LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/15 ts. 11-16
  • Ikanye Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanye Jehofa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikaelo tsa Motho E Le Rre
  • Go Ikanya ka Dinako Tsotlhe
  • Ikaege ka Jehofa
  • “Mo Ditseleñ Cotlhe tsa Gago . . .”
  • Diane 3:5, 6—“Se Ikaege ka Tlhaloganyo ya Gago”
    Ditemana Tsa Baebele di a Tlhalosiwa
  • Tlhagolela Kamano e e Atamelaneng Thata le Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/15 ts. 11-16

Ikanye Jehofa!

“Ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago.”—DIANE 3:5.

1. Diane 3:5 e ne ya kgatlha lekawana lengwe jang, mme seno se ne sa felela jang fa nako e ntse e tsamaya?

MOTHO mongwe yo o sa bolong go nna morongwa o kwala jaana: “‘IKANYE MORENA KA PELO YOTLHE YA GAGO; MME O SE KA WA IKAEGA KA TLHALOGANYO YA GAGO.’ Mafoko ao a a tswang mo Bibeleng, ke ne ka a ela tlhoko fa ke ne ke a bona a foreimilwe a kgwageditswe mo loboteng lwa ntlo nngwe e ke neng ke e etetse. Ke ne ka nnela go akanya ka one letsatsi leo lotlhe. Ke ne ka ipotsa gore, a nna nka ikanya Modimo ka pelo ya me yotlhe?” Ka nako eno motho yono o ne a na le dingwaga di le 21. Jaanong o na le dingwaga di le 90 mme e bile o santse a dira ka boikanyego jaaka mogolwane mo Perth, kwa Australia, mme fa a leba kwa morago o bona botshelo jwa gagwe bo ile jwa nonotshiwa ke go bo a ile a ikanya Jehofa ka pelo yotlhe, le go nonotshiwa ke dingwaga tse 26 tse di bokete tsa fa a ne a bula tsela mo masimong a a neng a ise a dirwe ke barongwa bape a Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka), Burma (e jaanong e leng Myanmar), Malaya, Thailand, India, le a Pakistan.a

2. Diane 3:5 e tshwanetse go re dira gore re tlhomamise eng?

2 “Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago”—mafoko ano a Diane 3:5, jaaka a ranotswe ke New World Translation, a tshwanetse go re tlhotlheletsa rotlhe gore re tswelele re neela matshelo a rona mo go Jehofa ka pelo yotlhe, re tlhomamisa tota gore a ka nonotsha tumelo ya rona thata mo re ka kgonang go fenya dikgoreletsi tse dikgolo jaaka dithaba. (Mathaio 17:20) A jaanong re sekasekeng Diane 3:5 le ditemana tse di e dikologileng.

Dikaelo tsa Motho E Le Rre

3. (a) Ke kgothatso efe e e bonwang mo dikgaolong tsa ntlha tse robongwe tsa Diane? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra ela tlhoko thata Diane 3:1, 2?

3 Dikgaolo tsa ntlha tse robongwe tsa buka ya Bibela ya Diane di tletse ka dikaelo tse di tswang mo mothong e le rre, di tletse ka kgakololo e e tswang mo go Jehofa a gakolola ba ba solofetseng go itumelela go nna barwa ba gagwe ba selegodimo kana ba ba solofetseng go bona ‘kgololesego ya kgalalelo ya bana ba Modimo,’ mo lefatsheng la paradaise. (Baroma 8:18-21, 23) E na le kgakololo e e ka dirisiwang ke batsadi fa ba godisa barwa le barwadi ba bone. Kgakololo e e mo go Diane kgaolo 3 e tlhomologile thata ka go bo e simolola ka go tlhagisa jaana: “Morwaaka, u se ka ua lebala molaō oa me; me a pelo ea gago e tshegetsè ditaolō tsa me.” A re reetseng thata dikgakololo tsa ga Jehofa jaaka malatsi a lefatshe le le boikepo leno la ga Satane a ntse a ya kwa bokhutlong. Re ka tswa re ile ra bona e kete tsela eno e telele, mme botlhe ba ba itshokang ba solofediwa “bolele yoa malatsi, le dinyaga tsa botshelō, le kagishō”—botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya ga Jehofa ya dilo.—Diane 3:1, 2.

4, 5. (a) Ke botsalano bofe jo bo itumedisang jo bo tlhalosiwang mo go Yohane 5:19, 20? (b) Kgakololo e e mo go Duteronome 11:18-21 e ka dirisiwa jang le mo motlheng ono wa rona?

4 Botsalano jo bo itumedisang fa gare ga rre le morwa e ka nna selo se se botlhokwa thata go gaisa dilo tsotlhe. Jehofa Modimo, Mmopi wa rona, o rulagantse gore go nne fela jalo. Keresete Jesu o ne a bolela jaana ka kamano e e atamalaneng thata ya gagwe le Jehofa: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo.” (Yohane 5:19, 20) Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore a nne le botsalano le lelapa lotlhe la gagwe le le mo lefatsheng, le gore borre le bana ba bone ba nne le botsalano jo bo tshwanang.

5 Kwa Iseraele wa bogologolo, lelapa le ne le kgothalediwa gore le nne le botsalano le go ikanyana. Jehofa o ne a gakolola borre ba teng jaana: “Bolokañ mahoko a, a me, mo peduñ ea lona, le mo moeeñ oa lona: lo a bohèlèlè mo diatleñ tsa lona go nna seshupō, me a nnè sebeèō sa ha gare ga matlhō a lona. Me lo a rutè bana ba lona, lo buè kaga aōna, ha u dutse mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa. Me u a kwalè mo mephakwaneñ ea meyakō ea ntlo ea gago, le mo dikgoroñ tsa gago; Gore malatsi a lona a ntsihadiwè, le malatsi a bana ba lona, mo lehatshiñ ye Yehofa o le ikanetseñ borra ba lona go le ba naea, yaka malatsi a magodimo kwa godimo ga lehatshe.” (Duteronome 11:18-21) Mafoko ao a a tlhotlheleditsweng a ga Jehofa Modimo, Mokaedi Yo Mogolo, eleruri a ka thusa thata gore batsadi le bana ba bone, mmogo le botlhe ba ba mo direlang mo phuthegong ya Bokeresete ba nne le botsalano le ene.—Isaia 30:20, 21.

6. Re ka ratwa ke Modimo le batho jang?

6 Kgakololo e e botlhale ya motho e le rre e e newang batho ba Modimo ba bagolo le ba bannye, e tswelela e newa mo temaneng ya 3 le ya 4 ya Diane kgaolo 3 jaana: “A boutlwèlō botlhoko bo se gu tlogele le boamarure: u di bōhèlèlè mo thamuñ ea gago: u di kwalè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago: Yalo u tla bōna botsalanō le tlotlègō mo ponoñ ea Modimo le ea motho.” Jehofa Modimo ka boene o dira ka matsetseleko tota fa a supa bopelonomi jo bo lorato le fa a supa gore o na le boammaaruri. Go ntse fela jaaka Pesalema 25:10 e bolela e re, “ditsela cotlhe tsa ga Yehofa di bopelonomi yoa loratō le boamarure hèla.” Re tshwanetse go etsa Jehofa, mme re tseele dinonofo tseno le maatla a tsone a a kgonang go sireletsa kwa godimo, re di lebe di le tlhwatlhwakgolo jaaka sebaga se re sa kgoneng go lekanya tlhwatlhwa ya sone re bo re di kwale ka tsela e di ka se kang tsa phimoga mo dipelong tsa rona. Morago ga foo, re ka rapela jaana ka dipelo tse di tletseng lorato: “Yehofa; a bopelonomi yoa gago yoa loratō le boamarure yoa gago bo ntlamèlè ka galè ka galè.”—Pesalema 40:11.

Go Ikanya ka Dinako Tsotlhe

7. Jehofa o ile a itshupa a ikanyega ka ditsela dife?

7 Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa gore go ikanya ke “go tlhomamisa tota ka botho, nonofo, maatla, kana go nna boammaaruri ga motho kana ga selo.” Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa ke nonofo e kgolo thata ya botho jwa gagwe. E bile re ka tshepa tota gore o nonofile go dira se a se solofeditseng, ka go bo Jehofa, lone leina la gagwe, le mo tlhaola jaaka Modiragatsamaikaelelo yo mogolo. (Ekesodo 3:14; 6:2-8) Jaaka Mmopi, ke Motswedi wa nonofo le maatla a magolo. (Isaia 40:26, 29) Ke sekao fa go tla mo go bueng boammaaruri, ka go bo ‘go retetse mo Modimong go aka.’ (Bahebera 6:18) Ke gone ka moo re kgothalediwang gore re ikanye Jehofa, Modimo wa rona, Motswedi wa boammaaruri jotlhe, yo a nang le maatla otlhe a go sireletsa ba ba mo ikanyang le yo o kgonang go dira gore maikaelelo otlhe a gagwe a magolo a atlege ka tsela e e molemo tota.—Pesalema 91:1, 2; Isaia 55:8-11.

8, 9. Ke ka ntlha yang fa batho ba sa ikanye ba bangwe thata jaana mo lefatsheng, mme batho ba ga Jehofa ba farologane jang?

8 Mo lefatsheng leno le le senang boitsholo le re tshelang mo go lone, batho ga ba ikanye ba bangwe ka tsela e e utlwisang botlhoko tota. Go na le moo, re fitlhela bogagapa le ditiro tse di maswe gongwe le gongwe. Tsebe e e kafa ntle ya tokololo ya May 1993 ya makasine wa World Press Review e ne e kgabisitswe ka molaetsa ono: “GO OKETSEGA GA MEKGWA E E MASWE YA TSIETSO—Madi A A Bonwang ka Bonokwane mo Tsamaisong E Ntšha ya Lefatshe. Batho ba ba dirisang mekgwa e e maswe ya tsietso ba bonwa go tloga kwa Brazil go ya go fitlha kwa Jeremane, go tloga kwa United States go ya go fitlha kwa Argentina, go tloga kwa Spain go ya go fitlha kwa Peru, go tloga kwa Italy go ya go fitlha kwa Mexico, go tloga kwa Vatican go ya go fitlha kwa Russia.” E re ka tsamaiso e ntšha ya lefatshe e motho a reng o a e lere e thailwe mo letlhoong, mo bopelotshetlheng, mo go sa ikanyeng ba bangwe, se e kgonang go se tlisetsa batho fela ke mahutsana a a nnetseng go oketsega.

9 Basupi ba ga Jehofa ga ba tshwane le merafe e e laolwang ke dipolotiki, ba itumelela go nna “morahe o Yehofa e leñ Modimo oa ōna.” Ke bone fela ba ba ka bolelang ka boammaaruri ba re, “Re ikanya Modimo.” Mongwe le mongwe wa bone a ka khutsa jaana ka boitumelo: “Mo Modimoñ ke tla baka lehoko ya ōna: . . . Ke ikantsè mo go ōna Modimo, ga nketla ke boiha.”—Pesalema 33:12; 56:4, 11.

10. Bakeresete ba bantsi ba babotlana ba ile ba nonotshiwa ke eng gore ba nne ba ntse ba ikanyega?

10 Kwa nageng nngwe ya kwa Asia koo diketekete tsa Basupi ba babotlana di ileng tsa bediwa botlhoko le go tsenngwa mo dikgolegelong, bontsi jwa bone bo ile jwa thusiwa gore bo kgone go itshoka ka go bo ba ne ba ikanya Jehofa. Bosigo bongwe kwa kgolegelong, Mosupi mongwe yo mmotlana o ne a iteilwe ka tsela e e botlhoko mo a neng a sa tlhole a kgona go itshoka. Mme mosha mongwe o ne a tla kwa go ene ka sephiri mo lefifing. O ne a mo sebetsa a re: “O se ka wa ineela; ke ne ka ineela mme mogopolo wa me ga wa ka wa iketla fa e sa le ka nako eo.” Mosha yoo wa ntlha o ne a ikakanya gape mme a ikaelela go ema a nonofile. Re ka ikanya Jehofa ka botlalo gore o tla re thusa go fenya maiteko mangwe le mangwe le maiteko otlhe a Satane a a dirang go dira gore re se ka ra nna re thokgame.—Yeremia 7:3-7; 17:1-8; 38:6-13, 15-17.

11. Go ikanya Jehofa go re tlhotlheletsa jang?

11 Karolwana ya molao wa ntlha e balega jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago.” (Mareko 12:30) Fa re ntse re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, boammaaruri jo bo molemolemo jo re ntseng re bo ithuta bo nwela mo dipelong tsa rona mo e leng gore re tlhotlheletsega go direla Jehofa, Morena Molaodi, Modimo wa rona yo o molemolemo, ka pelo yotlhe. Re tlhotlheletsega go mo ikanya ka botlalo gore o tla re boloka ka gore dipelo tsa rona di mo anaanela tota—ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a di re rutileng, a di re diretseng, le tse a santseng a tla di re direla.—Isaia 12:2.

12. Bakeresete ba bantsi ba ile ba supa jang gore ba ikanya Jehofa fa dingwaga di ntse di feta?

12 Go ka re tsaya dingwaga gore re ithute go mo ikanya ka tsela eno. Mosupi mongwe yo o boikobo wa ga Jehofa yo a neng a dira ka boikanyegi ka dingwaga tse di fetang 50 kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower e e kwa Brooklyn, go tloga ka April 1927, o ne a kwala jaana: “Fa kgwedi eo e fela ke ne ka newa madinyana a a kana ka [R16,00] a tsentswe mo enfelopong a na le karata e e neng e na le temana ya Bibela ya Diane 3:5, 6 . . . Go ne go na le dilo tse dintsi tse di dirang gore ke ikanye Jehofa, ka go bo fa ke le kwa ntlokgolo, ke ne ka lemoga ka bonako gore Jehofa o na le ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale’ yo o tsweledisang ditiro tsa Bogosi ka boikanyegi mo lefatsheng.—Mathaio 24:45-47.”b Mokeresete yono o ne a sa tlhoma mogopolo wa gagwe mo mading, mme o ne o le mo ‘lohumong lwa kwa legodimong lo lo sa tlhaeleng.’ Ka tsela e e tshwanang le gompieno, diketekete tsa batho ba ba dirang kwa magaeng a Bethele a Mokgatlho wa Watch Tower go dikologa lefatshe di dira jalo di itlamile gore di tla nna di humanegile. Ba ikanya Jehofa gore o tla ba naya dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi.—Luke 12:29-31, 33, 34.

Ikaege ka Jehofa

13, 14. (a) Kgakololo e e botlhale e ka bonwa kae fela? (b) Ke eng se se tshwanetseng go tilwa gore motho a kgone go fenya fa a bogisiwa?

13 Rraarona wa selegodimo o re kgothatsa jaana: “U se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla.” (Diane 3:5) Bagakolodi ba selefatshe le baithutatlhaloganyo ga ba ka ke ba solofela gore ba ka nna le botlhale le tlhaloganyo tse Jehofa a nang le tsone. “Tlhaloganyō ea gagwè ke mo go senañ kankabeco.” (Pesalema 147:5) Go na le go ikaega ka botlhale jwa banna ba maemo a a kwa godimo ba lefatshe kana ka maikutlo a rona a a tletseng boeleele, a re lebeng mo go Jehofa, mo Lefokong la gagwe, le mo bagolwaneng ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete gore re kgone go bona kgakololo e e botlhale.—Pesalema 55:22; 1 Bakorintha 2:5.

14 Botlhale jwa motho kana maemo a gagwe a a kwa godimo, ga di ka ke tsa thusa ka sepe mo letsatsing le le ntseng le atamela ka bonako la diteko tse di botlhoko. (Isaia 29:14; 1 Bakorintha 2:14) Ka Ntwa ya Lefatshe II, kwa Japane, modisa mongwe wa batho ba Modimo yo a neng a nonofile sentle mme a ikgogomosa o ne a itlhophela go ikanya tlhaloganyo ya gagwe. O ne a fetoga motenegi ka nako ya fa ba ne ba gatelelwa, mme bontsi jwa letsomane bo ne jwa tlogela tiro fa bo ne bo bogisiwa. Kgaitsadi mongwe yo o ikanyegang wa Mojapane, yoo a neng a falola fa a ne a tshwerwe makgwakgwa mo diseleng tse di leswe tsa kgolegelo nngwe ka go bo a ne a le pelokgale, o ne a akgela jaana: “Ba ba neng ba sala ba ntse ba ikanyega ba ne ba sena dinonofo dipe tse di kgethegileng e bile ba ne ba se botlhokwa ka gope. Eleruri re tshwanetse go ikanya Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa rona.”c

15. Ke nonofo efe ya bomodimo e e tlhokegang gore re kgone go itumedisa Jehofa?

15 Go ikanya Jehofa ga go tshwane le go ikanya tlhaloganyo ya rona ka go bo go batla gore re ikokobetse. A bo nonofo eno e le botlhokwa jang ne mo go bao ba batlang go itumedisa Jehofa! Ebu, le mororo ene Modimo wa rona, e le Morena le Molaodi wa lobopo lotlhe, o a ikokobetsa fa a dirisana le dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale. Re ka lebogela seo. “Eo o ikokobetsañ gore a bōnè dilō tse di kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. O kakatlolola mohumanegi mo loroleñ.” (Pesalema 113:6, 7) Kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo e dira gore a re itshwarele makoa a rona ka ntlha ya neo e kgolo e a e fileng batho e e leng setlhabelo sa thekololo se se tlhwatlhwakgolo thata sa ga Keresete Jesu, Morwawe. A bo re tshwanetse go lebogela bopelonomi jono jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang thata jang ne!

16. Bakaulengwe ba ka dira jang gore ba tshwanele go newa ditshiamelo mo phuthegong?

16 Jesu o re gakolola jaana ka boene: “Leha e le mañ eo o tla ikgodisañ, o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.” (Mathaio 23:12) Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba tshwanetse go ikokobetsa mme ba dire gore ba tshwanele go newa maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, balebedi ga ba a tshwanela go leba tiro e ba tlhophetsweng go e dira, jaaka maemo a a kwa godimo, mme jaaka tshono ya go dira ba ikokobeditse, ba supa kanaanelo, e bile ba iketleeditse fela jaaka Jesu yo a neng a bolela jaana: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.”—Yohane 5:17; 1 Petere 5:2, 3.

17. Ke eng se rotlhe re tshwanetseng go se lebogela, mme se ka dira gore re dire tiro efe?

17 A ka metlha re lemogeng ka boikokobetso gore re lorole fela mo matlhong a ga Jehofa mme re rapele. A bo re ka itumela jang ne, he, gore “boutlwèlō botlhoko yoa ga Yehofa bo nntse hèla go cwa bosasimologeñ go ea bosaeeñkae mo go ba ba mmoihañ, le tshiamō ea gagwè go ea baneñ ba bana”! (Pesalema 103:14, 17) Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka botlhaga. Nako e re e dirisang re ithuta ka namana kana re le lelapa, le kwa dipokanong tsa phuthego, e tshwanetse ya nna e e tlhwatlhwakgolo thata mo diureng tsotlhe letsatsi le letsatsi. Ka tsela eno re oketsa “go itse Moitshepi.” Ke “eōna tlhaloganyō.”—Diane 9:10.

“Mo Ditseleñ Cotlhe tsa Gago . . .”

18, 19. Re ka dirisa jang Diane 3:6 mo matshelong a rona, e bile go ka felela jang?

18 Morago ga foo Diane 3:6 e bolela jaana fa e re bolelela kaga Jehofa, Motswedi wa botlhale jwa bomodimo: “Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Go ipolela mo go Jehofa gape go akaretsa go nna re mo rapela ka metlha. Gongwe le gongwe kwa re ka tswang re le teng, lefa re le mo maemong ape fela, re kgona go bua le ene ka bonako fela ka thapelo. Fa re ntse re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, fa re ipaakanyetsa go ya kwa tirelong ya tshimo, fa re ntse re tsamaya ka ntlo le ntlo re bolela ka Bogosi jwa gagwe, re rapelela gore a segofatse se re se dirang. Ka jalo, re ka bona tshiamelo e kgolo fela thata ra bo ra itumelela go “sepela le Modimo,” re tlhomamisa tota gore “o tla siamisa ditselana” tsa rona, jaaka a ne a dira ka Enoke, Noa, le Baiseraele ba ba neng ba ikanyega e bile ba boifa Modimo, e bong Joshue le Daniele.—Genesise 5:22; 6:9; Duteronome 8:6; Yoshue 22:5; Daniele 6:23; bona gape Yakobe 4:8, 10.

19 Fa re kopa Jehofa ka tlhoafalo, re ka solofela tota gore ‘kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo, e tla dibela dipelo tsa rona le megopolo ya rona mo go Keresete Jesu.’ (Bafilipi 4:7) Kagiso eno ya Modimo, e e supiwang ke sefatlhego se se itumetseng, e ka dira gore beng ba matlo ba reetse molaetsa wa rona fa re ntse re dira tiro ya go rera. (Bakolosa 4:5, 6) Gape e ka gomotsa ba ba ngomogileng pelo kana ba ba patikiwang ke dilo tse di tletseng mo lefatsheng la gompieno, jaaka kgang e e latelang e bontsha.d

20, 21. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgothatsa ba bangwe jang ka go ikanyega ga bone ka nako ya puso e e setlhogo ya Ba-Nazi? (b) Lentswe la ga Jehofa le tshwanetse la re dira gore re iketleetse go dira eng?

20 Max Liebster yo e leng Mojuda tota ka tlholego yoo a neng a falola Polao ya Kgailo mo go ka tweng ke ka kgakgamatso, o ne a tlhalosa mosepele wa gagwe wa fa a ne a ya kwa kampeng e go neng go bolaelwa batho kwa go yone ya Ba-Nazi jaana: “Re ne ra tsenngwa ka bobedi ka bobedi mo materokong a a neng a kgaogantswe ka diselenyana tse dintsi tse dinnye. Fa ke sena go ragelwa mo go nngwe ya tsone ke ne ka lebagana le legolegwa lengwe le matlho a lone a neng a supa gore le ritibetse. O ne a le moo gonne a ne a reetsa molao wa Modimo, a tlhopha go ya kgolegelong le go bolawa go na le gore a ye go tsholola madi a batho ba bangwe. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Bana ba gagwe ba ne ba tserwe, le mosadi wa gagwe o ne a bolailwe. Le ene o ne a lebeletse gore o tlile go felela a bolailwe. Loeto lono lwa malatsi a le 14 le ne la dira gore dithapelo tsa me di arabiwe, ka gore mo go lone loeto lono lwa go ya kwa losong ke ne ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.”

21 Fa a sena go gololwa kwa “mongobong wa ditau” wa Auschwitz, jaaka a ne a o bitsa, le fa a sena go kolobediwa, mokaulengwe yono o ne a nyala Mosupi mongwe wa ga Jehofa yoo ene ka boene a neng a kile a nna mo kgolegelong le yoo rraagwe le ene a neng a kile a boga kwa kampeng ya pogisetso ya Dachau. Fa rraagwe a santse a le koo, o ne a utlwela gore mosadi wa gagwe le morwadie yo mmotlana le bone ba tshwerwe. O ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka teng jaana: “Ke ne ka tshwenyega fela thata. Letsatsi lengwe fa ke eme mo moleng ke ya go tlhapa, ke ne ka utlwa lentswe le nopola mafoko a Diane 3:5, 6 . . . Le ne la utlwala e kete ke lentswe le le tswang kwa legodimong. Ke sone fela se ke neng ke se tlhoka gore ke kgone go itsetsepela gape.” Totatota, lentswe leo e ne e le la legolegwa le lengwe le le neng le nopola mafoko a temana eno, mme tiragalo eno e gatelela kafa Lefoko la Modimo le ka re nayang maatla ka teng. (Bahebera 4:12) E kete lentswe la ga Jehofa le ka bua le nonofile le rona gompieno ka mafoko ano a temana ya ngwaga ya 1994: “Ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago”!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Go Ikanya Jehofa ka Pelo ya Me Yotlhe,” jaaka go boletse Claude S. Goodman, mo go The Watchtower, December 15, 1973, ditsebe 760-5.

b Bona setlhogo se se reng “Go Iketleetsa go Baka Jehofa,” jaaka se boletswe ke Harry Peterson, mo go The Watchtower, July 15, 1968, ditsebe 437-40.

c Bona setlhogo se se reng “Jehofa ga a Latlhe Batlhanka ba Gagwe,” jaaka go boletse Matsue Ishii, Tora ya Tebelo, May 1, 1988, ditsebe 21-5.

d Bona gape setlhogo se se reng “Poloko! Go Itshupa Gore Re Batho Ba Ba Lebogang,” jaaka go boletse Max Liebster, mo go The Watchtower, ya October 1, 1978, ditsebe 20-4.

Fa go Sobokanngwa

◻ Diane e re naya kgakololo ya mofuta ofe?

◻ Re ka solegelwa molemo jang fa re ikanya Jehofa?

◻ Go ikaega ka Jehofa go akaretsa eng?

◻ Ke eng fa re tshwanetse go ipolela Jehofa mo ditseleng tsotlhe tsa rona?

◻ Jehofa o siamisa ditselana tsa rona jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Molaetsa o o itumedisang wa Bogosi o kgatlha batho ba ba peloephepa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela