LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/15 ts. 15-20
  • Jehofa Ke Mothusi wa Me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa Ke Mothusi wa Me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Thuso ya ga Jehofa
  • Go Bontsha Lorato lwa Bokaulengwe
  • Amogela Baeng
  • Gakologelwang Bao ba Bogisiwang
  • Nyalo E Tshwanetse ya Tlotlwa
  • Go Ritibalela Dilo Tseo Re Nang le Tsone ga Jaanong
  • Ikanye Jehofa
  • Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Neela Bosupi ka Jehofa mme O Seka wa Lapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/15 ts. 15-20

Jehofa Ke Mothusi wa Me

“Bua ka go inametsa pelo, [o re], Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?”—BAHEBERA 13:6.

1, 2. (a) Mopesalema gammogo le moaposetoloi Paulo ba ne ba bontsha tsholofelo efe mo go Jehofa? (b) Go tsoga dipotso dife?

JEHOFA MODIMO ke motswedi o o sa palelweng ke sepe wa thuso. Mopesalema o ne a itse seno ka go bo a ne a kile a se itemogela mme o ne a ka bolela jaana: “Yehofa o ntlheñ ea me; ga nketla ke boiha: kana motho o ka ntihañ?” (Pesalema 118:6) Maikutlo a a tshwanang a ne a bontshiwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a kwala lekwalo la gagwe leo le tlhotlheleditsweng ke Modimo a le kwalela Bakeresete ba Bahebera.

2 Go bonala Paulo a ne a tsopola mafoko a ga mopesalema go tswa go Septuagint ya Segerika, o ne a bolelela baobamedi mmogo le ene ba Bahebera jaana: “[Buang] ka go inametsa pelo, [mme lo re] Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?” (Bahebera 13:6) Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi yono a ne a kwala jaana? Mme re ka ithuta eng go tswa mo kgannyeng eo go neng go buiwa ka yone mono?

Go Tlhokega Thuso ya ga Jehofa

3. (a) Jehofa o ne a itshupa go nna Mothusi wa ga Paulo tlase ga maemo afe? (b) Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba Bahebera segolo-bogolo ba ne ba tlhoka gore Jehofa e nne Mothusi wa bone?

3 Paulo e ne e le mosupi yo o neng a intsha setlhabelo yo o neng a na le bosupi jwa gore Jehofa e ne e le Mothusi wa gagwe. Modimo o ne wa thusa moaposetoloi yono fa a ne a lebane le mathata a le mantsi. Paulo o ne a tsenngwa mo kgolegelong, a bediwa, a kgobotlediwa ka maje. Mo maetong a gagwe jaaka modihedi wa Mokeresete, o ne a thubegelwa ke sekepe gammogo le go kopana le dikotsi tse dingwe tse dintsi. O ne a tlwaelane thata le tapisego, go fetsa masigo a sa robale, tlala, lenyora, tota le eleng le bosaikatega. “Kwa ntlè ga dilō tse di kwa ntlè,” a rialo, “go na le mo go nkimèlañ ka malatsi aotlhe, ke raea tlhobaèlō kaga diphuthègō cotlhe.” (2 Bakorintha 11:24-29) Paulo o ne a na le go amega ka tsela e e ntseng jalo a amega ka Bakeresete ba Bahebera. Malatsi a Jerusalema a ne a setse a le mannye, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba moaposetoloi yono ba Bayuda ba ba kwa Judea ba ne ba tla lebana le diteko tse dikgolo tsa tumelo. (Daniele 9:24-27; Luke 21:5-24) Ka jalo ba ne ba tla tlhoka gore Jehofa e nne Mothusi wa bone.

4. Ke kgothatso efe ya konokono e e neelwang mo lekwalong lotlhe le le yang go Bahebera?

4 Fa a ne a bula lekwalo la gagwe leo a neng a le kwaletse Bakeresete ba Bahebera, Paulo o ne a bontsha gore ba ne ba tla bona thuso ya bomodimo fela fa ba ne ba utlwa Morwa Modimo, ebong Jesu Keresete. (Bahebera 1:1, 2) Ntlha eno e ne ya tlhagisiwa mo lekwalong leno. Ka sekai, go tshegetsa kgakololo eno, moaposetoloi yono o ne a gakolola babadi ba gagwe gore Baiseraele ba ne ba otlhaiwa ka ntlha ya go tlhoka kutlo mo sekakeng. Abo Bakeresete ba Bahebera ba ne ba se kitla ba falola kotlhao jang ne fa ba ne ba gana seo Modimo o neng o se ba bolelela ka Jesu mme ba nna batenegi ba ba tshegetsang Molao wa ga Moshe o o neng o beetswe kwa thoko ke setlhabelo sa ga Keresete!—Bahebera 12:24-27.

Go Bontsha Lorato lwa Bokaulengwe

5. (a) Ke kgakololo efe e nngwe eo lekwalo le le kwaletsweng Bahebera le e neelang? (b) Ke eng seo Paulo a neng a se bua kaga lorato?

5 Lekwalo leo le neng le kwaletswe Bahebera le ne la neela bao ba neng ba lebeletse go nna baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo kgakololo e e malebana le ka moo ba neng ba ka latela Motlhoma-sekao wa bone, ebong Jesu Keresete, ‘ba dire tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo, [NW],’ mme Jehofa e nne Mothusi wa bone. (Bahebera 12:1-4, 28, 29) Paulo o ne a kgothaletsa badumedi mmogo le ene gore ba kopane ka metlha mme ‘ba tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Bahebera 10:24, 25) Mme jaanong o ne a gakolola jaana: “A go rata bakauleñwe go cwèlèlè pele.”—Bahebera 13:1.

6. Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe “taolō e ncha” ka kgopolo efe malebana le lorato?

6 Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba nne le lorato lwa go nna jalo, ka gonne o ne a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratane; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Seno e ne e le “taolō e ncha” ka gonne e ne e batla gore go dirwe se se oketsegileng go feta seo Molao wa ga Moshe o neng o se batla, o o neng o re: “U ratè oa ga eno [kana moagelani wa gago] yaka u ithata.” (Lefitiko 19:18) “Taolō e ncha” eno e ne e batla se se fetang gore motho a rate moagelani wa gagwe jaaka fa a ne a ithata. E ne e batla gore go bontshiwe lorato lwa go intsha setlhabelo go ya bokgakaleng jwa gore motho a bo a ntshe botshelo jwa gagwe a bo ntshetsa yo mongwe. Botshelo jwa ga Jesu le loso lwa gagwe di ne tsa neela sekao sa mofuta ono wa lorato. Tertullian o ne a bua ka letshwao leno le le kgethololang fa a ne a tsopola dikakgelo tsa batho ba lefatshe tse di malebana le Bakeresete mme a re: “‘Bonang,’ ba rialo, ‘ka moo ba ratanang ka gone . . . le ka moo ba iketleeleditseng go swelana ka gone.’”—Apology, kgaolo XXXIX, 7.

7. Lorato lwa bokaulengwe lo ne lwa bonala jang morago ga Pentekosete ya 33 C.E.?

7 Lorato lwa bokaulengwe lo ne lo bonala mo gare ga barutwa ba ga Jesu morago ga Pentekosete ya 33 C.E. Mo eleng gore badumedi ba le bantsi bao ba sa tswang go kolobediwa bosheng go tswa kwa mafelong a a kgakala ba ne ba ka nna lobakanyana mo Jerusalema mme ba ithuta ka mo go oketsegileng kaga seo Jehofa a ileng a se baakanyetsa gore re bone poloko ka Keresete, “me botlhe ba ba dumetseñ ba nna mmōgō, me ba tlhakanèla dilō cotlhe; Me ba rekisa dithuō tsa bōnè, le dilwana, me ba abèla botlhe, kaha moñwe le moñwe o tlhōkañ ka gōna.”—Ditihō 2:43-47; 4:32-37.

8. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore lorato lwa bakaulengwe lo gone mo gare ga Basupi ba ga Jehofa gompieno?

8 Lorato lwa go nna jalo lwa bokaulengwe lo gone mo gare ga Basupi ba ga Jehofa mo nakong ya rona. Ka sekai, morago ga Ntwa ya Lefatshe II, lorato lwa go nna jalo le ne la tlhotlheletsa batho ba Modimo gore ba thuse ba bangwe ka sebaka sa dingwaga di le pedi le sephatlho. Basupi ba kwa Canada, Sweden, Switzerland, le United States, le ba kwa mafatsheng a mangwe ba ne ba ntsha moneelo wa diaparo le madi a go reka dijo di rekelwa badumedi mmogo le bone ba ba mo dinageng tse di neng di wetswe ke ntwa tsa Austria, Belgium, Bulgaria, China, Czechoslovakia, Denmark, England, Finland, France, Germany, Greece, Hungary, Italy, Netherlands, Norway, Philippines, Poland, le Romania. Seno ke sekai fela, ka gonne batlhanka ba Modimo morago fela jaana ba ile ba bontsha lorato lwa go nna jalo mo batswa-setlhabelong ba Bakeresete ba thoromo ya lefatshe kwa Peru le kwa Mexico, dikgwanyape kwa Jamaica, le matlhotlhapelo a mangwe a a tshwanang le ao mo mafelong a mangwe. Ka ditsela tseno le tse dingwe tse dintsi, batho ba ga Jehofa ba ‘letla go rata bakaulengwe ga bone gore go tswelepele.’

Amogela Baeng

9. (a) Ke nonofo efe ya bomodimo eo e umakiwang mo go Bahebera 13:2? (b) Bangwe ba ne ba ‘amogela baengele’ jang ba sa itse?

9 Paulo morago ga moo o ne a umaka nonofo e nngwe eo e bontshiwang ke bao ba latelang Keresete, ‘bao ba dirang tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo,’ mme ebile Jehofa e le Mothusi wa bone. O ne a kgothatsa jaana: “Se lebaleñ go ichupa loratō mo baeñeñ; gonne bañwe ba kile ba chogana ka ba chotse baengele ka gōna, ba sa itse.” (Bahebera 13:2) Ke bomang bao ba neng ba “chotse baengele” ba sa itse? Ee, tlhogo ya lotso ebong Aberahame o ne a amogela baengele ba bararo. (Genesise 18:1-22) Ba le babedi ba bone ba ne ba tsamaya, mme motlogoloe ebong Lote o ne a laletsa bone baeng bano mo ntlong ya gagwe kwa Sodoma. Lefa go le jalo, pele ga ba ya go robala, ntlo ya ga Lote e ne e setse e dikaganyeditswe ke segopa sa batho, “bannye le bagolo.” Ba ne ba batla gore Lote a ba neele baeng ba gagwe gore ba nne le boitshwaro jo bo maswe le bone, mme o ne a gana nnang. Lemororo Lote a ne a sa itse seo pele, o ne a amogetse baengele, bao morago ga moo ba neng ba mo thusa ene gammogo le bomorwadie go falola loso fa ‘Jehofa a ne a nesa molelo le selefura go tswa kwa legodimong mo Sodoma le Gomora.’—Genesise 19:1-26.

10. Ke masego afe ao Bakeresete bao ba amogelang baeng ba a ipelelang?

10 Bakeresete ba ba amogelang baeng ba ipelela masego a le mantsi. Ba utlwa maitemogelo a a humisang a a bolelwang ke baeng ba bone mme ba solegelwa molemo ke botsalano jono jwa bone jo bo duelang semoyeng. Gaio o ne a akgolelwa go amogela badumedi mmogo le ene sentle, “ebile e le baeñ,” fela jaaka bontsi jwa batho ba ga Jehofa gompieno ba amogela balebedi ba ba etang. (3 Yohane 1, 5-8) Go amogela baeng ke tshwanelego eo e dirang gore o tlhophiwe jaaka mogolwane. (1 Timotheo 3:2; Tito 1:7, 8) Gape go lemosega gore Jesu o ne a solofetsa batho ba seka-dinku bao ba neng ba direla “bonnake” ba gagwe ba ba tloditsweng molemo masego a Bogosi.—Mathaio 25:34-40.

Gakologelwang Bao ba Bogisiwang

11. Ke ka ntlhayang fa kgakololo e e mo go Bahebera 13:3 e ne e tshwanela?

11 Ba ba eletsang go thusiwa ke Jehofa ebile ba eletsa ‘go mo direla tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo’ ga ba tshwanela go lebala badumedi mmogo le bone bao ba bogang. Paulo o ne a tlhaloganya mathata a a neng a itshokelwa ke Bakeresete bao ba neng ba sa tshwarwa sentle. Nako nngwe pelenyana, barutwa ba ne ba phatlaladiwa ke pogiso, ebile modiri-mmogo le ene ebong Timotheo o ne a sa tswa go gololwa mo kgolegelong. (Bahebera 13:23; Ditihō 11:19-21) Barongwa ba Bakeresete le bone ba ne ba eta ba simolola diphuthego tse dintšha kana ba aga tse di setseng di le gone ba di aga semoyeng. Ereka bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba nako eo ba ba neng ba eta e ne e le Baditšhaba, Bakeresete bangwe ba Bahebera ba ne ba ka nna ba bo ba ile ba seka ba amega ka bone go le go kalo. Ka jalo he kgakololo eno e ne e tshwanela: “Gopolañ ba ba mo dikgoleñ, yaka ha lo ka bo lo golegilwe nabō; le ba ba dihèlwañ mashwè, yaka le lona lo sa nntse lo le mo mmediñ.”—Bahebera 13:3.

12. Re ka dirisa jang kgakololo ya gore re gakologelwe badumedi mmogo le rona bao ba sa tshwarwang sentle?

12 Bahebera ba ne ba ‘tlhomogetse ba ba mo dikgoleng pelo’ mme ba ne ba sa tshwanela go lebala baobamedi mmogo le bone ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang, e ka tswa e ne e le Bajuda kana e le Baditšhaba. (Bahebera 10:34) Mme go tweng ka rona? Re ka bontsha jang gore re gakologelwa Bakeresete bao ba sa tshwarweng sentle? Mo mabakeng mangwe go ka nna ga bo go tshwanela ka rona gore re kwale makwalo re kwalela balaodi ba puso re dira boikuelo mo go bone ka maiteko a go thusa badumedi mmogo le rona bao ba tshwaretsweng tumelo ya bone mo mafatsheng ao tiro ya go rera ka Bogosi e thibetsweng mo go one. Ebile re tshwanetse ra ba gakologelwa mo dithapelong tsa rona segolo-bogolo, tota le eleng go umaka bangwe ba bone ka maina, fa go kgonagala. Pogiso ya bone e re ama thata, mme Jehofa o utlwa dikokotlelo tsa rona tseo re di dirang ka bopelo-e-phepa jaaka fa re di dira mo boemong jwa bone. (Pesalema 65:2; Baefesia 6:17-20) Lemororo re se mo kgolegelong mmogo le bone, go ntse jaaka ekete re golegilwe le bone mme re kgona go ba thusa le go ba kgothatsa. Eleruri Bakeresete bao ba tsetsweng ka moya ba utlwa botlhoko le ba ba tloditsweng ba ba sa tshwarweng sentle. (Bapisa 1 Bakorintha 12:19-26.) Bano ba amegile ka tsela e e tshwanang ka ditsala tsa bone tseo di bogisiwang tsa bao ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng, bao le bone ba sa tshwarweng sentle ka ditsela di le dintsi ba tshwerwe maswe jalo ke babogisi ba bone. Go nna le maikutlo ano a bolekane go a tshwanela, ereka rotlhe re le mo mmeleng wa nama ebile re tshwanetse ra feta mo dipogisong le mo ditshotlong jaaka baobamedi ba ga Jehofa.—1 Petere 5:6-11.

Nyalo E Tshwanetse ya Tlotlwa

13. Totatota, ke eng seo Paulo a neng a se bolela mo go Bahebera 13:4?

13 Go latela sekao sa ga Keresete le ‘go dira tirelo e e boitshepo re e direla Jehofa ka poifo-modimo le ka tshisimogo’ go tshwanetse ga ama tsela eo re amegileng ka ba bangwe ka yone ka ditsela di le dintsi. Morago ga gore a bolele gore “le lona lo sa nntse lo le mo mmediñ,” Paulo o ne a umaka ka kamano e e leng malebana le mmele, kana nama, eo e neng e dira gore go nne le tshono ya go bontsha ba bangwe tlotlo e e ba tshwanetseng. (Bahebera 13:3) O ne a tlhagisa Bakeresete ba Bahebera jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Abo kgakololo eno e ne e tshwanela jang ne, ereka boitshwaro jo bo maswe jwa kafa dikobong bo ne bo atile jaana mo Pusong ya Roma! Bakeresete ba motlha wa segompieno le bone ba tshwanetse go reetsa mafoko ano ka ntlha ya go bo ditekanyetso tsa boitshwaro tsa lefatshe leno e le tse di kwa tlase thata le ka ntlha ya go bo ngwaga mongwe le mongwe diketekete di kgaolwa mo phuthegong ka ntlha ya boitshwaro jo bo maswe jwa kafa dikobong.

14. Ke ka ntlhayang fa o ne o ka re lenyalo le a tlotlega?

14 Baesena ba motlha wa ga Paulo ba ne ba le gare ga bao ba neng ba sa tlotle lenyalo. Ka tlwaelo fela ba ne ba sa nyale, jaaka baruti bangwe ba gompieno bao ba tsayang go sa nyale ka tsela e e phoso gore go boitshepo go na le go nyala. Lefa go le jalo go ya ka seo Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ba Bahebera, o ne a bontsha ka phepafalo gore lenyalo le a tlotlega. Go tlotlega ga lona go ne ga bonala fa Naomi a ne a bontsha keletso eno ya gagwe go betsi ba gagwe ba batlholagadi, ebong Ruthe le Orepa: “A Yehofa a lo neè gore lo bōnè boikhucō, moñwe le moñwe oa lona mo tluñ ea monna oa gagwè.” (Ruthe 1:9) Mo gongwe, Paulo ka boene o ne a bontsha gore ‘mo dinakong tsa moragonyana bangwe ba ne ba tla wa mo tumelong, ba kganela batho go nyala.’—1 Timotheo 4:1-5.

15. Ke bomang bao ba neng ba tsewa jaaka bagokahadi le ba boaka mo go Bahebera 13:4, mme Modimo o ne o tla ba atlhola jang?

15 Bahebera bao pele ba neng ba le kafa tlase ga Molao mme jaanong ba tseetswe mo kgolaganong e ntšha ba ne ba itse molao ono: “U se ka ua diha boaka.” (Ekesodo 20:14) Mme ba ne ba le mo lefatsheng la boitshwaro jo bo sa siamang mme ba ne ba tlhoka go tlhagisiwa jaana: “A bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” Mo gare ga bagokahadi go na le batho ba ba sa nyalang bao ba kopanelang mo boitshwarong jwa kafa dikobong. Baboaka thatathata ke batho bao ba nyetseng bao ba nnang mmogo le bao eseng balekane ba bone, ba leswefatsa bolao jwa bone jwa lenyalo. Ereka bao ba dirang kgokafalo le boaka mme ba sa ikwatlhaye ba tshwanelwa ke katlholo e e botlhoko ya Modimo, ga ba kitla ba dumelelwa go tsena mo Jerusalema o Mosha wa selegodimo ebile ga ba kitla ba ipelela botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng tlase ga puso ya Bogosi. (Tshenolō 21:1, 2, 8; 1 Bakorintha 6:9, 10) Tlhagiso eno ya gore go se leswefadiwe bolao jwa lenyalo e tshwanetse gape ya dira gore Bakeresete bao ba nyetseng ba tile go leswefatsa boitshwaro jwa kafa dikobong le balekane ba bone ba lenyalo, lemororo go sena sepe se se seng phepa ka bokopano jo bo tshwanetseng mo lenyalong.—Bona Tora ya Tebelo, September 1, 1983, ditsebe 27-31.

Go Ritibalela Dilo Tseo Re Nang le Tsone ga Jaanong

16, 17. Ke eng seo se neng sa bolelwa mo go Bahebera 13:5, mme ke ka ntlhayang fa Bahebera ba ne ba tlhoka kgakololo eno?

16 Re tla bona thetebalo fa re latela Motlhoma-sekao wa rona mme ‘re dira tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo,’ re na le tsholofelo ya gore Jehofa ke Mothusi wa rona. Go tsenelela mo go lelekiseng dilo tse di bonalang go ka re raela tota. Mme Bakeresete ga ba tshwanela go ineela mo go seo. Bahebera ba ne ba bolelelwa jaana: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi; lo nnè boitumèlō ka dilō tse lo nañ nacō: gonne go buile èna ka esi, a re, Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.” (Bahebera 13:5) Ke ka ntlhayang fa Bahebera bano ba ne ba tlhoka kgakololo eno?

17 Gongwe Bahebera ba ne ba amegile thata ka madi ka gonne ba ne ba gakologelwa “leuba le legolo” la fa go ne go busa Claudius Kaisara (41-54 C.E.). Leuba leo le ne le le maswe mo e leng gore Bakeresete ba kwa mafelong a mangwe ba ne ba romela dilo tsa go thusa ba di romelela bakaulengwe ba bone ba kwa Judea. (Ditihō 11:28, 29) Go ya ka rrahisitori wa Mojuda ebong Josephus, leuba leno le ne la nna gone ka sebaka sa dingwaga di le tharo kana go feta, le dira gore go nne le lehuma le le botlhoko mo Judea le kwa Jerusalema.—Antiquities of the Jews, XX, 2, 5; 5, 2.

18. Kgakololo e e mo go Bahebera 13:5 e re neela thuto efe?

18 A go na le seo re ka ithutang sone mo go seno? Ee, ka gonne go sa kgathalesege gore re humanegile go le kana kang, ga re a tshwanela go rata madi kana ra tshwenyega thata ka one. Mo boemong jwa gore re tlhobaele ka ga go sireletsega ka dilo tse di bonalang, gongwe re bo re nne batho ba ba pelotshetlha, re tshwanetse ra ‘nna boitumelo ka dilo tseo re nang natso.’ Jesu o ne a bolela jaana: “Me batlañ pele bogosi yoa [Modimo], le tshiamō ya gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25-34) Gape o ne a bontsha gore re tshwanetse ra tlhoma mogopolo mo go ‘humeleng Modimo’ ka gonne ‘botshelo jwa rona ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tseo re nang natso.’ (Luke 12:13-21) Fa go rata madi go tshosetsa bomoya jwa rona, he, a re utlweng kgakololo ya ga Paulo eo a neng a gakolola Bahebera ka yone mme gape re gakologelwe gore “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ ke papadi e kgolo.”—1 Timotheo 6:6-8.

Ikanye Jehofa

19. Modimo o ne wa tlhomamisetsa Joshua eng, mme seno se tshwanetse sa re ama jang?

19 Jaaka balatedi ba ga Jesu bao ba batlang go ‘dira tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo,’ ga re a tshwanela go ikanya madi mme re tshwanetse ra ikanya Rraarona wa selegodimo, yo thuso ya gagwe eleng botlhokwatlhokwa. Mathata mangwe le mangwe ao re lebanang le one, re tshwanetse ra gakologelwa seno seo a neng a re tlhomamisetsa sone: “Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.” (Bahebera 13:5) Fano Paulo o ne a lebisitse go mafoko ano a Modimo a a raya Joshue: “Ga nketla ke gu tlhaèla, leha e le go gu latlha.” (Yoshue 1:5; bapisa Duteronome 31:6, 8.) Jehofa ga a ise a ko a latlhe Joshua le ka motlha ope, ebile ga A kitla a re latlha fa re Mo ikanya.

20. (a) Temana ya ngwaga ya 1990 ke efe? (b) Re tshwanetse ra tswelela pele re dira eng re sa boife?

20 Thuso ya Modimo e e sa palelweng ka gope e tla otlelelwa mo gare ga Basupi ba ga Jehofa mo dikgweding tse di tlang, ka gonne temana ya bone ya ngwaga ya 1990 e balega jaana: “Bua ka go inametsa pelo, [o re], Yehofa ke mothusi oa me.” Mafoko ano a fitlhelwa mo go Bahebera 13:6, mo Paulo a neng a tsopola mopesalema gone mme a bolelela Bahebera jaana: “Yalo re bua ka go inametsa pelo, re re, Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?” (Pesalema 118:6) Lemororo re bogisiwa, ga re boife, ka gonne batho ga ba kake ba dira seo se fetang se Modimo a ba letlelelang go se dira. (Pesalema 27:1) Tota le eleng le fa re ka swa jaaka baboloka-bothokgami, re na le tsholofelo ya tsogo. (Ditihō 24:15) Ka jalo a re tsweleleng re latela Motlhoma-sekao wa rona ‘mo go direng tirelo e e boitshepo ka poifo-modimo le ka tshisimogo,’ re na le tsholofelo ya gore Jehofa ke Mothusi wa rona.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba Bahebera segolo-bogolo ba ne ba tlhoka thuso ya ga Jehofa?

◻ Batho ba ga Jehofa ba ile ba ‘letla go rata bakaulengwe ga bone gore go tswelele’ jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra amogela baeng sentle?

◻ Ke eng seo re ka se dirang go bontsha gore re gakologelwa badumedi mmogo le rona ba ba sa tshwarwang sentle?

◻ Ke ka ntlhayang fa lenyalo le tshwanetse la tshwarwa ka tlotlo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela