LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 1/1 ts. 24-28
  • Jehofa ga a Ise A ke A re Latlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ga a Ise A ke A re Latlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
  • Go Rera Lefa ke Ganediwa
  • Mathata ka Ntwa ya Lefatshe II
  • Go Lekwa mo Kgannyeng ya Boitlhaodi
  • Go Boela Kwa Motseng wa Rona wa Kwa Gae
  • Dibuka ga di Tlhole di Romelwa
  • Mathata a a Oketsega
  • Diphetogo Tse Dikgolo
  • Re mo Letlhakoreng la Bogosi Jwa Modimo Fela
  • Jehofa o re Neile “Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kafa Lenyora La me La Semoya le Neng la Timolwa ka Gone
    Tsogang!—2003
  • Jehofa O Nonotsha Batho ba Gagwe kwa Botlhaba le kwa Bophirima
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 1/1 ts. 24-28

Jehofa ga a Ise A ke A re Latlhe

JAAKA GO BOLETSE NASHO DORI

Mbreshtan ke motse o monnye o o mo dithabeng kwa Albania borwa, gaufi le Greece. Ke tsholetswe teng ka 1907. Fa ke ne ke na le dingwaga tse tlhano, ke ne ka simolola go tsena sekolo sa Segerika, mme ke ne ka kgaupediwa mo sekolong fa masole a Italy a ne a tlhasela Albania ka Ntwa ya Lefatshe I. Morago ga ntwa, ke ne ka simolola go tsena sekolo gape mme e le sa puo ya kwa Albania.

LEFA gone batsadi ba me e ne e se batho ba ba kgatlhegelang bodumedi thata, ba ne ba keteka dingwao tsa Kereke ya Orthodox ya Albania. Malomaagwe rre e ne e le moruti mo Mbreshtan, ka jalo ke ne ke dira mo kerekeng mme ke ne ke bona gore go ne go dirwa eng mo teng. Dingwaokobamelo tsa teng di ne di sa lebege di na le mosola le boitimokanyo jwa teng bo ne bo ntshwenya.

Batsadi ba me ba ne ba ntshenkela mosadi yo mmotlana gore ke mo nyale, ba sala ngwao ya mo lefelong leo morago. Argjiro o ne a tswa mo motseng o o neng o bapile le wa rona wa Grabova, mme re ne ra nyalana ka 1928, fa a ne a na le dingwaga tse 18.

Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

Ka nako eo ke ne ka ngongorega ka Kereke ya Orthodox mo go ntsalake yo o neng a etile a tswa kwa United States. O ne a fetola ka gore: “Kwa Amerika, gaufi le kwa gae, go na le setlhopha sa batho ba ba senang kereke, mme ba ithuta Baebele.” Ke ne ka kgatlhegela mogopolo wa go ithuta Baebele ke sena kereke. Ka jalo ke ne ka mo kopa gore a nthomelele dibuka dingwe tsa Baebele.

Ke ne ka lebala gotlhelele ka puisano ya rona go fitlha mo e neng e ka nna ngwaga moragonyana fa ke ne ke amogela sephuthelwana se se tswang kwa Milwaukee, kwa Wisconsin. Mo teng go ne go na le buka e go tweng The Harp of God e e neng e kwadilwe ka puo ya kwa Albania le Tora ya Tebelo ya Segerika. Ke ne ka bula ditsebe tsa buka ka bonako mme ka lemoga fa e umaka kereke ya boammaaruri. Seo se ne sa ntshwenya. Ke ne ka ipolelela jaana, ‘Ga ke batle sepe se se amanang le kereke.’ Ka jalo ke ne ka se ka ka bala buka eo ka botlalo.

Ka 1929, ke ne ka tsenelela bosole mme ke ne ka romelwa kwa toropokgolong ya Tiranë, motsemoshate wa Albania. Ke ne ka kopana le Stathi Muçi, yo o neng a bala Baebele ya Segerika. Ke ne ka botsa jaana: “A o tsena kereke?” O ne a araba ka gore: “Nnyaa. Ke tlogetse kereke. Ke mongwe wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba.” Nna le lesole le lengwe re ne ra ya dipokanong le Stathi ka Sontaga. Fa ke le koo ke ne ka ithuta gore kereke ya boammaaruri ga se kago kana bodumedi, mme e dirilwe ka batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Keresete. Ka jalo ke ne ka tlhaloganya se The Harp of God e neng e se bolela.

Nasho Idrizi le Spiro Vruho ba ne ba boetse kwa Albania ba tswa kwa United States magareng a bo1920 mme ba ne ba anamisa boammaaruri jwa Baebele jo ba neng ba bo ithutile teng. Ke ne ka simolola go nna teng kwa dipokanong kwa Tiranë, mmogo le setlhopha se se botlana sa Baithuti ba Baebele. Go ne ga phepafala mo go nna gore ke ne ke bone phuthego ya ga Jehofa. Ka jalo ke ne ka kolobediwa mo nokeng e e gaufi ka August 4, 1930.

Morago ke ne ka boela kwa Mbreshtan go ya go dira tiro ya me ya go baakanya ditlhako. Mme se se botlhokwa le go feta, ke ne ka simolola go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke bo ithutile. Ke ne ke a tle ke ba bolelele jaana: “Jesu Keresete ga a tshwane le mekgabisa ya ditshwantsho e e kwa kerekeng. O a tshela!”

Go Rera Lefa ke Ganediwa

Ahmed Bey Zogu o ne a simolola go busa ka 1925, a itira Kgosi Zog I ka 1928, mme o ne a busa go fitlha ka 1939. Tona ya gagwe ya ditshwanelo tsa batho e ne ya letla tiro ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, re ne re na le mathata. Seno e ne e le ka ntlha ya gore Musa Juka, tona ya selegae, e ne e le tsala e kgolo ya mopapa kwa Roma. Juka o ne a ntsha taolo ya gore go letlelelwe madumedi a mararo fela—Bomoseleme, Orthodox, le Roma Katoliki. Mapodisi a ne a leka ka thata go tsaya dibuka tsa rona le go emisa tiro ya rona ya go rera, mme ga ba a ka ba atlega.

Ka bo1930 gantsi ke ne ke etela kwa Berat, toropo e kgolwane kwa Albania kwa Mihal Sveci a neng a kaela tiro ya rona ya go rera a le teng. Re ne ra rulaganyetsa maeto a go rera go ralala naga. Ka nako nngwe ke ne ka romelwa kwa toropong ya Shkodër ka dibeke tse pedi, mme ke ne ka kgona go tsamaisa dibuka tse dintsi teng. Ka 1935 re ne ra hira bese re le setlhopha go ya go rera kwa toropong ya Këlcyrë. Mme go ne ga rulaganyediwa leeto le legolwane mo Albania la go ya kwa ditoropong tsa Përmet, Leskovik, Ersekë, Korçë, Pogradec le Elbasan. Re ne ra feleletsa leeto kwa Tiranë pele fela go ketekwa Segopotso sa loso lwa ga Keresete.

Dijo tsa semoya di ne di re thusa gore re nne re tiile semoyeng, ka jalo ga re ise re ko re ikutlwe re latlhilwe le ka motlha. Go simologa ka 1930 go ya go 1939, ke ne ke amogela Tora ya Tebelo ya Segerika ka metlha. Ke ne ke itlhometse mokgele wa go bala Baebele ka sebaka sa ura letsatsi le letsatsi, mo ke neng ka go dira ka dingwaga di le 60 pele ga ke foufala. Ke gone bosheng fela jaana Baebele e neng ya nna teng ka puo ya kwa Albania, ka jalo ke itumelela go bo ke ne ka ithuta Segerika fa ke ne ke sa le ngwana. Basupi ba bangwe ba kwa Albania mo metlheng eo ya pele le bone ba ne ba ithuta go bala Segerika gore le bone ba tle ba kgone go bala Baebele yotlhe.

Argjiro o ne a kolobediwa ka 1938. Ka 1939 bana ba supa mo go ba ba lesome ba rona ba ne ba setse ba tshotswe. Se se utlwisang botlhoko ke gore ba le bararo ba bana ba rona ba ba supa ba ntlha ba ne ba swa ba santse ba le babotlana.

Mathata ka Ntwa ya Lefatshe II

Ka April 1939, fela pele ga Ntwa ya Lefatshe II e simologa, ditlhopha tsa masole a Ba-Fascist ba Italy a ne a tlhasela Albania. Ka bonakonyana fela morago ga moo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa, mme setlhopha sa rona se se botlana sa baboledi ba Bogosi ba ba neng ba ka tshwara 50 se ne sa tswelela go rera. Dibuka le dibukana tsa rona di ka tshwara 15 000 di ne tsa gapiwa mme tsa senngwa ka Ntwa ya Lefatshe II.

Jani Komino o ne a na le mabeelo a dibuka a a neng a tshwaragane le legae la gagwe. Fa masole a Italy a ne a lemoga gore dibuka di ne di gatisitswe kwa United States, ba ne ba shakgala. “Le batho ba ba senyang leina! United States e kgatlhanong le Italy!” ba ne ba bolela jalo. Bakaulengwe ba babotlana ba ba neng ba le tlhaga, Thomai le Vasili Cama ba ne ba tshwarwa, mme fa ba ne ba utlwa gore dibuka tse ba neng ba di aba di ne di tswa kwa go Komino, le ene o ne a tshwarwa. Go ise go ye kae, mapodisi a ne a mpitsa gore ba ye go mpotsa dipotso.

“A o itse banna ba?” ba ne ba botsa jalo.

“Ee,” ke ne ka araba jalo.

“A o dira le bone?”

Ke ne ka araba ka gore, “Ee. Re Basupi ba ga Jehofa. Ga re kgatlhanong le dipuso. Ga re a ema mo letlhakoreng la ga ope.”

“A o ntse o aba dibuka tseno?”

Fa ke ne ke araba ka ee, ba ne ba ntsenya dihakaboi, mme ka tsenngwa mo kgolegelong ka July 6, 1940. Fa ke le koo ke ne ka kopana le ba bangwe ba batlhano go tswa kwa motseng wa gaetsho—Josef Kaci, Llukan Barko, Jani Komino, le barwa Cama. Fa re ne re le mo kgolegelong re ne ra kopana le Basupi ba bangwe ba bararo—Gori Naçi, Nikodhim Shyti, le Leonidas Pope. Rotlhe re le robongwe re ne ra sukagana mo seleng e e boleele jwa dimmetara di le 1,8 le bophara jwa dimmetara di le 3,7!

Morago ga malatsi a sekaenyana, re ne ra bofaganngwa mmogo ka keetane mme ra isiwa kwa toropokgolong ya Përmet. Dikgwedi tse tharo moragonyana re ne ra fudusediwa kwa kgolegelong e e kwa Tiranë mme ra nna dikgwedi tse dingwe tse robedi re sa sekisiwe.

La bofelo, re ne ra sekisiwa kwa kgotlatshekelong ya sesole. Nna le Mokaulengwe Shyti re ne ra atlholelwa dikgwedi di le 27, Mokaulengwe Komino dikgwedi di le 24 mme ba bangwe ba ne ba gololwa morago ga dikgwedi tse 10. Re ne ra fudusediwa kwa kgolegelong ya kwa Gjirokastër, kwa Mokaulengwe Gole Flloko a neng a thusa gore re gololwe ka 1943. Moragonyana lelapa la rona le ne la nna kwa toropokgolong ya Përmet, kwa ke neng ka nna molebedi wa phuthego e potlana teng.

Lefa gone tiro ya rona e ne e kganetswe mme Ntwa ya Lefatshe II e ne e gaketse mo dinageng tse di neng di re dikologile, re ne ra tswelela go dira gotlhe mo re neng re ka go kgona go diragatsa thomo ya go rera molaetsa wa Bogosi. (Mathaio 24:14) Go ne go na le Basupi ba le 15 mo kgolegelong ka 1944. Mme gone mo metlheng eno e e thata, le ka motlha ga re ise re ko re ikutlwe re latlhilwe ke Jehofa.

Go Lekwa mo Kgannyeng ya Boitlhaodi

Lefa gone ntwa e fedile ka 1945, mathata a rona a ne a tswelela a ba a nna maswe le go feta. Mongwe le mongwe o ne a patelediwa go tlhopha ka nako ya ditlhopho tsa December 2, 1946. Mongwe le mongwe yo o neng a di tila o ne a tsewa jaaka mmaba wa Puso. Ba ba neng ba le mo phuthegong ya rona kwa Përmet ba ne ba simolola go botsa jaana, “Re tshwanetse go dira eng?”

Ke ne ka ba araba jaana: “Fa lo ikanya Jehofa ga lo kake lwa mpotsa gore lo dire eng. Lo a itse gore batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna ba itlhaotse. Ga se karolo ya lefatshe.”—Johane 17:16.

Letsatsi la ditlhopho le ne la goroga mme barongwa ba puso ba ne ba tla kwa ntlung ya rona. Ba ne ba simolola go bua ba wetse dibete, “A re nweng kopi ya kofi re tle re tlotleng. A le itse gore gompieno go diragalang?”

“Ee, ke letsatsi la ditlhopho,” ke ne ka araba jalo.

“Lo tshwanetse go itlhaganela, e seng jalo lo tla tla morago,” ga bolela jalo modiredimogolo mongwe.

“Nyaa, ga ke a ikemisetsa go ya. Rona re tlhopha Jehofa,” ke ne ka araba jalo.

“Go siame he, tlang lo tlhopheng ya kganetso.”

Ke ne ka tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba eme mo letlhakoreng la ga ope. Fa boemo jwa rona ne bo simolola go itsege thata, re ne ra gatelelwa le go feta. Re ne ra fiwa taolo ya gore re emise go tshwara dipokano tsa rona, ka jalo re ne ra simolola go kopana ka sephiri.

Go Boela Kwa Motseng wa Rona wa Kwa Gae

Ka 1947 nna le lelapa la me re ne ra boela kwa Mbreshtan. Ka bonakonyana fela morago ga moo, motshegare mongwe o o tsididi thata ka December, ke ne ka bilediwa kwa ofising ya Sigurimi (mapodisi a sephiri). “A o itse gore ke go bileditse eng?” modiredimogolo o ne a botsa jalo.

“Ke akanya gore ke ka gonne le utlwile ke latofadiwa ka dilo dingwe,” ke ne ka fetola jalo. “Mme Baebele e bolela gore lefatshe le tla re ila, ka jalo ditatofatso ga di nkgakgamatse.”—Johane 15:18, 19.

“O se ka wa bua le nna ka Baebele,” a nkgomogela jalo. “Ke tla go itaya botlhoko.”

Modiredimogolo le banna ba gagwe ba ne tsamaya mme ba mpolelela gore ke nne kwa ntle mo serameng. Morago ga nakonyana o ne a mpiletsa gape mo ofising ya gagwe mme a mpolelela gore ke emise go tshwarela dipokano kwa legaeng la rona. “Go nna batho ba le kae kwa motseng wa lona?” o ne a botsa jalo.

“Ba le lekgolo le masomeamabedi,” ke ne ka bolela jalo.

“Ba mo bodumeding bofe?”

“Orthodox ya Albania.”

“Jaanong wena?”

“Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

“Batho ba le lekgolo le masome a mabedi ba tsamaela ntlheng e le nngwe mme wena o tsamaela ntlheng e sele?” Go tswa foo o ne a mpha taolo ya gore ke tshube dikerese mo kerekeng. Fa ke ne ke mmolelela gore ke ne ke sena go dira jalo, o ne a simolola go ntitaya ka thobane. E ne e ka nna ka nako ya bongwe mo mosong fa ke gololwa.

Dibuka ga di Tlhole di Romelwa

Fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela, re ne ra simolola go amogela Tora ya Tebelo ka poso, mme kwa bofelong dimakasine di ne di sa tlhole di tla. Go tswa foo, bosigo bongwe ka nako ya lesome, ke ne ka bidiwa ke mapodise a sephiri. Ke ne ka bolelelwa jaana: “Go gorogile makasine mongwe wa Segerika mme re batla gore o tlhalose gore o bua ka ga eng.”

“Ga ke itse Segerika sentle thata,” ke ne ka bolela jalo. “Moagisani wa me o se itse botoka. Gongwe o ka le thusa.”

“Nnyaa, re batla gore wena o tlhalose seno,” ga bolela jalo modiredimogolo mongwe a ntsha dikhopi tsa Tora ya Tebelo tsa Segerika.

“Ke tsa me!” Ke ne ka gakgamala jalo. “Ee, nka tlhalosa seno. Dimakasine tseno, di tswa kwa Brooklyn, kwa New York. Ke teng kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e leng teng. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme go lebega ba dirile phoso ka aterese. Dimakasine tseno di tshwanetse di kabo di romeletswe nna, e seng lona.”

Ba ne ba se ka ba nnaya dimakasine, mme go simologa ka nako eo go fitlha ka 1991, go feta dingwaga tse 40 moragonyana, ga re a ka ra amogela dibuka dipe tsa Baebele kwa Albania. Mo dingwageng tseo tsotlhe, re ne ra tswelela re rera, re dirisa Dibaebele tsa rona fela. Basupi ba ka tshwara 20 ba ne ba le mo kgolegelong ka 1949; ba bangwe ba ne ba atlholetswe dingwaga tse tlhano.

Mathata a a Oketsega

Ka bo1950 batho ba ne ba laolwa gore ba tshole makwalo a a neng a supa gore ba ne ba sa eme sesole nokeng. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go tshola makwalo ao. Ka lebaka leno, nna le Mokaulengwe Komino re ne ra fetsa dikgwedi tse dingwe tse pedi mo kgolegelong.

Ka nako ya fa Puso e ne e letla gore go nne le madumedi a a rileng, re ne re na le kgololesego e e rileng. Lefa go ntse jalo, ka 1967 bodumedi jotlhe bo ne jwa thibelwa, go dira gore Albania e nne naga e e feletseng ya bolatolamodimo. Basupi ba ne ba tswelela go leka go tshwara dipokano, mme go ne ga nna thata. Bangwe ba rona ba ne ba rokelela kgwatlha e e kgethegileng mo furumong ya dibaki tsa rona gore re tle re kgone go fitlha Baebele e potlana mo go tsone. Go tswa foo re ne re tsena mo masimong re ya go e bala.

Basupi kwa Tiranë ba ne ba tshwarwa, mme ba le bararo ba atlholelwa dingwaga di le tlhano kwa dikampeng tse di kgakala tse go dirwang tiro e e bokete kwa go tsone. Ka lebaka la seo, malapa a bone a ne a sotlega. Rona ba re neng re tswa mo metseng e mennye e e kwa thoko, re ne ra se ka ra isiwa gope ka gore re ne re sa tsewe re ka baka mathata a a masisi. Mme ka go bo re ne re itlhaotse, maina a rona a ne a ntshiwa mo manaaneng a batho ba ba tshwanetseng go fiwa dijo. Ka jalo, botshelo bo ne bo le bokete. Gape bana ba bangwe gape ba rona ba babedi ba ne ba tlhokafala. Mme gone, le ka motlha ga re ise re ke re ikutlwe re latlhilwe ke Jehofa.

Go ne go na le poifo e ntsi kwa Albania. Mongwe le mongwe o ne a disiwa e bile mapodisi a sephiri a ne a kwala dipego ka mongwe le mongwe fela yo o neng a leka go ntsha mogopolo o o farologaneng le wa phathi e e neng e busa. Ka jalo re ne re le kelotlhoko thata gore re se ka ra kwala dipego dipe fela ka tiro ya rona. Re ne re sa kgone go kopana ka ditlhopha tse di fetang bobedi kana boraro gore re bone kgothatso ya semoya. Mme gone, ga re a ka ra emisa go rera le ka motlha.

Mapodisi a sephiri, fa a ne a leka go tlhakanya batho ditlhogo, a ne a anamisa magatwe a gore Mosupi mongwe yo o itsegeng kwa Tiranë e ne e le setlhodi. Seno se ne sa dira gore ba bangwe ba felelwe ke tshepo mme ka tsela nngwe go ne ga senya kutlwano ya rona. Bangwe ba ne ba ineela ka ntlha ya go boifa ka ntlha ya gore re ne re sena dibuka tse disha tsa Baebele gape re sa kgone go ikgolaganya ka gope le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang.

Mo godimo ga seo, balaodi ba ne ba anamisa magatwe a gore Spiro Vruho, yo e neng e le mogolwane wa Mokeresete yo o neng a tlotliwa thata kwa Albania, o ne a ipolaile. “Le a bona, le ene Vruho tota o itlhobogile,” ba ne ba bolela jalo. Moragonyana go ne ga phepafala gore tota Mokaulengwe Vruho o ne a bolailwe.

Ka 1975, nna le Argjiro re ne ra nna le morwa wa rona kwa Tiranë ka dikgwedi di sekaenyana. Ka nako ya ditlhopho, balaodi ba toropokgolo ba ne ba re gatelela ka go re tshosetsa ba re: “Fa le sa tlhophe, re tla leleka ngwana wa lona mo tirong.”

Ke ne ka fetola ka go re: “Morwaake o na le dingwaga tse 25 a ntse a dira. Le na le direkoto tse di nang le tshedimosetso yotlhe ka ga gagwe le lelapa la gagwe. Ke na le dingwaga tse di fetang 40 ke sa tlhophe. Tshedimosetso eno ka tlwaelo e nna mo direkotong tsa badiri. Fa e le gore ga e yo, go raya gore direkoto tsa lona ga di a rulaganngwa sentle. Fa e le teng mo direkotong tsa lona, go raya gore lo ntse lo sa ikanyege mo phathing ka go mo letla gore a dire ka dingwaga tse dintsi jaana.” Fa balaodi ba sena go utlwa seno, ba ne ba re fa re ka boela kwa Mbreshtan, ba ne ba tla lesa kgang eo.

Diphetogo Tse Dikgolo

Ka 1983 re ne ra fuduga kwa Mbreshtan ra ya go nna kwa toropokgolong ya Laç. Ka bonakonyana fela morago ga moo, ka 1985, mmusaesi o ne a swa. O ne a sale a busa go simologa ka ditlhopho tsele tsa ntlha tse di neng di patelediwa tsa 1946. Fa nako e ntse e ya, sefikantswe sa gagwe, se se neng se tlhomilwe mo bogareng jwa toropo ya Tiranë, le sa ga Stalin, di ne tsa digwa.

Mo masomesomeng a dingwaga fa tiro ya rona e ntse e kganetswe, Basupi ba bantsi ba ne ba tshwarwa makgwakgwa thata, e bile ba bangwe ba ne ba bolawa. Monna mongwe o ne a bolelela Basupi bangwe mo seterateng gore: “Ka nako ya Bakomanisi, re ne re latlhile Modimo rotlhe. Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba neng ba tswelela ba ntse ba ikanyega mo go ene lefa ba ne ba lekwa e bile ba na le mathata.”

Fa re ne re ntse re fiwa kgololesego e e oketsegileng, batho ba le robongwe ba ne ba bega tiro ya bone ya bodiredi jwa Bokeresete ka June 1991. Ka June 1992, kgwedi morago ga gore thibelo e tlosiwe, batho ba le 56 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera. Mo tshimologong ya ngwaga oo, re ne ra itumela le go feta go nna le batho ba le 325 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. E sale go tloga foo palo ya ba ba rerang e oketsegile go feta 600 mme palogotlhe ya batho ba le 3 491 ba ne ba nna teng kwa Segopotsong ka April 14, 1995! Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ke ile ka itumela fela thata fa ke bona batho ba bantsi ba basha ba tsena mo diphuthegong tsa rona.

Argjiro o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa e bile o ile a ikanyega mo go nna mo dingwageng tse dintsi tseno tsotlhe. Fa ke ne ke le mo kgolegelong kgotsa ke tsamaya mo tirong ya go rera, o ne a tlamela lelapa la rona ka dilo tse le neng le di tlhoka a sa ngongorege. Mongwe wa barwa ba rona le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa ka 1993. Seo se ne sa re itumedisa fela thata.

Re mo Letlhakoreng la Bogosi Jwa Modimo Fela

Ke itumelela go bona phuthego ya ga Jehofa mo Albania e utlwana jaana e bile e bona masego a semoya. Ke ikutlwa jaaka Simeone yo o neng a tsofetse kwa Jerusalema, yo e neng ya re pele ga a swa, a fiwa tshiamelo e e molemolemo ya go bona Mesia yo o neng a sale a solofeditswe. (Luke 2:30, 31) Jaanong fa ke bodiwa gore ke rata puso ya mofuta ofe, ke bolela jaana: “Ga ke rate Bokomanisi le fa e le bokapitalisi. Gore a naga ke ya batho kgotsa ke ya Puso ga go botlhokwa. Dipuso di aga ditsela, di tlisa motlakase mo metseng e e kgakala gape di dira gore go se ka ga tlhakatlhakana. Lefa go ntse jalo, puso ya ga Jehofa, Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo, ke jone fela bo tla rarabololang mathata a Albania e nang nao le a lefatshe lotlhe.”

Se batlhanka ba Modimo ba se dirang lefatshe lotlhe ka go rera ka Bogosi jwa Modimo ga se tiro ya motho ope. Seno ke tiro ya Modimo. Re batlhanka ba gagwe. Lefa gone re nnile le mathata a mantsi kwa Albania gape re ne re ntse lebaka le le telele re sa kopanele le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang, ga a ise a ke a re latlhe le ka motlha ope. Moya wa gagwe o ne o le teng ka metlha. O ne a re kaela kgato nngwe le nngwe e re neng re e tsaya. Ke iponetse seno mo botshelong jwa me jotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela