Ke ka Ntlha Yang fa Sephiri se le Gongwe le Gongwe Jaana?
“GA GO na sepe se se boima jaaka sephiri.” Kana bobotlana go bolela jalo seane sengwe sa Sefora. A seno ke sone se se tlhalosang lebaka la go bo re itumela fa re itse sephiri sengwe mme ka dinako tse dingwe go betisa pelo fa re sa kgone go ka se bua? Le fa go ntse jalo, ka makgolokgolo a dingwaga batho ba le bantsi ba ile ba amogela sephiri, ba ikokoanya mmogo go nna ditlhopha tsa sephiri e le go dira mokgele mongwe di le seoposengwe.
Mo ditlhopheng tseno tsa sephiri tsa bogologolo go ne go na le makoko a sephiri a bodumedi kwa Egepeto, kwa Gerika le kwa Roma. Moragonyana dingwe tsa ditlhopha tseno di ne tsa tlogela tlhotlheletso ya tsone ya bodumedi mme tsa retologela mo dikgannyeng tsa bopolotiki, tsa ikonomi le tsa loago. Ka sekai, fa ditlhopha di ne di simologa mo metlheng ya bogare kwa Yuropa, maloko a tsone a ne a retologela mo go diriseng sephiri segolobogolo e le go itshireletsa mo go tsa ikonomi.
Ditlhopha tsa sephiri mo metlheng ya segompieno gantsi di ile tsa tlhomiwa ka mabaka a go bontsha thokgamo, gongwe e le ka “maikaelelo a loago le a go dira dilo ka bopelotshweu,” go ya ka Encyclopædia Britannica, le “go diragatsa dithulaganyo tsa dithuso le tsa thuto.” Makgotla mangwe a ditsala, makoko a basha, mekgatlho ya loago le ditlhopha tse dingwe le one ke a sephiri, kana bobotlana karolo e nngwe ya one ke ya sephiri. Ka kakaretso fela, ditlhopha tseno ga di na maikaelelo a a bosula, maloko a tsone a bona fela go nna le sephiri go kgatlha fela. Ditirelo tsa sephiri tsa go rupa di a gogela tota mo maikutlong e bile di nonotsha dibofo tsa botsala le kutlwano. Maloko a ikutlwa a amogelwa le go nna le boikaelelo bongwe. Ditlhopha tsa sephiri tsa mofuta ono gantsi ga di kotsi mo bathong ba e seng maloko a tsone. Batho ba e seng maloko ga ba ikutlwe ba se mosola fa ba sa itse diphiri tseno.
Fa Sephiri se Supa Kotsi
Ga se ditlhopha tsotlhe tsa sephiri tse di nang le sephiri ka selekanyo se se tshwanang. Mme tse di nang le “diphiri mo godimo ga diphiri,” jaaka Encyclopædia Britannica e e baya, di kotsi ka tsela e e rileng. E tlhalosa gore “ka go dirisa maina a a kgethegileng, maikano kana go senolelwa dilo,” maloko a a nang le maemo a a kwa godimo a rulaganya go “ikaba,” ka go dira jalo a tlhotlheletsa a a nang le “maemo a a kwa tlase go dira boiteko jo bo tlhokegang jwa go fitlhelela selekanyo se se kwa godimo.” Ga go belaetse gore go na le kotsi e e nweleletseng mo ditlhopheng tse di ntseng jalo. Ba ba mo maemong a a kwa tlase ba ka tswa ba sa lemoge gotlhelele maikaelelo a mmatota a mokgatlho ono, ka go bo ba ise ba fitlhelele selekanyo seo sa go senolelwa dilo. Go motlhofo go tsena mo setlhopheng se mekgele le mekgwa ya sone ya go e fitlhelela o lemogang karolonyana fela ya yone mme ruri, gongwe se ise se go tlhalosetse yone ka botlalo. Mme motho yo o setseng a tsene mo setlhopheng se se ntseng jalo o ka nna a bona go le thata go tswa mo go sone; o bofilwe ka dikeetane tsa sephiri, jaaka go ka tualo.
Le fa go ntse jalo, sephiri se supa gore go na le kotsi e kgolo fa setlhopha sengwe se latela mekgele e e seng ka fa molaong kana ya go dira molato mme ka gone se leka go loba gore se teng. Kana fa go itsiwe gore se teng le maikaelelo a sone, se ka nna sa leka go dira gore maloko a sone le maano a sone a a sa nneleng ruri a nne mo sephiring. Go ntse jalo ka ditlhopha tse di tlhotlhelediwang thata ke dirukhutlhi tse gangwe le gape di tshosang lefatshe ka ditlhaselo tsa tsone tsa borukhutlhi.
Ee, sephiri se ka nna kotsi, mo mothong ka bongwe le mo setšhabeng ka kakaretso. Akanya ka digopa tsa sephiri tsa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome tse di bolayang batho ba ba se nang molato ka tsela e e setlhogo, mekgatlho ya bokebekwa e e jaaka ya Mafia ya sephiri, ditlhopha tse di dumelang gore batho ba basweu ba kwa godimo ga botlhe tse di jaaka Ku Klux Klan,a re sa lebale ditlhopha tse dintsi tsa dirukhutlhi mo lefatsheng lotlhe tse di tswelelang pele di senya maiteko a gore lefatshe le nne le kagiso le polokesego.
Boikaelelo Jwa Tsone ke Bofe Gone Jaanong?
Ka dingwaga tsa bo1950, e le matswela a Ntwa ya Molomo, ditlhopha tsa sephiri di ne tsa rulaganngwa kwa dinageng di le mmalwa tsa Yuropa Bophirima tse di neng di direla e le motheo wa mekgatlho e e kgatlhanong le dilo dingwe, fa masole a Soviet a ne a ka leka go gapa Yuropa Bophirima. Ka sekai, makasine wa dikgang wa kwa Jeremane wa Focus o bolela gore, “mabolokelo a sephiri a dibetsa a le 79” a ne a tlhomiwa kwa Austria ka yone nako eo. E ne e se dinaga tsotlhe tsa Yuropa tse tota di neng di itse ka ditlhopha tseno. Makasine mongwe wa dikgang o ne wa bega jaana mo masimologong a bo1990 o bontsha go amega: “Go sa ntse go sa itsiwe gore go na le mekgatlho eno e le kae e e sa ntseng e dira gompieno le gore maikaelelo a yone e ka tswa e le afe bosheng jaana.”
Ee ruri. Ke mang tota yo o ka itseng gore go na le ditlhopha di le kae tsa sephiri tse mo nakong ya jaanong di ka re tsenyang mo kotsing go feta jaaka re ne re ka akanya?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Setlhopha seno se se kwa United States se ne se na le dikarolo dingwe tsa bodumedi tsa mekgatlho mengwe ya bogologolo ya sephiri ka go dirisa sefapaano se se shang e le letshwao la sone. Mo nakong e e fetileng, setlhopha seno se ne se dira bonokwane bosigo, maloko a sone a ne a apara dipurapura le dishiti tse ditshweu le go galefela batho ba bantsho, Bakatoliki, Bajuda, batswakwa le mekgatlho e e rulagantsweng ya babereki.