Bontsha go Kgatlhegela “Basimane Ba ba Se Nang Rre” ka Lorato
1 Jehofa ke “rraagwe basimane ba ba se nang rre.” (Pes. 68:5) Re kgona go bona tsela e a amegang ka bone ka yone mo taelong eno e a neng a e neela setšhaba sa bogologolo sa Iseraele: “Lo se ka lwa bogisa motlholagadi ope kgotsa mosimane yo o se nang rre. Ruri fa lo ka mmogisa, e tla re fa a lelela kwa go nna, ruri ke tla utlwa selelo sa gagwe.” (Ekes. 22:22, 23) Molao wa Modimo o ne o akaretsa le thulaganyo ya go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama. (Dute. 24:19-21) Mo thulaganyong ya Bokeresete, baobamedi ba boammaaruri ba laelwa “go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” (Jak. 1:27) Re ka etsa Jehofa jang ka go kgatlhegela ka lorato bana ba ba golelang mo malapeng a motsadi yo o nosi kana a a kgaoganeng ka bodumedi?
2 Thapiso ya Semoya: Fa e le gore o motsadi yo o nosi kana o na le molekane yo o sa dumeleng, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tshwara thuto ya ka metlha ya legae ya Baebele le bana ba gago. Mme gone thuto ya ka metlha le e e molemo ya Baebele e botlhokwa gore bana ba gole go nna bagolo ba ba nonofileng sentle le ba ba tekatekano. (Dia. 22:6) Go tlotla le bone ka dilo tsa semoya letsatsi le letsatsi le gone go botlhokwa. (Dute. 6:6-9) Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa o kgobegile marapo, mme gone o se ka wa ineela. Kopa maatla le kaelo ya ga Jehofa fa o ntse o ‘tswelela o godisetsa [bana ba gago] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baef. 6:4.
3 Fa e le gore o tlhoka thuso mo go direng maikarabelo a gago a Dikwalo, bolelela bagolwane ka seno. Ba ka nna ba go thusa ka dikakantsho tse di molemo kana ba go thusa go direla lelapa la gago thulaganyo e e molemo ya semoya.
4 Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng: Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Timotheo o ne a nna motlhanka yo o tlhagafetseng wa ga Jehofa le fa gone a ne a goletse mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. Ga go pelaelo gore maiteko a ga mmaagwe le nkokoagwe a go mo ruta mekwalo e e boitshepo ka tlhoafalo go tloga bosheng ke one a ileng a mo thusa thata. (Dit. 16:1, 2; 2 Tim. 1:5; 3:15) Le fa go ntse jalo, gape o ne a solegelwa molemo ke go kopana le Bakeresete ba bangwe, ba ba jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a tsaya Timotheo e le ‘ngwana wa gagwe yo o rategang le yo o ikanyegang mo Moreneng.’—1 Bakor. 4:17.
5 Le gompieno basimane le basetsana ba ba se nang borre mo phuthegong ba solegelwa molemo tota fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nonofileng semoyeng ba bontsha go ba kgatlhegela ka lorato! A o itse mongwe le mongwe wa bone ka leina? A o bua le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete le ka dinako tse dingwe? Ba laletse go dira le wena mo bodireding jwa tshimo. Gongwe ka dinako dingwe o ka laletsa bone le motsadi wa bone yo o nosi kana yo o dumelang gore ba nne gone mo thutong ya lona ya lelapa kana ka nako ya lona ya boitlosobodutu. Fa basha bano ba go tsaya o le tsala ya bone, go ka direga gore ba etse sekao sa gago le go amogela kgothatso ya gago.—Bafil. 2:4.
6 Jehofa o kgatlhegela basimane le basetsana ba ba se nang borre thata, mme o segofatsa maiteko a rona a lorato a go ba thusa go tshela go ya ka boammaaruri. Batho ba le bantsi ba ba goletseng mo malapeng a motsadi yo o nosi kana a a kgaoganeng ka bodumedi ba ile ba amogela kgothatso e e ntseng jalo mme jaanong ba dira ka boikanyegi e le babulatsela, batlhanka ba bodiredi, bagolwane, balebedi ba potologo, barongwa kana maloko a lelapa la Bethele. A rotlhe re batleng ditsela tsa go ‘pitlologa’ mo kamanong ya rona le ba ba se nang borre, ka go dira jalo re etsa Rraarona yo o kwa legodimong.—2 Bakor. 6:11-13.