A Basupi ba ga Jehofa Ke Lekoko Le Le Belaetsang?
JESU KERESETE o ne a pegwa molato wa gore o nwa bobe, o ja bobe, ga a tlotle Sabata, ke mosupi wa maaka, o tlhapatsa Modimo, ke morongwa wa ga Satane. Mme gape o ne a pegwa molato wa gore o a tsuolola.—Mathaio 9:34; 11:19; 12:24; 26:65; Yohane 8:13; 9:16; 19:12.
Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba latofadiwa botlhoko fa a sena go swa le fa a sena go tsoga mo baswing. Setlhopha sengwe sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa isiwa kwa babusing ba motse ke batho ba ba neng ba goa ba re: ‘Batho ba, ba tshelepantse lefatshe.’ (Ditihō 17:6) Ka nako nngwe gape, moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe Silase ba ne ba isiwa kwa babusing mme ba pegwa molato wa gore ba tsositse khuduego mo motseng wa Filipi.—Ditihō 16:20.
Moragonyana Paulo o ne a latofadiwa ka gore ke “serukhutlhi mo Bayudeñ botlhe mo lehatshiñ yeotlhe” gape le ka gore o ne a leka go “itshepolola tempela.” (Ditihō 24:5, 6) Bannabagolo ba Bajuda ba kwa Roma ba ne ba tlhalosa seemo sa balatedi ba ga Jesu sentle fa ba ne ba dumela jaana: “Kaga lekōkō ye, goa itsiwe ke rona ha le nyadiwa ka ntlha cotlhe.”—Ditihō 28:22.
Go bonala gore, setlhopha se sesha seno se se neng se tlhomilwe ke Jesu Keresete se ne se lejwa jaaka setlhopha sa bodumedi se se nang le dikgopolo tsa botsuolodi e bile se dira ditiro tsa botsuolodi tse di neng di thulana le boitshwaro jo go neng go akanngwa gore bo siame mo nakong eo. Ga go belaetse gore, batho ba bantsi gompieno ba tshwanetse ba bo ba ne ba leba Bakeresete jaaka lekoko le le maswe thata le le belaetsang. Gantsi batho ba ba neng ba ba latofatsa e ne e le batho ba maemo a a kwa godimo e bile e le ba ba tlotlegang mo tikologong, mme e bile seno se lebega se ne se dira gore se ba se buang se tsewe tsia. Bontsi bo ne bo dumela dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba latofadiwa ka tsone. Mme lefa go ntse jalo, jaaka o ka tswa o itse, nngwe le nngwe ya ditatofatso tseo e ne e se boammaaruri! Lebaka fela la gore batho ba ne ba bua dilo tseno le ne le sa kae gore di boammaaruri.
Go ntse jang gompieno? A go tla bo go siame gore Basupi ba ga Jehofa ba lejwe jaaka setlhopha se se nang le dikgopolo tsa botsuolodi le se se dirang ditiro tse di thulanang le boitshwaro jo bo lejwang jaaka jo bo tlwaelegileng? A Basupi ba ga Jehofa ke lekoko le le belaetsang?
Se Bosupi Bo Se Bontshang
Modiredi mongwe wa puso kwa motsemogolong wa St. Petersburg, kwa Russia, o ne a tlhalosa jaana: “Re ne ra bolelelwa gore Basupi ba ga Jehofa ke lekokonyana le le direlang dilo mo sephiring le mo lefifing, le le le bolayang bana e bile maloko a lone a ipolaya.” Lefa go ntse jalo, bosheng jaana, batho ba Russia ba ile ba bona gore Basupi ke batho ba mofuta ofe. Ene modiredi yoo o ne a akgela jaana fa a sena go dira le Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba le mo kopanong ya merafe yotlhe: “Jaanong ke bona batho ba ba tshwanang le mongwe le mongwe ba ba nyenyang, ba ba gaisang le batho ba bantsi ba ke ba itseng. Ba na le kagiso, ba ritibetse, e bile ba ratana tota.” O ne a oketsa jaana: “Tota ga ke tlhaloganye gore ke eng fa batho ba bua maaka jaana ka bone.”
Basupi ba ga Jehofa ga ba na dipokano tsa dingwao tsa kobamelo, le bodumedi jwa bone ga bo na dilo dipe tse di direlwang mo sephiring. Mokwadi mongwe yo e seng Mosupi e bong Julia Mitchell Corbett o akgela jaana: “Fa ba kopana, kwa Diholong tsa Bogosi (mafelo a ba kopanelang kwa go one ga a bidiwe dikereke), gantsi go feta gangwe ka beke, ba dirisa nako e ntsi ya bone ba ithuta Bibela le go tlotla ka yone.” Mafelo a ba kopanelang kwa go one a tshwailwe ka phepafalo ka ditlhaka dingwe. Dipokano tsa bone di iwa ke botlhe, e bile batho ka kakaretso fela ba lalediwa go tla kwa go tsone. Baeng ba ba sa lebelelwang ba a itumelelwa.
“Basupi ba itsiwe ka go ikanyega, ka go nna le maitseo, le go dira ka natla,” go oketsa jalo Corbett mo bukeng ya gagwe Religion in America. Bontsi jwa batho ba e seng Basupi ba dumela bonolo fela gore Basupi ba ga Jehofa ga ba dire sepe se se sa tlwaelegang kana se se feteletseng. Boitsholo jwa bone ga bo thulane le boitshwaro bope jo bo tsewang gore bo siame mo loagong. The New Encyclopædia Britannica e bolela ka tlhomamo gore Basupi ba “gatelela gore mongwe le mongwe wa bone a nne le boitsholo jo bo kwa godimo tota.”
Mokaedi wa dikgang le dikarolo dingwe tse di kgethegileng wa seteishane sengwe sa thelebishene kwa United States o ne a kwalela Basupi ba ga Jehofa a araba pego nngwe e e neng e sa bue sentle ka Basupi e e neng e le mo thulaganyong nngwe ya thelebishene e e bidiwang 60 Minutes. O ne a re: “Fa batho ba bantsi ba ne ba ka tshela jaaka batho ba tumelo ya lona ba tshela, setšhaba seno se ka bo se sa nna jaana. Ke mmegadikgang yo o itseng gore mokgatlho wa lona o theilwe mo loratong le mo go dumeleng mo Mmoping. Ke batla gore lo itse gore ga lo a tlhoiwa ke Babegadikgang botlhe.”
Bodumedi Jo Bo Itsiweng Thata
A go siame go bolela gore Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha se sennye sa bodumedi se se nang le dikgopolo tsa botsuolodi? Ka tsela nngwe gone, palo ya Basupi ba ga Jehofa e nnye fa e bapisiwa le ya ditumelo tse dingwe. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Jesu o ne a re: “Kgōrō e pitlaganye tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.”—Mathaio 7:13, 14.
Gone mme, ga go ka ke ga twe Basupi ke setlhophanyana sa lekoko le le belaetsang le le nang le dikgopolo tsa botsuolodi. Ka dikgakologo tsa 1993, batho ba ba fetang dimilione di le 11 ba ne ba ya kwa Segopotsong sa Basupi sa loso lwa ga Keresete. Mme selo se se botlhokwa go feta palo ya bone ke boitsholo jwa bone le boitshwaro jwa bone jo bontle thata, jo ba ileng ba bo akgolelwa mo lefatsheng lotlhe. Kwantle ga pelaelo ruri go ne ga nna fela jaana mo dinageng tse di neng tsa ba dumelela semolao jaaka bodumedi jwa mmatota.
Sengwe se se tlhomologileng thata ke tshwetso ya bosheng ya European Court of Human Rights. E ne ya bolela gore Basupi ba tshwanetse go gololesega go akanya, go laolwa ke segakolodi, le go obamela, le gore ba na le tshwanelo ya go bua ka tumelo ya bone le go e ruta ba bangwe. Seno se ne se ka se ka sa diragala fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ba dirisa ditsela tsa tsietso le tse di belaetsang kana ba dirisa mekgwa ya boferefere go laola ditlhaloganyo tsa balatedi ba bone.
Boidiidi jwa batho bo tlwaelane le Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Re botsa dimilione tsa batho ba e seng Basupi mme ba ithuta Bibela le bone kana ba ba kileng ba ithuta le Basupi ka nako nngwe, go re, A ba ne ba leka go faposa ditlhaloganyo tsa lona? A Basupi ba ne ba leka go laola ditlhaloganyo tsa lona? “Nnyaa” ke karabo e e sa belaetseng e o neng o tla araba ka yone. Go phepafetse gore fa e le gore mekgwa eno e ne ya dirisiwa, go ka bo go na le palo e ntsi ya batho ba ba kileng ba dirwa jalo ba ba neng ba tla ganetsa sepe fela se se buelelang Basupi ba ga Jehofa.
“Ba Tshwaregile Thata mo go Thuseng Batho”
Maloko a makoko a a belaetsang gantsi a ikgogona mo go ba malapa a bone, ditsala, le batho ka kakaretso. A Basupi ba ga Jehofa ba ntse jalo? “Ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,” go ne ga kwala jalo mmegadikgang mongwe kwa Czech Republic. Lefa go ntse jalo o ne a oketsa jaana: “Go phepafetse gore bone [Basupi ba ga Jehofa] ba kgona go itshwara tota fa go tla mo boitsholong. . . . Ba ikobela babusi mme lefa go ntse jalo, ba dumela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata otlhe a batho. Mme ela tlhoko gore ga ba feteletse dilo. Ke batho ba ba tshwaregileng thata ka go thusa batho.”
E bile ga ba nne mo dikgaolong tse e leng tsa bone fela, ba ikgogona mo go ba losika le ba bangwe. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore Dikwalo di ba rwesa boikarabelo jwa go rata le go tlamela malapa a bone. Ba tshela le batho ba merafe yotlhe le ditumelo tsotlhe e bile ba dira le bone. Fa go nna le dikotsi tsa masetlapelo, ba isa dithuso tsa namolo ka bonako le go thusa batho ka ditsela tse dingwe gape.
Se se botlhokwa le go feta ke gore ba na le thulaganyo ya thuto e e ka se kang ya bapisiwa le epe. Ke ditumelo tse kae tse di nang le tsamaiso e e rulagantsweng ya go etela motho mongwe le mongwe mo tikologong? Basupi ba ga Jehofa ba dira seno mo dinageng tse di fetang 200 le ka dipuo tse di fetang 200! Go phepafetse gore Basupi ba ga Jehofa “ba tshwaregile ka go thusa batho.”
Ba Sala Bibela Morago Tota
Gone ke boammaaruri gore dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologane le tse di rutiwang mo dikerekeng. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jehofa ke Modimo mothatayotlhe le gore Jesu ke Morwawe, e seng karolo ya modimo mongwe o o nang le ditlhogo tse tharo. Tumelo ya bone e theilwe mo go dumeleng gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka gololang batho mo pogisegong. Ba tlhagisa batho ka tshenyego e e tlelang tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Ba rera ka tsholofetso ya Modimo ya go leretse batho ba ba reetsang lefatshe la paradaise. Ga ba rapele sefapaano. Ga ba keteke Keresemose. Ba dumela gore moya wa swa le gore ga go na molelo wa dihele. Ga ba je madi e bile ga ba dumele go tshelwa madi. Ga ba nne le seabe mo dipolotiking e bile ga ba tsene mo dintweng. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologane jaana?
Lokwalodikgang longwe lwa kwa Massachusetts e leng Daily Hampshire Gazette, lo tlhalosa gore tsela e Basupi ba ga Jehofa “ba tlhalosang Bibela ka yone ba gagametse e ba thibela go dira ditiro tse dingwe tse ba bangwe ba di lebang di siame . . . , tsotlhe e le ka boikaelelo jwa go latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le se se bolelwang ke Bibela.” The Encyclopedia of Religion e dumela gore “dilo tsotlhe tse ba di dumelang di theilwe mo Bibeleng. Ba ‘ntsha bosupi ka temana’ (ke gore ba nopola sengwe go tswa mo Bibeleng go tshegetsa) sengwe le sengwe se ba se dumelang, ba dumela Bibela, eo e sa dumelaneng le dingwao.” Buka ya Religion in America e bolela jaana: “Setlhopha seno ga se ise se ko se theekele mo go tlhomeng mogopolo mo go ithuteng Bibela, e bile dithuto tsa sone di tshegetswa ke thulaganyo e e matsetseleko thata e e isang motho mo dikwalong.”
Moeteledipele wa Bone Ke Mang?
Go ngaparela ga bone thata se Bibela e se rutang ke gone tota go dirang gore go tlotla kana go obamela baeteledipele ba batho goo go tletseng mo makokong a a belaetsang gompieno go bo go sa bonwe mo Basuping ba ga Jehofa. Ga ba dumelane le go kgaoganya batho ka ditlhopha tsa baruti le batho fela. The Encyclopedia of Religion e bolela sentle jaana kaga Basupi ba ga Jehofa: “Setlhopha sa baruti mmogo le mareo a a tlhaolang batho ga a letliwe.”
Ba latela Jesu Keresete jaaka Moeteledipele wa bone le jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Jesu ke ene a neng a bolela jaana: “Lo se ka loa bidiwa Rabi, gonne Moruti oa lona moñwe hèla, me lona lotlhe lo bana ba monna. Me lo se ka loa bitsa opè rra eno mo lehatshiñ; gonne Rra eno o moñwe hèla, eo o kwa legodimoñ. Le gōna lo se ka loa bidiwa Beñ gonne Muñ oa lona o moñwe hèla eboñ Keresete.”—Mathaio 23:8-12.
Go bonala sentle fela gore Basupi ba ga Jehofa ga se lekoko le le belaetsang fela jaaka Jesu e ne e se motho yo o jang bobe e bile e se letagwa. Gone go boammaaruri gore ga se batho botlhe ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke ba bangwe ka dipego tse di phoso kaga Jesu le barutwa ba gagwe ba ba neng ba tlhotlheletsega go mo senya leina. Bangwe ba ka tswa ba ne ba sa itse ka ene. Fa e le gore o na le dipotso dingwe kaga Basupi ba ga Jehofa le dilo tse ba di dumelang, ke eng o sa dire gore o ba itse botoka? Mejako ya Diholo tsa bone tsa Bogosi e nna e ntse e buletswe batho ba ba batlang boammaaruri.
Le wena o ka solegelwa molemo fa o ka batla kitso ya boammaaruri ya Bibela ka kelotlhoko mme wa ithuta gore o ka obamela Modimo ka tsela efe go dumelana le mafoko ano a ga Jesu: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.”—Yohane 4:23.