LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 9/1 ts. 9
  • A Madi a Lere Boitumelo Jwa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Madi a Lere Boitumelo Jwa Mmatota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Ile Ra Batla Bogosi Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Batho ba ba Bogang ba Tla Tsamaya ba Nna le Kagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A o Ka Dira mo go Oketsegileng go Tlhagisa ba Bangwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Molao wa Lorato mo Dipelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 9/1 ts. 9

A Madi a Lere Boitumelo Jwa Mmatota?

SONIA o ne a tsholelwa kwa Spain. Fa a ne a le mmotlana o ne a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le mmaagwe. Mme fa a gola o ne a fudugela kwa London, kwa Engelane mme kgabagare a simolola go bereka mo khampaning ya go beeletsa madi.

Sonia o ne a rata tiro ya gagwe. O ne a dira madi a mantsi tota e bile a tlhokometse madi a mantsi a batho ba neng ba a beeleditse mo khampaning eo. E ne e le tiro e e kgatlhang mme o ne a itse go e dira. Ka metlha Sonia o ne a bereka diura tse 18 ka letsatsi mme masigo mangwe o ne a robala diura di le pedi kgotsa di le tharo fela. O ne a tlhomile mogopolo otlhe wa gagwe mo tirong eo. Mme ka tshoganyetso botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga. Sonia o ne a itewa ke seterouku—gongwe e le ka go bo a ne a sa ikhutse. O ne a na le dingwaga di le 30 fela.

Sonia o ne a swa mhama mme dingaka di ne di sa tseye gore o tla kgona go bua gape. Mmaagwe o ne a ya kwa Engelane ka bonako go ya go mo tlhokomela. Fa Sonia a ne a kgona go tsamaya gape, mmaagwe o ne a mo raya a re: “Ke ya kwa dipokanong tsa phuthego mme o tla tshwanelwa ke go tla le nna ka gonne nka se go tlogele o le nosi.” Sonia o ne a dumela go tsamaya le ene. Go ne ga felela ka eng?

Sonia o gakologelwa jaana: “Sengwe le sengwe se ke neng ka se utlwa se ne se utlwala se le boammaaruri. Go ne go le molemo tota. Ke ne ka itumelela go ithuta Baebele le mongwe wa batho ba bantsi ba ba neng ba ntumedisa lekgetlo la ntlha fa ke ne ke ile kwa Holong ya Bogosi. Batho ba ke neng ke tlwaelane le bone pele ba ne ba sa tlhole ba nketela, mme ditsala tsa me tse disha di ne di le lorato e bile di nkgathalela.”

Ka iketlo Sonia o ne a simolola go bua gape mme a gatela pele ka bonako mo go ithuteng Baebele. Pele ngwaga o fela o ne a kolobediwa. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe tse disha di ne di le mo tirelong ya nako e e tletseng ya Bokeresete mme o ne a lemoga gore ba ne ba itumetse. Sonia o ne a akanya jaana: ‘Le nna ke batla go tshwana le bone. Ke batla go direla Jehofa Modimo ka bojotlhe jwa me!’ Gone jaanong Sonia o dira tiro ya go rera ka nako e e tletseng.

Sonia o ithutile eng mo go se se mo diragaletseng? “Le fa ke ne ke amogela madi a mantsi, go gatelelwa mo maikutlong le go boifa go latlhegelwa ke tiro go ne ga dira gore ke nne ke tshwenyegile e bile ke sa itumela. Ke lemogile gore selo sa botlhokwa mo botshelong ke go nna le kamano e e molemo le Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. Gone jaanong ke itumetse tota.”

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Sonia o bone boammaaruri jwa mafoko ano go tswa mo go se se mo diragaletseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela