LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 2/15 ts. 22-25
  • Katogela Kgakala Fa go Lebega go ka Nna le Kotsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katogela Kgakala Fa go Lebega go ka Nna le Kotsi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Monna Yo O Neng A Sa Ele Dikotsi Tlhoko
  • Go Tsamaela Kgakala le Kotsi
  • Go Ikgolola le go Itshola O le Kgakala le Kotsi
  • Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Gakologelwa Mosadi wa ga Lote
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Thusa ba ba Gateletsweng mo Maikutlong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 2/15 ts. 22-25

Katogela Kgakala Fa go Lebega go ka Nna le Kotsi

KE BATHO ba se kae fela ba ba tshwenyegang ka dikotsi go feta batsamaisadikepe. Ba tshwanetse go nna ba etse tlhoko maemo a bosa, dithaete, le gore sekepe sa bone se atametse lotshitshi go le kana kang. Fa dithaete le diphefo di kopana di bo di kgoromeletsa sekepe kwa lotshitshing, batsamaisadikepe ba lebana le namane e tona ya tiro e bile ba lebana le kotsi.

Fa maemo a ntse jaana—phefo e fokela ntlha ya kwa lotshitshing—motsamaisasekepe o dira gore mokoro wa gagwe o se ka wa atamela lotshitshi thata, segolobogolo fa mokoro o tsamaisiwa ka disaile. Buka ya go tsamaisa dikepe e tlhalosa gore ‘go iphitlhela o le mo phefong kana phefo e go fokela kwa lotshitshing ke bothata’ jo bogolo tota jo motsamaisasekepe a ka iphitlhelang mo go jone. Go akantshiwa gore go ka dirwa eng? ‘O se ka wa bo wa letla sekepe sa gago sa nna mo maemong ao.’ Tsela e e babalesegileng ya go tila go wela mo motlhabeng kana mo lotshitshing lo lo tletseng maje ke go tsamaela kgakala le kotsi.

Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko thata dikotsi tse di ka senyang tumelo ya bone. (1 Timotheo 1:19) Gompieno, maemo ga a letle le e seng gore motho a tsamaye fela a iketlile. Fela jaaka mokoro o ka ntshiwa ke diphefo le dithaete mo tseleng, fela jalo le matshelo a rona a ka fapoga gonne re lwa ka metlha le nama ya rona e e sa itekanelang e bile re tlhola re lwa le moya wa lefatshe—o bogale jwa one bo tshwanang fela le sefefo sa setsuatsue.

Monna Yo O Neng A Sa Ele Dikotsi Tlhoko

A bo go le motlhofo jang ne go wela mo metsing a a kotsi a semoya o sa ikaelela!

Akanya ka sekai se se neng sa diragala gaufi le metsi mangwe a a batlileng a thibelwa ke lefatshe gotlhelele a Lewatle Le Le Suleng. Re bua ka sekai sa ga Lote. Tshwetso e a neng a e dira ya go nna kwa Sodoma e ne ya mmakela mathata le go mo utlwisa botlhoko thata. Fa badisa ba bone ba sena go lwa, Aberahame le Lote ba ne ba dumelana gore ba kgaogane. Re bolelelwa gore Lote, o ne a tlhopha Kgaolo ya Joredane mme a tlhoma tente ya gagwe mo metsemegolong ya Kgaolo eo. Moragonyana, o ne a swetsa gore o tla ya go nna kwa Sodoma, lefa tsela e batho ba Sodoma ba neng ba tshela ka yone e ne e mo tshwenya thata.—Genesise 13:5-13; 2 Petere 2:8.

Ke eng fa Lote a ne a tswelela a nna mo motseng o o neng o itsiwe ka boitsholo jo bo maswe jo bo neng bo kgopisa Jehofa e bile bo tshwenya le batho ba ba neng ba nna gaufi le one? Sodoma e ne e na le dikhumo, e bile ga go na pelaelo gore mosadi wa ga Lote o ne a itumelela dilo tse di bonalang tsa motsemogolo oo. (Esekiele 16:49, 50) Gongwe e bile Lote le ene o ne a gogelwa ke ikonomi e e neng e gola ya Sodoma. Lefa lebaka la gagwe le ne le ka tswa e le lefe, o ne a tshwanetse go bo a ne a fuduga pele ga foo. Lelapa la ga Lote le ne la tswa mo lefelong le le kotsi leo fela fa baengele ba ga Jehofa ba sena go ba kgopakgopetsa gore ba tswe ka bonako.

Pego ya Genesise e bolela jaana: “Me e rile bosigo bo anoga, hoñ baengele ba akohisa Lote, ba re, Nanoga, u tseè mosadi oa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba hano; u ka tla ua nyelediwa mo tshiamololoñ ea motse.” Lote o ne a nna “a dièga,” le fa a sena go tlhagisiwa jalo go gatelelwa. Kgabagare baengele ba ne ba “mo chwara ka seatla, le seatla sa mosadi oa gagwè, le seatla sa bomorwadiè ba babedi; . . . me ba mo ntshetsa kwa ntlè, ba mmaea kwa ntle ga motse.”—Genesise 19:15, 16.

Baengele ba ne ba naya lelapa la ga Lote ditaelo tseno tsa bofelo fa ba fitlha kwa ntle ga motsemogolo: “Tshaba u iphedisè: se gadimè le gōna u se ka ua èmaèma mo lobaleñ lotlhe hèla: tshabèla kwa thabeñ u tlo u se ka ua nyelediwa.” (Genesise 19:17) Le ka yone nako eo, Lote o ne a kopa gore a letliwe go ya kwa motseng o o fa gaufi wa Soara go na le gore a tswe mo kgaolong eo gotlhelele. (Genesise 19:18-22) Go bonala sentle gore Lote ga a ka a tsaya kgato ka bonako go tshabela kgakala le kotsi.

Fa ba le mo tseleng ba lebile Soara, mosadi wa ga Lote o ne a leba kwa morago a gadima Sodoma, gongwe a eletsa dilo tse a di tlogetseng kwa morago. O ne a swa gonne a ne a tlhokomologa ditaolo tsa moengele. Lote—monna yo o siameng—o ne a falola mmogo le barwadie ba babedi fa motsemogolo oo o ne o senngwa. Mme a bo a ne a latlhegelwa jang ne ka ntlha ya go tlhopha go nna gaufi le kotsi!—Genesise 19:18-26; 2 Petere 2:7.

Go Tsamaela Kgakala le Kotsi

Dilo tse di botlhoko tse di diragaletseng Lote di ka re diragalela fa re ka atamela kana ra nna mo maemong a a kotsi. Fa re dirisa botlhale, jaaka batsamaisi ba dikepe ba ba siameng, re ka se ka ra itetla gore re tsene mo kotsing e e ntseng jalo. Ke mafelo afe a a kotsi a re tshwanetseng go tsamaela kgakala le one? Bakeresete ba bangwe ba ne ba tsamaela koo ka go tsenelela mo kgwebong, ka go tsalana thata le batho ba lefatshe, kana ka go ratana le motho mongwe wa bong bo sele yo ba neng ba ka se ka ba kgona go nyalana nae.

Selo se se botlhale mo lekgetlong lengwe le lengwe la ano, ke go nnela kgakala le kotsi. Ka sekai, a re etse tlhoko dikotsi tsa semoya tse di ka re tlhagelang mo go se se bidiwang tshono e e molemo thata ya go dira kgwebo? Bakaulengwe bangwe ba ne ba tsena mo kgwebong mme ba gobatsa malapa a bone, boitekanelo jwa bone, le go latlhegelwa ke maikarabelo mo pusong ya Modimo. Gantsi selo se se gogelang ke botshelo jo bo monate jwa fa o na le madi. Ka dinako dingwe motho o a bo a batla go supa fela gore a ka kgona go tsamaisa kgwebo sentle. Bangwe ba ka nna ba bolela gore boikaelelo jwa bone ke gore ba kgone go hira bakaulengwe ba bangwe kana gore ba kgone go ntshetsa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe madi. Gongwe ba akanya gore fa kgwebo e tsamaya sentle, ba tla kgona go nna le nako e ntsi ya go dira ditiro tsa Bogosi.

Ke mamena afe a a leng teng? Maemo a a sa tlhomamang a ikonomi le “motlha le bowèlō” di ka nyeletsa kgwebo e e rulaganyeditsweng sentle. (Moreri 9:11) Go lwa le go duela molato go ka tshwenya tota e bile go ka fekeetsa dilo tsa semoya. E bile le fa kgwebo e tswelela sentle, e tla tsaya nako e ntsi le go tshwenya tlhaloganyo thata, e bile e ka tlhoka gore o nne le ditsala tse dintsi tsa selefatshe.

Mogolwane mongwe wa Mokeresete wa kwa Spain o ne a na le mathata a magolo a madi ka nako ya fa kampani ya inshorense e ne e mmolelela sengwe se se raelang. Le mororo go ne go bonala gore a ka kgona go dira madi a mantsi jaaka motsamaisi yo o dirang kwa thoko wa inshorense, kgabagare o ne a gana tiro eo. “Go ne go se motlhofo go dira tshwetso, mme ke itumela go bo ke ile ka gana,” o tlhalosa jalo. “Selo sa botlhokwa ke gore, ke ne ke sa batle go dira madi—le e leng ka ditsela tse di sa tlhamalalang—ka batho ba ke ba itseng ba ba mo pusong ya Modimo. Le mororo ke ne ke rata kgopolo ya go dira ke sa laolwe ke ope, ke ne ke tla tshwanela go tsaya maeto a mantsi le go senya diura tse dintsi mo tirong eno. Seo ruri se ne se tla dira gore ke tlhokomologe lelapa la me le phuthego. Mo godimo ga moo, ke tlhatswegile pelo gore fa nkabo ke dumetse ke ne ke se kitla ke tlhola ke kgona go laola botshelo jwa me.”

Ga go na Mokeresete ope yo a ka itumelelang go latlhegelwa ke go laola botshelo jwa gagwe. Jesu o ne a bontsha matswela a a utlwisang botlhoko a go tsaya tsela e e ntseng jalo ka go anela setshwantsho sa monna mongwe yo a neng a kgobokantse dikhumo tse dintsi gore a tle a tlogele tiro mme a tshele monate. O ne a swa mo go jone bosigo jo a neng a swetsa gore o kgobokantse madi a a lekaneng. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo, o nntse hèla yalo.”—Luke 12:16-21; bapisa Yakobe 4:13-17.

Re tshwanetse ra itisa gape mo go tsalaneng thata le batho ba lefatshe. Gongwe le moagisani, tsala ya kwa sekolong, mongwe yo re dirang le ene, kana yo re tlhakanetseng kgwebo nae. Re ka nna ra akanya jaana, ‘O tlotla Basupi, o na le maitsholo a mantle, re bua ka boammaaruri ka dinako dingwe.’ Lefa go ntse jalo, dilo tse di diragaletseng ba bangwe di supa gore fa nako e ntse e tsamaya re ka nna ra iphitlhela re rata botsalano jwa batho bano ba lefatshe go na le jwa mokaulengwe kana kgaitsadi wa semoya. Botsalano jo bo ntseng jalo bo kotsi ka ditsela dife?

Re ka nna ra simolola go akanya gore nako e re tshelang mo go yone ga e a potlaka go le kalo kana ra kgatlhegela dilo tse di bonalang thata go feta tsa semoya. Gongwe, ka go boifa go sa itumedise tsala ya rona ya lefatshe, re tla batla gore lefatshe le re amogele. (Bapisa 1 Petere 4:3-7.) Kafa letlhakoreng le lengwe, mopesalema Dafide o ne a bona go le botoka go nna le batho ba ba ratang Jehofa. O ne a kwala jaana: “Ke tla kakanyetsa bana ba ga rrè leina ya gago; mo gare ga phuthègō ke tla gu baka.” (Pesalema 22:22) Re tla sireletsega fa re ka etsa sekao sa ga Dafide, re batle go nna le ditsala tse di ka re agang semoyeng.

Tsela nngwe e e phoso ke go atamalana thata le motho wa bong bo sele fa motho a ise a gololesege gore a ka nyala. Kotsi e ka nna ya tlhaga fa re kgatlhegela motho mongwe yo montle, yoo a tlotlang monate, gongwe e bile a leba dilo jaaka rona kana a kgona go tshegisa jaaka rona. Motho a ka nna a itumelela go nna nae, a akanya jaana, ‘Ke itse gore ke tla emisa fa kae. Re ditsala fela.’ Lefa go ntse jalo, ga go bonolo go laola maikutlo fa a setse a kgotlilwe ke sengwe.

Mary, kgaitsadi mongwe yo o nyetsweng, o ne a itumelela go nna le Michael.a E ne e le mokaulengwe yo o siameng mme a sa kgone go dira ditsala. Ba ne ba na le dilo tse dintsi tse ba neng ba tshwana ka tsone, e bile ba kgona go dira metlae mmogo. Mary o ne a itumedisiwa ke go akanya gore mokaulengwe yo o sa nyalang o ne a batla go mo dira motho yo a ka nnang a mmulela mafatlha a gagwe. Go ise go ye kae, se se neng se bonala e le botsalanyana fela se ne sa felela ba atamalane thata. Ba ne ba nna nako e ntsi ba le mmogo mme kgabagare ba ne ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang. Mary o bolela jaana a utlwile botlhoko. “Tota nkabo ke sale ke bone kotsi ya seno go tloga fela kwa tshimologong. Fela fa botsala jwa rona bo nonofa, bo ne jwa tshwana le motlhaba o o totomelang bo re nwetsa kwa teng.”

Ga re a tshwanela go lebala tlhagiso eno ya Bibela le ka motlha: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?” (Yeremia 17:9) Pelo ya rona e e boferefere, fela jaaka thaete e e kgokgoeletsang sekepe kwa majeng, e ka re dira gore re nne le botsalano jo bo kotsi thata le mongwe. Tharabololo ke eng? Fa o sa gololesega go nyala, dira gore o se ka wa atamalana le ope fela yo o mmonang a le montle.—Diane 10:23.

Go Ikgolola le go Itshola O le Kgakala le Kotsi

Go tweng fa e le gore bomoya jwa rona bo setse bo le mo kotsing? Fa diphefo le dithaete di kgokgoeletsa batsamaisi ba dikepe kwa lotshitshing lo lo tletseng matlapa, ba dira ka natla go kgweeletsa sekepe kwa lewatleng, kana ba dira gore ba se ka ba atamela lotshitshi thata, go fitlha ba goroga fa go babalesegileng. Re tshwanetse go lwela gore re ikgolole ka tsela e e tshwanang. Go reetsa kgakololo ya Dikwalo, go rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a re thuse, le go kopa thuso mo bakaulengweng ba ba godileng ba Bakeresete go ka re thusa gore re boele gape mo tseleng e e babalesegileng. Re tla segofadiwa gape ka go nna le megopolo le dipelo tse di nang le kagiso.—1 Bathesalonia 5:17.

Lefa maemo a rona a ka tswa e le afe, re tla bo re le botlhale fa re ka ipoloka kgakala le dilo “tsa lehatshe.” (Bagalatia 4:3) Go fapaana le Lote, Aberahame ene o ne a tshela kgakala le Bakanana ba ba neng ba tletse bolefatshe, le mororo seo se ne se kaya gore a nne mo ditenteng ka dingwaga tse dintsi. Gongwe o ne a sena dilo tse di manobonobo tse di bonalang, mme tsela e e motlhofo e a neng a tshela ka yone e ne e sireletsa semoya sa gagwe. Go na le gore a latlhegelwe ke tumelo, e ne ya nna “rra botlhe ba ba dumelañ.”—Baroma 4:11.

Re tshwanetse go latela sekao sa ga Aberahame gonne re nna re dikanyeditswe ke lefatshe le le ratang go ikgotsofatsa leo “mōea” wa lone o nonofileng thata. (Baefesia 2:2) Fa re letla Jehofa gore a re kaele mo dikgannyeng tsotlhe, re tla segofadiwa ka go itse ka borona kafa a sireletsang ka teng ka lorato. Re tla ikutlwa jaana jaaka Dafide: “O rudisa mōea oa me; u ntsamaisa mo ditseleñ tsa tshiamō ka ntlha ea leina ya gagwè. Rure molemō o tla ntshala moragō le boutlwèlō botlhoko, ka malatsi aotlhe a go tshela ga me; me ke tla aga mo tluñ ea ga Yehofa ka bosakhutleñ.” Kwantle ga pelaelo, go tsamaya mo “ditseleñ tsa tshiamō,” go tla re leretse masego a a sa khutleng, go na le gore re fapogele kwa ditseleng tse di kotsi.—Pesalema 23:3, 6.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa o ise o gololesege go ka nyala tsamaela kgakala le motho yo o mmonang a le montle

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela