Makoko A A Belaetsang—Ke Eng?
KA FEBRUARY 28, 1993—badiredi ba ba fetang lekgolo ba ba tlhokomelang gore molao o a ikobelwa ba ne ba ya kwa komponeng e e nang le dikago tse di neng di na le banna, basadi le bana. Boikaelelo jwa bone e ne e le go ya go tlhola fa go na le dibetsa tse di sa dumelelwang ka molao le go golega mongwe yo go neng go belaelwa gore ke sekebekwa. Lefa go ntse jalo, badiredi bano, ba ne ba gakgamala thata fa ba ne ba thuntshiwa ka marumo a mantsi go tswa mo dikagong tseo. Le bone ba ne ba thuntsha.
Ntwa eno e ne ya tlogela ba le lesome ba sule mme ba le mmalwa ba gobetse. Mo malatsing a a 50 a a neng a latela, makgolokgolo a badiredi bano ba puso a ne a dikaganyetsa kompone eno a tshotse dibetsa tse dintsi tse a neng a ka kgona go tsosa ntwanyana e nnye ka tsone. Seno se ne sa felela go sule batho ba le 86 go akaretsa le bana ba ba ka tshwarang 17.
Tota mmaba e ne e le mang? A e ne e le segopa se se rekisang diokobatsi? A e ne e le setlhophanyana sa dirukhutli? Nnyaa. Jaaka o ka tswa o itse, “mmaba” e ne e le setlhopha sengwe sa batho ba ba ineetseng mo bodumeding, maloko a lekoko lengwe le le belaetsang. Masetlapelo a a neng a ba wela a ne a dira gore lefatshe le itse ka batho ba sekae ba ba nnang kwa tikologong ya dipowa tse di kwa bogare jwa Texas, kwa U.S.A. Metswedi ya dikgang e ne ya itsise dipego ka radio le thelebishene mmogo le ka makwalodikgang, e sekaseka, e bo e akgela ka dikotsi tsa makoko a a belaetsang a batho ba ba gagamalelang maikutlo a bone thata.
Batho ba ne ba gakololwa ka ditiragalo tsa nako e e fetileng tse mo go tsone maloko a makoko a a belaetsang a neng a swa ka ntlha ya baeteledipele ba one: batho ba ba neng ba bolawa ke Manson ka 1969 kwa California; go ipolaya ga maloko a mantsi a lekoko le le belaetsang la kwa Jonestown, kwa Guyana ka 1978; tumalano ya go ipolaya le go bolaana ya 1987 e e neng e tlhotlhelediwa ke moeteledipele wa lekoko le le belaetsang ebong Park Soon-ja wa kwa Korea, e e neng ga felela go sule maloko a le 32. Se segolo ke gore bontsi jwa batho bano ba ne ba ipolela gore ke Bakeresete le gore ba dumela Bibela.
Go itsiwe sentle fela gore batho ba bantsi ba ba tsayang Bibela jaaka Lefoko la Modimo ba tshosiwa ke tsela e makoko ano a a belaetsang a dirisang Dikwalo ka tsela e e phoso ka teng le ka go di nyatsa. Go ile ga felela ka gore, fa dingwaga di ntse di feta go tlhomiwe mekgatlho e le makgolokgolo gore e tle e beye makoko a a belaetsang ano leitlho le go senola ditiro tsa one tse di kotsi. Baitseanape ba ba etseng boitshwaro jwa makoko a a belaetsang tlhoko ba bolela gore mo mileniamong o o tla tlogang o tla mo dingwageng di sekae go ka nna ga tlala makoko a mantsi a a belaetsang. Makasine mongwe wa dikgang o ne wa bolela gore ditlhopha tse di kgatlhanong le makoko a a belaetsang di bolela gore go na le makoko a a belaetsang a le diketekete “a a emetseng fela go gapa mmele wa gago, go laola tlhaloganyo ya gago, le go leswefatsa moya wa gago. . . . Ke a sekae fela a a nang le dibetsa mme bontsi jwa one a lejwa a le kotsi. A tla go tsietsa a bo a tsaya madi le dithoto tsa gago, a tla go nyadisa a bo a go fitlhe.”
Lekoko Le Le Belaetsang Ke Eng?
Batho ba bantsi ba ba dirisang polelwana “lekoko le le belaetsang” motlhofo fela ba ka tswa ba sa itse gore tota e kaya eng. Baithutabodumedi ba bantsi ba tila go dirisa lefoko leno gore go se ka ga tsoga tlhakatlhakano epe.
The World Book Encyclopedia e tlhalosa gore “ka tlwaelo, polelwana lekoko le le belaetsang e kaya mofuta ope fela wa kobamelo kana mokgwa wa kobamelo.” Tlhaloso eno e kaya gore mekgatlho yotlhe ya bodumedi e ka bolelwa gore ke makoko a a belaetsang. Lefa go ntse jalo, go ya kafa le dirisiwang ka teng ka kakaretso gompieno, lefoko “lekoko le le belaetsang” le kaya sengwe se sele. Yone saetlopedia eo e bolela gore “fa e sale go tloga fa gare ga dingwaga tsa bo1900, dilo tse di ileng tsa buiwa ka makoko a a belaetsang di ile tsa fetola se se kaiwang ke polelwana eo. Gompieno, polelwana eno e dirisiwa go bitsa ditlhopha tse di latelang moeteledipele mongwe yo o rutang dithuto le mekgwa e mesha e e kgatlhanong le e e tlwaelegileng.”
Fa o gatelela tsela e e tlwaelegileng e polelwana eo e dirisiwang ka yone, makasine wa Newsweek o tlhalosa gore makoko a a belaetsang, “ke ditlhophanyana tse dinnye, tse di nang le dikgopolo tsa botsuolodi, tse maloko a tsone a itlhaolang, le tse di dirang se se di bolelelwang ke motho a le mongwe yo o di tlhotlheletsang fela thata.” Ka tsela e e tshwanang, makasine wa Asiaweek o bolela gore “polelwana [makoko a a belaetsang] yone ka boyone ga e a nonofa, mme gantsi e raya dilo tse di dumelwang mo bodumeding tse di tlhamilweng ke moeteledipele yo o kgonang go tlhotlheletsa thata, yo gantsi a ipolelang gore ke Modimo.”
Puo e e dirisitsweng mo maitlamong a a dirilweng ke batho ba bantsi a 100th Congress of the State of Maryland, kwa U.S.A., le one a supa bokao jo bo nyatsegang jwa polelwana eno, lekoko le le belaetsang. Maitlamo ao, a bolela gore “lekoko le le belaetsang ke setlhopha kana mokgatlhonyana o o ineetseng ka tsela e e feteletseng mo mothong kana o dumela kgopolo nngwe e bile o dirisa ditsela dingwe tse di matsetseleko thata tsa go patelela le go laola batho gore o kgone go fitlhelela maikaelelo a baeteledipele ba one.”
Go bonala sentle gore makoko a a belaetsang ka kakaretso fela a lejwa e le ditlhopha tsa bodumedi tse di nang le dikgopolo dingwe tsa botsuolodi e bile di dira ditiro tse di thulanang le se gompieno se tsewang e le boitshwaro jo bo tlwaelegileng. Gantsi ba direla ditiro tsa bone tsa bodumedi mo sephiring. Bontsi jwa ditlhopha tseno tsa makoko a a belaetsang totatota di ikgogona mo bathong ba ba mo tikologong. Ba lebega ba ineela mo moeteledipeleng yo o itlhomileng wa motho ba sa itshiele sepe e bile e le mo go ene fela. Gantsi baeteledipele bano ba ipelafatsa ka gore ba tlhophilwe ke Modimo kana gone gore ke medingwana ka bobone.
Ka dinako dingwe, mekgatlho e e kgatlhanong le makoko a a belaetsang mmogo le metswedi ya dikgang e ile ya bitsa Basupi ba ga Jehofa lekoko le le belaetsang. Makwalodikgang a le mmalwa bosheng jaana a ne a akaretsa Basupi le ditlhopha tsa bodumedi tse di itsiweng ka ditiro tse di belaetsang tota. Mme gone a go tshwanetse gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewe gore ke setlhophanyana sa bodumedi se se nang le dikgopolo tsa botsuolodi? Maloko a makoko a a belaetsang gantsi a ikgogona mo ditsaleng le mo go ba losika, le mo bathong ba ba mo tikologong fela ka kakaretso. A Basupi ba ga Jehofa ba dira jalo? A Basupi ba dirisa mekgwa ya tsietso le e e belaetsang go ngoka maloko?
Baeteledipele ba makoko a a belaetsang ba itsiwe ba dirisa mekgwa e e matsetseleko thata go laola ditlhaloganyo tsa balatedi ba bone. A go na le bosupi bope fela jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba dira seno? A bodumedi jwa bone ke jwa sephiri? A ba latela le go rapela moeteledipele mongwe wa motho? Fa re tlhamalala fela, a Basupi ba ga Jehofa ke lekoko le le belaetsang?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Jerry Hoefer/Fort Worth Star Telegram/Sipa Press