LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 2/1 ts. 20-25
  • Re Ile Ra Batla Bogosi Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ile Ra Batla Bogosi Pele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anaanela Boammaaruri jwa Bibela
  • Go Tsenela Tirelo ya Bobulatsela
  • Bodihedi jwa Rona ka Dingwaga tsa Ntwa
  • Tiro ya Morago ga Ntwa—Mme Morago, Gileade
  • Bodihedi jwa Rona kwa Brazil
  • Botshelo jo bo Humileng, jo bo Duelang
  • A Madi a Lere Boitumelo Jwa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng
    Tsogang!—2007
  • Jehofa O a Re Dibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa O ne A Segofatsa Thata Keletso Ya me Ya go Nna Morongwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 2/1 ts. 20-25

Re Ile Ra Batla Bogosi Pele

JAAKA GO BOLETSE OLIVE SPRINGATE

Mmè o ne a sa tswa go tima kerese e bile a dule mo kamoreng morago ga go re reetsa fa re ne re rapela. Ka bonako morwarre yo mmotlana o ne a mpotsa jaana: “Olive, go ka kgonega jang gore Modimo a re bone le go re utlwa re le mo gare ga mabota a ditena?”

“MMÈ a re o kgona go bona mo gare ga sengwe le sengwe,” ke ne ka araba jalo, “le e leng kwa tengteng ga dipelo tsa rona.” Mmè e ne e le mosadi yo o boifang Modimo e bile e le motho yo o tlhoafaletseng go bala Bibela thata, mme rona jaaka bana o ne a re dira gore re tlotle Modimo thata le melaometheo ya Bibela.

Batsadi ba rona e ne e le maloko a Kereke ya Anglican mo toropong e nnye ya Chatham, mo Kent County, mo Engelane. Lefa gone Mmè e ne e le motho yo o tsamayang kereke ka metlha, o ne a dumela gore go nna Mokeresete go ne go tlhoka se se fetang go ya fela kerekeng gangwe mo bekeng o fitlha o reetsa thero fela. Gape o ne a itse sentle gore Modimo o tshwanetse a be a na le kereke e le nngwe fela ya boammaaruri.

Go Anaanela Boammaaruri jwa Bibela

Ka 1918, fa ke ne ke le dingwaga di ka nna tlhano, Mmè o ne a nna le dibolumu tse di neng di na le setlhogo se se reng Studies in the Scriptures, tse di neng di kwadilwe ke Charles T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society. Dingwaga di sekae morago ga moo, ka nako ya fa re ne re nna kwa lefelong le lennye le le neng le bidiwa Wigmore, mongwe wa Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege jalo ka nako eo, o ne a etela Mmè. O ne a amogela thuso ya go ithuta Bibela ya The Harp of God, mme mo go yone o ne a simolola go bona dikarabo tsa dipotso tsa gagwe tse dintsi tsa Bibela. Beke nngwe le nngwe o ne a romelelwa karata nngwe e pinki e kwadilwe dipotso mo kgaolong nngwe le nngwe ka poso. Gape karata e ne e bontsha gore dikarabo di ka bonwa fa kae mo bukeng.

Ka 1926 nna, batsadi ba me le morwadiarre yo mmotlana Beryl, re ne ra tlogela Kereke ya Engelane ka gonne re ne re tennwe ke go tsenelela ga kereke mo dipolotiking, mmogo le dithuto tsa yone tse dintsi tse di sa utlwaleng. Thuto e e neng e gatelelwa thata e ne e le ya gore Modimo o tla tlhokofatsa batho ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo. Mmè, yo ruri o neng a batla boammaaruri jwa Bibela, o ne a tlhatswegile pelo gore Kereke ya Engelane e ne e se ya boammaaruri.

Mo lobakeng lo lokhutshwane fela morago ga moo, dithapelo tse Mmè a neng a di rapela ka tlhoafalo di ne tsa arabiwa fa Mohumagadi Jackson, yo e neng e le Moithuti wa Bibela, a ne a re etela. Mo e ka nnang sebaka sa diura di le pedi, o ne a bua le nna le Mmè, a araba dipotso tsa rona go tswa mo Bibeleng. Gareng ga dilo tse dingwe, re ne ra itumelela go ithuta gore dithapelo tsa rona di tshwanetse go lebisiwa kwa go Jehofa Modimo, Rraagwe Jesu Keresete, mme e seng kwa Tharonngwe ya masaitseweng. (Pesalema 83:18; Yohane 20:17) Mme lefa go ntse jalo, mo go nna potso e e sa lebalesegeng go feta tsotlhe e Mmè a neng a e botsa e ne e le eno: “Go batla pele Bogosi go kayang?”—Mathaio 6:33.

Dikarabo tse di neng di thailwe mo Bibeleng di ne tsa ama matshelo a rona thata. Go simologa mo go yone beke eo, re ne ra simolola go ya kwa dipokanong tsa Baithuti ba Bibela le go tlotlela batho ba bangwe dilo tse re neng re di ithutile. Re ne re tlhatswegile pelo gore re bone boammaaruri. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ka 1927, Mmè o ne a kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe go direla Jehofa, mme ka 1930, le nna ke ne ka kolobediwa.

Go Tsenela Tirelo ya Bobulatsela

Lelapa la rona le ne le kopanela le Phuthego ya Gillingham e e neng e na le batho ba le 25. Ba le mmalwa ba bone e ne e le badihedi ba nako e e tletseng, ba ba bidiwang babulatsela, mme botlhe ba ne ba na le tsholofelo ya selegodimo. (Bafilipi 3:14, 20) Matlhagatlhaga a bone a Bokeresete a ne a tshwaetsa. Fa ke ne ke santse ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka bula tsela ka nakwana kwa Belgium kwa bofelong jwa bo1930. Seno se ne sa godisa keletso ya me ya go tsweledisa tirelo ya Bogosi pele. Ka nako eo re ne ra nna le seabe mo go abeleng moruti mongwe le mongwe kopi ya gagwe ya The Kingdom, the Hope of the World.

Fa nako e ntse e tsamaya rre o ne a nna kgatlhanong thata le tiro ya rona ya Bokeresete, mme ke sengwe sa dilo tse di ileng tsa dira gore ke fudugele kwa London ka 1932 go ya kholetšheng teng. Moragonyana ke ne ka nna morutabana sebaka sa dingwaga di le nne mme ka nako eo ke ne ke kopanela le Phuthego ya Blackheath, nngwe ya tse nne fela tse di neng di le gone kwa London ka nako eo. Ke ka nako eo re neng ra simolola go utlwa dipego ka ga go tshwarwa le go bogisiwa ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete kwa Jeremane ya ga Hitler ka ntlha ya gore ba ne ba gana go tshegetsa Hitler mo maitekong a gagwe a ntwa.

Ka 1938, ke ne ka tlogela tiro ka yone kgwedi e ke neng ka fetsa go duela molato wa dibuka tse ke neng ke di tshotse gore ke tle ke diragatse keletso ya me ya go nna mmulatsela. Ka nako e e tshwanang morwadiarre Beryl, o ne a simolola go bula tsela kwa London, mme legale o ne a nna kwa legaeng le sele la babulatsela. Motho wa ntlha yo ke neng ke bula tsela le ene e ne e le Mildred Willett, yo moragonyana a neng a nyalwa ke John Barr, yo gone jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Re ne re a tle re ye tshimong le bangwe mo setlhopheng sa rona ka dibaesekele mme re tlhole teng letsatsi lotlhe, gantsi re dira jalo pula e ntse e na.

Ntwa e ne e setse e anamela kwa Yuropa. Baagi ba ne ba katisiwa go dirisa dilo tse di sireletsang kgatlhanong le digase tse di botlhole, mme go ne go setse go simolotswe go dira dipaakanyo tsa go tshabisetsa bana kwa metsemagaeng ya Maesemane kana kwa ditoropong tse dinnye ka nako ya ntwa. Ke ne ke na le madi fela a a lekaneng go reka para ya ditlhako, mme go ne go sena ka tsela e batsadi ba me ba neng ba ka nthusa ka tsa madi ka gone. Mme lefa go ntse jalo, a Jesu o ne a seka a re, ‘Dilo tse dingwe tseno lo tla di okelediwa fa lo batla pele bogosi’? (Mathaio 6:33) Ke ne ke na le tumelo e e feletseng ya gore Jehofa o tla ntshegetsa ka dilo tsotlhe tse ke di tlhokang, mme o ile a ntshegetsa jalo ka dilo di le dintsi mo dingwageng tseno tsotlhe. Ka nako ya ntwa ka dinako dingwe ke ne ke oketsa dijonyana tsa me ka go itshelela merogo e e neng e wa mo diloring. Mme gantsi ke ne ke bona dijo ka go ananya dibuka tsa Bibela ka maungo le merogo.

Morwadiarre yo mmotlana, Sonia, o ne a tsholwa ka 1928. O ne a le dingwaga di le supa fela fa a ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa. Sonia o bolela gore lefa gone a ne a santse a le mmotlana jalo, bobulatsela e ne e le mokgele wa gagwe. Ka 1941 ka bonako fela morago ga a sena go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe ka kolobetso ya metsi, o ne a fitlhelela mokgele oo fa ene le Mmè ba ne ba abelwa go ya go bula tsela kwa Caerphilly, South Wales.

Bodihedi jwa Rona ka Dingwaga tsa Ntwa

Ka September 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba kwa Borithane ba ne ba tshwarelwa lone lebaka leo badumedi ka bone kwa Jeremane wa Bonasi ba neng ba le tshwarelwa—go gana go nna le seabe mo ntweng. Go latlhelwa ga dibomo kwa Engelane go ne ga simolola mo bogareng jwa 1940. Bosigo bongwe le bongwe, medumo ya dibomo e ne e phatlola ditsebe, me lefa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa re ne re kgona go bona boroko mme re tsoge mo mosong re lapologetswe go tswelela ka tiro ya go rera.

Ka dinako dingwe re ne re tswa re ya kwa tshimong ya rona mme re fitlhele matlo a le mantsi a ripitlilwe. Ka November go ne ga latlhelwa bomo dimitara di sekae fela go tswa mo legaeng le bontsi jwa rona re neng re nna mo go lone, ya phatlakanya difensetere tsa sala e le diphatsanyana tse dintsintsi. Mojako wa kwa pele o o neng o le bokete o ne wa ruthagana fa fatshe, tšhimini e ne ya sitlhama. Morago ga go nna bosigo jotlhe mo teng ga mogogoro, re ne ra kgaogana mme ra ya go nna kwa magaeng a a farologaneng a Basupi.

Ka bonakonyana fela morago ga moo ke ne ka amogela kabelo ya go ya kwa Croydon, kwa Greater London. Ke ne ke bula tsela le Ann Parkin, yo moragonyana morwarraagwe ebong Ron Parkin a neng a nna mookamedi wa Komiti ya Lekala kwa Puerto Rico. Morago ga moo ke ne ka fudugela kwa Bridgend, South Wales, koo ke neng ka tswelela ke bula tsela, ke nna mo koloing e e neng e gogwa ke dipitse dikgwedi di le thataro. Re ne re a tle re tloge teng ka dibaesekele re tsamaya sekgala sa dikilometara di le thataro go ya kwa phuthegong e kgolo e e neng e le gaufi, kwa Port Talbot.

Ka nako eo batho ka bontsi ba ne ba le kgatlhanong le rona, ba re bitsa conchies (ba ba ganang ka ntlha ya digakolodi). Seno se ne sa dira gore go nne bokete go bona marobalo, mme lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a re tlhokomela jaaka a solofeditse.

Moragonyana, borobedi jwa rona re ne ra abelwa go ya go direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng kwa Swansea, kwa toropong ya boemakepe ya South Wales. E ne ya re fa ntwa e ntse e ya magoletsa, go gatelelwa le gone go ne ga gola. Go ne ga kwalwa mafoko “magotlo” (batho ba ba bifelesegang) le “magatlapa” mo maboteng a ntlo ya rona ya babulatsela. Go tlhoiwa jalo go ne go tlhotlhelediwa thatathata ke dipego tsa makwalodikgang tse di neng di re kgala ka ntlha ya boitlhaodi jwa rona. Kgabagare, ka bosupa jwa rona, re ne ra latlhelwa ka bongwe ka bongwe mo kgolegelong. Ke ne ka fetsa kgwedi kwa kgolegelong kwa Cardiff ka 1942, mme kwa morago morwadiarre Beryl le ene o ne a nna sebakanyana koo. Lefa gone re ne re sena dilo di le dintsi tse di bonalang e bile re sotlwa le go kgobiwa, re ne re humile semoyeng.

Ka yone nako eo, Mmè le Sonia ba ne ba bula tsela kwa Caerphilly mme le bone ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di tshwanang. Motho wa ntlha yo Sonia a neng a mo tshwarela thuto ya Bibela e ne e le mosadi mongwe yo o neng a rulagantse go mo etela ka Labotlhano maitseboa. Sonia o ne a sena pelaelo ya gore Mmè o ne a tla mo pata, mme lefa go ntse jalo, Mmè o ne a mo tlhalosetsa jaana: “Go na le ko ke yang teng. O dirile thulaganyo eo, mme o tla tshwanela fela ke gore o ye o le nosi.” Lefa gone Sonia a ne a na le dingwaga di le 13 fela, o ne a ya a le nosi, mme mosadi yoo o ne a gatela pele sentle mo semoyeng mme kwa morago a nna Mosupi yo o ineetseng.

Tiro ya Morago ga Ntwa—Mme Morago, Gileade

Fa Ntwa ya Lefatshe II e fela ka 1945, ke ne ke dira tshimo e e kwa thoko kwa Whaley Bridge, Derbyshire. Mo mosong o go neng ga itsisiwe ka peomarumofatshe, re ne ra ya go etela le go gomotsa batho bao ka nako eo ba neng ba setse ba lapisitswe ke ntwa—e tlogetse bangwe e le dikhutsana, batlholagadi, le direpa tsa batho.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Mokgatlho o ne wa kopa batho ba ba tla ithaopelang go ya go rera kwa Ireland, Setlhaketlhake sa Emerald. Ka nako eo go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 140 fela mo setlhaketlhakeng seo, ka jalo, se ne se tsewa jaaka tshimo ya barongwa. Mo dikgweding di le mmalwa fela, babulatsela ba ba kgethegileng ba le 40 ba ne ba abelwa go ya go direla koo, mme ke ne ke le mongwe wa bone.

Morago ga go dira lobakanyana kwa Coleraine le Cookstown kwa bokone, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Drogheda kwa lobopong lo lo kwa botlhaba le batho bangwe ba bararo. Lefa gone Ba-Irish ka tlholego fela e le batho ba ba lorato e bile ba amogela baeng, ba ne ba rata thata go tlhaola batho ka ntlha ya bodumedi. Ka gone, mo ngwageng otlhe re ne re kgona go tlogelela batho dithuso di le mmalwa fela tsa go ithuta Bibela (tota e ne e le buka e le nngwe fela le dibukana di le mmalwa).

Fa re ntse re nna kwa Drogheda, ke ne ke tsamaya ka baesekele go tswa mo polaseng e nngwe go ya kwa go e nngwe fa ka tshoganetso modiri mongwe yo mmotlana wa mo polaseng a ne a runya mo gare ga ditlhatshana a tla mo tseleng. O ne a gadima kwa le kwa mo tseleng, mme morago ga moo a mpotsa ka lentswe le le kwa tlase a re: “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Fa ke araba ka gore ke ene, o ne a tswelela ka go re: “Bosigo jo bo fetileng re ne ra ngangisana botlhoko le kgarebe ya me ka ntlha ya lona basetsana, mme re ne ra kgaogana. O ne a gatelela gore lo Makomonisi, jaaka baruti ba Katoliki le makwalodikgang a bolela, mme ke ne ka ganetsa gore go ka seka ga bo go le jalo, e re ka lo tsamaya ntlo le ntlo lo sa iphitlhe.”

Ke ne ka mo naya bukana gore a e bale, e a neng a e fitlha mo kgetsaneng ya gagwe, mme re ne ra rulaganya go kopana gape le go bua go le gontsi morago ga fa go sena go fifala, ka gonne o ne a re: “Fa nka bonwa ke bua le lona, ke tla lelekwa mo tirong.” Bosigo joo re ne re le babedi fa re ne re mo etela mme ra araba dipotso tsa gagwe di le dintsi. Go ne go bonala a tlhatswegile pelo gore seno e ne e le boammaaruri, mme a solofetsa go tla kwa ntlong ya rona bosigo bongwe gore a ithute go le gontsi. Ga a ise a ko a tlhole a tla, ka jalo re ne ra akanya gore o tshwanetse a bo a lemogilwe ke batho bangwe ba ba neng ba feta ka dibaesekele mo bosigong jwa ntlha mme ka gongwe o ne a lelekwa mo tirong. Gantsi re a tle re ipotse gore a o ile a nna Mosupi.

Morago ga go ya kopanong ya kgaolo kwa Brighton kwa lobopong lo lo kwa borwa la Engelane ka 1949, ba le mmalwa ba rona ba ne ba amogela ditaletso tsa go ya Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade kwa New York State. Batho ba ba ka nnang 26 go tswa kwa Borithane ba ne ba tsenela tlelase ya bo15, e e neng ya aloga ka July 30, 1950, ka nako ya kopano ya meraferafe kwa Yankee Stadium.

Bodihedi jwa Rona kwa Brazil

Ngwaga o o neng wa latela ke ne ka romelwa kwa São Paulo, Brazil, nngwe ya metsesetoropo e e golang ka bofefo mo lefatsheng. Ka nako eo e ne e na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di le tlhano fela, mme gone jaanong go na le tse di ka nnang 600! A bo go ne go farologana jang ne le fa ke ne ke dira kwa Ireland! Bontsi jwa matlo mo tshimong ya rona kwa São Paulo e ne e le a maemo a a kwa godimo, a thibeletswe ka magora a a kwa godimo a tshipi ka dikgorwana tsa tshipi e e thata e e dirilweng ka botaki. Re ne re bitsa beng ba matlo kana badiredi ba bone ka go opa diatla.

Fa dingwaga di ntse di feta, go ne ga nna le dikabelo tse disha. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go thusa go aga diphuthego tse disha mo mafelong a a farologaneng a a kwa garegare a naga ya São Paulo, go akaretsa le e e kwa Jundiaí ka 1955 le e nngwe kwa Piracicaba ka 1958. Moragonyana ka 1960, morwadiarre Sonia, o ne a nna mopati wa me wa morongwa, mme re ne ra abelwa go direla kwa Pôrto Alegre, motsemoshate wa naga ya Rio Grande do Sul. O ka ipotsa gore go tlile jang gore a ye kwa Brazil?

Sonia le Mmè ba ne ba tswelela ba bula tsela mmogo kwa Engelane morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Mme lefa go ntse jalo, kwa masimologong a bo1950, Mmè o ne a dirwa karo ya kankere e e neng ya mo koafatsa thata mo a neng a ka se kgone go tlhola a tsamaya ka ntlo le ntlo, le mororo a ne a kgona go tshwara dithuto tsa Bibela le go kwala makwalo. Sonia o ne a tswelela ka tiro ya bobulatsela, a ntse a tla a tlhokomela Mmè. Ka 1959, Sonia o ne a nna le tshiamelo ya go tsenela tlelase ya bo33 ya Gileade mme a abelwa go ya go direla kwa Brazil. Ka nako eo Beryl o ne a tlhokomela Mmè go fitlhela a tlhokafala ka 1962. Ka nako eo Beryl o ne a nyetswe, mme ene le lelapa la gagwe ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Nna le Sonia re ne ra thusa batho ba le mmalwa kwa Brazil go ineela le go kolobediwa. Lefa go ntse jalo, bongwe jwa mathata a bontsi jwa batho ba kwa Brazil ba neng ba na le one e ne e le jwa go kwadisa manyalo a bone semolao. E re ka go ne go se motlhofo go bona tetla ya go tlhala kwa Brazil, go ne go tlwaelegile gore batho ba ka nna mmogo fela ba sa nyalana. Go ne go ntse jalo thatathata fa molekane mongwe a kgaogane le yo a neng a nyalane semolao le ene.

Mosadi mongwe, yo o neng a bidiwa Eva, o ne a le mo boemong joo fa ke ne ke kopana le ene. Molekane wa gagwe yo o neng a nyalane le ene semolao o ne a tsene ka lenga la seloko, ka jalo gore re tle re itse kwa a teng, re ne ra mmatla ka go dira dipego mo radiong. Fa monna wa gagwe a sena go bonwa, ke ne ka mo tseisa tsela go ya kwa toropong nngwe gore monna yoo a saene lokwalo lo lo neng lo mo golola gore a nyalane semolao le monna yo a neng a nna le ene. Fa moatlhodi a utlwa kgang eno, o ne a kopa gore nna le Eva re tlhalose gore ke eng fa a ne a batla go tlhamalatsa lenyalo la gagwe. Fa re sena go mo tlhalosetsa lebaka la seo, moatlhodi o ne a gakgamala thata mme gape a kgotsofala.

Mo lekgetlhong lengwe, ke ne ka tsamaya le mongwe wa batho ba ke neng ke ithuta Bibela le bone go ya go batla mmueledi yo o neng a tla mo thusa mo kgetsing ya gagwe. Go ne ga neelwa gape bosupi jo bo molemo mabapi le lenyalo le kafa Modimo a batlang re itshola ka gone. Mo lekgetlhong leno madi a a neng a duelela tlhalo a ne a le kwa godimo mo e leng gore banyalani ka bobedi ba ne ba tshwanelwa ke go bereka gore ba tle ba kgone go duela madi a a batlegang. Mme lefa go ntse jalo, mo bathong bano ba ba neng ba sa tswa go ithuta Bibela, maiteko ao a ne a le botlhokwa fela jalo. Nna le Sonia re ne ra nna le tshiamelo ya go nna basupi ba lenyalo la bone, mme morago ga moo, rona mmogo le bana ba bone ba bararo ba dingwaga tsa bolesome, re ne ra reetsa puo e khutshwane ya Bibela kwa legaeng la bone.

Botshelo jo bo Humileng, jo bo Duelang

Ka nako ya fa nna le Sonia re ne re neela matshelo a rona go Jehofa mme re nna babulatsela, re ne ra ikaelela gore, fa go ka kgonega, tirelo ya nako e e tletseng e tla nna tiro ya rona ya botshelo jotlhe. Ga re ise re akanye thata ka gore go tla diregang mo dingwageng tse di neng di tla latela kana ka nako ya fa re lwala kgotsa re tlhoka madi. Lefa go ntse jalo, fela jaaka Jehofa a solofeditse, ga a ise a ko a re latlhe.—Bahebera 13:6.

Ee gone, ka dinako dingwe re ne re nna le mathata a tsa madi. Ka nako nngwe, nna le mopati wa me re ne ra ja borotho jo bo tsentsweng morogo wa parsley ka nako ya dijo tsa motshegare ngwaga otlhe, mme lefa go ntse jalo, ga re ise re ko re bolawe ke tlala, kana le eleng go tlhoka dilo tsa botlhokwa.

Jaaka fa dingwaga di ntse di feta, maatla a rona a fokotsegile ka ntlha ya seno. Mo bogareng jwa bo 1980, ka bobedi re ne ra ariwa dikaro tse di masisi tse di neng tsa re leretse kgwetlho e kgolo, ka jaana tiro ya rona ya go rera e ne ya wela kwa tlase thata. Ka January 1987, re ne ra lalediwa go nna maloko a badiri ba kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil.

Lelapa la rona le legolo la badihedi ba ba fetang sekete le mo lefelong le le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 140 ka kwantle ga São Paulo mo gare ga meago e mentsintsi e mentle, koo re gatisetsa Brazil le dikarolo tse dingwe tsa Amerika Borwa dibuka tsa Bibela. Mono re tlhokomelwa ka lorato ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng. Fa ke ne ke goroga lantlha mo Brazil ka 1951, go ne go na le baboledi ba molaetsa wa Bogosi ba ka nna 4 000, mme gone jaanong go na le ba ba fetang 366 000! Ruri Rraarona wa selegodimo yo o kutlwelobotlhoko o ile a re okeletsa ‘dilo tse dingwe tsotlhe’ ka gonne re ile ra batla pele Bogosi jwa gagwe.—Mathaio 6:33.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Olive le Mildred Willett fa thoko ga karaki e e kwadilweng molaetsa, 1939

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Olive le Sonia Springate

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela