira gore setlhabelo sa Balefi se seka sa tlhola se dira.—Bahebera 9:9-14; 10:5-10.

Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Modimo

11. (a) Mooko wa mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 13:10, 11 ke ofe? (b) Bakeresete ba na le sebeso sefe sa tshwantshetso?

11 Baperesiti ba Balefi ba ne ba ja nama e e tswang mo diphologolong tse di ntshiwang setlhabelo, mme Paulo o ne a kwala jaana: “Rona re na le sebesho se bōnè ba ba dihèlañ motlaagana ba senañ tshiamèlō ea go ya ga shōna. Gonne ditoto tsa ditshidi tseuō di tle di yewe ke molelō kwa ntlè ga motse eboñ tse madi a cōna a isiwañ mo heloñ ga boitshèpō ke moperisiti eo mogolo, e le chupèlèlō ea boleō” ka Letsatsi la Tetlano. (Bahebera 13:10, 11; Lefitiko 16:27; 1 Bakorintha 9:13) Bakeresete ba na le sebeso sa tshwantshetso seo se emelang go atamela Modimo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu seo se letlanyang maleo mme se felela ka go itshwarelwa ke Jehofa le go bolokelwa botshelong jo bosakhutleng.

12. Mo go Bahebera 13:12-14, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba kgothalediwa gore ba direng?

12 Paulo ga a leke go lekalekanya sepe le Letsatsi la Tetlanyo, lefa go le jalo o oketsa jaana: “Ke gōna ka mouō, Yesu le èna a boga losho kwa ntlè ga kgōrō ea motse” wa Jerusalema “gore a tlè a itshepisè batho ka madi a e leñ a gagwè.” Keresete o ne a swela moo mme o ne a neela setlhabelo sa tetlanyo se se molemolemo ka mo go feletseng. (Bahebera 13:12; Yohane 19:17; 1 Yohane 2:1, 2) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete mmogo le ene ba ba tloditsweng jaana: “Ke gōna, le rona, a re cweleñ kwa go èna [Keresete] kwa ntlè ga motse, re belege kgōbō ea gagwè. Gonne mono ga re na motse o o tlhōmameñ, me re batla ōna motse o o tla tlañ.” (Bahebera 13:13, 14; Lefitiko 16:10) Lemororo re kgobiwa jaaka Jesu a ne a kgobiwa, re a itshoka jaaka Basupi ba ga Jehofa. Re ‘ikgaogantse le boikepo le ditiro tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapha ka tshiamo le ka poifo-modimo, mo motlheng wa gompieno’ re ntse re lebeletse lefatshe le lesha. (Tito 2:11-14; 2 Petere 3:13; 1 Yohane 2:15-17) Mme ba ba tloditsweng ba ba mo gare ga rona ba batla “motse” oo ka bopelo-e-phepa, eleng Bogosi jwa selegodimo.—Bahebera 12:22.

13. Ditlhabelo tseo di itumedisang Modimo ga di kopanyeletse eng fela?

13 Morago ga moo Paulo o umaka ditlhabelo tseo di itumedisang Modimo, a kwala jaana: “A re ntshetseng Modimo setlhabelo sa pako ka ena [Jesu] ka metlha, seo eleng, loungo lwa melomo eo e ipolelang leina la gagwe phatlalatsa. Mo godimo ga moo, go dira molemo le go abelana dilo le ba bangwe lo seka lwa go lebala, gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” (Bahebera 13:15, 16, NW) Ditlhabelo tsa Bokeresete ga di kopanyeletse fela go direla batho ba bangwe molemo. Batho ka kakaretso ba dira dilo tsa go nna jalo. Ka sekai, seno se ne sa diragala fa batho ba merafe e le mentsi ba ne ba thusa batswa-setlhabelo ba thoromo ya lefatshe kwa Armenia ya kwa Soviet fa 1988 e ne e ya bokhutlong.

14. Go neela Modimo setlhabelo seo se amogelesegang go otlelela tiro efe?

14 Tirelo e e boitshepo eo re e neelang Jehofa ka “poifo le ka tshisimogo” e theilwe mo mofuteng wa lorato lwa go intsha setlhabelo lo lo neng lwa bontshiwa ke Jesu. (Bahebera 12:28; Yohane 13:34; 15:13) Tirelo eno e otlelela tiro ya rona ya go rera, ka gonne ka Keresete jaaka Moperesiti yo Mogolo ‘re isetsa Modimo setlhabelo sa pako, eleng loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Hosea 14:2; Baroma 10:10-15; Bahebera 7:26) Legale, ‘ga re lebale go dira molemo le go abelana dilo le ba bangwe,’ go go kopanyeletsang, tota le eleng ba bangwe bao eseng ba “ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10) Segolo-bogolo fa Bakeresete mmogo le rona ba diragalelwa ke matlhotlhapelo kana ba tlhoka sengwe kana ba le mo tlalelong, re neelana ka thuso e e lorato ka dilo tse di bonalang le ka dilo tsa semoya. Ka ntlhayang? Ka gonne re a ratana. Re batla gore le bone ba kgone go ngaparela boipolelo jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya bone kwantle ga go okaoka, “gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Bahebera 10:23-25; Yakobe 1:27.

Ineeleng

15. (a) O ne o ka tlhalosa jang kgakololo e e mo go Bahebera 13:17? (b) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra bontsha tlotlo mo go bao ba re laolang?

15 Gore re ntshe ditlhabelo tse di amogelesegang, re tshwanetse ra dirisana mmogo ka botlalo le phuthego ya Modimo. Paulo o ne a kwala jaana a sa bine pina ya tshwene ka ntlha eno ya bolaodi: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.” (Bahebera 13:17) Re tshwanetse ra tlotla bagolwane ba ba tlhophilweng bao ba etelelang pele mo phuthegong, e le gore ba seka ba hutsafala ka gonne re sa ba utlwe. Fa re sa batle go ineela seno se ka bontsha gore re morwalo mo balebeding mme se ka felela ka gore re utlwe botlhoko semoyeng. Moya wa tirisano-mmogo o dira gore go nne bonolo mo bagolwaneng gore ba neele thuso ebile o tlatseletsa mo kutlwanong le mo go tsweleleng pele ga tiro ya go rera ka Bogosi.—Pesalema 133:1-3.

16. Ke ka ntlhayang fa go tshwanela gore re ineele kafa tlase ga bao ba re laolang?

16 Abo go tshwanela jang ne gore re ineele mo go bao ba re laolang! Ba ruta mo dipokanong tsa rona mme ba re thusa mo bodiheding. Jaaka badisa, ba tlhokomela pholo ya rona. (1 Petere 5:2, 3) Ba re thusa gore re nne le kamano e e molemo le Modimo le phuthego. (Ditihō 20:28-30) Fa re ineela mo bolebeding jo bo botlhale le jo bo lorato, re bontsha gore re tlotla Molebedi yo Mogolo, ebong Jehofa Modimo, le Molebedi yo o mo Tlatsang, ebong Jesu Keresete.—1 Petere 2:25; Tshenolō 1:1; 2:1–3:22.

Rapelang

17. Paulo o ne a kopa dithapelo dife, mme ke ka ntlhayang fa a ne a ka di kopa ka tshwanelo?

17 Ereka Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba kgaogane le Bahebera, gongwe e le ka ntlha ya pogiso, o ne a bolela jaana: “Lo re rapèlèlè: gonne rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe. Me bogolo ke lo laea thata, gore lo dihè yalo, gore ke tlè ke bōnè go akoha ke lo rebolèlwa.” (Bahebera 13:18, 19) Fa e le gore Paulo e ne e le motho yo o tshelang ka matsoketsane yo o nang le segakolodi se se suleng, o ne a ka bona kae tshwanelo ya go kopa Bahebera gore ba rapelele gore a kopane le bone? (Diane 3:32; 1 Timotheo 4:1, 2) Jaaka fa re itse, e ne e le modihedi yo o ikanyegang, yo o neng a emelana le dithuto tsa Bajuda ka segakolodi se se molemo. (Ditihō 20:17-27) Paulo gape o ne a na le tsholofelo ya gore o ne a tla kgona go boa a kopana le Bahebera ka bonako fa ba ne ba ka rapelela gore seo se diragale.

18. Fa re batla gore ba bangwe ba re rapelele, ke dipotso dife tseo re ka nnang ra di ipotsa?

18 Kopo ya ga Paulo ya gore Bahebera ba mo rapelele e bontsha gore go a tshwanela gore Bakeresete ba rapelelane, tota le eleng ka go bitsana ka maina mo go yone. (Bapisa Baefesia 6:17-20.) Mme fa re batla gore ba bangwe ba re rapelele, a ga re a tshwanela go tshwana le moaposetoloi yono mme re tlhomamisege gore ‘re na le segakolodi se se siameng, mme re tshela ka go tlhoka matsoketsane mo dilong tsotlhe’? A wa ikanyega mo dilong tsotlhe tse o di dirang? Mme a o na le tsholofelo e e tshwanang mo thapelong fela jaaka e Paulo a neng a na le yone?—1 Yohane 5:14, 15.

Mafoko A A Konelang le Kgothatso

19. (a) Ke keletso efe eo Paulo a neng a na le yone ka tlhoafalo ka Bahebera? (b) Ke ka ntlhayang fa kgolagano e ntšha e le kgolagano ya go ya go ile?

19 Morago ga gore a kope gore a rapelelwe ke Bahebera, Paulo o ne a bontsha keletso eno ka thapelo, a bolela jaana: “Me yana, Modimo oa kagishō o o bileñ o bositse Modisa eo Mogolo oa dinku mo bashwiñ, ka madi a kgōlaganō e e sa khutleñ, eboñ Morèna oa rona Yesu, A o lo dihè go nna boitekanèlō mo go señwe le señwe se se molemō, go diha go rata ga ōna, ka go diha mo go rona se se kgatlhañ mo matlhoñ a ōna, ka Yesu Keresete; eo kgalalèlō e ka kañ ea nna kwa go èna ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Amen.” (Bahebera 13:20, 21) Ereka “Modimo oa kagishō” o ne o batla go tlisa lefatshe la kagiso, o ne wa tsosa Keresete o mo tsosetsa mo botshelong jwa go sa sweng kwa legodimong, mo Jesu a neng a neela tshwanelo ya madi a gagwe a a tsholotsweng gone ao a neng a tlhomamisa kgolagano e ntšha. (Isaia 9:6, 7; Luke 22:20) Ke kgolagano ya go ya go ile ka gonne ba ba leng mo lefatsheng ba bona melemo ya go ya goile go tswa mo tirelong ya barwa ba Modimo ba semoya ba ba 144 000 ba ba busang le Jesu kwa legodimong ebile ba le mo kgolaganong e ntšha. (Tshenolō 14:1-4; 20:4-6) Modimo yoo re tshwanetseng ra mo galaletsa, o re ‘neela sengwe le sengwe se se molemo seo re se tlhokang gore re ke re dire thato ya gagwe mme re mo itumedise’ a dira jalo ka Keresete.

20. O ne o ka bolela jang kgakololo ya ga Paulo ka mafoko a gago eo e konelang eo e yang kwa Bakereseteng ba Bahebera wa bo wa e tlhalosa?

20 A sa tlhomamisege malebana le ka moo Bahebera ba neng ba tla arabela ka gone lekwalo la gagwe, Paulo o ne a bolela jaana: “Me kea lo laea ba ga echo, ka re, a lo ko lo reetseñ sentlè lehoko ya taeō [gore lo reetseng Morwa Modimo, eseng dithuto tsa Sejuda]: gonne ke lo kwaletse ka mahoko a le makhutshane [ke akanya ka moo diteng tsa one di leng boteng ka gone]. Itseñ ha mokauleñwe Timotheo a golocwe [mo kgolegelong]: eo e tla reñ ha a ka akoha a tla, ke be ke tla ke ea go lo bōna ke na naè.” Ereka gongwe a ne a kwala a le kwa Roma, moaposetoloi yono o ne a solofela gore ene gammogo le Timotheo ba ne ba tla etela Bahebera kwa Jerusalema. He Paulo o ne a bolela jaana: “Dumedisañ botlhe ba ba lo laolañ [jaaka bagolwane bao ba dirang ka natla], le baitshepi botlhe [bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo]. Bōnè ba Itale baa lo dumedisa. A tshegōhaco [ya Modimo] e nnè le lona lotlhe.”—Bahebera 13:22-25.

Lekwalo Le Le Nang le Botlhokwa Jo Bo Nnelang Ruri

21. Lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera le re thusa gore re tlhaloganye dintlha dife tse dikgolo?

21 Gongwe lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera le re thusa go tlhaloganya ka moo ditlhabelo tseo di neng di neelwa kafa tlase ga Molao di leng botlhokwa ka gone, go gaisa buka epe fela e nngwe ya Dikwalo Tse Di Boitshepo. Lekwalo leno le bontsha ka phepafalo gore setlhabelo sa ga Jesu Keresete ke sone fela se re neelang thekololo eo setho seo se leofileng se e tlhokang. Mme molaetsa o o botlhokwatlhokwa o re o fitlhelang mo lekwalong leno ke gore re tshwanetse ra reetsa Morwa Modimo.

22. Mabaka mangwe ao re ka lebogelang lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera ka ntlha ya one ke afe?

22 Mo godimo ga moo, jaaka fa re setse re bone mo dikgaolong tse pedi tse di fetileng, re na le mabaka a mangwe a go lebogela lekwalo leno le le tlhotlheleditsweng ke Modimo leo le neng le kwaletswe Bahebera. Le re thusa gore re seka ra lapa mo bodiheding jwa rona, ebile le a re kgothatsa, gonne re itse gore Jehofa ke Mothusi wa rona. Mo godimo ga moo, le re kgothaletsa gore re dirise melomo ya rona le dikgono tsotlhe tsa rona kwantle ga bogagapa fa re dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare le fa re ntsha ditlhabelo tse di tswang pelong tseo di itumedisang Modimo wa rona yo o tshwanelwang ke go galalediwa le yo o lorato, ebong Jehofa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera le ne la ba thusa jang gore ba gane dithuto tsa maaka?

◻ Ditlhabelo tseo di itumedisang Modimo di lebisa tlhokomelo go tiro efe e e botlhokwa?

◻ Ke bomang bao ‘ba laolang,’ mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse re ineele mo go bone?

◻ Lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera le tlotlomatsa thapelo jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa re ka bolela gore lekwalo leo le neng le kwaletswe Bakeresete ba Bahebera ke le le nang le botlhokwa jo bo nnelang ruri?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ditlhabelo tseo di itumedisang Modimo di kopanyeletsa go dira maeto a bodisa le go agelela Bakeresete mmogo le rona ka kgakololo e e lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela