Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
E re ka Bibela gantsi e bua ka “lesièla [mosimane yo o senang rre, NW]” a seno se raya gore bana ba basetsana ga ba kgathalelwe go le kalo?
Nnyaa le e seng.
New World Translation of the Holy Scriptures e dirisa polelwana “mosimane yo o senang rre” mo ditemaneng tse dintsi tse di bontshang gore Modimo o amega ka bana ba ba senang motsadi. Modimo o ne wa supa ka phepafalo gore o amega ka bone mo molaong o a neng a o fa Baiseraele.
Ka sekai, Modimo o ne wa bolela jaana: “Lo se ka loa patika mosadi eo o motlhōlagadi, leha e le [mosimane yo o senang rre, NW]. E tla re ha u ba patika ka goñwe, me ba nkgoa ka goñwe, rure ke tla utlwa selelō sa bōnè; Me bogale yoa me yo bogolo bo tla tuka, me ke tla lo bolaea ka chaka; me basadi ba lona ba tla nna batlhōlagadi hèla, le bana ba lona e tla nna [basimane ba ba senang borraabo].” (Ekesodo 22:22-24) “Yehofa Modimo oa lona, ko ōna Modimo wa medimo, le Morèna oa barèna, Modimo o mogolo, o o nonohileñ, o o boitshègañ, o o sa tlhokomeleñ bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla tuèlō. O dihisetsa [basimane ba ba senang borraabo, NW] le mosadi wa motlholagadi katlholō.”—Duteronome 10:17, 18; 14:29; 24:17; 27:19.
Dithanolo tse dintsi tsa Bibela di balega ka gore “ngwana yo o senang rre” kana “lesiela” mo ditemaneng tseno mme ka go dira jalo di akaretsa basimane le basetsana. Lefa go ntse jalo, dithanolo tse di ntseng jalo di itlhokomolosa se tota lefoko la Sehebera (ya·thohmʹ), leo e leng la bontona le se kayang. Mo boemong jwa seo, New World Translation of the Holy Scriptures e ranola seno ka tsela e e tlhomameng e e reng “basimane ba ba senang borraabo,” jaaka mo go Pesalema 68:5, e e balegang jaana: “Rraagwe bana ba basimane ba ba senang borraabo le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi mo boagong jwa gagwe jo bo boitshepo.” (NW) Fa go latelwa one mokgwa oo wa Sehebera, bontshadi jwa lediri le le dirisitsweng bo dira gore Pesalema 68:11 e balege jaana: “Basadi ba ba itsiseñ mahoko ba nne bontsi yo bogolo.”a
Le mororo “mosimane yo o senang rre” e le tsela ya motheo ya go ranola ya·thohmʹ, seno ga se a tshwanela go tlhaloganngwa jaaka selo se se akantshang gore bana ba basetsana ba ba senang motsadi ga ba tshwanela go tlhokomelwa. Ditemana tse di nopotsweng fano le tse dingwe di bontsha gore batho ba Modimo ba ne ba kgothalediwa gore ba tlhokomele batho ba sesadi, basadi ba batlholagadi. (Pesalema 146:9; Isaia 1:17; Yeremia 22:3; Sakaria 7:9, 10; Malaki 3:5) Modimo o ne wa akaretsa mo Molaong pego e e neng e bontsha gore tshwetso ya baatlhodi e tshwanetse go nna e e neng e tla dira gore bomorwadia Selofehade ba e neng e le masiela ba bone boswa. Taolo eo e ne ya nna molao o o neng wa tshwanela gore o dirisiwe fa go na le maemo a a tshwanang le ao, mme seno se ne se babalela basetsana ba masiela gore ba newe se se ba tshwanetseng.—Dipalō 27:1-8.
Jesu ga a ka a tlhaola bana ka bong jwa bone fa a ne a ba bontsha bopelonomi. Go na le moo, re bala jaana: “Me ba lere banyana kwa go èna, gore a ba amè: me barutwa ba ba kgalemèla. Me ea re Yesu a go bōna, a gakatsèga thata, a ba raya a re, Lesañ banyana ba tlè kwa go nna: lo se ka loa ba itsa: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa ba ba nntseñ yalo. Amarure kea lo raea, Leha e le mañ eo o se ketlañ a chola bogosi yoa Modimo yaka ñwanyana, ga a ketla a tsèna mo go yōna gopè. Me a ba tsaea mo mabogoñ a gagwè, a ba segōhatsa.”—Mareko 10:13-16.
Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “banyana” ga le na bong. Bukantswe nngwe ya Segerika e e itsegeng thata e bolela gore lefoko leno le “dirisediwa basimane le basetsana.” Jesu o ne a supa kgatlhego e Jehofa a neng a na le yone mo baneng botlhe, basimane mmogo le basetsana. (Bahebera 1:3; bapisa Duteronome 16:14; Mareko 5:35, 38-42.) Ka jalo re tshwanetse go tlhokomela gore kgakololo e e mo Dikwalong tsa Sehebera e e buang ka go tlhokomela “basimane ba ba senang borraabo” e re gakolola kafa re tshwanetseng go amega ka teng ka bana botlhe ba ba senang motsadi kana batsadi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tanakh ya Sejuda e balega jaana: “MORENA o ntsha taolo; basadi ba ba lereng mafoko a a molemo ke boidiidi jo bogolo.”