LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/15 ts. 2-4
  • A Dintwa Ga Di Kake tsa Tilwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dintwa Ga Di Kake tsa Tilwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Selo Se Se Tshwanetseng Gore Se Dirwe Ke Batho?
  • Dilo Tse Di Bakang Ntwa
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
  • Isagwe ya Ntwa ke Efe?
    Tsogang!—1999
  • Motho yo Tota a Bakileng Ntwa le Pogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/15 ts. 2-4

A Dintwa Ga Di Kake tsa Tilwa?

NTWA ke selo se se tshwenyang maikutlo thata se se begiwang mo dikgannyeng. Kwantle ga pelaelo dikgang tseo tsa bosetlhogo ga di go jese monate. Gongwe e bile di go dira gore o ipotse gore ke eng fa dikgotlhang tsotlhe di rarabololwa ka go dirisa dibetsa. A batho ga ba kitla ba ithuta go tshela ka kagiso?

Go bonala go fedisa ntwa go le thata go feta kafa go leng thata ka teng go alafa AIDS. Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, merafe e ne ya phuthelwa kwa ntweng, ga romelwa banna ba ba dimilione kwa ntweng, mme metsemegolo e mentsi e ne ya senngwa. Ga go bonale fa go ganyaolwa ga diketekete go tla tsamaya go fela. Kgwebo ya dibetsa e go dirwang madi a mantsi mo go yone e tlhomamisa gore masole a lefatshe—le dirukhutli—di tla nna di ntse di le maatla.

Jaaka fa dibetsa di ne di ntse di nna kotsi thata, palo ya batho ba ba bolawang e ne ya tlhatloga. Go feta bontlhanngwe jwa masole a le dimilione di le 65 mo go a a neng a lwa mo Ntweng ya Lefatshe I a ne a swa kana a gobala. Dingwaga tse di ka nnang 30 morago ga moo, dibomo tse pedi fela tsa atomo di ne tsa bolaya baagi ba ba fetang 150 000 ba Japane. Fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II, dintwa di nna teng fela mo lefelong le le lengwe. Lefa go ntse jalo, go swa thatathata mo batho ba lefelo leo, ba go gobalang kana go swang 80 lekgolong ya bone.

Se se gakgamatsang ke gore, go bolawa ga batho ba bantsi go diregile ka nako ya fa go ne go dirwa maiteko a a seng kana ka sepe go fedisa ntwa gore go rarabololwe mathata gare ga merafe. Bosheng jaana fa Ntwa ya Molomo e ne e fela, go ne go solofetswe gore go tla nna le tsamaiso e ntšha ya lefatshe ya kagiso. Lefa go ntse jalo, kagiso mo lefatsheng lotlhe e bonala e le toro go feta lefa e le leng pele. Ka ntlha yang?

A Ke Selo Se Se Tshwanetseng Gore Se Dirwe Ke Batho?

Borahisitori bangwe le baithutamotho ba bolela gore dintwa di ka se ka tsa tilwa—mme e bile di tshwanetse gore di nne teng—fela ka gore ba itlhageletse fela e bile ba kgaratlha ka bobone fela gore ba tshele. Motlhatlhobi mongwe wa tsa bosole Friedrich von Bernhardi o ne a bolela ka 1914 gore ntwa e lowa “gore dilo tsa batho, maemo a botshelo, le boitsholo jwa bone di tokafadiwe.” Go ne go dumelwa gore ntwa ke tsela ya go fedisa batho kana merafe e e bokoa, mme go tlogelwa ba ba nonofileng.

Lebaka leo le ka se ka le ka motlha la gomotsa dimilione tsa batho ba ba neng ba nna batlholagadi le masiela ka ntlha ya ntwa. Kwantle ga gore go akanya ka tsela e e ntseng jalo ke go tlhoka botho, mo godimo ga moo ke go itlhokomolosa dilo tse di utlwisang botlhoko tse di bakiwang ke ntwa gompieno. Sethunya sa motšhine ga se rekegele motho yo o nonofileng, mme bomo le yone e bolaya ba ba nonofileng mmogo le ba ba bokoa.

Adolf Hitler o ne a itlhokomolosa dilo tse di diragetseng ka ntwa ya ntlha ya lefatshe mme a batla go bopa morafe o mogolo ka go fenya e mengwe mo ntweng. Mo bukeng ya gagwe ya Mein Kampf, o ne a kwala jaana: “Batho ba nonofile ka ntlha ya go tswelela pele ba kgaratlha, mme ba nyelela fela fa go nna le kagiso ya bosakhutleng. . . . Ba ba nonofileng ba tshwanetse go laola ba ba bokoa e seng go ikopakopanya le bone.” Lefa go ntse jalo, go na le gore Hitler a nonotshe batho, o ne a dira gore batho ba ba dimilione ba bolawe mme a senya kontinente yotlhe.

Mme gone, fa e le gore ntwa ga se selo se se tshwanetseng gore se nne teng, ke eng se se tlhotlheletsang batho go bolaana? Ke maatla afe a a gatelelang merafe go “dira tiro eno ya boeleele”?a Go latela lenaane la mabaka mangwe a a dirang gore maiteko otlhe a batho ba ba batlang go lere kagiso a se ka a atlega.

Dilo Tse Di Bakang Ntwa

Bomorafe. Bomorafe jo gantsi bo tlhotlhelediwang ke boradipolotiki le balaodi ba ntwa, ke nngwe ya dilo tse di maatla thata tse di dirang gore go nne le ntwa. Go ile ga bolodiwa dintwa tse dintsi go twe go sirelediwa “dilo tsa morafe” kana go femela “boitlotlo jwa morafe.” Fa batho ba na le kgopolo ya gore ba tla emela naga ya bone lefa go ka nna jang, lefa ba ka tlhasela ba bangwe go sa twe sepe ba ntsha seipato sa gore ba itshireletsa mo babeng.

Letlhoo gare ga merafe. Dintwa tse di nnang teng mo dikgaolong dingwe di simololwa mme di bo di rotloediwa ke letlhoo le le sa bolong go nna teng gare ga ditšhaba, merafe, le ditso ka nako e telele. Dintwa tsa selegae tse di tlhomolang pelo tse di ileng tsa lowa bosheng jaana kwa lefelong le pele le neng le bidiwa Yugoslavia, kwa Liberia, le kwa Somalia ke dikai tsa seno.

Dikgotlhang tsa ikonomi le tsa bosole. Pele ga Ntwa ya Lefatshe I ka nako ya fa go ne go lebega e kete go na le kagiso, mebuso ya kwa Yuropa e ne e ntse e bopa mephato e megolo ya masole. Jeremane le Great Britain di ne di gaisana ka go dira dikepe tsa ntwa. E re ka morafe mongwe le mongwe o o neng o nna le seabe mo polaong o ne o dumela gore ntwa e tla oketsa maatla a one mme e dire gore o atlege ka bonako mo go tsa ikonomi, ntwa e ne e ka nna ya tsoga nako nngwe le nngwe.

Dikgotlhang tsa bodumedi. Dikgotlhang tsa bodumedi di ka nna maswe thata segolobogolo fa e le gore di bakiwa ke dikgogakgogano tsa merafe. Dikgotlhang tse di nnileng teng kwa Lebanona le kwa Northern Ireland, mmogo le dintwa tse di lolweng ke India le Pakistan, di simolotswe ke letlhoo la bodumedi.

Motlhotlheletsi wa ntwa yo o sa bonaleng. Bibela e bontsha gore “modimo oa lehatshe yeno,” e leng Satane Diabolo, jaanong o dira ka natla go feta pele. (2 Bakorintha 4:4) E re ka a tletse bogale thata e bile a saletswe ke ‘lobaka lo lokhutshwane,’ o ntse a kgobera maemo a a leng teng, go akaretsa le dintwa tseo di dirang gore seemo sa lefatshe se se tlhomolang pelo se nne maswe le go feta.—Tshenolō 12:12.

Mabaka ano a a dirang gore go nne le ntwa ga a kake a fedisiwa motlhofo fela. Dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, Plato o ne a bolela gore “ke baswi fela ba ba sa tlholeng ba bona dintwa.” A re tshwanetse go dumela gore tsela eno e ene a lebang dilo ka yone e boammaaruri? Kana a re na le lebaka la go dumela gore ka letsatsi lengwe go tla bo go sa tlhole go na le ntwa mo lefatsheng?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Napoléon ke ene yo a neng a tlhalosa ntwa jaaka “tiro ya dieleele.” E re ka a nnile mo bosoleng mo e ka nnang botshelo jwa gagwe jotlhe mme a nnile molaodi yo mogolo wa ntwa ka dingwaga di ka nna 20, o itse boeleele jwa ntwa sentle.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover: John Singer Sargent’s Painting Gassed (detail), Imperial War Museum, London

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Instituto Municipal de Historia, Barcelona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela