Sephiri mo Leineng la Morena
GASE e e botlhole e go neng ga tlhaselwa ka yone mo tseleng e e tsamayang ka fa tlase ga lefatshe ka March 1995 kwa Tokyo, e e kwa Japane, e ne ya bolaya batho ba le 12, ya lwatsa diketekete tsa batho tse di oketsegileng, ya ba ya thusa go senola sephiri sengwe. Lekoko lengwe la bodumedi le le itsiweng ka leina la Aum Shinrikyo (Boammaaruri Jwa Konokono) le ne le agile mabolokelo a gase ya sarin e le neng le e dirisetsa mekgele ya lone ya sephiri.
Kgwedi morago ga moo go thunya ga bomo go ne ga sugakanya kago nngwe ya puso kwa Oklahoma City, kwa U.S.A., mme ya bolaya batho ba le 167. Bosupi bo ne bo bonala e kete bo supa gore tlhaselo eno ka tsela nngwe e ne e amana le go gogagogana ga puso le lekoko le le belaetsang la bodumedi la Branch Davidian kwa Waco, e e kwa Texas, dingwaga tse pedi tota pele ga moo. Ka yone nako eo maloko a le 80 a lekoko leo le le belaetsang a ne a swa. Gape go thunya ga bomo go ne ga senola se e neng e le sephiri mo bathong ba le bantsi: Ditlhopha di le dintsi tsa sesole jaanong di direla kwa United States, tse gongwe dingwe tsa tsone di belaelwang gore di rera go nna kgatlhanong le puso ka tsela ya sephiri.
Morago ga moo, fa ngwaga wa 1995 o ne o le gaufi le go fela, ditopo tsa batho ba le 16 tse di sheleng di ne tsa fitlhelwa mo sekgweng se se gaufi le Grenoble, kwa Fora. E ne e ntse e le maloko a Order of the Solar Temple, e leng lekoko le lebotlana le le belaetsang la bodumedi le ka October 1994 go neng go buiwa ka lone mo dikgannyeng kwa Switzerland le kwa Canada fa maloko a lone a le 53 a ka tswang a ne a ipolaya kana a bolawa. Mme tota le morago ga masetlapelo ano, lekoko leno le le belaetsang le ne la tswelela pele le dira. Le gompieno boikaelelo le mekgele ya lone e sa ntse e le mo sephiring.
Dikotsi Tsa Sephiri sa Bodumedi
Ka ntlha ya ditiragalo tse di ntseng jalo, a go a gakgamatsa go bo batho ba le bantsi ba belaela ditlhopha tsa bodumedi? Eleruri ga go na motho ope yo o neng a batla go tshegetsa mokgatlho mongwe wa sephiri—e ka tswa e le wa bodumedi kana e se wa bodumedi—o o sa diriseng go ikanyega ga gagwe sentle le go mo dira gore a latele mekgele e a sa dumalaneng le yone. Le fa go ntse jalo, ke eng se batho ba ka se dirang go tila go wela mo serung sa go nna le seabe mo ditlhopheng tsa sephiri tse di belaetsang?
Kwantle ga pelaelo, motho ope yo o akanyetsang go nna leloko la setlhopha sengwe sa sephiri o tla bo a dira se se tshwanetseng go tlhomamisega ka maikaelelo a sone a mmatota. O tshwanetse go tila tlhotlheletso ya ditsala kana ya ba ba mo tlwaetseng, mme ditshwetso di tshwanetse go ikaega ka mabaka mme e seng ka boikutlo. Gakologelwa gore gongwe e tla bo e le motho ka boene—e seng ba bangwe—yo o tla bogang ka ntlha ya ditlamorago dipe fela tse di ka nnang teng.
Go latela melaometheo ya Baebele ke tsela e e tlhomameng ya go tila ditlhopha tse di kotsi tse maikaelelo a tsone e leng a a sa tlotlegeng. (Isaia 30:21) Seno se akaretsa go boloka boitlhaodi mo bopolotiking, go rata ba bangwe, le go rata baba tota, go tila “ditiro tsa nama,” le go tlhagolela maungo a moya wa Modimo. Mo godimo ga tsotlhe, Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go nna karolo ya lefatshe, fela jaaka Jesu e ne e se karolo ya lone, mme tsela eno e ba thibela go nna le seabe mo mekgatlhong ya sephiri ya lefatshe.—Bagalatia 5:19-23; Johane 17:14, 16; 18:36; Baroma 12:17-21; Jakobe 4:4.
Basupi ba ga Jehofa ke baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba ba tsayang tumelo ya bone e le botlhokwa mme ba leka go tshela go dumalana le yone phatlalatsa. Ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe e le setlhopha sa bodumedi se se ‘senkang kagiso mme se e latelele.’ (1 Petere 3:11) Buka ya bone ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e bolela jaana ka tshwanelo: “Basupi ba ga Jehofa ga se mokgatlho wa sephiri. Dilo tse di thailweng mo Bibeleng tse ba di dumelang di tlhalositswe sentle mo dikgatisong tse mongwe le mongwe a ka nnang le tsone. Mo godimo ga moo, ba dira boiteko jo bo kgethegileng go laletsa batho go tla dipokanong tsa bone go iponela se se diragalang le go ikutlwela ka bobone.”
Ga go na tsela epe e bodumedi jwa boammaaruri bo ka nnang sephiri ka yone. Baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba ntse ba rutwa gore ba se ka ba loba go ipolela gore ke bomang kana go fitlha boikaelelo jwa bone jaaka Basupi ba ga Jehofa. Barutwa ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba tlatsa Jerusalema ka thuto ya bone. Ditumelo le tiro ya bone di ne di le mo pepeneneng. Go ntse jalo le ka Basupi ba ga Jehofa gompieno. Ka tsela e e tlhaloganyesegang, fa, ka tsela e e sa tshwanelang, dipuso tse di gatelelang di sa re neele kgololesego ya go obamela, Bakeresete ba tshwanetse go tswelela pele le tiro ya bone ka kelotlhoko le ka bopelokgale, ba utlwa “Modimo jaaka mmusi bogolo go batho,” e leng boemo jo ba bo patelediwang ka ntlha ya go neela ga bone bosupi phatlalatsa ka bopelokgale.—Ditiro 5:27-29; 8:1; 12:1-14; Mathaio 10:16, 26, 27.
Fa o kile wa akanya gore Basupi ba ga Jehofa e ka tswa e le lekoko le le belaetsang la sephiri kana lekoko lengwe fela, gongwe e ka tswa e le gore o ne o sa itse thata ka bone. Batho ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba tshwanetse ba bo ba ne ba sa itse ka tsela e e tshwanang.
Ditiro kgaolo 28 e re bolelela gore moaposetoloi Paulo o ne a le kwa Roma le “banna ba bagolo ba Bajuda.” Ba ne ba mo raya ba re: “Re akanya gore ke se se tshwanetseng gore re utlwe mo go wena gore dikakanyo tsa gago ke eng, gonne ruri malebang le lekoko leno re a itse gore le buiwa ka go kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:16-22) Fa Paulo a ne a araba, o ne “a ba tlhalosetsa kgang a naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo,” mme “bangwe ba simolola go dumela.” (Ditiro 28:23, 24) Eleruri ba ne ba tla solegelwa molemo ruri fa ba nna le mabaka a mmatota malebana le Bokeresete jwa boammaaruri.
Jaaka ba ineetse mo tirelong ya Modimo e e mo pepeneneng le ya phatlalatsa, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go senola dintlha tse di tlhamaletseng tsa tiro le ditumelo tsa bone mo mothong ope fela yo o batlang go itse ka dintlha tseo. Ke eng o sa itlhatlhobele ka bowena, ka gone o tla kgona go tlhalosediwa sentle ka tumelo ya bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go ipolela gore ke bomang le se ba se dirang