Itise mo go Tlhokeng Tumelo
“Tlhokomelang, bakaulengwe, e se re kgotsa ga bo go ka nna ga tsamaya ga tlhaga mo go mongwe wa lona pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo o o tshelang.”—BAHEBERA 3:12.
1. Mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba Bahebera a re tlhokomedisa eng se se tshosang?
A BO e le kgopolo e e tshosang jang ne—gore batho ba ba kileng ba itumelela kamano e e gaufi le Jehofa ba bo ba ka nna le “pelo e e boikepo” mme ba bo ba “katogela kgakala le Modimo o o tshelang”! Mme a bo seno e le tlhagiso jang ne! Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo, o ne a sa a bolelele batho ba e seng badumedi, mme o ne a a bolelela batho ba ba neetseng Jehofa matshelo a bone mo motheong wa tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete.
2. Ke dipotso dife tse re tlhokang go di sekaseka?
2 Go ka direga jang gore motho yo o segofaditsweng jalo mo semoyeng a nne le “pelo e e boikepo e e se nang tumelo”? Ee, motho yo o kileng a latswa lorato lwa Modimo le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe a ka katogela kgakala le ene jang ka boomo? A mme seno se ka diragalela mongwe wa rona? Tseno ke dintlha tse di tsitsibosang tlhaloganyo, mme re tla solegelwa molemo fa re sekaseka lebaka la go bo re tlhagisiwa jaana.—1 Bakorintha 10:11.
Ke ka Ntlha Yang fa re Neelwa Kgakololo e e Nonofileng Jaana?
3. Tlhalosa maemo a a neng a ama Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo Jerusalema le mo tikologong ya yone.
3 Go bonala Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba kwa Judea lekwalo leno ka 61 C.E. Mokwalahisitori mongwe o ne a bolela gore e ne e le motlha wa fa “go ne go se na kagiso kana tshireletsego mo bathong bape ba ba ritibetseng, le ba ba ikanyegang, mo motseng wa Jerusalema kana gope fela mo kgaolong eo yotlhe.” E ne e le motlha wa tlolomolao le thubakanyo, o gakadiwa ke go nna gone ga masole a Roma a a gatelelang, Batlhagafalela Sejuda ba ba neng ba lwantsha Baroma e bile ba itshema ba le pelokgalenyana, le bonokwane jwa magodu a a neng a senya ka gonne go ne go na le tlhakatlhakano. Seno sotlhe se ne sa dira gore dilo di thatafalele Bakeresete, ba ba neng ba leka ka thata gore ba se ka ba kopanela mo ditirong tse di ntseng jalo. (1 Timotheo 2:1, 2) Tota e bile, ka ntlha ya boemo jwa bone jwa boitlhaodi, bangwe ba ne ba ba tsaya e le ba ba sa tshwanelegeng mo setšhabeng, tota le jaaka batsuolodi. Gantsi Bakeresete ba ne ba tshwarwa makgwakgwa, mme ba ne ba latlhegelwa ke dithoto tsa bone.—Bahebera 10:32-34.
4. Bakeresete ba Bahebera ba ne ba gateletswe ka tsela efe mo bodumeding?
4 Bakeresete ba Bahebera gape ba ne ba gateletswe thata ka ntlha ya bodumedi. Tlhagafalo ya barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu le go gola ga phuthego ya Bokeresete ka bonako ka ntlha ya tlhagafalo eno di ne tsa tlhotlheletsa Bajuda gore ba nne lefufa ba bo ba nne bogale—segolobogolo baeteledipele ba bone ba bodumedi. Ba ne ba ka dira sengwe le sengwe gore ba tshwenye le go bogisa balatedi ba ga Jesu Keresete.a (Ditiro 6:8-14; 21:27-30; 23:12, 13; 24:1-9) Le mororo Bakeresete bangwe ba ne ba sa bogisiwe ka tlhamalalo, le fa go ntse jalo, ba ne ba nyadiwa le go sotlwa ke Bajuda. Bokeresete bo ne bo nyadiwa go twe ke bodumedi jo bo sa tswang go simologa jo bo neng bo se na dilo tse dintle tse Bajuda ba neng ba ipela ka tsone, bo se na tempele, bo se na baperesiti, bo se na meletlo, bo se na ditlhabelo tse di tlwaelegileng le tse dingwe fela jalo. Tota le moeteledipele wa bone, Jesu, o ne a bolawa jaaka senokwane. Gore ba tswelele pele le bodumedi jwa bone, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo, bopelokgale le boitshoko.
5. Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Bakeresete ba kwa Judea ba nne ba tsogile mo semoyeng?
5 Mo godimo ga tsotlhe, Bakeresete ba Bahebera ba kwa Judea ba ne ba tshela mo motlheng o o thata mo hisitoring ya setšhaba seo. Dilo di le dintsi tse Morena wa bone, Jesu Keresete, a neng a boletse gore di tla tshwaya bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuda di ne di setse di diragetse. Bokhutlo bo ne bo se kgakala. Gore ba falole, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile mo semoyeng le go ipaakanyetsa go “tshabela kwa dithabeng.” (Mathaio 24:6, 15, 16) A ba ne ba tla nna le tumelo le nonofo ya semoya tse di tlhokegang gore ba tseye kgato ka bonako, jaaka Jesu a ne a kaetse? Go lebega go ne go na le dipelaelo.
6. Ke eng se Bakeresete ba kwa Judea ba neng ba se tlhoka ka potlako?
6 Mo lesomeng la dingwaga le le fetileng pele go senngwa tsamaiso yotlhe ya dilo ya Sejuda, go ne go phepafetse gore Bakeresete ba Bahebera ba ne ba le mo kgatelelong e e masisi mo teng le kwa ntle ga phuthego. Ba ne ba tlhoka go kgothadiwa. Mme gape ba ne ba tlhoka kgakololo le kaelo go ba thusa go bona gore tsela e ba neng ba e tlhophile e ne e siame le gore ba ne ba sa boga le go itshokela lefela. Se se itumedisang ke gore Paulo o ne a tsaya matsapa a go dira sone fela seo mme a ba thusa.
7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela se Paulo a neng a se kwalela Bakeresete ba Bahebera?
7 Se Paulo a neng a se kwalela Bakeresete ba Bahebera, re tshwanetse go se kgatlhegela fela thata. Ka ntlha yang? Ka gonne re tshela mo nakong e e tshwanang le ya bone. Letsatsi le letsatsi re utlwa dikgatelelo tse di tswang mo lefatsheng le le laolwang ke Satane. (1 Johane 5:19) Re bona go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jesu le jwa baaposetoloi jo bo malebana le malatsi a bofelo le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4; Tshenolo 6:1-8) Mo godimo ga moo, re tlhoka go nna re tsogile mo semoyeng e le gore re “tle [re] atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.”—Luke 21:36.
Yo Mogolwane go Feta Moshe
8. Ka go bolela se se kwadilweng mo go Bahebera 3:1, ke eng se Paulo a neng a rotloetsa Bakeresetekaene go se dira?
8 Paulo o ne a kwala jaana a umaka ntlha nngwe e e botlhokwa: “Akanyang kaga moaposetoloi le moperesiti yo o kwa godimo yo re bolelang fa re dumela mo go ene—Jesu.” (Bahebera 3:1) Go ‘akanya’ go kaya “go lemoga sentle . . . , go tlhaloganya ka botlalo, go akanyetsa ka kelotlhoko.” (Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words) Ka gone, Paulo o ne a rotloetsa badumedikaene gore ba leke ka natla go anaanela tota seabe se Jesu a nang le sone mo tumelong le mo polokong ya bone. Go dira seno go ne go tla dira gore ba nne ba ikemiseditse le go feta go nna ba nitame mo tumelong. Ka gone he, seabe sa ga Jesu e ne e le sefe, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘akanya’ ka ene?
9. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bolela gore Jesu ke “moaposetoloi” e bile ke “moperesiti yo o kwa godimo”?
9 Paulo o ne a dirisa mareo “moaposetoloi” le “moperesiti yo o kwa godimo” fa a ne a bua ka Jesu. “Moaposetoloi” ke motho yo o romilweng mme fano o amana le tsela e Modimo a buisanang le batho ka yone. “Moperesiti yo o kwa godimo” ke motho yo batho ba ka atamelang Modimo ka ene. Dithulaganyo tseno tse pedi di botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri, mme Jesu o di dira ka bobedi. Ke ene yo o romilweng go tswa kwa legodimong gore a rute batho ka boammaaruri jwa Modimo. (Johane 1:18; 3:16; 14:6) Gape Jesu ke ene yo o tlhomilweng e le Moperesiti yo Mogolo mo thulaganyong ya tempele ya semoya ya ga Jehofa go itshwarela boleo. (Bahebera 4:14, 15; 1 Johane 2:1, 2) Fa eleruri re anaanela masego a re ka a bonang ka Jesu, re tla nna pelokgale le go ititaya sehuba gore re nne re nitame mo tumelong.
10. (a) Paulo o ne a thusa Bakeresete ba Bahebera jang gore ba lemoge gore Bokeresete bo feta Bojuda? (b) Ke boammaaruri bofe jo bo ka se ganediweng ke ope jo Paulo a neng a bo nopola e le go gatelela ntlha ya gagwe?
10 Go gatelela botlhokwa jwa tumelo ya Bokeresete, Paulo o ne a bapisa Jesu le Moshe, yo Bajuda ba neng ba mo tsaya e le moporofeti yo mogolo go ba feta botlhe mo bagologolwaneng ba bone. Fa Bakeresete ba Bahebera ba ne ba ka tlhaloganya ka botlalo ntlha ya gore Jesu o ne a le mogolo mo go Moshe, ba ne ba ka se nne le lebaka la go belaela gore Bokeresete bo feta Bojuda. Paulo o ne a tlhalosa gore le fa gone Moshe a ne a tsewa a tshwanela go ka neelwa “ntlo” ya Modimo—setšhaba, kana phuthego, ya Iseraele—e ne e le motlhokomedi fela kana motlhanka yo o ikanyegang. (Dipalo 12:7) Mo letlhakoreng le lengwe, Jesu e ne e le Morwa, mong wa ntlo. (1 Bakorintha 11:3; Bahebera 3:2, 3, 5) Go otlelela ntlha ya gagwe, Paulo o ne a nopola boammaaruri jono jo bo ka se ganediweng ke ope: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Ga go na ope yo o ka ganetsang gore Modimo o mogolo mo mothong ope fela, ka gonne ke Moagi, kana Mmopi, wa dilo tsotlhe. Fa re akanya fela, e re ka Jesu e ne e le modirimmogo le Modimo, o tshwanetse a bo a feta popo e nngwe yotlhe ka bogolo, go akaretsa le Moshe.—Diane 8:30; Bakolosa 1:15-17.
11, 12. Ke eng se Paulo a neng a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera gore ba se tshwarelele “ka nitamo go ya bokhutlong,” mme re ka dirisa kgakololo ya gagwe jang?
11 Eleruri, Bakeresete ba Bahebera ba ne ba le mo boemong jo bo rategang thata. Paulo o ne a ba gakolola gore e ne e le ‘ba ba nang le seabe sa pitso ya selegodimo,’ e leng tshiamelo e e tshwanetseng go ngomaelwa go gaisa sepe fela se tsamaiso ya Sejuda e neng e ka se neela. (Bahebera 3:1) Mafoko a ga Paulo a tshwanetse a bo a ile a dira gore Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba lebogele gore ba ne ba ka amogela boswa jo bosha go na le gore ba itlhomogele pelo go bo ba ile ba tlogela dilo tse di amanang le boswa jwa bone jwa Sejuda. (Bafilipi 3:8) Go ba rotloetsa go ngangatlela tshiamelo ya bone le gore ba se ka ba e tlhokomologa, Paulo o ne a bolela jaana: “Keresete ene o ne a le boikanngo jaaka Morwa godimo ga ntlo ya [Modimo]. Ke rona ntlo ya One oo, fa re gagamatsa go ngangatlela ga rona kgololesego ya rona ya go bua le go ipelafatsa ga rona ka ntlha ya tsholofelo ka nitamo go ya bokhutlong.”—Bahebera 3:6.
12 Ee, gore Bakeresete ba Bahebera ba falole bofelo jo bo gaufi jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda, ba ne ba tshwanetse go ngangatlela tsholofelo ya bone e ba e neilweng ke Modimo “ka nitamo go ya bokhutlong.” Re tshwanetse go dira se se tshwanang gompieno fa re batla go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno. (Mathaio 24:13) Ga re a tshwanela go dumelela ditlhobaelo tsa botshelo, go sa kgatlhege ga batho, kana mekgwa ya rona ya go sa itekanela go reketlisa tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo. (Luke 21:16-19) Go bona kafa re ka inonotshang ka gone, a re eleng tlhoko mafoko a mangwe a ga Paulo.
“Lo se Ka Lwa Kgwaralatsa Dipelo Tsa Lona”
13. Paulo o ne a tlhagisa ka eng, mme o ne a dirisa Pesalema 95 jang?
13 Fa Paulo a sena go tlotla ka boemo jo bo rategang jwa Bakeresete ba Bahebera, o ne a neela tlhagiso eno: “Jaaka moya o o boitshepo o re: ‘Gompieno fa lo reetsa lentswe la one, lo se ka lwa kgwaralatsa dipelo tsa lona jaaka mo lobakeng lwa go baka kgalefo e e botlhoko, jaaka mo letsatsing la go baka teko kwa gare ga naga.’” (Bahebera 3:7, 8) Paulo o ne a nopola mo Pesalemeng ya bo95, mme ke ka moo a neng a ka re “moya o o boitshepo o re.”b (Pesalema 95:7, 8; Ekesodo 17:1-7) Dikwalo di tlhotlheleditswe ke Modimo a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo.—2 Timotheo 3:16.
14. Baiseraele ba ne ba itshwara jang malebana le se Jehofa a neng a ba direla sone, mme ka ntlha yang?
14 Fa Baiseraele ba sena go gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto, ba ne ba neelwa tlotlo e kgolo thata ya go tsena mo kamanong ya kgolagano le Jehofa. (Ekesodo 19:4, 5; 24:7, 8) Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa gore ba anaanele se Modimo a ileng a se ba direla, go ise go ye kae ba ne ba tsuologa. (Dipalo 13:25–14:10) Seo se ka tswa se ile sa diragala jang? Paulo o ne a tlhalosa lebaka la seno: go kgwaralatsa dipelo tsa bone. Mme go tla jang gore dipelo tse di utlwang le tse di amogelang Lefoko la Modimo di kgwaralale? Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re thibele seno?
15. (a) ‘Lentswe la Modimo’ le ne la utlwiwa jang, mo nakong e e fetileng le gompieno? (b) Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di ipotsa malebana le ‘lentswe la Modimo’?
15 Paulo o ne a simolola tlhagiso ya gagwe ka polelwana e e tlhalosang e e reng “fa lo reetsa lentswe la one.” Modimo o ne a bua le batho ba gagwe a dirisa Moshe le baporofeti ba bangwe. Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le bone a dirisa Morwawe, e bong Jesu Keresete. (Bahebera 1:1, 2) Gompieno, re na le Lefoko le le tlhotlheleditsweng le le feletseng la Modimo, e leng Baebele e e Boitshepo. Gape re na le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” yo o tlhomilweng ke Jesu gore a re neele ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45-47) Ka gone, Modimo o sa ntse a bua. A mme re a reetsa? Ka sekai, re amogela jang kgakololo e e malebana le moaparo le go ipaakanya mo mmeleng kana boitlosobodutu le mmino tse re di tlhophang? A re a “reetsa,” ke gore, a re tsaya tsia le go reetsa se re se utlwang? Fa re na le mokgwa wa go dira diipato kana re sa lebise kgakololo mo go rona, re itsenya mo kotsing e e bofitlha ya go kgwaralatsa dipelo tsa rona.
16. Tsela e nngwe e dipelo tsa rona di ka kgwaralalang ka yone ke efe?
16 Gape dipelo tsa rona di ka kgwaralala fa re sa dire se re ka se kgonang le se re tshwanetseng go se dira. (Jakobe 4:17) Go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di direla Baiseraele, ba ne ba se ka ba bontsha tumelo, ba tsuologela Moshe, ba tlhopha go dumela pego ya maaka ka ga Kanana, mme ba gana go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. (Dipalo 14:1-4) Ka gone Jehofa o ne a laela gore ba ne ba tla nna dingwaga di le 40 mo nageng—e le nako e e neng e lekane gore kokomana eo e e se nang tumelo e swe yotlhe. Modimo o ne a bolela jaana a ba galefetse: “‘Ka metlha ba a timela mo dipelong tsa bone, mme bone ka bobone ga ba ise ba simolole go itse ditsela tsa me.’ Jalo ke ne ka ikana mo bogaleng jwa me ka re, ‘Ruri ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa me.’” (Bahebera 3:9-11) A re ithuta sengwe mo go seno?
Thuto mo go Rona
17. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba se na tumelo, le mororo ba ne ba bona ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa le go utlwa dikatlholo tsa gagwe?
17 Kokomana ya Baiseraele e e neng e tswa kwa Egepeto e ne ya bona ka matlho le go utlwa ka ditsebe ditiro tse dikgolo le dikatlholo tsa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dumele gore Modimo o ne a ka ba etelela pele go ya go tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng ka pabalesego. Ka ntlha yang? Jehofa o ne a bolela jaana: “Bone ka bobone ga ba ise ba simolole go itse ditsela tsa me.” Ba ne ba itse se Jehofa a se buileng le go se dira, mme ba ne ba se na tshepo le go mo ikanya gore o ne a ka kgona go ba tlhokomela. Ba ne ba tshwaregile thata ka dilo tse bone ka namana ba di tlhokang le tse ba di batlang mme ba se ka ba akanya ka ditsela tsa Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Ee, ba ne ba se na tumelo mo tsholofetsong ya gagwe.
18. Go ya ka Paulo, ke kgato efe e motho a ka e tsayang e e ka bakang “pelo e e boikepo e e se nang tumelo”?
18 Mafoko ano a a oketsegileng a a neng a kwalelwa Bahebera a dira ka selekanyo se se tshwanang le mo go rona: “Tlhokomelang, bakaulengwe, e se re kgotsa ga bo go ka nna ga tsamaya ga tlhaga mo go mongwe wa lona pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo o o tshelang.” (Bahebera 3:12) Paulo o ne a fitlha mo moding wa dikgang ka go tlhalosa gore “pelo e e boikepo e e se nang tumelo” e bakwa ke “go katogela kgakala le Modimo o o tshelang.” Pelenyana mo lekwalong leno, o ne a bolela ka go “katogela go sele ka bonya” ka ntlha ya go sa ele dilo tlhoko. (Bahebera 2:1) Le fa go ntse jalo, lereo la Segerika le le ranotsweng ka gore “katogela kgakala” le kaya “go emela kgakala” mme le amana le lefoko la “botlhanogi.” Le kaya go gana ka boomo e bile o lemoga, go ikgogona le go tlogela, go kopane le lonyatso.
19. Go palelwa ke go reetsa kgakololo go ka lere diphelelo dife tse di masisi? Tshwantsha.
19 Ka gone, re ithuta gore fa re nna le mokgwa wa go palelwa ke go “reetsa lentswe la gagwe,” re itlhokomolosa kgakololo e e tswang kwa go Jehofa ka Lefoko la gagwe le ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo, go ise go ye kae dipelo tsa rona di ka nna thata le go kgwaralala. Ka sekai, batho ba ba sa nyalanang ba ka tlwaelana thata. Go tweng fa ba tlhokomologa kgang eno fela? A seo se tla ba thibela gore ba se ka ba boeletsa se ba se dirileng, kana a seo se ka ba tlhofofaletsa dilo gore ba dire seo gape? Ka mo go tshwanang, fa setlhopha sa motlhanka se re neela kgakololo malebana le botlhokwa jwa go tlhopha mmino le boitlosobodutu tsa rona, le tse dingwe fela jalo, a re e amogela ka boitumelo le go dira diphetogo fa go tlhokegang gone? Paulo o ne a re rotloetsa gore re se “lese go phuthega mmogo ga rona.” (Bahebera 10:24, 25) Go sa kgathalesege kgakololo eno, ba bangwe ba tsaya dipokano tsa Bokeresete motlhofo fela. Ba ka nna ba akanya gore ke selo se sennye go latlhegelwa ke dipokano tse dingwe kana go sa ye kwa go tsone gotlhelele.
20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re utlwe kgakololo ya Dikwalo ka tsela e e tshwanetseng?
20 Fa re sa utlwe “lentswe” la ga Jehofa ka tshwanelo, le le boletsweng ka phepafalo mo Dikwalong le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng, go ise go ye kae re tla iphitlhela re ‘katogetse kgakala le Modimo o o tshelang.’ Go tlhokomologa kgakololo ka boomo go ka dira gore re e nyenyefatse thata, re e tshwaye phoso le go e gana. Fa seno se sa baakanngwe, go ka felela ka “pelo e e boikepo e e se nang tumelo,” mme gantsi go boima thata go tlogela tsela e e ntseng jalo. (Bapisa Baefeso 4:19.) Jeremia o ne a kwala jaana ka tshwanelo: “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) Ka lebaka leno, Paulo o ne a rotloetsa badumedikaene ba Bahebera jaana: “Nnang lo rotloetsane letsatsi lengwe le lengwe, fa fela go santse go ka bidiwa ‘Gompieno,’ e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.”—Bahebera 3:13.
21. Ke eng se rotlhe re kgothalediwang go se dira, mme re na le ditebelelo dife?
21 A bo re itumela jang ne gore Jehofa o sa ntse a bua le rona gompieno, ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe! Re leboga go bo “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a tsweletse pele a re thusa go “gagamatsa go ngangatlela ga rona tshepo e re neng re na le yone kwa tshimologong ka nitamo go ya bokhutlong.” (Bahebera 3:14) Jaanong ke nako ya gore re amogele lorato le kaelo ya Modimo. Fa re dira jalo, re ka itumelela nngwe ya ditsholofetso tse dingwe tse di molemolemo tsa ga Jehofa—go “tsena” mo boikhutsong jwa gagwe. (Bahebera 4:3, 10) Eo ke kgang e nngwe e Paulo a neng a buisana le Bakeresete ba Bahebera ka yone, e bile gape ke e re tla e sekasekang mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Josephus o ne a bega gore ka bonako fela morago ga loso lwa ga Feseto, Ananus (Ananiase) wa lekoko la Basadukai o ne a nna moperesiti yo mogolo. O ne a tlisa Jakobe, monnawe Jesu ka mmaagwe, le barutwa bangwe fa pele ga Sanehederine mme a dira gore ba atlholelwe loso le go kgobotlediwa ka maje.
b Go bonala Paulo a ne a nopola mo go Septuagint ya Segerika, e e ranolang Sehebera se se reng “Meribah” le “Massah” ka gore “kgotlhang” le “go lekwa.” Bona ditsebe 350 le 379 mo Bolumo 2 ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera kgakololo e e nonofileng jaana?
◻ Paulo o ne a thusa Bakeresete ba Bahebera jang gore ba lemoge gore ba ne ba na le sengwe se se botoka go feta botshelo jwa Sejuda?
◻ Pelo ya motho e ka kgwaralala jang?
◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira e le gore re tile go nna le “pelo e e boikepo e e se nang tumelo”?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o na le tumelo mo go Jesu, e bong Moshe yo Mogolwane?