Jehofa O Nonotsha Batho ba Gagwe kwa Botlhaba le kwa Bophirima
JEHOFA o tswelela pele ka go neela Basupi “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” mo mafelong a tiro ya go rera e thibetsweng mo go one, mo mafelong a a garaswantsweng ke thubakanyo, le kwa dinageng tse go sa tswang go tlosiwa dithibelo mo go tsone—eleruri mo tshimong ya lefatshe lotlhe.—2 Bakorintha 4:7.
Go Atlega Kafa Tlase ga Thibelo
Kwa ditlhaketlhakeng di le mmalwa tse di kwa Botlhaba jo bo Kgakala, gone jaanong tiro ya go rera e setse e na le dingwaga di le 17 e ntse e thibetswe. A Basupi koo ba ne ba kgobega marapo? Le eseng! Mo kgweding eno ya May e e sa tswang go feta, ba ne ba fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 10 756, bao mo go bone ba le 1 297 ba neng ba direla jaaka badihedi ba nako e e tletseng. Jaaka maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele, batho ba kwa ditlhaketlhakeng tseo ba iketleeditse go reetsa boammaaruri go gaisa pele. Ka jalo ba ntse ba bega dithuto tsa Bibela di le 15 654 tse di tshwarelwang mo magaeng a batho ba ba kgatlhegang. Pele ga moo, batho ba le 25 397 ba ne ba nna gone kwa dipokanong tse di neng di tshwerwe ka sephiri go gopola loso lwa ga Jesu.
Fa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Thuto ya Bomodimo” di ne di tshwarwa—le gone e le ka botlhale, go ya ka maemo a lefelo leo—bakaulengwe ba ne ba itumelela thata go amogela dikopi tsa bone tsa dikgatiso tse di neng tsa gololwa tse di tshwanang le tse di golotsweng kwa United States di kwadilwe ka puo ya ga bone. Baranodi, ba ba balang le go baakanya diphoso, le ba bangwe ba ile ba ithaopela go dira diura tse di oketsegileng go rulaganyetsa gore kgatiso ya konokono, e e nang le ditsebe di le makgolokgolo, e tle e gololwe ka nako e e tshwanetseng. Mme madirelo a go gatisa a batho ba ba nang le tirisanommogo ba eseng basupi a ne a dira tiro eno ya go gatisa le go tshwaraganya kwantle ga go re fa mathata ape. Batlakopanong ba ne ba itumelela go amogela kgatiso eno e e nang le ditshwantsho tse di ntsintsi tsa mebalabala tse di ka fetang sekete. Badiredi ba puso ba le bantsi ba tlotla Basupi ba ga Jehofa, mme kganetso e tla segolobogolo ka baruti ba Labokeresete. Go solofelwa gore mo bogautshwaneng thibelo eno e tla tlosiwa.
Go Tweng ka Dinaga tsa Amerika?
Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tseno tsa kwa Bophirima ba tshwaragane mmogo le bakaulengwe ba bone ba kwa Botlhaba mo go rarabololeng mathata a bone ka bopelokgale, mme moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ba thusa gore ba kgone go fenya maemo a a bokete. Tsaya ka sekai pego e e latelang go tswa kwa nageng nngwe ya Latin Amerika koo digopa tsa batho ba ba dirang le go anamisa diokobatsi tse di sa letlelelwang semolao di fetang kgapetsakgapetsa mo dikgweng teng.
Setlhopha sengwe sa Basupi se ne sa tsaya loeto ka bese go ya kwa tshimong e e kwa thoko. Fa ba fologa bese, ba ne ba bona tselana nngwe e tswa mo motseng. Ka jalo bakaulengwe ba batlhano ba ne ba latelela tselana eno ya matlapa go bona gore e ne e ya kae, ba aba bokgaitsadi le bana gore ba dire mo motseng. Mongwe wa bakaulengwe bao o tlhalosa jaana:
“Mo diureng di le pedi tse re di tsamaileng mo tseleng re ne ra bona matlo a le mmalwa fela. Moragonyana, ka tshoganetso fela, banna ba le robedi ba ba tlhometseng ba rwele ditlhoro ba ne ba supuga mo sekgweng. Bangwe ba ne ba tshotse ditlhobolo, mme ba bangwe ba ne ba tshotse melelema ya dithipa. Re ne re tsene mo gare ga eng? Re ne ra simolola go ba botsa gore ba ne ba batlang, mme re ne ra bolelelwa gore re didimale mme re se ka ra bua—re gwantele fela kwa pele. Re ne ra dira fela jalo! Morago ga diura tse dingwe gape tse pedi re ntse re tsamaya mo gare ga sekgwa se se kitlaneng go ne ga tla gore re fitlhe mo karolong e e bulegileng e go neng go bonala sentle gore ke kampa e e sireleditsweng ka dibetsa. Gongwe le gongwe go ne go na le balebeledi ba tshotse ditlhobolo. Mo gare ga kampa eo go ne go na le ntlo e ntle e re neng ra isiwa kwa go yone.
“E rile re sena go nna fa fatshe mongwe yo go neng go bonala e kete ke moeteledipele wa kampa o ne a bua le rona. O ne a apere ka bothakga, a rutegile, e bile a na le seriti. O ne a supa mokaulengwe mongwe yo o neng a le mo setlhopheng sa rona a mo raya a re a eme ka dinao. Morago ga moo o ne a mmotsa jaana: ‘O akanya jang ka setlhopha sa [rona]?’ Mokaulengwe o ne a araba jaana, a ntse a lemoga sentle lefelo le re neng re le mo go lone: ‘Ee gone, re a itse ka ga setlhopha sa lona, mme ga re na kgatlhego mo go sone lefa e le mo setlhopheng sepe fela sa dipolotiki. Lebaka le le lengwe fela le re le tletseng fano ke go rera ka ga Bogosi jwa ga Jehofa Modimo ka Keresete Jesu. Mo nakong e khutshwane bo tlile go nyeletsa mebuso yotlhe ya dipolotiki ya tsamaiso eno ya dilo mme bo tlisetse batho masego a a molemolemo mo lefatsheng leno tlase ga maemo a Paradaise—sengwe se go senang motho ope, kana setlhopha sepe sa batho se se ka kgonang go se dira.’
“Tsela e monna yono a neng a le ka yone e ne ya fetoga. O ne a simolola go botsa dipotso. ‘O ithutile kae dilo tseno tsotlhe? Go tla jang gore o be o kgonne go bua jaana?’ Re ne ra kgona go neela bosupi jo bo molemo ka ga maemo a lefatshe sebaka sa ura le halofo mme ra bontsha gore Bibela e bontsha gore ke eng fela se batho ba ka solofelang mo go sone. Gape re ne ra tlhalosa Baroma kgaolo 13—gore re ikobela babusi ba ba laolang, mme fa lefoko la bone le ganetsana le Lefoko la ga Jehofa, re ikobela pele Modimo wa rona, Jehofa. Kgabagare re ne ra mo neela dibuka tse re neng re di tshotse. O ne a tsaya di le tharo tsa tsone le Bibela, mme selo se se neng sa re gakgamatsa thata ke gore, o ne a re naya madi a tsone a moneelo. O ne a re o tla di bala.
“Morago ga moo, moeteledipele o ne a kaela mongwe wa banna bale gore a re ntshe mo kampeng. Ka bonako fela re ne ra boela morago, re leboga Jehofa go bo re ile ra kgona go fenya mo tirong e nngwe ya bosupi.”
Mo Afrika E E Kgautlhantsweng Ke Dintwa
Kontinente ya Afrika e mo gare ga Botlhaba jo bo Kgakala le Bophirima jo bo Kgakala. Dintwa tsa merafe di dirile gore bothubaki mo dinageng tse dingwe tsa koo e nne jo bo kwa godimo. Kwa Liberia, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba amiwa thata gape ke ntwa ya selegae e e neng ya tlhera ka tshoganetso. Ntwa e simologile lantlha kwa motsemoshate le go o dikologa ka October le November 1992. Moragonyana, fa ntwa e ntse e anama mo nageng yotlhe, diphuthego di ne tsa phatlalala jaaka fa bakaulengwe ba ntse ba tshabela mo nageng le baagi ba bangwe ba koo. Lefa go ntse jalo, matlhagatlhaga a ba neng ba na le one mo go rereng ga a ka a fokotsega. Fa ba ntse ba tshaba ba ne ba tsamaya ba rera, mme seno se ne sa felela ka gore go neelwe bosupi jo bogolo mo dikarolong tse di kwa thokothoko tse di kwa teng.
Phuthego nngwe ya bakaulengwe ba ba neng ba tshabile e ne ya aga Holo ya Bogosi ya nakwana mo gare ga dipolantasi tsa ditlhare tsa raba. Mo toropong nngwe e e gaufi le melelwane ya masole, motshegare baagi ba koo ba ne ba tshabela mo polantasing ya ditlhare tsa raba tse di fa gaufi, ba tshaba dibomo tse di thuntshiwang go tswa kwa godimo. Bakaulengwe ba lefelo leo (go akaretsa le bakaulengwe ba bantsi ba ba neng ba tshabile go tswa kwa motsemoshate, Monrovia) ba ne ba rulaganya tirelo ya tshimo mme ba ne ba bonwa ka metlha ba rerela batho ba ba neng ba tshabetse ka fa tlase ga ditlhare tsa raba! Nako le nako fa ba utlwa sefofane se atamela, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tshabela mo dikhuting tse di gaufi mme e be e re moragonyana, fa ba bona gore kotsi e fetile ba tswelele ka go neela bosupi jwa bone.
Se se gakgamatsang ke gore baboledi ba phuthego ba ba ka nnang sekete le go feta ba ba kgonang go romela dipego tsa bone kwa Mokgatlhong, go sa kgathalesege maemo a ba leng mo go one a dintwa tseno tsa selegae, kgwedi nngwe le nngwe ba ne ba bega palogare ya diura di ka nna 18,1 mo bodiheding jwa tshimo mme ba tshwara dithuto tsa Bibela di ka nna 3 111.
Mo Afrika mo dingwageng tse nne tse di fetileng, go thibelwa ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa go ne ga tlosiwa mo dinageng di le 18. A boitumelo jo bogolo! Ka August 12 go ne ga tlosiwa thibelo e e saleng e diretswe Basupi ba kwa Malawi ka October 1967. Tiro ya go rera mafoko a a molemo mo sephiring e ne e ntse e sa bolo go atlega, mme jaanong Basupi ba kgona go gatela pele ka kgololesego, le mororo ba tla tshwanelwa ke go emela tsogo gore ba kgone go boa ba dumedisa gape ditsala tsa bone tse di bolailweng ke batho ba ba neng ba ba gateletse.
Kwa Mozambique, tumelano ya kagiso e ne ya simolola go dira ka October 4, 1992. Mafelo a pele go neng go sa kgonwe go iwa kwa go one ka ntlha ya ntwa e e neng e a kgautlhantse mo dingwageng tse di fetileng tse 16 jaanong a a fitlhelelwa. Kwa kgaolong ya Carioco, go ne ga dirwa gape ditsela tsa puisano le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 375 ba ba neng ba sa kgone gotlhelele go ikgolaganya le phuthego mo dingwageng tse supa pele ga foo. Go ne ga tshwarwa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa Milange, motsemogolo wa kgaolo e pele e neng e itsege jaaka lefelo la kampa ya pogisetso e bile e le lefelo le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba “sokololwa ditlhaloganyo” mo go lone, bontsi jwa bone e le batshabi ba ba tswang kwa Malawi. Go ile ga gakgamatsa tota go bona batho ba le 2 915 ba le gone koo, go akaretsa le molaodi wa toropo yo o neng a amogela Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, lefelo le pele le neng le itsege jaaka le go neng go “sokololwa ditlhaloganyo” tsa batho mo go lone le ne la nna lefelo la thuto ya bomodimo mo letsatsing leo.
Morongwa mongwe o kwala jaana: “Moemedi wa UNHCR (United Nations High Commissioner for Refugees) o ne a lemoga sengwe se se itumedisang mabapi le bakaulengwe ba rona ba ba ileng ba iphitlhela ba le kwa dikampeng tsa batshabi kwa Porofensing ya Tete. O ne a bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulagantse dikampa tsa bone, di katogile tsa ditlhopha tse dingwe. O ne a bolela jaana: ‘Kampa ya bone e ne e le yone fela e e neng e tsamaisiwa sentle,’ a ba a oketsa ka go re, ‘Basupi ba ga Jehofa ba phepa, ba dira dilo ka thulaganyo, gape ba rutegile.’ Morago ga moo o ne a ntsaya ka sefofane ra ralala sekgwa seo gore ke iponele ka matlho. Fa re le kwa lefaufaung mokgweetsi wa sefofane o ne a mpontsha dikampa tse pedi. E nngwe e ne e le marantha e bile e le leswe, ka matlo a mmu a kgotlagane a agilwe fela a sa rulaganngwa ka tsela epe fela. E nngwe yone e ne e rulagantswe sentle, matlo a yone a kgaogantswe sentle ka mebila. Matlo a ne a lebega a le phepa, mabala a fietswe. A mangwe a ne a bile a pentilwe ka pente e e itiretsweng mo gae. Mokgweetsi wa sefofane o ne a re: ‘Fa o lebelela o kare kampa ya lona ke efe?’ Ke ne ka itumelela go kopana le bakaulengwe ba mo kampeng eno fela thata. Gone jaanong go na le diphuthego di le robedi mo motseng ono wa Basupi.”
Kwa “Nageng ya Ntsu”
Nnyaa, seno ga se setshwantsho sa ntsu sa U.S.! Magareng a Botlhaba le Bophirima go na le naga nngwe ya Yuropa, Albania, go ya ka puo e e buiwang koo leina la yone ke Shqipëria, le le rayang “Lefatshe la Ntsu.” Thibelo e e setlhogo e e tsereng dingwaga di le 50 mo Basuping ba ga Jehofa mo nageng eno e sa tswa go tlosiwa, mme ba kgona go kopana mmogo le bakaulengwe ba bone go tswa Botlhaba le kwa Bophirima ka gore le bone ba nne le kgololesego ya kobamelo. Eleruri ba “shwèla lobaka molemō.” (Baefesia 5:16) Kopano ya ntlha mo hisitoring ya Albania, ebong kopano ya letsatsi le le lengwe, e ne ya tshwarelwa kwa Holong ya Morafe, kwa motsemoshate Tiranë, ka Sontaga, March 21. Ka Matlhatso thapama, setlhopha sa baithaopi ba Basupi ba le 75 se ne sa fetola lefelo la kokoano le le neng le tlhakatlhakane go le dira holo e e phatshimang e e phepa ya kopano. Batho ba ba laolang lefelo leo ba ne ba sala ba jele kgakge go bona tiro e e neng e dirilwe. Mme sengwe se se tlhomologileng ke gore mo bathong ba ba 75 ba ba neng ba ithaopile, ba ba ka nnang 20 fela ke bone ba neng ba kolobeditswe!
Seemo sa loapi se ne se itumedisa eleruri. Fa baemedi ba ba tswang kwa moseja ba ntse ba goroga, ditumediso—tse thatathata di neng di dirwa ka go gwetlha matsogo le ka go tlamparelana—di ne tsa dira gore letsatsi la kopano e e kgethegileng e nne le le kgethegileng thatathata. Mokaulengwe Nasho Dori o ne a tsholeleditse matsogo kwa godimo fa a ne a bula ka thapelo. O kolobeditswe ka 1930 mme gone jaanong o gaufi le go foufala gotlhelele. Thulaganyo e ne ya neelwa ka Se-Albania, mme bontsi jwa dipuo di ne di neelwa ke babulatsela ba ba kgethegileng ba kwa dinageng di sele. Batho ba ba 585 ba ba neng ba le koo ba ne ba opela pina e e reng “Boineelo jwa Bokeresete”—nngwe ya tse thataro tse di neng tsa ranolelwa mo puong ya Se-Albania gore di tle go dirisiwa mo kopanong eo—jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba le 41 ba ne ba tsamaela ntlheng ya lekadiba le bakaulengwe ba ba neng ba etile ba Magerika ba ka bopelontle ba neng ba le agile mo teng ga Holo ya Bogosi ya lefelo leo. A bo e ne e le phetogo e kgolo jang ne! Pelepele, go nna le Bibela fela go ne go ka dira gore o latlhelwe mo kampeng e o neng o berekisiwa ka thata mo go yone, mme dipokano di ne di kgona go tshwarwa fela ka ditlhopha tsa batho ba le babedi kana ba le bararo.
Letsatsi morago ga kopano, ofisi ya lekala ya Watch Tower e ne ya amogela mogala o o tswang kwa mokaeding wa holo eo. Ga a atise go re sepe ka batho ba ba dirisang holo. Seo ke tiro ya motlatsamokaedi. Mme lefa go ntse jalo o ne a re: “Ke ne ke letsa jaana ke batla fela go lo leboga. Ga ke ise ke bone lefelo leno le le phepa ka mokgwa ono. Gore ke tlhalose seno ke ka re, maabane go letse go fokile phešwana e e tswang kwa legodimong mo holong ya rona. Nako nngwe le nngwe fa lo batla go dirisa lefelo leno la rona, tsweetswee boang gape, mme re tla naya lona pele sebaka. E bile tota, re tshwanetse go lo letlelela go tla fano morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo kwantle ga go lo duedisa.”
Basupi ba ne ba boela kwa magaeng a bone ba matlafetse e bile ba itumetse tota mme ba simolola go baakanyetsa Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Morago ga malatsi a le 15 fela, ka Labobedi, April 6, go ne ga tshwarwa Segopotso sa ntlha go sa iphitlhiwe mo mafelong a le supa.
Kwa toropong ya Berat, palo ya batho ba ba tlang dipokanong e ile ya tlhatlogela go mo e ka nnang 170, mme moruti wa lefelo leo o shakgetse. Mo baboleding ba Bogosi ba le 33 kwa Berat, go ne ga kolobediwa ba le 21 mo go bone kwa kopanong. Berat e ne ya bega batho ba le 472 ba ba neng ba le gone kwa Segopotsong. Kwa mafelong a mangwe le gone, palo ya ba ba neng ba le gone kwa Segopotsong e ne e le kwa godimo, mme segolobogolo e dirilwe ke gore babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba eteletse pele sentle.
Mo toropong e e tletseng ka Makatoliki ya Albania, Shkodër, koo go nang le kereke ya bogologolo ya Roma, kereke ya koo e ne ya simolola go gatisa lokwalodikgang lo lo tswang kgwedi le kgwedi, mme mo go lone tokololo nngwe le nngwe e ne e bua ka kgang ya “Kafa go ka Tilwang Basupi ba ga Jehofa ka Gone.” Tokololo e e fetileng e ne ya bolela jaana: “Shkodër e tlhasetswe ke Basupi ba ga Jehofa”! Lesomo le legolo la Basupi ba babedi ba koo, le ne la tlisa kwa Segopotsong batho ba le 74 ba ba itshwereng sentle e bile ba tlhoafetse. Fa ba sena go utlwa puo ya Segopotso, malapa a le 15 a ne a kopa go tshwarelwa dithuto tsa Bibela tsa magae. Kwa toropong e nngwe, Durres, koo go nang le lesomo la Basupi ba le bane ba ba dirang ka natla, palo ya ba ba neng ba le gone e ne e le e e kgatlhisang tota ya batho ba le 79.
Ka ntlha ya kganetso e e neng e tla ka basha ba Makatoliki ba ba neng ba tshosetsa Basupi gore ba tla ba koba ka matlapa, pokano ya Segopotso kwa motseng wa dithaba wa Kalmeti i Vogel e ne ya fudusediwa kwa legaeng la mokaulengwe mongwe wa lefelo leo, koo batho ba le 22 ba neng ba kopanela teng kwantle ga mathata. Go na le baboledi ba le batlhano mo setlhopheng seno, mme ba le bararo mo go bone ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ya kwa Tiranë.
Kwa Vlorë makawana a le mabedi a ne a amogela kopi ya Tora ya Tebelo, a e bala, mme a kwalela Mokgatlho a re: “Re setse re ipitsa Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya boammaaruri jo re bo ithutileng mo go Tora ya Tebelo. Tsweetswee re romeleleng batho ba ba tla re thusang.” Babulatsela ba ba kgethegileng ba le babedi ba ne ba abelwa go ya go direla koo, mme yo mongwe wa makawana ano ka bonako o ne a tshwanelega go nna mmoledi. O ne a itumeletse go nna gareng ga batho ba le 64 ba ba neng ba le gone kwa Segopotsong kwa Vlorë.
Mokaulengwe wa Mo-Albania yo o neng a ithuta boammaaruri kwa United States o ne a boela kwa toropong ya gagabo e leng Gjirokastër ka bo1950, koo a neng a direla ka bojotlhe ka moo a ka kgonang ka gone go fitlhelela a swa. O ne a jala peo ya boammaaruri mo pelong ya morwa wa gagwe. Fa thibelo e tlosiwa, morwa yono o ne a kopa Mokgatlho wa Watch Tower gore o mo romelele motho yo a ka mo thusang. Motho mongwe gape yo o kgatlhegang yo o nnang mo motseng mongwe o o kwa bokone le ene o ne a kwadile a kopa gore a romelelwe motho go mo thusa, ka jalo, babulatsela ba ba kgethegileng ba le bane ba ne ba romelwa koo. Mo mosong wa Laboraro wa morago ga Segopotso, mongwe wa bone o ne a leletsa ofisi ya Mokgatlho ya kwa Tiranë a re: “Ke ile ka palelwa ke go itshoka go lo bolelela ka moo moya wa ga Jehofa o dirileng ka mo gogolo ka teng. Re itumetse fela thata. Re ile ra atlega tota ka Segopotso.” Palo ya ba ba neng ba le gone e ne e le 106, go akaretsa le setlhopha sa bone sa baboledi ba Bogosi ba le supa.
Go tweng ka palogotlhe ya ba ba neng ba le gone kwa Segopotsong? Ka 1992, ka nako ya fa go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 30 fela, palo ya ba ba neng ba le gone e ne e le 325. Ka 1993, baboledi ba ba 131 ba ne ba kokoantse batho ba le 1 318 gore ba nne teng. Mo dingwageng tseno ka bobedi, palo ya ba ba neng ba le gone e ne e feta ya baboledi e menagane ga some. A bo go itumedisa jang ne go bona “eo monnye . . . a nna makgolo a le shomè” mo sebakeng se se khutshwane jaana sa nako!—Isaia 60:22.
“Lelehatsa Megala ea [mogope wa] Gago”
Jaaka fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ntse e atologela dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe, pitso e ntse e tswelela pele: “Katolosa bonnō yoa mogope oa gago; a ba ñamolè merarō ea mannō a gago; se rekegele; lelehatsa megala ea gago, u thatahatsè dimapō tsa gago. Gonne u tla anamèlèla kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo, le kaha go ya molèma.” (Isaia 54:2, 3) Go anama gono ga “mannō” a Modimo—a a emelwang ke phuthego ya lefatshe ka bophara ya baobamedi ba gagwe—eleruri go ile ga bonala sentle kwa Yuropa Botlhaba, bogolo jang kwa dinageng tse pele di neng di bidiwa Soviet Union. Morago ga gore Jehofa a tshegetse batlhanka ba gagwe ka masomesome a dingwaga ba ntse ba gateletswe, jaanong o neela Basupi ba gagwe maatla a magolo a a tlhokegang go atolosa le go nonotsha phuthego.
Kwa Moscow, Russia, kwa Setadiamong sa Locomotive, ka July 22-25, palo e e kwa godimo ya batho ba le 23 743 e ne ya nna gone kwa kopanong e e neng e le nngwe ya motseletsele wa dikopano tse di ka se lebalesegeng tsa merafe yotlhe tsa ngwaga o o fetileng tsa “Thuto ya Bomodimo.” Ke mang yo o neng a ka akanya gore seno se ne se ka kgonega, le eleng mo dingwageng tse pedi tse di fetileng? Mme ba ile ba nna gone! Batho ba ba fetang 1 000 ba ne ba tswa kwa Japane le Korea, ba ba ka tshwarang 4 000 ba ne ba tswa kwa United States le Canada, mmogo le diketekete tse dingwe tse di neng di tswa kwa dinageng tse di ka fetang 30 kwa South Pacific, Afrika, Yuropa, le mafelo a mangwe—eleruri Botlhaba le Bophirima di ne di kopane. A bo go kgothatsa jang ne mo bathong bano botlhe go itswakanya ba phuthologile le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Ma-Russia ba ba fetang 15-000! E ne e le boitumelo jo bogolo tota.
Go ne ga kolobediwa Basupi ba basha ka palogotlhe e e gakgamatsang ya 1 489. Kgang ya kolobetso e ne ya phasaladiwa thata mo dikgannyeng go dikologa lefatshe, go akaretsa le setswantsho se sentle sa tsebe e e kwantle ya The New York Times. Go opiwa ga diatla ka nako ya kolobetso go go neng go utlwala jaaka dikgadima, go ne go sa tseye sepe fa go bapisiwa le go go neng ga dirwa ka nako ya puo ya bofelo, fa sebui se ne se fetsa go leboga baithaopi ba ba 4 752 le badiredi ba ba ileng ba thusa gore kopano eno e atlege, se bo se oketsa ka go re: “Mo godimo ga tsotlhe, re leboga Jehofa!” Ee, moya wa ga Jehofa o ile wa thibela kganetso e e maatla e e tswang kwa bathong ba bodumedi jwa Orthodox mme a fa maatla a botlhokwa a a ileng a dira gore kopano e nne sengwe se se itumedisang tota.
Lefa go ntse jalo, go ne go santse go tla tse dikgolo, kwa motsemoshate wa Ukraine kwa Kiev, ka August 5-8. Fano le gone baithaopi ba ba iketleeditseng go thusa ba ne ba ntšhafatsa setadiamo go tswa le go tsena, mme Holo eno ya Bogosi e tonatona e ne ya tsenya batho ba ba neng ba fitlhelela palo e e kwa godimo ya batho ba le 64 714. Mo lekgetlong leno le gone, Basupi ba ne ba tswa kwa Botlhaba le kwa Bophirima le kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Dipuo tsa konokono di ne tsa ranolwa ka maleme a le 12. Baemedi ba ka nna 53 000, ba ba neng ba tla ka dipalangwa tse di rwalang batho ba bantsi, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ye go kgatlhantshiwa kwa diteishaneng le kwa maemelafofaneng mme ba tsewa ka dipalangwa go isiwa kwa marobalong a bone kwa dihoteleng, kwa dikolong, le kwa matlong a batho, mmogo le kwa dikepeng. Seno sotlhe se ne sa tsamaya ka thelelo ka ditshenyegelo tsa madi a mannye le seo phuthego e neng ya kgona go se dira se ne sa dira gore mapodise a motse a a neng a tlhokometse a sale a jele kgakge le go ba akgola.
Setlhoa sa thulaganyo eno e e kgatlhang ya kopano e ne e le kolobetso eo e ileng ya tsaya diura di le pedi le sephatlo. Go ne ga nna le palogotlhe ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tshwantshetsa boineelo jwa bone go Jehofa ba le 7 402, ka nako eo go ne go opiwa go bo go opiwa diatla mo setadiamong sotlhe. Eno e ne e feta palo e e kwa godimo e e neng ya di feta tsotlhe ya ba ba neng ba kolobediwa ba le 7 136 e e neng ya begwa fa batlakopanong ba le 253 922 ba ne ba kopane kwa New York City ka 1958.
E re ka jaanong nako eno ya katlholo e ntse e ya bofelong, batho ba sekadinku go tswa kwa Botlhaba, Bophirima, le eleng go tswa “sekhutlhoñ sa lehatshe” ba kgobokanngwa go nna ngata e le nngwe e leng sengwe se se ka se keng sa bapisiwa le sepe se se diragetseng mo hisitoring yotlhe ya motho. Eleruri, “boidiidi yo bogolo yoa batho . . . ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” ba kopanela mmogo le Iseraela wa semoya mo go boleleng tumelo ya bone mo setlhabelong se se tlhotlhwakgolo sa thekololo sa ga Jesu, se e leng tshimologo ya sotlhe se se ntseng se kgonega e bile se tlotlomatsa puso ya bolaodi jwa ga Jehofa.—Ditihō 1:8; Tshenolō 7:4, 9, 10.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Botlhaba bo kopana le Bophirima kwa Moscow le kwa Kiev