“Modimo wa Kagiso” o Amega Ka ba Ba Bogang
BAEBELE e tlhalosa sentle gore Dafite wa bogologolo o ne a tlwaetse go boga. Ka dingwaga di le mmalwa o ne a nna motshabi, yo o neng a nna a lelekwa ke kgosi e e tlhogoethata e e neng e ititeile sehuba gore e tla mmolaya. Ka nako eno ya go boga, Dafite o ne a iphitlha mo mafelong a a kwa thoko. Mme o ne a dira mo go oketsegileng. O ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo malebana le bothata jwa gagwe. “Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me,” moragonyana o ne a kwala jaana malebana le se se neng se mo diragaletse. “Ke gorometsa boitoko jwa me fa pele ga gagwe; ke supa tlalelo ya me fa pele ga gagwe.”—Pesalema 142:1, 2.
Gompieno, bangwe ba ne ba ka sotla Dafite ka ntlha ya go ikaega ka Modimo. Ba ne ba ka re thapelo ke botlhajana fela jwa go dira gore motho a ritibale mo tlhaloganyong mme fa dilo di tsewa fela jaaka di ntse ke go senya nako fela. Le fa go ntse jalo, go ikanya Modimo ga ga Dafite e ne e se ga lefela, ka gonne kgabagare baba ba gagwe ba ne ba fenngwa. Fa a akanya ka se se mo diragaletseng, Dafite o ne a kwala jaana: “Mohumanegi yo, o ne a bitsa, mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.” (Pesalema 34:6) Modimo wa boammaaruri yo Dafite a neng a kopa thuso mo go ene o bidiwa gongwe go sele e le “Modimo wa kagiso.” (Bafilipi 4:9; Bahebera 13:20) A o tla fedisa go boga, a dira gore re nne le kagiso?
Jehofa o Amega ka Wena
Jehofa ga a itlhokomolose mathata a batho ba gagwe. (Pesalema 34:15) O tlhokometse gore o naya batlhanka ba gagwe e le setlhopha dilo tse ba di tlhokang mme gape le mongwe le mongwe yo o mmoifang. Fa Solomone a ne a kgakola tempele ya Jerusalema wa bogologolo, o ne a kopa Jehofa gore a reetse “morapelo le mokokotlelo ofe o o dirwang ke motho mongwe, kgotsa ke batho botlhe ba Iseraele, ba mongwe le mongwe wa bone o tlaa itseng petso ya gagwe tota, le bohutsana jwa gagwe tota.” (2 Ditirafalo 6:29, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jaaka Solomone a ile a dumela, mongwe le mongwe o na le tsela e e kgethegileng e a bogang ka yone e a tshwanetseng go e itshokela. Mo mothong yo mongwe e ka nna ya bo e le bolwetse jwa mmele. Mo go yo mongwe, e ka nna go tshwenyega thata mo maikutlong. Bangwe ba ka nna ba bo ba boga ka ntlha ya loso lwa mongwe yo ba mo ratang. Go tlhoka tiro, mathata a itsholelo, le mathata a lelapa le tsone ke dingwe tsa dilo tse batho ba bogang ka ntlha ya tsone mo metlheng e e boima eno.
A o ke o akanye ka sebakanyana ‘ka petso ya gago le bohutsana jwa gago.’ Gongwe ka dinako tse dingwe o ne o ikutlwa jaaka mopesalema Dafite, yo o neng a kwala jaana: “Ka senka bangwe ba ba ka tlhomogang pelo; mme go ne go se na ope; le bagomotsi, mme ka se ka ka bona ope.” Lefa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore Modimo o amega ka seemo sa gago, ka gonne moragonyana mo go yone pesalema eo, Dafite o ne a kwala jaana: “Jehofa o utlwa batlhoki, o bile a sa nyatse bagolegwi ba gagwe.”—Pesalema 69:20, 33.
Fa re dirisa mafoko a ga Dafite ka tsela e kgolwane, re ka tlhomamisega gore Mmopi wa batho o reetsa dithapelo tsa bao go ka tweng ke bagolegwa ka go bo ba boga. Mo godimo ga moo, o dira sengwe ka boemo jwa bone. Akanya ka mafoko a a latelang a a supang kafa Jehofa a utlwelang ba ba bogang botlhoko ka teng.
“Lo se ka lwa patika mosadi yo o motlholagadi, le fa e le ngwana yo o lesiela. E tlaa re fa o ba patika ka gongwe, mme ba nkgoa ka gongwe, ruri ke tlaa utlwa selelo sa bone; bogale jwa me jo bogolo bo tlaa tuka.”—Ekesodo 22:22-24.
“A Modimo ga o na go dira gore bakgethiwa ba one ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo ba direlwe tshiamiso, le mororo o itshwere ka bopelotelele malebang le bone?”—Luke 18:7.
“O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.
“Yo o lo amang [batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng] o ama thaka ya leitlho la [me].”—Sekaria 2:8.
Dikai tse di mmalwa tseno di bontsha kafa Mmopi a amegang thata ka teng ka boitumelo jwa batho ba gagwe. Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Mme Modimo o tla re thusa jang ka nako ya fa re boga?
Kafa Modimo a Thusang ba ba Bogang ka Teng
Jaaka fa re bone, fa Dafite a ne a boga, o ne a rapela Modimo ka tlhoafalo gore a mo kaele. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya kgato ka boene go tokafatsa boemo, ka go dirisa botlhale go falola mo bathong ba ba mo senkang. Ka jalo, go ikaega ka Jehofa mmogo le go dira maiteko ka namana go ne ga dira gore Dafite a itshokele mathata a gagwe. Ke eng se re ka se ithutang mo go seno?
Fa re boga, tota ga go phoso gore rona ka borona re tseye kgato go rarabolola bothata. Ka sekai, fa Mokeresete a ka nna a se na tiro, a a ka se dire maiteko a go batla tiro? Kana fa a lwala mo mmeleng, a a ka se senke thuso ya kalafi? Totatota, le Jesu, yo o neng a na le maatla a go fodisa mefuta yotlhe ya bolwetse, o ne a dumela gore ‘batho ba ba bobolang ba tlhoka ngaka.’ (Mathaio 9:12; bapisa 1 Timotheo 5:23.) Gone mme, mathata mangwe a ka se ka a tlosiwa; a tshwanetse fela gore a itshokelwe. Le fa go ntse jalo, Mokeresete wa boammaaruri ga a tseye gore go boga ka bogone ke nonofo nngwe ya maemo a a kwa godimo, jaaka bangwe ba akanya. (Bapisa 1 Dikgosi 18:28.) Go na le moo, o tsaya kgato le fa e le efe e a ka e kgonang gore a itshokele go boga ga gagwe.
Le fa go ntse jalo, he, go molemo go rapela Jehofa ka kgang eo. Ka ntlha yang? Sa ntlha, go ikaega ka Mmopi wa rona, go re thusa gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo.” (Bafilipi 1:10) Ka sekai, fa re batla tiro, go ikaega ka Modimo ka thapelo go tla re thusa gore re se ka ra amogela tiro e e thulanang le melaometheo ya Baebele. Gape re tla tila go ‘timediwa mo tumelong’ ka ntlha ya go rata madi. (1 Timotheo 6:10) Totatota, fa re dira ditshwetso tse dikgolo—malebana le tiro kana karolo le fa e le efe ya botshelo—re tshwanetse go latela kgakololo eno ya ga Dafite: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.”—Pesalema 55:22.
Gape thapelo e re thusa go boloka tekatekano mo mogopolong, gore go boga ga rona go se ka ga re fekeetsa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo.” Ka matswela afe? “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, kagiso, kagiso ya Modimo. Kagiso eo, ‘e gaisa kakanyo yotlhe,’ ka jalo e ka re thusa go ritibala fa re gatelelwa ke maikutlo a a hutsafatsang. E tla ‘disa dipelo le maatla a rona a mogopolo,’ mme ka tsela e e ntseng jalo e re thusa go tila go dira dilo ka go phamoga le ka tsela e e seng botlhale, e leng dilo tse di ka oketsang pogisego ya rona.—Moreri 7:7.
Thapelo e sa ntse e ka dira mo go oketsegileng. E ama tsela e seemo se tla felelang ka yone. Akanya ka sekai sengwe sa Baebele. Fa moaposetoloi Paulo a ne a tsentswe mo kgolegelong kwa Roma, o ne a kgothaletsa Bakeresetekaene gore ba mo rapelele. Ka ntlha yang? “Ke lo rotloetsa segolobogolo gore lo dire seno,” o ne a kwala jalo, “gore ke tle ke busediwe ka bonakonako kwa go lona.” (Bahebera 13:19) Paulo o ne a itse gore go nnela ruri mo thapelong ga badumedikaene go ne go tla ama kgang ya gore o tla gololwa leng.—Filimone 22.
A thapelo e ka fetola tsela e go boga ga gago go tla felelang ka yone? Go ka nna ga direga. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse gore re lemoge gore, ga se ka metlha Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka tsela e rona re lebeletseng ka yone. Paulo, ka sekai, o ne a nna a rapela gangwe le gape malebana le “mutlwa mo nameng” ya gagwe—gongwe e ne e le bothata jwa mmele jo bo amanang le matlho a gagwe. Go na le gore Modimo a tlose pogisego eo, o ne a bolelela Paulo jaana: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.”—2 Bakorintha 12:7-9.
Ka jalo, ka dinako tse dingwe mathata a rona a ka se ka a tlosiwa. Go na le moo, re tla bo re na le tshono ya go supa gore re ikaega ka Mmopi wa rona. (Ditiro 14:22) Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore tota le fa Jehofa a sa tlose go boga, o tla “dira tsela ya go tswa e le gore [re] kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Ee, ke ka mabaka a a utlwalang go bo Jehofa a bidiwa “Modimo wa kgomotso yotlhe, o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) O re naya se re se tlhokang go itshoka ka kagiso e e bonalang.
Go Tla Tloga go Nna le Lefatshe Le go Se Nang go Boga mo go Lone!
Mmopi o solofetsa gore ka Bogosi jwa gagwe, o tla tloga a fedisa go boga mo bathong. O tla diragatsa seno jang? Ka go tlosa Satane Diabolo, motlhotlheletsi yo mogolo wa go boga le mmaba yo mogolo wa kagiso, yo Baebele e mo tlhalosang e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Mme go ise go ye kae o tla bo a sa tlhole a laola batho. Go fedisiwa ga gagwe go tla bula tsela ya masego a mantsi a a tla tlelang ba ba boifang Modimo. Baebele e solofetsa gore Jehofa o tla “phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:1-4.
A go utlwala fa lefatshe le le se nang go boga e le selo se se sa dumelesegeng? Re setse re tlwaetse go tshela ka mathata mo e leng gore go thata gore re akanye ka nako ya fa a tla bo a seyo. Mme go tlhoka poifo, tlhobaelo le masetlapelo ke tsela eo Modimo a neng a ikaeletse gore batho ba nne ka yone fa a ne a simolola go bopa, mme maikaelelo a gagwe a tla diragadiwa.—Isaia 55:10, 11.
Ke yone tsholofelo e Sonia, Fabiana le Ana, ba ba umakilweng mo setlhogong sa ntlha ba neng ba e bona. Sonia yo barwa ba gagwe ba babedi ba neng ba swa ka ntlha ya AIDS, o ne a nna le kagiso e ntsi ka ntlha ya tsholofetso e e leng mo Baebeleng—tsogo ya basiami le basiamolodi. (Ditiro 24:15) A re: “Ke tlhomamisega ka selo se le sengwe, tsholofelo ya rona e gaisa botlhoko bope fela.”
Fa Ana a ne a sa ntse a nna kwa sekolong sa dikhutsana, o ne a etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. “O ne a mpontsha leina la ga Jehofa mo Baebeleng,” Ana o bolela jalo, “mme ke ne ka lela ka ntlha ya boitumelo. Ke ne ke tlhoka thuso thata, mme ka ithuta gore go na le Modimo o o amegang ka rona.” Fa a sena go tswa kwa sekolong sa dikhutsana, Ana o ne a dumela go ithuta Baebele mme a ithuta mo go oketsegileng ka ditsholofetso tsa ga Jehofa. Morago ga foo o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa mme a supa seo ka kolobetso. “Fa e sale ka nako eo ke ne ka tswelela pele ke ikaega ka Jehofa ka thapelo, mme ke gomodiwa ke tlhomamisetso ya gore o tla nthusa.”
Fabiana le ene o ne a bona kgomotso e kgolo le go ritibala mo maikutlong mo go bogeng ga gagwe ka go ithuta ka ditsholofetso tsa Modimo ka isagwe. “Go ithuta boammaaruri go tswa mo Baebeleng go ntse jaaka e kete o tswa mo lefelong le le lefifi le lentshontsho mme o tsena mo phaposing e e bulegileng, e lesedi le tsenang mo go yone e go leng monate mo go yone.”—Bapisa Pesalema 118:5.
Mme ke jang e bile ke leng kagiso ya mmatota e tla nang teng mo lefatsheng lotlhe? Mma re bone mo ditlhogong tse di latelang.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Dikarolo Tse Dintsi Tsa go Boga
▪ Mo e ka nnang kwatara ya baagi ba lefatshe ba mo lehumeng le legolo, mme dimilione tsa batho tse di oketsegileng di tshela botshelo jo bo sa tshwaneleng batho jo bo dirang gore ba nne mo kotsing.
▪ Bana ba ba fetang dimilione di le 200 ba bolawa ke tlala.
▪ Ngwaga nngwe le nngwe letshololo le bolaya bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse tlhano ba le dimilione di le tharo.
▪ Malwetse a a tshelanwang a bolaile batho ba ba ka nnang dimilione di le 16,5 ka 1993 fela. E re ka dinaga dingwe di tlhalosa malwetse ka tsela e e farologaneng, palo ya mmatota e ka nna ya bo e le kwa godimo thata go gaisa e e leng teng.
▪ Go na le batho ba le dimilione di le 500 ba go fopholediwang gore ba na le bothata bongwe jwa tlhaloganyo.
▪ Dipalo tsa go ipolaya di oketsega thata mo basheng go feta mo setlhopheng sefe fela se sele sa batho ba dingwaga tse di tshwanang.
▪ “Tlala le go tlhoka tiro e nna mabadi mo lefatsheng,” go bolela jalo The Unesco Courier. “Go na le dimilione di le 35 tsa batho tse di tlhokang tiro mo ditšhabeng tse supa tse di humileng thata tsa lefatshe, mme kwa Brazil fela go na le badiri ba le dimilione di le 20 ba go nna le tiro tota go sa kayeng gore ba tla nna le dijo tse di lekaneng.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Thapelo e ka re thusa go tlhoma mogopolo mo tsholofetsong ya Modimo ya lefatshe le go tla bong go se na go boga mo go lone