LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 2/15 ts. 26-29
  • A go Tseelwa kwa Legodimong Ke Thuto E E Senotsweng Ke Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Tseelwa kwa Legodimong Ke Thuto E E Senotsweng Ke Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Thuto Eno E Tswang Teng
  • Se Dikwalo Tota Di Se Bolelang
  • Maria—Mosadi Yo O Nang le Tumelo
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Marea ke Mmaagwe Modimo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Maria (Mmaagwe Jesu)
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 2/15 ts. 26-29

A go Tseelwa kwa Legodimong Ke Thuto E E Senotsweng Ke Modimo?

GO TSEELWA kwa legodimong—thuto ya gore Maria, mmaagwe Jesu, o ne a tlhatlogela kwa legodimong ka mmele wa nama—e ratwa ke dimilione tsa Baroma Katoliki. Raditiragalo mongwe e bong George William Douglas o bolela jaana: “Go tseelwa kwa legodimong ga Lekgarebane Maria ga [go bolo] go nna go tlotliwa jaaka mongwe wa meletlo e megolo ya gagwe e bile ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di sisimogiwang mo ngwageng mo Kerekeng.”

Lefa go ntse jalo baithutabodumedi ba Katoliki ba dumela gore Bibela ga e bue sepe ka gore Maria o ne a tlhatlogela ka tsela eo kwa legodimong. Eleruri, ke Bakatoliki ba sekae fela ba ba lemogang gore thuto e e ratiwang thata eno ga go bolo go nna go buiwa thata ka yone e bile go ganetsanwa botlhoko ka yone. Tota gone, go tlile jang gore kereke e dumele thuto ya gore Maria o tseetswe kwa legodimong?a A go na le lebaka la go e leba jaaka e e senotsweng ke Modimo? Dikarabo tsa dipotso tseno ga di a ikakanyediwa ke motho mongwe yo o botlhale. Di kaya dilo tse dikgolo tota mo bathong bape fela ba ba ratang boammaaruri.

Kwa Thuto Eno E Tswang Teng

O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore Bakeresete ba ba akanyetsang dilo sentle ba ne ba sa akanye sepe kaga Go Tseelwa Legodimong ga ga Maria fa Jesu a sena go swa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jean Galot, yo e leng moithutabodumedi wa Katoliki o kwala jaana mo go L’Osservatore Romano: “Kwa tshimologong, ga go na Mokeresete ope yo o neng a gakologelwa loso lwa ga Maria.”

Lefa go ntse jalo, Maria o ne a simolola go newa maemo a botlhokwa thata fa thuto ya Tharonngwe e sena go tlhomiwa ka molao ke kereke. O ne a simolola go bidiwa ka maina a a kgatlhang jaaka “Mma Modimo,” “yo o tsetsweng a sena boleo,” “Motsereganyi wa Mosadi,” “Kgosigadi ya Legodimo.” Moithutabodumedi e bong Galot, o bolela gore fa nako e ntse e tsamaya, “go sa umakiwe ga ngwao ya kwa tshimologong e e mabapi le loso lwa ga Maria go ne go sa tlhole go kgotsofatsa Bakeresete ba ba neng ba lemoga gore Maria o itekanetse e bile ba batla go mo rapela. Ka jalo, tsela e Go Tseelwa kwa Legodimong go tlhalosiwang ka yone, e e neng e ikgopoletswe, e ne ya tlhamiwa.”

Mo e ka nnang ka lekgolo la bone la dingwaga C.E., go ne go na le dikwalo tse di belaelwang gore a di tlhomame tse di buang kaga go tseelwa kwa legodimong. Ditemana tseno di ne di bua ka se go neng go akanngwa gore ke go tseelwa ga ga Maria kwa legodimong. Jaaka sekai, tsaya temana e e bidiwang “Go Robala ga Mma Modimo Yo O Boitshepo.” Go bolelwa gore e kwadilwe ke moaposetoloi Johane, mme go lebega e ne ya kwalwa dingwaga tse 400 Johane a setse a sule. Go ya ka pego eno e e belaetsang, Maria o ne a phutha baaposetoloi ba ga Keresete ka kgakgamatso, mme ba ne ba mmona a fodisa difofu, bosusu, le digole. Kwa bokhutlong, jaaka go bolelwa, baaposetoloi ba ne ba utlwa Morena a raya Maria a re: “Bona, morago ga fano, mmele wa gago o o botlhokwa thata o tla ya kwa paradaiseng, mme moya wa gago o o boitshepo o tla nna kwa legodimong mo mabolokelong a ga Rre o le mo kgalalelong, koo go nang le kagiso le boitumelo jwa baengele ba ba boitshepo, e bile o tla tswelela o nna koo.”

Badumedi ba ne ba itshwara jang ka mekwalo eo? René Laurentin yo o ithutang ka Lekgarebane Maria o tlhalosa jaana: “Batho ba ne ba arabela ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ba ba dumelang dilo kwantle ga bosupi ba tsiediwa fela ke bontle jo kgang e tlotliwang ka jone ba sa akanye. Ba bangwe ba nyatsa dipego tseno tse di sa tlhomamang, tse gantsi di ikganetsang e bile go sena motswedi ope o o di tlhomamisang.” Thuto ya Go Tseelwa Legodimong e ne ya se ka ya amogelwa motlhofo fela semmuso. Se se neng se tlhakatlhakanya le go feta ke gore ditshwantsho tsa mmele wa ga Maria di ne di obamelwa mo mafelong mangwe. Seno se ne se dira gore go nne bokete go dumela gore mmele wa gagwe wa nama o ne o tseetswe kwa legodimong.

Mo lekgolong la bo 13 la dingwaga, Thomas Aquinas, fela jaaka baithutabodumedi ba bantsi, o ne a bolela gore thuto ya Go Tseelwa Legodimong e ne e ka se ka ya kgona go tlhalosiwa, ka lebaka la gore “Dikwalo ga di e rute.” Lefa go ntse jalo, thuto e ne ya tswelela e ratiwa thata, e bile ditshwantsho tsa bataki ba ba itsegeng thata jaaka Raphael, Correggio, Titian, Carracci, le Rubens tse di neng di supa selo se se neng se akanngwa sa gore Maria o tseetswe kwa legodimong di ne tsa ntsifala.

Kgang eo e ne ya se ka ya rarabololwa go fitlha moragonyana fela jaana. Go ya ka Jesuit Giuseppe Filograssi, bakanoki ba Katoliki ba ne ba tswelela ba phasalatsa “dithuto le ditlhaloso tse di neng di sa itumedise thata” tse di kaga thuto ya gore Maria o ne a tseelwa legodimong, moragonyana fela jaana mo karolong ya ntlha ya lekgolo leno la dingwaga. Le bomopapa ba ba tshwanang le Leo XIII, Pius X, le Benedict XV, “ba ne ba sa akgele sepe ka kgang eno.” Mme lefa go ntse jalo, kereke e ne ya tsaya kgato e e tlhomameng ka kgang eno ka November 1, 1950. Mopapa Pius XII o ne a bolela jaana: “Re e tlhalosa e le thuto e e senotsweng ke Modimo gore mmele le moya wa Mma Modimo yo o Itshekileng, Maria Lekgarebane la bosakhutleng, o ne wa tseelwa kwa kgalalelong ya legodimo fa a sena go wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng.”—Munificentissimus Deus.

Tumelo ya gore mmele wa ga Maria o tseetswe kwa legodimong e ne e sa tlhole e le selo se Mokatoliki a neng a ka se dumela fa a batla—jaanong e ne e le thuto ya Kereke. Mopapa Pius XII o ne a bolela gore “fa go ka nna le mongwe . . . yo a ka ganetsang kana a belaela se Re se tlhalositseng, o tshwanetse go itse gore ga a dumele mo Modimong le mo Tumelong ya Sekatoliki.”

Se Dikwalo Tota Di Se Bolelang

Mme gone kereke e ne ya tsaya boemo jono jwa bopelokgale ka mabaka afe? Mopapa Pius XII o ne a bolela gore thuto ya Go Tseelwa Legodimong “e thailwe mo Dikwalong Tse Di Boitshepo.” Luke 1:28, 42 ke nngwe ya ditemana tse di umakiwang thata jaaka bosupi jwa gore Maria o tseetswe kwa legodimong. Ditemana tseno di bolela jaana ka Maria: “A go bakwe wena yo o tletseng kutlwelobotlhoko, Morena o na le wena: o segofaditswe gareng ga basadi . . . , go segofale loungo lwa sebopelo sa gago.” (Douay) Batho ba ba buelelang gore Maria o tseetswe kwa legodimong ba bolela gore o tshwanetse a bo a se kile a swa gonne a ne “a tletse kutlwelobotlhoko.” E bile, go bo a ne a “segofaditswe” fela jaaka ‘loungo lwa sebopelo sa gagwe,’ go dira gore a nne le ditshiamelo tse di lekanang le tsa ga Jesu—go akaretsa le go tlhatlogela kwa legodimong. A o akanya gore mabaka ano a a utlwala?

Selo sa botlhokwa ke gore, bakanoki ba puo ba bolela gore polelwana “go tlala kutlwelobotlhoko” ga se thanolo e e tshwanetseng le gore polelwana ya ntlhantlha ya Segerika e Luke a e dirisitseng e ka ranolwa ka tlhomamo jaaka “yo o ratwang ke Modimo.” Ka jalo, Jerusalem Bible ya Katoliki e ranola Luke 1:28 jaana: “Itumele wena yo o ratwang thata!” Ga go na lebaka lepe la go swetsa gore Maria o ne a tseelwa ka mmele wa gagwe kwa legodimong gonne a ne a “ratwa thata” ke Modimo. Setefane, moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete, le ene ka mo go tshwanang Bibela ya Katoliki ya Douay e bolela gore o ne a ratwa thata, kana “o ne a tletse kutlwelobotlhoko”—mme ga go ise go ko go bolelwe gore mmele wa gagwe o ne wa tsosiwa.—Ditihō 6:8.

Gone mme, a Maria o ne a sa segofadiwa le go ratiwa? Ee, mme se se kgatlhang ke gore mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Jaele mo metlheng ya baatlhodi kwa Iseraele o ne a bolelwa gore le ene “o ne a segofaditswe gareng ga basadi.” (Baatlhodi 5:24, Dy) Eleruri ga go na motho ope yo o ka bolelang gore mmele wa ga Jaele le one o ne wa tseelwa kwa legodimong. Kwantle ga moo, kgopolo yotlhe ya Go Tseelwa kwa Legodimong e ikaegile ka lebaka la gore Jesu ka boene o ne a ya kwa legodimong ka mmele wa nama. Lefa go ntse jalo, Bibela e bolela gore Jesu o ne a “rudisiwa,” kana a tsosiwa, “mo moeeñ.” (1 Petere 3:18; bapisa 1 Bakorintha 15:45.) Moaposetoloi Paulo o bolela gape gore “nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 15:42-50.

Ke boammaaruri gore Bibela e bolela gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka moya ba tla tsosediwa kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, 1 Bathesalonia 4:13-17 e bolela sentle fela gore tsogo eno ya baswi ga e ne e simolola go fitlha ‘Morena a tla,’ mo malatsing a bofelo a motlha ono o o boikepo. Go fitlha ka nako eo, Maria o ne a tla bo a robetse a sule, mmogo le diketekete tsa Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang.—1 Bakorintha 15:51, 52.

Maria—Mosadi Yo O Nang le Tumelo

Tlhomamisa gore mafoko a re a buileng ga se ka maikaelelo a go sa tlotle Maria. Kwantle ga pelaelo, Maria e ne e le mosadi yo o tlhomang sekao—motho yo tumelo ya gagwe e tshwanetseng go latelwa. O ne a amogela ka bonako fela boikarabelo jo bogolo jwa go nna mmaagwe Jesu, mmogo le diteko le go intsha setlhabelo goo go neng go akarediwa ke seo. (Luke 1:38; 2:34, 35) Ene le Josefa ba ne ba godisa Jesu ka botlhale jwa bomodimo. (Luke 2:51, 52) O ne a nna le Jesu fa a ne a boga a le mo koteng. (Yohane 19:25-27) E bile jaaka morutwa yo o ikanyegang o ne a reetsa mme a nna mo Jerusalema e bile o ne a bona fa moya wa Modimo o ne o tshololwa ka Pentekosete.—Ditihō 1:13, 14; 2:1-4.

Kgopolo eo e e phoso kaga Maria ga e tlotle Mmopi le ene Maria ka boene. Thuto ya Go Tseelwa Legodimong e gatelela fela kgang e e senang motheo ya gore Maria o re tsereganya le Modimo. Mme a gone Jesu Keresete o kile a bolela gore thuto e e ntseng jalo e boammaaruri? Go fapaana le seo o ne a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me, shōna ke tla se diha.” (Yohane 14:6, 14; bapisa Ditihō 4:12.) Ee, ke Jesu Keresete fela, e seng Maria, yoo a re tsereganyang le Mmopi. Re tshwanetse go atamela Moneibotshelo gore a re ‘thuse mo motlheng o re tlhokang ka one’ ka Jesu e seng Maria.—Bahebera 4:16.

Go ka nna ga nna botlhoko mo go ba bangwe go dumela dilo tse di leng boammaaruri kaga Maria. Selo seno se ka raya gore motho a tlogele dilo tse a sa bolong go di dumela le dikgopolo tse a di ratang thata. Lefa go ntse jalo, le mororo go le botlhoko ka dinako tse dingwe, boammaaruri jone tota ‘bo a golola.’ (Yohane 8:32) Jesu o ne a bolela gore Rraagwe o ne a batla ba ba tla mo rapelang “ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Mafoko ano a gwetlha Bakatoliki ba ba tlhoafetseng fela thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo Bokatoliking, go bolelwa gore thuto, go farologana le sengwenyana fela se se dumelwang, ke boammaaruri bongwe jo bo tlhamilweng ke lekgotla la kereke kana ke “lephata la thuto le le se kang le dira diphoso” la mopapa. Thuto ya Go Tseelwa Legodimong ga ga Maria ke nngwe ya dithuto tsa bosheng tse di tlhalosiwang ka tsela eo ke Kereke ya Katoliki.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

A MARIA O NE A SWA?

A Maria o ne a swa pele ga nako e go akanngwang gore o ne a tseelwa kwa legodimong ka yone? Baithutabodumedi ba Katoliki ba iphitlhela ba le mo dinakeng tsa kukama fa go tla mo kgannyeng eno ya bodumedi. Nuovo dizionario di teologia e bolela gore “go tlile go nna thata go bolela gore Maria o na le tshiamelo ya go sa swe, fa Keresete ka boene a ne a sena yone.” Kafa letlhakoreng le lengwe, go bolela gore Maria o ne a swa le gone ke kgang e e bokete. Moithutabodumedi e bong Kari Børresen o bolela gore go ya ka [thuto ya gore “Yo o Tshotsweng A Itshekile”] “loso ke kotlhao ya boleo jwa kwa tshimologong, joo bo sa ameng Maria.” Jalo he, ke eng fa a ne a swa? Ga go gakgamatse go bo Mopapa Pius XII a ne a nna kelotlhoko mme a tila kgang ya loso lwa ga Maria fa a ne a tlhalosa thuto ya Go Tseelwa Legodimong.

Se se kgatlhang ke gore thuto ya Bibela yone e phepafetse. Ga go na gope kwa e rutang—kana kwa e umakang—gore Maria o “tshotswe a itshekile.” Go fapaana le seo, e supa gore Maria e ne e le motho yo o sa itekanelang yo a neng a tlhoka go gololwa. Ke ka lone lebaka leo e rileng fa a sena go tshola Jesu a neng a ya kwa tempeleng mme a ntshetsa Modimo setlhabelo sa boleo. (Lefitiko 12:1-8; Luke 2:22-24) Maria o ne a swa fela jaaka batho ba bangwe ba ba sa itekanelang.—Baroma 3:23; 6:23.

Boammaaruri jo bo motlhofo jono bo farologana kgakala le dipelaelo tse di tsosiwang ke thuto ya Go Tseelwa Legodimong.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

‘Go Tlhatlogela Legodimong ga Lekgarebane,’ se takilwe ke Titian (c. 1488-1576)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Giraudon/Art Resource, N.Y.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Maria o ne a ipolela gore ke modiradibe yo o tlhokang go gololwa fa a ne a ntsha setlhabelo sa dibe kwa Tempeleng fa Jesu a sena go tsholwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela