Polelo ya Botshelo
Jehofa o re Neile “Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng”
JAAKA GO BOLETSE HELEN MARKS
E ne e le letsatsi le le mogote la selemo ka 1986. Ke ne ke eme ke le esi fa loobong lwa lekgetho la dithoto mo boemafofaneng bongwe jwa Yuropa jo bo didimetseng thata. E ne e le kwa Tiranë, motsemogolo wa Albania, e e neng e ipoletse e le “naga ya ntlha ya bolatolamodimo mo lefatsheng lotlhe.”
KE NE ka lebelela modiredi yo o neng a tlhometse a simolola go phuruphutsha dithoto tsa me ke sa tlhomamisege e bile ke na le poifo. Fa ke ne nka dira sengwe se se mmelaetsang, go ne go ka felela ka gore ke lelekwe mo nageng eo mme batho ba ba neng ba nkemetse kwa ntle ba ne ba tlile go isiwa kgolegelong kgotsa kwa kampeng ya magolegwa e go dirwang tiro e e bokete kwa go yone. Go a itumedisa gore ke ne ka kgona go dira gore modiredi yoo a nne botsalanonyana ka go mo naya tšhunkama le dibisikiti. Mme go tlile jang gore nna, ke le mosadi yo o mo magareng a dingwaga tsa bo60 ke bo ke le mo boemong joo? Ke ka ntlha yang fa ke ne nka tlogela botshelo jo bo iketlileng mme ka itsenya mo kotsing ka go leka go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi kwa go nngwe ya dinaga tse di sa ntseng di itsetsepetse mo tsamaisong ya bo-Marxist le bo-Lenin?
Mosetsana yo o Lwalang yo o Botsang Thata
Dingwaga di le pedi fa ke sena go tsholwa ka 1920 kwa Ierápetra, kwa Crete, rre o ne a tlhokafala a bolawa ke nyumonia. Mmè o ne a humanegile e bile a sa itse go bala le go kwala. Ke ne ke le ngwana wa bofelo mo baneng ba banè, mme ka gonne ke ne ke na le bolwetse jwa jaundice, ke ne ke setlhafetse e bile ke lwaletse ruri. Baagelani ba ne ba akantsha gore mmè a dirise madi a gagwe a mannye gore a tlhokomele bana ba bararo ba ba itekanetseng mme nna a ntlogele ke swe. Ke itumelela gore ga a ka a reetsa kgakololo eo.
Mmè o ne a etela kwa mabitleng thata gore a tlhomamise gore moya wa ga Rre o ne o ikhuditse kwa legodimong, mme gantsi o ne a kopa gore moruti wa Orthodox a mo tshwarele tirelo. Le fa go ntse jalo, ditirelo tsa mofuta oo di ne di tura. Ke sa ntse ke gakologelwa letsatsi lengwe le le tsididi thata ka Keresemose fa a ne a boela kwa gae a tswa kwa mabitleng ke tsamaya le ene ke goga maoto fa thoko ga gagwe. Re ne re sa tswa go naya moruti madi a rona a bofelo. Fa Mmè a sena go re apeela merogo rona bana, o ne a tsena mo kamoreng e nngwe a ya go ikhutsa, a tshwerwe ke tlala mme marama a gagwe a kgamathetswe ke dikeledi tsa boitlhobogo. Moragonyana, ke ne ka nna pelokgale mme ka ya kwa moruting ka botsa gore ke ka ntlha yang fa Rre a tlhokafetse le gore ke ka ntlha yang fa mmè yo o humanegileng a ne a tshwanetse go duela moruti. O ne a araba a swabile a seba: “Modimo o mo tsere. Go diragala jalo mo botshelong. Bohutsana jwa gago bo tla fela.”
Go ne go le thata gore ke nyalanye karabo ya gagwe le thapelo ya Morena e ke neng ke e ithutile kwa sekolong. Ke sa ntse ke gakologelwa mafoko a yone a pele a a monate le a a nang le bokao: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Fa Modimo a ne a ikaeletse gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng, ke ka ntlha yang fa re ne re sotlega go le kanakana?
Ke ne ka batla ke bona karabo ya potso eo fa ka 1929 Emmanuel Lionoudakis, moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, a ne a etela lelapa la rona.a Fa mmè a ne a mmotsa gore o batla eng, Emmanuel o ne a se ka a bua sepe mme a mo naya karata ya bosupi. Mmè o ne a nneela karata gore ke e bale. Ka gonne ke ne ke na le dingwaga di le robongwe fela, ke ne ke sa tlhaloganye go le kalo. E re ka mmè a ne a tsaya gore moreri yo o etileng yoo o semumu, o ne a re: “Ao batho! Ga o kgone go bua, mme nna ga ke kgone go bala.” Go tswa foo o ne a mmontsha ka bopelonomi gore a tswe a tsamaye.
Ke ne ka bona karabo dingwaga di sekae moragonyana. Nkgonne, Emmanuel Paterakis, o ne a amogela bukana e e reng Where Are the Dead?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa modireding ene yole wa nako e e tletseng.b Fa ke e bala ke ne ka wela pelo go utlwa gore rrè o ne a sa tsewa ke Modimo. Ke ne ka lemoga gore loso ke diphelelo tsa bosaitekanelang jwa batho le gore rrè o emetse go tsogela botshelong mo lefatsheng la paradaise.
“Buka Eno e lo Sentse!”
Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa re bula matlho. Re ne ra bona Baebele ya bogologolo e e neng e le ya ga Rre mme ra simolola go e ithuta, gantsi re dirisa kerese re kgobokane fa leisong. Ka gonne e ne e le nna fela kgarebe e e neng e kgatlhegela Baebele mo lefelong leo, ke ne ke sa tsenngwe mo ditirong tsa setlhopha se sebotlana sa Basupi sa mo lefelong leo. Go na le nako e ke neng ke dumela tota—le fa go ne go le phoso—gore bodumedi jono e ne e le jwa banna fela.
Matlhagatlhaga a ga nkgonne mo tirong ya go rera a ne a nkgothatsa. Go ise go ye kae mapodise a ne a simolola go baya lelapa la rona leitlho thata, a tla ka metlha ka nako nngwe le nngwe motshegare le bosigo a tla go batla Emmanuel le dibuka. Ke sa ntse ke gopola sentle fa moruti mongwe a ne a tlile go re tlhotlheletsa gore re boele kwa kerekeng. Fa Emmanuel a ne a mmontsha go tswa mo Baebeleng gore leina la Modimo ke Jehofa, moruti o ne a phamola Baebele, a e kgatikanya ka bogale fa pele ga sefatlhego sa ga nkgonne, mme a goela kwa godimo a re, “Buka eno e lo sentse!”
Ka 1940 fa Emmanuel a ne a gana go direla mo bosoleng, o ne a tshwarwa mme a isiwa kwa moleng wa tlhabano kwa Albania. Re ne ra se ka ra tlhola re mmona ra ba ra akanya gore o tlhokafetse. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse pedi moragonyana, re sa lebelela, re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa go ene le rometswe go tswa kwa kgolegelong. O ne a falotse mme a tsogile sentle! Fa e sa le ka nako eo, ga ke lebale nngwe ya ditemana tse a neng a di umakile mo lekwalong leo: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Re ne re tlhoka kgothatso eo tota!
Emmanuel o ne a kgona go kopa bakaulengwe bangwe gore ba nketele, a le kwa kgolegelong. Ka yone nako eo, go ne go rulaganyediwa gore dipokano tsa sephiri tsa Bokeresete di tshwarelwe kwa ntlong ya kwa polaseng nngwe e e kwa ntle ga toropo. Re ne re sa itse gore re ne re beilwe leitlho! Sontaga mongwe, re ne ra dikaganyediwa ke mapodise a a neng a tshotse dibetsa. Ba ne ba re pega mo loring e e bulegileng mme ba tsamaya ka rona go ralala toropo. Ke sa ntse ke gakologelwa modumo wa batho ba ba neng ba re sotla, mme Jehofa ka moya wa gagwe o ne a re ritibatsa maikutlo.
Re ne ra fudusediwa kwa toropong e nngwe kwa ba neng ba re latlhela mo teng ga disele tse di lefifi thata tse di leswe. Boithomelo jwa sele ya me e ne e le emere e e neng e sa tswalwe e e neng e tshololwa gangwe fela ka letsatsi. Ke ne ka atlholelwa dikgwedi di le robedi mo kgolegelong ka gonne ke ne ke tsewa ke le “morutisi” wa setlhopha seno. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yo o neng a le legolegwa koo o ne a rulaganya gore agente ya gagwe e re thuse mo kgetsing ya rona, mme e ne ya kgona go dira gore re gololwe.
Botshelo jo Bosha
Fa Emmanuel a ne a gololwa mo kgolegelong, o ne a simolola go etela diphuthego kwa Athens e le molebedi yo o etang. Ke ne ka fudugela teng ka 1947. Kgabagare ke ne ka kopana le setlhopha se segolo sa Basupi—e seng banna fela mme le basadi le bana. La bofelo, ka July 1947 ke ne ka kgona go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Ke ne ke na le go akanya gantsi ka go nna morongwa mme ke ne ka simolola go tsena sekolo sa bosigo gore ke ithute Seesemane. Ke ne ka nna mmulatsela ka 1950. Mmè o ne a tla go nna le nna, mme le ene o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele. O ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go fitlha a tlhokafala dingwaga di le 34 morago ga foo.
Mo ngwageng one oo, ke ne ka kopana le John Marks, (Markopoulos) monna yo o tlotlegang wa semoya, yo o neng a tswa kwa United States. John o ne a tsholetswe kwa borwa jwa Albania, mme fa a sena go fudugela kwa United States, o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1950 o ne a le kwa Greece a leka go batla lekwalo la mosepele la molao la go tsena kwa Albania—ka nako eo e ne e le lefatshe le le latetseng Bokomonisi thata le le sa amogeleng batswakwa. Le fa John a ne a ise a bone ba lelapa la gabone fa e sa le ka 1936, ga a ka a letlelelwa go tsena mo Albania. Ke ne ka amiwa maikutlo ke tsela e a neng a le matlhagatlhaga ka yone mo tirelong ya ga Jehofa le kafa a neng a rata bakaulengwe ka teng. Re ne ra nyalana ka April 3, 1953. Go tswa foo ke ne ka fudugela le ene kwa legaeng la rona le lesha kwa New Jersey, U.S.A.
Gore re tle re kgone go itlamela fa re ntse re rera ka nako e e tletseng, nna le John re ne re na le kgwebonyana kwa lotshitshing lwa New Jersey, re direla batshwari ba ditlhapi sefitlholo. Re ne re bereka fela ka dikgwedi tsa selemo, go simolola ka masa go fitlha ka 9:00 a.m. Ka go dira botshelo jwa rona bonolo mme re tlhomile mogopolo mo ditirong tsa semoya, re ne ra kgona go dirisa nako ya rona e ntsi mo tirong ya go rera. Fa dingwaga di ntse di feta, re ne ra kopiwa gore re fudugele kwa ditoropong tse di farologaneng tse di neng di na le tlhokego e kgolo ya bareri. Fa re le koo, ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra thusa batho ba ba kgatlhegang, ra tlhoma diphuthego, ra thusa go aga Diholo Tsa Bogosi.
Go Thusa Bakaulengwe ba Rona ba ba Tlhokang
Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, re ne ra leba pele go dira sengwe se se kgatlhang. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba batla gore re ikgolaganye le Bakeresete mmogo le rona kwa dinageng tsa Balkan kwa tiro ya rona e neng e thibetswe teng. Ka dingwaga tse dintsi, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tseo ba ne ba sa kopane ka gope le bakaulengwe ba ditšhabatšhaba, ba amogela dijo tsa semoya di le dinnye kgotsa ba sa di amogele gotlhelele, mme ba lebane le pogiso e e setlhogo. Ba bantsi ba bone ba ne ba nna ba beilwe leitlho, mme bontsi jwa bone ba ne ba le mo kgolegelong kgotsa kwa dikampeng tse go dirwang tiro e e bokete kwa go tsone. Ba ne ba tlhoka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, kaelo le kgothatso ka potlako. Ka sekai, molaetsa mongwe o o neng o kwadilwe ka ditlhaka tsa sephiri o re neng ra o amogela go tswa kwa Albania, o ne o balega jaana: “Lo re rapeleleng mo Moreneng. Ba tsaya dibuka ka ntlo le ntlo. Ga ba re letle go ithuta. Go tshwerwe batho ba le bararo.”
Ka jalo, ka November 1960 re ne ra simolola loeto lwa dikgwedi tse thataro go etela dingwe tsa dinaga tseo. Go ne go phepafetse gore re ne re tla tlhoka “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” bopelokgale jo re bo newang ke Modimo, sebete le botswerere jwa go fitlhelela thomo ya rona. (2 Bakorintha 4:7) Re ne ra simolola ka go ya kwa Albania. Re ne ra reka koloi kwa Paris mme ra tsena mo tseleng. Fa re sena go goroga kwa Roma, ke John fela a neng a kgona go bona tetla ya semolao ya gore a kgone go tsena kwa Albania. Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke fetele kwa Athens, kwa Greece mme ke mo emele teng.
John o ne a goroga kwa Albania kwa bofelong jwa February 1961 mme a nna teng go fitlha kwa bofelong jwa March. Kwa Tiranë o ne a kopana le bakaulengwe ba le 30. Ba ne ba itumetse tota go amogela dibuka le kgothatso tse ba neng ba di tlhoka thata! Ba ne ba ise nke ba etelwe ke motho a tswa kwa ntle ga naga eo ka dingwaga di le 24.
John o ne a amiwa maikutlo ke bothokgami le boitshoko jwa bakaulengwe bao. O ne a utlwa gore bontsi jwa bone ba ne ba latlhegetswe ke ditiro mme ba ne ba tshwerwe ka gonne ba ne ba sa tseye karolo mo ditirong tsa puso ya Bokomonisi. O ne a amega maikutlo le go feta fa bakaulengwe ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bo80 ba ne ba mo neela moneelo wa tiro ya go rera wa didolara di ka nna 100 (tsa United States). Ba ne ba bolokile madi ao ka dingwaga tse dintsi go tswa mo mading a bone a mannye a penshene e ba e newang ke puso.
Letsatsi la bofelo la loeto lwa ga John kwa Albania e ne e le ka March 30, 1961—letsatsi la Segopotso sa loso lwa ga Jesu. John o ne a beile puo ya Segopotso go na le bareetsi ba le 37. Kwa bokhutlong jwa puo, bakaulengwe ba ne ba tsaya John ka bonako ba mo ntsha ka kgoro e e kwa morago mme ba mo isa kwa boemakepeng jwa Durrës, kwa a neng a palama sekepe sa Turkey sa kgwebo se se neng se ya kwa Piraiévs (Piraeus), Greece.
Ke ne ke itumeletse go mmona a boa a babalesegile. Jaanong re ne re ka tswelela pele ka loeto lwa rona lo lo kotsi. Loeto lwa rona lo ne lwa re isa kwa dinageng tse dingwe tse tharo tsa Balkan tse di neng di thibetse tiro ya rona—e ne e le loeto lo lo kotsi, ka gonne re ne re tshotse dibuka tsa Baebele, metšhine ya go tlanya, le ditlamelo tse dingwe. Re ne re bulegetswe ke tshiamelo ya gore re kopane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang thata ba ba neng ba iketleeleditse go latlhegelwa ke ditiro tsa bone, kgololesego ya bone, le e leng matshelo a bone ka ntlha ya ga Jehofa. Matlhagatlhaga a bone le lorato lwa bone lwa mmatota lo ne lwa re kgothatsa. Gape re ne re itumeletse gore Jehofa o ne a re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”
Fa re sena go wetsa loeto lwa rona ka katlego re ne ra boela kwa United States. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, re ne ra tswelela re dirisa ditsela tse di farologaneng go leka go romela dibuka kwa Albania le go amogela dipego tsa tiro ya bakaulengwe ba rona.
Mo Maetong Gantsi, mo Dikotsing
Dingwaga di ne tsa feta mme loso lwa ga John ka 1981, a na le dingwaga di le 76 lo ne lwa ntlogela ke le nosi. Setlogolo sa me, Evangelia, le monna wa gagwe George Orphanides, ba ne ba nkamogela ka bopelontle gore ke nne le bone mme ba nnaya tshegetso e e botlhokwa thata ya maikutlo fa e sa le. Ba ne ba iponetse tshegetso ya ga Jehofa ka bobone fa ne ba direla kwa Sudan kafa tlase ga thibelo.c
La bofelo, go ne go tla dirwa maiteko a masha a go ikgolaganya le bakaulengwe ba rona kwa Albania. Ka gonne ba losika lwa monna wa me ba ne ba nna teng, ke ne ka bodiwa gore a ke ne nka rata go etela naga eo. Ee, ke ne nka rata!
Ka May 1986, morago ga dikgwedi tse dintsi go ntse go dirwa maiteko go sa kgaotswe, ke ne ka kgona go newa lekwalo la mosepele la molao kwa kemeding ya Albania kwa Athens. Maloko a bodipolomate a ne a ntlhagisa a tiisitse gore fa go ka nna le sengwe se se sa tsamayeng sentle, ke se ka ka lebelela gore dinaga tse dingwe di tla nthusa. Fa ke ne ke ya kwa moemeding wa tsa mesepele ke ya go reka dithekete tsa sefofane go ya kwa Albania, o ne a gamaregile. Ga ke a ka ka letla gore poifo e nkemise, mme go ise go ye kae ke ne ke palame sefofane se e leng sone fela sa beke le beke se se tswang kwa Athens se ya kwa Tiranë. Go ne go na le batho ba ba tsofetseng thata ba le bararo fela ba kwa Albania mo sefofaneng sone seo; ba ne ba ntse ba le kwa Greece ka ntlha ya mabaka a tsa kalafi.
Fela fa sefofane se sena go kotama, ke ne ka tsenngwa mo loobong lo lo neng lo se na sepe lo e neng e le ofisi ya lekgetho la dithoto. Monnawe monna wa me le kgaitsadie, le fa e se Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba ikemiseditse go nthusa go golagana le bakaulengwe ba mo lefelong leo. Kafa molaong, ba ne ba tshwanetse go itsise tlhogo ya setšhaba gore ke tlile. Ka ntlha ya seo, mapodise a ne a mpeile leitlho thata. Ka jalo, ba losika lwa me ba ne ba akantsha gore ke nne kwa legaeng la bone fa bone ba ne ba batla bakaulengwe ba babedi ba ba neng ba nna kwa Tiranë ba bo ba ba tlisa kwa go nna.
Ka nako eo, go ne go itsiwe go na le bakaulengwe ba le robongwe ba ba ineetseng mo Albania yotlhe. Dingwagangwaga tsa go thibelwa, go bogisiwa le go bewa leitlho thata di ne di ba dirile gore ba nne kelotlhoko thata. Difatlhego tsa bone di ne di swabile. Fa bakaulengwe ba babedi bano ba setse ba ntshepa, potso ya bone ya ntlha e ne e le: “Dimakasine tsa Tora ya Tebelo di kae?” Ba ne ba na le dingwaga tse dintsi ba na le dikhopi tse pedi fela tsa dibuka tsa bogologolo—ba se na le fa e le Baebele.
Ba ne ba bua ka lobaka lo loleele ka bosetlhogo jo puso e neng e ba tshwere ka jone. Ba ne ba umaka kgang ya mokaulengwe mongwe yo o rategang yo o neng a ikemiseditse go sa tseye karolo mo go tsa dipolotiki mo ditlhophong tse di neng di tla. E re ka Puso e ne e laola sengwe le sengwe, seno se ne se raya gore ba lelapa la gagwe ba ne ba se na go newa dikabelo dipe tsa dijo. Bana ba gagwe ba ba nyetseng le ba malapa a bone ba ne ba tla tsenngwa botlhe mo kgolegelong, le fa ba ne ba sa amane ka gope le se a se dumelang. Go ne ga begwa gore maloko a lelapa la mokaulengwe yoo, ka ntlha ya poifo, a ne a mmolaya bosigo jwa go tsoga go tlhophiwa, ba latlhela mmele wa gagwe mo teng ga sediba, mme morago ba bolela gore o ne a tshoga mme a ipolaya.
Lehuma la Bakeresete ka rona bao le ne le ama pelo. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke re ke naya mongwe le mongwe wa bone madi a pampiri a didolara tse 20, ba ne ba a gana ba re, “Re batla dijo tsa semoya fela.” Bakaulengwe bano ba ba rategang ba ne ba tshetse masomesome a dingwaga ba le kafa tlase ga puso ya bobusaesi e e neng e tsentse bontsi jwa batho ba yone mogopolo wa go nna balatolamodimo. Mme tumelo ya bone e ne e nonofile fela jaaka ya Basupi ba ba kwa dinageng di sele. Bokgoni jwa ga Jehofa jwa go re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” le e leng mo maemong a a thata le go feta, ruri bo ne bo gateletswe mo mogopolong wa me fa ke tswa kwa Albania morago ga dibeke tse pedi.
Ke ne ka nna le tshiamelo ya go etela kwa Albania gape ka 1989 le ka 1991. Fa kgololesego ya puo le ya bodumedi e ne e oketsega ka bonya ka bonya kwa nageng eo, palo ya baobamedi ba ga Jehofa e ne ya oketsega ka bonako. Bakeresete ba ba mmalwa ba ba ineetseng ba ba neng ba le teng koo ka 1986 jaanong ba oketsegile go nna baboledi ba ba matlhagatlhaga ba feta 2 200. Mo gare ga bone go ne go na le Melpo, kgaitsadia monna wa me. A go ka nna le pelaelo epe ya gore tshegofatso ya ga Jehofa e ne e le teng mo setlhopheng seo se se ikanyegang?
Botshelo jo bo Kgotsofatsang, ka Maatla a ga Jehofa
Fa ke leba kwa morago, ke tlhomamisegile gore tiro ya rona—ya me le John—e ne e se ya lefela. Re dirisitse maatla a rona a bosha ka tsela e e molemo thata. Botshelo jwa rona mo bodireding jwa nako e e tletseng bo nnile molemo go feta le fa e le bofe jo re neng re ka bo tshela. Ke itumelela batho ba bantsi ba ba rategang ba re ba thusitseng go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Jaanong e re ka ke godile ka dingwaga, nka kgothatsa basha ka pelo yotlhe gore ba ‘gakologelwe Mmopi wa bone yo Mogolo mo malatsing a bosha jwa bone.’—Moreri 12:1.
Le fa ke na le dingwaga tse 81, ke sa ntse ke kgona go direla jaaka mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo. Ke tsoga go sa le phakela mme ke naya bosupi mo bathong ba ba kwa maemelong a dibese, kwa go pakwang dikoloi teng, mo seterateng, mo mabenkeleng kgotsa mo diparakeng. Mathata a botsofe jaanong a dira gore botshelo bo nne thata, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya ba ba lorato—lelapa la me le legolo la semoya—mmogo le lelapa la setlogolo sa me, ba nkeme nokeng eleruri. Mo godimo ga tsotlhe, ke ithutile gore “maatla a a fetang a a tlwaelegileng [ke] a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.”—2 Bakorintha 4:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa o batla go bala polelo ya botshelo jwa ga Emmanuel Lionoudakis, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1999, ditsebe 25-9.
b Fa o batla go bala polelo ya botshelo jwa ga Emmanuel Paterakis, bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1996, ditsebe 22-7.
c Bona 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 91-2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa godimo: John (ka fa thoko mo molemeng), nna (fa gare), le kgaitsadiake Emmanuel kafa molemeng wa me le mmaarona kafa molemeng wa gagwe, re na le setlhopha sa maloko a Bethele, Athens, 1950
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Molemeng: Ke na le John kwa kgwebong ya rona kwa lotshitshing lwa New Jersey, 1956
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kopano ya kgaolo kwa Tiranë, Albania, 1995
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Dikago tsa Bethele, Tiranë, Albania. Di weditswe ka 1996
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le setlogolo sa me Evangelia Orphanides (kafa mojeng), le monna wa gagwe, George
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Fa godimo: setlhogo se se tswang mo “Tora ya Tebelo” ya 1940 e e neng ya ranolelwa ka sephiri mo puong ya Se-Albania