Sephiri se Bakeresete ba sa Tshwanelang Go Se Boloka!
“Ke buile le lefatshe phatlalatsa. . . . Ga ke a bua sepe mo sephiring.” —JOHANE 18:20.
1, 2. Tsela e lefoko la Segerika my·steʹri·on le dirisitsweng ka yone mo Dikwalong e kaya eng?
LEFOKO la Segerika my·steʹri·on le ranotswe mo go New World Translation of the Holy Scriptures ka makgetlho a le 25 e le “sephiri se se boitshepo” mme ka makgetlho a le 3 e le “masaitsiweng.” Sephiri se go tweng se boitshepo se tshwanetse sa bo se le botlhokwa tota! Le fa e le mang yo o nang le tshiamelo ya go itse ka sephiri se se ntseng jalo o tshwanetse a bo a ikutlwa a le motlotlo tota, e re ka a ile a bonwa a tshwanelega go itse sephiri sa Modimo Mogodimodimo wa lobopo.
2 Expository Dictionary of Old and New Testament Words ya ga Vine e tlhomamisa gore mo makgetlhong a le mantsi go ranola lefoko leno e le “sephiri se se boitshepo” ke thanolo e e tshwanelang go gaisa ya “masaitsiweng.” E bolela jaana ka my·steʹri·on: “Mo [Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete] ga le kaye selo se se sa itsiweng (jaaka lefoko la Seesemane le kaya), mme le kaya sengwe se motho a ka se kgoneng go se tlhaloganya ka tlholego fela, se ka tlhalosiwa fela ka go senolwa ke Modimo, mme se tlhalosiwa ka mokgwa le ka nako e e tlhomilweng ke Modimo, mme a se senolela fela ba ba boneng lesedi ka Moya wa Gagwe. Ka tsela e e tlwaelegileng fela, masaitsiweng a kaya kitso e e sa senolwang; mo Dikwalong a kaya boammaaruri jo bo senotsweng. Ka jalo mafoko a a amanang thata le lefoko leno ke ‘se se itsisitsweng,’ ‘se se supilweng,’ ‘se se senotsweng,’ ‘se se rerilweng,’ ‘go tlhaloganya,’ ‘go anamisa.’”
3. Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e farologane jang le ditlhopha tsa bodumedi tsa sephiri?
3 Tlhaloso eno e gatelela pharologano e kgolo fa gare ga ditlhopha tsa bodumedi tsa sephiri tse di neng tsa anama mo lekgolong la ntlha la dingwaga le phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa ya Bokeresete. Le mororo ba ba gogetsweng mo makokong a sephiri gantsi ba ne ba tlamiwa ke maikano a gore ba didimale e le go sireletsa dithuto tsa bodumedi, Bakeresete le ka motlha ba ne ba sa beelwa dithibelo tse di ntseng jalo. Gone ke boammaaruri gore moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “botlhale jwa Modimo mo sephiring se se boitshepo,” a re ke “botlhale jo bo fitlhegileng,” se se rayang gore bo fitlhetswe “babusi ba tsamaiso eno ya dilo.” Ga bo a fitlhelwa Bakeresete ba ba bo senoletsweng ka moya wa Modimo gore ba bo phatlalatse.—1 Bakorintha 2:7-12; bapisa Diane 1:20.
“Sephiri se se Boitshepo” se a Lemogiwa
4. “Sephiri se se boitshepo” se amana le mang thata, mme jang?
4 “Sephiri se se boitshepo” sa ga Jehofa se amana thata le Jesu Keresete. Paulo o ne a kwala jaana: “[Jehofa] o ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se go ya ka natefelelo e e molemo ya gagwe e a neng a e ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e tlala, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng. Ee, mo go ene.” (Baefeso 1:9, 10) E bile Paulo o ne a tlhalosa ka botlalo mofuta wa “sephiri se se boitshepo” fa a ne a bua ka botlhokwa jwa go nna le “kitso e e leng yone ya sephiri se se boitshepo sa Modimo, e leng, Keresete.”—Bakolosa 2:2.
5. “Sephiri se se boitshepo” se akaretsa eng?
5 Le fa go ntse jalo, seno se akaretsa mo gontsi, ka gonne “sephiri se se boitshepo” ke sephiri se se nang le dikarolo tse dintsi. Ga se fela go tlhaola Jesu jaaka Losika lo lo solofeditsweng kana Mesia; go akaretsa seabe se a nang naso mo maikaelelong a Modimo. Go akaretsa puso ya magodimo, Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, jaaka Jesu a ne a tlhalosa ka phepafalo fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo, mme batho bale ga baa go newa.”—Mathaio 13:11.
6. (a) Ke ka ntlha yang fa go siame go bolela gore “sephiri se se boitshepo” se ne “sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri”? (b) Se ne sa senolwa jang kgato ka kgato?
6 Go ne go tshwanetse ga feta nako e telele fa gare ga go umakiwa ga ntlha ga maikaelelo a Modimo a go thaya motheo wa Bogosi jwa Bomesia le nako ya fa “sephiri se se boitshepo . . . [se] wediwa.” (Tshenolo 10:7; Genesise 3:15) Go wediwa ga sone go tla diragala fa Bogosi bo tlhomiwa, jaaka go bapisa Tshenolo 10:7 le 11:15 go supa. Totatota, go ne ga feta dingwaga tse di ka nnang 4000 fa gare ga nako ya fa go ne go neelwa tsholofetso ya ntlha ya Bogosi kwa Etene go fitlha ka nako ya fa Kgosi e e Tlhophilweng e ne e tlhaga ka 29 C.E. Go ne ga feta dingwaga tse dingwe di le 1885 pele ga Bogosi bo tlhomiwa kwa legodimong ka 1914. Ka jalo, “sephiri se se boitshepo” se ne sa senolwa kgato ka kgato mo lobakeng lwa dingwaga tse di ka nnang 6000. (Bona tsebe 16.) Tota Paulo o ne a nepile fa a ne a bua ka “sephiri se se boitshepo se se nnileng sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri mme se jaanong se bonatshitsweng e bile se itsisitswe.”—Baroma 16:25-27; Baefeso 3:4-11.
7. Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela ka botlalo?
7 Go farologana le batho, ba ba nang le lobaka lo lo lekanyeditsweng la botshelo, Jehofa le ka motlha ga a ke a ikutlwa a gatelelwa ke nako gore a senole diphiri tsa gagwe e ise e nne nako. Seno se tshwanetse go re thibela gore re se ka ra fela pelo fa dipotso dingwe tsa Baebele di ka se tlhalosiwe gone jaanong ka tsela e e re kgotsofatsang. Go nna tekatekano ga setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela, se se filweng tiro ya go abela ba ntlo ya Bokeresete dijo ka nako e e tshwanetseng, go se thibela gore se se ka sa itlhaganela kwa pele ka go ipagololela mogodu mme se fopholetsa thata ka dilo tse se iseng se di tlhaloganye sentle. Setlhopha sa motlhanka se tila go gagamatsa dilo. Ga se ikgogomose mo se ka se kang sa dumela gore gone jaanong ga se kgone go arabela potso nngwe le nngwe, se ntse se gakologelwa Diane 4:18 sentle. Mme a bo go itumedisa jang ne go itse gore Jehofa, ka nako e a e beileng le ka tsela ya gagwe, o tla tswelela pele a senola diphiri tsa gagwe malebana le maikaelelo a gagwe! Le ka motlha ga re a tshwanela go felela thulaganyo ya ga Jehofa pelo, ka boeleele re leka go itlhaganelela kwa pele ga Mosenodi wa diphiri. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore motswedi wa tshedimosetso o Jehofa a o dirisang gompieno ga o dire jalo! O boikanngo e bile o bonokopela.—Mathaio 24:45; 1 Bakorintha 4:6.
Sephiri se se Senotsweng se Tshwanetse go Bolelwa!
8. Re itse jang gore “sephiri se se boitshepo” se tshwanetse go itsisiwe?
8 Jehofa ga a senolela Bakeresete “sephiri [sa gagwe] se se boitshepo” gore ba nne ba se fitlhile. Se tshwanetse go itsisiwe, go dumalana le molaomotheo o Jesu a neng a o tlhomela balatedi ba gagwe botlhe—e seng fela baruti ba le mmalwa: “Lona lo lesedi la lefatshe. Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba. Batho ba tshuba lobone ba ba ba lo tlhoma, e seng kafa tlase ga seroto se se lekanyang, fa e se mo godimo ga setlhomo sa lobone, mme lo phatsimela botlhe ba ba mo ntlong. Ka tsela e e tshwanang a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemomogolo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.”—Mathaio 5:14-16; 28:19, 20.
9. Ke eng se se supang gore Jesu e ne e se modiradiphetogo, jaaka bangwe ba kaya?
9 Jesu o ne a sa ikaelela go dira diphetogo ka go tlhoma mokgatlho wa balatedi o o sa itsegeng o o nang le maikaelelo a sephiri. Mo bukeng ya Early Christianity and Society, Robert M. Grant o ne a kwala jaana malebana le tsela e mofemedi wa tumelo wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Justin Martyr a neng a femela Bakeresete ba bogologolo ka yone: “Fa Bakeresete e ne e le batho ba ba lwelang diphetogo ba ne ba tla nna ba iphitlhile gore ba tle ba kgone go fitlhelela mokgele wa bone.” Mme Bakeresete ba ne ba ka “nna ba iphitlhile” jang mme ka nako e e tshwanang ba bo ba nna jaaka “motse . . . o tlhomilwe mo godimo ga thaba”? Le ka motlha ba ka se ka ba fitlha lesedi la bone ka fa tlase ga seroto se se lekanyang! Ka jalo, puso e ne e sa tshwanela go boifa sepe malebana le tiro ya bone. Mokwadi yono o ne a tswelela pele a tlhalosa e le “ditsala tse dikgolo tsa mmusimogolo fa go tla mo kgannyeng ya kagiso le tolamo e e tshwanetseng.”
10. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go boloka se ba leng sone e le sephiri?
10 Jesu o ne a sa batle gore barutwa ba gagwe ba fitlhe se tota ba leng sone jaaka maloko a makoko a bodumedi. (Ditiro 24:14; 28:22) Fa re palelwa ke go phatsimisa lesedi la rona gompieno go tla kgopisa Keresete le Rraagwe, yo e leng Mosenodi wa diphiri, mme ga re kitla re itumela.
11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore Bokeresete bo itsisiwe? (b) Jesu o ne a tlhoma sekao se se siameng jang?
11 Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9; Esekiele 18:23; 33:11; Ditiro 17:30) Motheo wa gore batho ba ba ikwatlhayang ba itshwarelwe maleo a bone ke gore ba dumele mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete, yo o neng a nna thekololo mo go botlhe—e seng fela mo go ba le mmalwa—gore “mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Go botlhokwa gore batho ba thusiwe go tsaya dikgato tse di tshwanetseng gore ba tshwanelegele go atlholwa e le dinku, e seng dipodi, ka nako ya katlholo e e tlang.—Mathaio 25:31-46.
12 Bokeresete jwa boammaaruri ga bo a tshwanela go fitlhiwa; bo tshwanetse go itsisiwe ka tsela nngwe le nngwe e e tshwanelang le e e ka kgonegang. Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao se se tshwanetseng. Fa moperesiti yo mogolo a ne a mmotsolotsa ka barutwa ba gagwe le ka thuto ya gagwe, o ne a bolela jaana: “Ke buile le lefatshe phatlalatsa. Ka metlha ke ne ke ruta mo sinagogeng le mo tempeleng, koo Bajuda botlhe ba phuthegelang gone; mme ga ke a bua sepe mo sephiring.” (Johane 18:19, 20) Ka go bona sekao seno, ke motho ofe yo o boifang Modimo yo o tla bolokang sephiri se Modimo a ileng a bolela gore se itsisiwe? Ke mang yo o tla batlang go fitlha “selotlolo sa kitso” se se isang kwa botshelong jo bo sa khutleng? Go dira jalo, go tla dira gore a tshwane le baitimokanyi ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga.—Luke 11:52; Johane 17:3.
13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rera ka tshono nngwe le nngwe?
13 E kete le ka motlha go ka se nne le ope yo o bolelang gore rona Basupi ba ga Jehofa re ile ra boloka molaetsa wa Bogosi jwa Modimo e le sephiri! Le fa molaetsa o amogelwa kana o sa amogelwe, batho ba tshwanetse go itse gore o kile wa rerwa. (Bapisa Esekiele 2:5; 33:33.) Ka jalo a re diriseng tshono nngwe le nngwe go bolelela botlhe molaetsa wa boammaaruri, gongwe le gongwe koo re kopanang le bone teng.
Go Tsenya Dikgwage mo Ditlhaeng Tsa ga Satane
14. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go etsaetsega ka go gololesega ka kobamelo ya rona?
14 Mo mafelong a le mantsi metswedi ya tshedimosetso e bua thata ka Basupi ba ga Jehofa. Fela jaaka go ne ga direga ka Bakeresete ba bogologolo, gantsi ga ba tlhalosiwe sentle e bile ba tsewa e le bangwe ba ditlhopha tse di tshwanang le tsa makoko a bodumedi a a belaetsang le mekgatlho ya sephiri. (Ditiro 28:22) A go rera ga rona ka kgololesego go ka dira gore re tlhaselwe thata? Go itsenya mo kganetsanong go sa tlhokege go tla bo go se botlhale tota, e bile go sa dumalane le kgakololo ya ga Jesu. (Diane 26:17; Mathaio 10:16) Le fa go ntse jalo, tiro e e mosola eno ya go rera ka Bogosi le go thusa batho go tokafatsa matshelo a bone ga e a tshwanela go fitlhiwa. E galaletsa Jehofa, e a mo tlotlomatsa, e lebisa tlhokomelo mo go ene le mo Bogosing jwa gagwe jo bo tlhomilweng. Tsela e e kgotsofatsang e batho ba ileng ba arabela boammaaruri jwa Baebele ka yone bosheng jaana kwa Yuropa Botlhaba le kwa dikarolong tsa Afrika ka tsela nngwe e nnile gone ka ntlha ya tsela e ka yone boammaaruri bo rerwang ka kgololesego e e oketsegileng koo gone jaanong.
15, 16. (a) Go gololesega ga rona le go atlega mo semoyeng go diragatsa maikaelelo afe, a mme re tshwanetse go tshwenyega ka seno? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tsenya dikgwage mo ditlhaeng tsa ga Satane?
15 Ke boammaaruri gore kgololesego e Basupi ba ga Jehofa ba rerang ka yone, paradaise ya semoya e ba nang le yone le go atlega ga bone—ka dikhumo le dithoto—di a bonala. Le mororo mabaka ano a gogela batho ba ba dipelo tse di ikanyegang, a ka nna a tena baganetsi. (2 Bakorintha 2:14-17) Tota e bile, seno kgabagare se ka nna sa tlhotlheletsa masomosomo a ga Satane go tlhasela batho ba Modimo.
16 A seno e tshwanetse go nna lebaka la go tshwenyega? E seng go ya ka boporofeti jwa ga Jehofa jo bo mo go Esekiele kgaolo 38. Bo bolelela pele gore Goge wa Magoge, yo o kayang Satane Diabolo fa e sale a latlhelwa mo lefatsheng fa Bogosi bo sena go tlhomiwa ka 1914, o tla etelela pele fa batho ba Modimo ba tlhaselwa. (Tshenolo 12:7-9) Jehofa o bolelela Goge jaana: “O tlaa re: Ke tlaa bololela kwa lefatsheng la metsana e e sa agelwang dithako; ke tlaa ya kwa go ba ba iketlileng, ba agile ka thagamo, botlhe ba agile fela ba se na dithako, ba se na mephakalego le fa e le ditswalo. Go tsaya thopo, go tsaya kgapo; go ya go busetsa seatla sa gago mo mafelong a a kgakgabetseng, a gompieno a ntsweng, le go tlhabana le batho ba ba tswang go phuthwa kwa merafeng, ba bapetse dikgomo le dithoto, ba agile mo gare ga lefatshe.” (Esekiele 38:11, 12) Le fa go ntse jalo, temana ya 4 e bontsha gore batho ba Modimo ga ba tlhoke go boifa tlhaselo ya gagwe, ka gonne e nna teng ka ntlha ya ga Jehofa. Mme ke ka ntlha yang fa Modimo a ka letla—ee, tota le go tlhotlheletsa—tlhaselo e e seng kana ka sepe mo bathong ba gagwe? Mo temaneng ya 23 re bala jaana ka karabo ya ga Jehofa: “Ke tlaa itlotlomatsa, ke tlaa iitshepisa, ke tlaa itira gore ke itsiwe mo matlhong a merafe e le mentsi; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”
17. Re tshwanetse go leba jang tlhaselo ya ga Goge e e tla tlogang e nna teng?
17 Ka jalo, go na le gore batho ba ga Jehofa ba nne ba ntse ba boifa tlhaselo ya ga Goge, ba lebeletse pele thata go bona go diragadiwa go gongwe ga boporofeti jono jwa Baebele. A bo go itumedisa jang ne go itse gore ka go dira gore phuthego ya gagwe e e bonalang e atlege le go e segofatsa, Jehofa o tsenya dikgwage mo ditlhaeng tsa ga Satane mme a gogela ene le masomosomo a gagwe kwa go fenngweng!—Esekiele 38:4.
Kgololesego e e Oketsegileng go Gaisa Le fa E le Leng Pele!
18. (a) Ke eng se batho ba se lemogang jaanong, mme ka ntlha yang? (b) Tsela e batho ba itshwarang ka yone ka go rerwa ga Bogosi e nna tlhotlheletso e e nonofileng jang?
18 Mo metlheng ya segompieno Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba gololesegile thata go tlhalosa megopolo ya bone e e theilweng mo Baebeleng, tota le fa seno se ntse se sa amogelwe. Ka masome a dingwaga ba ntse ba tlhagisa ka dikotsi tsa go goga le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, boeleele jwa go thapisa ngwana ka go letlelela sengwe le sengwe, ditlamorago tse di bosula tsa boitlosobodutu jo bo tletseng ka tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang le thubakanyo le dikotsi tsa go tshelwa madi. Gape ba ile ba tlhalosa go sa tlhomama ga kgopolo ya thutotlhagelelo. Batho ba ba ntseng ba oketsega ba bolela jaana gompieno, “Basupi ba ga Jehofa ga ba phoso tota.” Fa re ka bo re sa gololesega go itsise dikgopolo tsa rona phatlalatsa, ba ka bo ba sa itshware ka tsela eno. Mme o se ka wa lebala ntlha ya gore fa ba bua jalo, ba tsere kgato mo ntlheng ya go bolela gore, “Satane, o moaki; Jehofa tota o siame.” A bo go re tlhotlheletsa thata jang ne gore re tswelele pele re latela sekao sa ga Jesu, re bolela lefoko la boammaaruri phatlalatsa!—Diane 27:11.
19, 20. (a) Batho ba ga Jehofa ba ile ba ititaya sehuba ka mafoko afe ka 1922, a mme mafoko ano a sa ntse a dira? (b) Re tshwanetse go leba jang “sephiri se se boitshepo” sa ga Jehofa?
19 Ke bogologolo batho ba ga Jehofa ba ntse ba tlhaloganya boikarabelo jwa bone malebana le seno. Kwa kopanong e e sa lebalesegeng ka 1922, J. F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a kgatlha bareetsi ba gagwe ka go bolela jaana: “Tlhoafalang, lo nne podimatseba, tlhagafalang, nnang pelokgale. Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Gatelang pele lo tsene mo ntweng go fitlha karolo nngwe le nngwe e e setseng ya Babelona e senngwa gotlhelele. Bolelang molaetsa gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Motlha ono ke motlha o o e gaisang yotlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng batho. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.”
20 Fela jaaka mafoko ano a ne a le botlhokwa ka 1922, a bo a le botlhokwa go feta jang ne dingwaga di le 75 moragonyana, fa go senolwa ga Keresete e le Moatlhodi le Mmusolosi go atametse thata! Molaetsa wa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Jehofa le wa paradaise ya semoya e batho ba Modimo ba leng mo go yone ke “sephiri se se boitshepo” se go ka se kang ga didimalwa ka sone. Jaaka Jesu ka boene a ile a tlhalosa ka phepafalo, balatedi ba gagwe ba tshwanetse, ka thuso ya moya o o boitshepo, ba nne basupi “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe” malebana le seabe sa gagwe se segolo mo maikaelelong a ga Jehofa a a nnetseng ruri. (Ditiro 1:8; Baefeso 3:8-12) Tota e bile, jaaka batlhanka ba ga Jehofa, Modimo yo o senolang diphiri, ga re batle le ka motlha go ipolokela sephiri seno!
O ne O Tla Araba Jang?
◻ “Sephiri se se boitshepo” ke eng?
◻ Re itse jang gore se tshwanetse go phatlaladiwa?
◻ Ke eng se se dirang gore Goge a tlhasele batho ba ga Jehofa, mme re tshwanetse go leba seno jang?
◻ Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ititaya sehuba go dira eng?
[Lebokoso mo go tsebe 16]
“Sephiri se se Boitshepo” se se Senolwang Kgato ka Kgato
◻ Morago ga 4026 B.C.E.: Modimo o solofetsa go tlhagisa Losika lo lo tla senyang Satane.—Genesise 3:15
◻ 1943 B.C.E.: Kgolagano ya ga Aberahame e a tlhomamisiwa, go solofediwa gore Losika lo tla tswa mo go Aberahame.—Genesise 12:1-7
◻ 1918 B.C.E.: Go tsholwa ga ga Isake jaaka moruaboswa wa kgolagano.—Genesise 17:19; 21:1-5
◻ c. 1761 B.C.E.: Jehofa o tlhomamisa gore Losika loo lo tla tswa mo go morwa Isake e bong Jakobe.—Genesise 28:10-15
◻ 1711 B.C.E.: Jakobe o supa gore Losika lo tla tswa mo go morwawe e bong Juda.—Genesise 49:10
◻ 1070-1038 B.C.E.: Kgosi Dafite o utlwa gore Losika lono e tla nna lotsalo lwa gagwe mme lo tla busa ka bosakhutleng e le Kgosi.—2 Samuele 7:13-16; Pesalema 89:35, 36
◻ 29-33 C.E.: Jesu o tlhaolwa e le Losika, Mesia, moatlhodi wa isagwe, le Kgosi e e Tlhophilweng.—Johane 1:17; 4:25, 26; Ditiro 10:42, 43; 2 Bakorintha 1:20; 1 Timotheo 3:16
◻ Jesu o senola gore o tla nna le babusimmogo le baatlhodi, gore Bogosi jwa selegodimo bo tla nna le babusiwa ba ba mo lefatsheng, mme balatedi ba gagwe botlhe e tla nna bareri ba Bogosi.—Mathaio 5:3-5; 6:10; 28:19, 20; Luke 10:1-9; 12:32; 22:29, 30; Johane 10:16; 14:2, 3
◻ Jesu o senola gore Bogosi bo tla tlhomiwa ka nako e e tlhomameng, jaaka go tlhomamisiwa ke ditiragalo tsa lefatshe.—Mathaio 24:3-22; Luke 21:24
◻ 36 C.E.: Petere o utlwa gore batho ba e seng Bajuda le bone ba tla nna baruaboswammogo ba Bogosi.—Ditiro 10:30-48
◻ 55 C.E.: Paulo o tlhalosa gore baruaboswammogo ba Bogosi ba tla tsosiwa gore ba rue bosasweng le bosaboleng ka nako ya go nna gone ga ga Keresete.—1 Bakorintha 15:51-54
◻ 96 C.E.: Jesu, yo o setseng a busa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng, o senola gore palo ya bone fa e feletse e tla nna 144 000.—Baefeso 5:32; Bakolosa 1:13-20; Tshenolo 1:1; 14:1-3
◻ 1879 C.E.: Zion’s Watch Tower e tlhalosa gore 1914 ke ngwaga o o botlhokwa thata mo go diragadiweng ga “sephiri se se boitshepo” sa Modimo
◻ 1925 C.E.: Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e tlhalosa gore Bogosi bo ile jwa tlhomiwa ka 1914; “sephiri se se boitshepo” se se malebana le Bogosi se tshwanetse go phatlaladiwa.—Tshenolo 12:1-5, 10, 17
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Jaaka Moeteledipele wa bone, Jesu, Basupi ba ga Jehofa ba itsise Bogosi jwa ga Jehofa phatlalatsa