A Batho ba ba Bogang ba Tla Tsamaya ba Nna le Kagiso?
AO KA rata go bona go boga go sa tlhole go le teng, e seng fela mo go wena mme mo bathong botlhe? Akanya ka dikai tseno:
Sonia o ne a boga thata.a Sa ntlha o ne a lemoga gore monna wa gagwe o ne a ntse a dira boaka ka dingwaga di le lesome. Morago ga moo morwawe yo mmotlana o ne a tshwaediwa ka HIV mme a swa ka ntlha ya AIDS. Dingwaga tse pedi morago ga foo morwawe yo mongwe o ne a lwala, mme go ise go ye kae le ene o ne a swa ka ntlha ya AIDS. “Boemo jwa bofelo jwa bolwetse jwa gagwe bo ne jwa tsaya nako e telele thata,” Sonia o gakologelwa jalo. “O ne a tshwenyega thata mo maikutlong, moriri wa gagwe o ne wa wa, mme o ne a sa kgone go bona sentle. Go ne go tlhomola pelo tota.”
Fabiana, moithuti mongwe wa yunibesithi ya kwa Brazil, o ne a tshwenyegile ka tshiamololo ya batho mo lefatsheng. Mme ene ka boene a tlhagelwa ke bomadimabe. Kgaitsadie yo o neng a tshwenyegile thata mo maikutlong o ne a ipolaya. Fa Fabiana a latlhegelwa ke tiro ya gagwe, tsala nngwe ya gagwe e ne ya akantsha gore a ye go batla pai-de-santo (ngaka ya ditaola), a tlhalosa gore lebaka la go bo Fabiana a welwa ke bomadimabe jaana mongwe o tshwanetse a bo a mo loile! Mme pai-de-santo ga e a ka ya mo thusa. Go na le moo, Fabiana o ne a ikutlwa a tlhokofadiwa, a sa kgone go robala ka ntlha ya go boga ga gagwe.
Ana o ne a simolola go boga a sa le mmotlana. O bolela jaana: “Fa ke ne ke na le ngwaga o le mongwe, mmè o ne a ntatlha, mme ka tlhokomelwa ke nkoko.” Morago ga foo, fa Ana a ne a le dingwaga di le tharo fela, nkokoagwe o ne a tlhokafala. Ana o ne a romelwa kwa sekolong sa dikhutsana kwa Rio de Janeiro, koo a ileng a nna teng go fitlha a nna dingwaga di le 13. O bolela jaana, “Re ne re tshwarwa makgwakgwa, mme ka tsuologa. Fa ke ne ke sa ntse ke gola, ke ne ke le kgatlhanong le sengwe le sengwe.”
Go bonala fa go boga go ama motho mongwe le mongwe ka ditsela tsotlhe. Totatota, re utlwa dikgang ka bomadimabe jwa batho letsatsi le letsatsi—fa re lebelela dikgang, re di bala kana re di reetsa. “Ga go ise go ko go diragale . . . fa e se fela mo motlheng wa rona o go nang le tlhaeletsano e ntsi, gore re tlhoke go tlhola re utlwa dikgang tse di bosula,” go kwala jalo Dr. Mary Sykes Wylie. “Dintwa, masetlapelo a tlholego, masetlapelo a intaseteri, dintsho tsa dikotsi tsa dikoloi mo ditseleng tse dikgolo, bokebekwa, borukhutlhi, go sotliwa ka tlhakanelodikobo, petelelo, le thubakanyo mo lelapeng—dilo tseno tsotlhe di dira gore go tshwenyega e nne selo se se boitshegang se go tlholang go builwe ka sone letsatsi le letsatsi mo lekgolong la bo20 la dingwaga.” Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a sobokanya dilo tse di diragaletseng batho jaana ka tsela e e utlwalang: “Tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong.”—Baroma 8:22.
Go tweng ka wena? A o a boga? O ka lebelela thuso efe? A o tla tsamaya o bona kagiso ya boammaaruri? Sonia, Fabiana le Ana ba ne ba bona kgomotso ya mmatota le selekanyo se se rileng sa kagiso ya mmatota! O ka bala ka gone mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.