Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekiwa ga Kae?
LETSATSI la Keresemose, la Paseka, le la “baitshepi.” Dikereke tsa Labokeresete di keteka diholotei le meletlo e mentsi. Lefa go ntse jalo, a o itse gore Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba keteke meletlo e le kae? Karabo ke, O le mongwe fela! Ga go na meletlo epe e mengwe e Mosimolodi wa Bokeresete a laetseng gore e ketekiwe.
Ka mo go phepafetseng, fa e le gore Jesu o simolotse moletlo o le mongwe fela, he o botlhokwa thata. Bakeresete ba tshwanetse go o keteka fela jaaka Jesu a laetse. Moletlo o o tlhomologileng ono e ne e le ofe?
Moletlo O Le Mongwe Fela
Jesu o ne a simolola moletlo ono ka letsatsi le a suleng ka lone. O ne a ketekile moletlo wa Sejuda wa Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe. Morago ga foo o ne a ba naya senkgwe se se sa bedisiwang sa Tlolaganyo mme a re: “Se ke mmele oa me, o o ntshediwañ lona.” Morago ga sone, Jesu o ne a fetisa senwelo sa beine, a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” O ne a bolela gape jaana: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19, 20; 1 Bakorintha 11:24, 26) Moletlo ono o bidiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, kana Segopotso. Ke one moletlo fela o Jesu a ileng a laela balatedi ba gagwe gore ba o keteke.
Dikereke tse dintsi di bolela gore di keteka moletlo ono mmogo le meletlo ya tsone e mengwe, mme lefa go ntse jalo, bontsi jwa tsone di o keteka ka tsela e e farologaneng le e Jesu a neng a laetse gore o ketekiwe ka yone. Gongwe pharologano e kgolo e e itsegeng thata ke tsela e o ketekiwang kgapetsakgapetsa ka yone. Dikereke tse dingwe di o keteka kgwedi nngwe le nngwe, beke nngwe le nngwe, le e leng letsatsi le letsatsi. A seno ke sone se Jesu a neng a batla gore balatedi ba gagwe ba se dire fa a ne a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna”? The New English Bible ya re: “Dirang seno gore e nne segopotso sa me.” (1 Bakorintha 11:24, 25) Segopotso kana letsatsi la segopotso sa tiragalo nngwe le ketekiwa gakae? Gantsi le ketekiwa gangwe fela ka ngwaga.
Ka jalo, gakologelwa gore Jesu le ene o ne a simolola moletlo ono mme morago ga foo a swa ka letlha la Nisane 14 ya khalendara ya Sejuda.a Letsatsi leo e ne e le la Tlolaganyo, moletlo o o neng o gakolola Bajuda tsela e e gakgamatsang e ba neng ba gololwa kwa Egepeto ka yone mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E. Setlhabelo sa kwanyana ka nako eo se ne sa boloka bana ba maitibolo ba Bajuda, mme moengele wa ga Jehofa o ne a bolaya maitibolo otlhe a Egepeto.—Ekesodo 12:21, 24-27.
Seno se re thusa jang go tlhaloganya? Gone mme, Paulo, moaposetoloi wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “Tlolaganyō ea rona e isicwe setlhabèlō, eboñ Keresete.” (1 Bakorintha 5:7) Loso lwa ga Jesu e ne e le setlhabelo sa Tlolaganyo se segolo go feta tsotlhe, se se neng se fa batho sebaka se se botoka sa go bolokiwa. Ka jalo, mo Bakereseteng, Segopotso sa loso lwa ga Keresete se tsaya boemo jwa Tlolaganyo ya Sejuda.—Yohane 3:16.
Tlolaganyo e ne e ketekiwa ngwaga le ngwaga. Ka mo go utlwalang he, Segopotso le sone se ntse fela jalo. Tlolaganyo—letsatsi le Jesu a suleng ka lone—ka metlha le ne le nna ka letsatsi la bo 14 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane. Ka jalo, loso lwa ga Kere3sete lo tshwanetse go ketekiwa gangwe ka ngwaga ka letsatsi la khalendara le le lebaganeng le Nisane 14. Ka 1994 letsatsi leo e tla nna Matlhatso, March 26, fa letsatsi le sena go phirima. Lefa go ntse jalo, ke eng fa dikereke tsa Labokeresete di sa tseye letsatsi leno jaaka le le tshwanetseng go gopolwa ka tsela e e kgethegileng? Re tla bona karabo ya potso eno fa re ka tlhatlhoba hisitori ka bokhutshwane.
Mokgwa wa Baaposetoloi o mo Kotsing
Ga go na pelaelo epe gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., batho ba ba neng ba eteletswe pele ke baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa fela jaaka a ne a laetse. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la bobedi la dingwaga, bangwe ba ne ba simolola go fetola nako ya go se keteka. Ba ne ba keteka Segopotso ka letsatsi la ntlha la beke (le jaanong le bidiwang Sontaga), e seng ka letsatsi le le lebaganeng le Nisane 14. Ke eng fa ba ne ba dira jalo?
Mo Bajudeng letsatsi le ne le simologa ka ura ya borataro maitseboa mme le wela ka letsatsi le le latelang ka yone nako eo. Jesu o ne a swa ka Nisane 14, ka 33 C.E., letsatsi le le neng la simologa ka Labone maitseboa go fitlha ka Labotlhano maitseboa. O ne a tsosiwa ka letsatsi la boraro, ka Sontaga mo mosong. Batho ba bangwe ba ne ba batla gore segopotso sa loso lwa ga Jesu se ketekiwe ka letsatsi lengwe le le rileng la beke ngwaga le ngwaga, go na le gore se ketekiwe ka letsatsi le Nisane 14 e welang mo go lone. Gape ba ne ba tsaya letsatsi le Jesu a tsositsweng ka lone le le botlhokwa go gaisa le a suleng ka lone. Ka jalo, ba ne ba tlhopha Sontaga.
Jesu o ne a laetse gore go gopolwe loso lwa gagwe e seng tsogo ya gagwe. E re ka Tlolaganyo ya Sejuda e ne e nna ka letsatsi le le farologaneng ngwaga le ngwaga go ya ka khalendara ya Gregory e re e dirisang gone jaanong, go a utlwala he gore go nne jalo le ka Segopotso. Ka gone batho ba bantsi ba ne ba tshegetsa thulaganyo ya ntlhantlha mme ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ngwaga le ngwaga ka Nisane 14. Kgabagare ba ne ba bidiwa Ba-Quartodeciman se se rayang “Ba Letsatsi la Bolesomenne.”
Bakanoki bangwe ba ne ba lemoga gore “Ba Letsatsi la Bolesomenne” ba ne ba latela mokgwa wa ntlhantlha wa baaposetoloi. Rahisitori mongwe o ne a bolela jaana: “Dikereke tsa Ba Letsatsi la Bolesomenne tsa kwa Asia di ne tsa tswelela di keteka Paseka [Sejo sa Morena sa Maitseboa], ka one mokgwa o o neng o dirwa ke kereke ya kwa Jerusalema. Mo lekgolong la bo2 la dingwaga ka Paseka ya bone e e neng e nna ka Nisane 14, dikereke tseno di ne di gopola thekololo e e neng e dirwa ke loso lwa ga Keresete.”—Studia Patristica, Bolumo V, 1962, tsebe 8.
Go Tsoga Kgang
Lefa batho ba bantsi kwa Asia Minor ba ne ba latela mokgwa wa baaposetoloi, kwa Roma go ne ga beelwa Sontaga kwa thoko gore go ketekiwe ka yone. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 155 C.E., Polycarp wa kwa Semerena, yo e neng e le moemedi wa diphuthego tsa kwa Asia, o ne a etela kwa Roma gore a ye go tlotla ka bothata jono le mathata a mangwe. Ka maswabi, ga ba a ka ba dumelana mo kgannyeng eno.
Irenaeus wa kwa Lyons o ne a kwala jaana mo lekwalong lengwe: “Le ene Anicetus [wa kwa Roma] ga a ka a kgona go fetola mogopolo wa ga Polycarp gore a se ka a keteka ka letsatsi le a neng a ntse a keteka ka lone le Johane morutwa wa Morena wa rona mmogo le baaposetoloi ba bangwe ba a neng a na le bone; mme le ene Polycarp ga a ka a kgona go fetola mogopolo wa ga Anicetus gore a lo keteke, ka gore o ne a bolela gore ene o tshwanetse go tshegetsa mokgwa kwa bagolwane ba ba neng ba le teng pele ga gagwe.” (Eusebius, Buka ya 5, kgaolo 24) Ela tlhoko gore gangwe le gape Polycarp o ne a bolela gore o latela tsela ya baaposetoloi, fa mo letlhakoreng le lengwe Anicetus a ne a bua ka mokgwa wa bagolwane ba pele kwa Roma.
Kgang eno e ne ya ya magoletsa fa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. le lebile kwa bokhutlong. Motho mongwe yo o bidiwang Victor o ne a tlhophiwa go nna bishopo wa Roma, mo e ka nnang ka 190 C.E. O ne a dumela gore Sejo sa Morena sa Maitseboa se tshwanetse go ketekiwa ka Sontaga, mme o ne a senka baeteledipele ba bantsi kafa a ka kgonang ka teng gore ba mo eme nokeng. Victor o ne a gatelela diphuthego tsa kwa Asia gore di fetogele mo thulaganyong ya Sontaga.
Fa Polycrates wa kwa Efeso a arabela batho ba kwa Asia Minor, o ne a gana go ineela gore a gatelelwe jalo. O ne a re: “Re keteka letsatsi leno kwantle ga go le fetofetola, ga re oketse ka sepe, e bile ga re fokotse ka sepe.” Morago ga moo o ne a umaka batho ba bantsi ba ba nang le taolo mo go seno, go akaretsa le moaposetoloi Johane. O ne a re: “Bano botlhe, ba keteka Paseka ka letsatsi la bolesomenne go ya ka Efangele, mme ga ba fapoge ka gope mo go yone.” Polycrates o ne a oketsa jaana: “Fa e le nna bakaulengwe, . . . ga ke boife go tshosediwa. Ka go bo ba ba botoka mo go nna ba rile, Re tshwanetse go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Eusebius, Buka ya 5, kgaolo 24.
Victor ga a ka a itumelela karabo eno. Buka nngwe ya hisitori e bolela gore o ne “a kgaola Dikereke tsotlhe tsa kwa Asia, mme a romela lekwalo kwa Dikerekeng tsotlhe tse di neng di dumelana le mogopolo wa gagwe gore di se ka tsa kopana ka gope le tsone.” Lefa go ntse jalo, “kgato eno e e tserweng ka tshoganetso le ya bopelokgale ga e a ka ya amogelwa ke banna botlhe ba ba botlhale ba ba tlhoafetseng ba setlhopha sa gagwe, ba bangwe mo go bone ba neng ba mo kwalela ka bogale, ba mo gakolola . . . gore a boloke lorato, kutlwano le kagiso.”—Antiquities of the Christian Church ya ga Bingham, Buka ya 20, kgaolo 5.
Go Simologa ga Botenegi
Le mororo bangwe ba ne ba gana seno, Bakeresete ba kwa Asia Minor ba ne ba nna ba kgaphelwa kwa thoko ka ntlha ya kgang eno ya nako e Sejo sa Morena sa Maitseboa se tshwanetseng go ketekiwa ka yone. Go ne go na le mekgwa e mentsi e e neng ya dirisiwa kwa mafelong a mangwe. Ba bangwe ba ne ba se keteka go tloga ka Nisane 14 go fitlha ka Sontaga se se latelang. Ba bangwe ba ne ba se keteka gantsinyana—beke nngwe le nngwe ka Sontaga.
Ka 314 C.E., Lekgotla la Arles (kwa Fora) le ne la leka go patelela thulaganyo ya kwa Roma le go ganetsa sengwe le sengwe se se farologaneng le seo. Ba Letsatsi la Bolesomenne ba ba neng ba setse ba ne ba gana go ineela. Ka 325 C.E. mmusimogolo wa moheitane Constantine o ne a bitsa lekgotla la batsamaisi ba dikereke tsotlhe, Lekgotla la Nicaea, go tla go rarabolola bothata jono mmogo le mathata a mangwe a a kgaoganyang batho ba ba ipitsang Bakeresete mo mmusomogolong wa gagwe. Le ne la ntsha molao wa gore batho botlhe ba ba kwa Asia Minor ba latele mokgwa wa kwa Roma.
Go kgatlha tota go utlwa mabaka a magolo a a ntshiwang a go bo Segopotso sa loso lwa ga Keresete se sa ketekiwe ka letlha le le mo khalendareng ya Sejuda. A History of the Christian Councils, e e kwadilweng ke K. J. Hefele e bolela jaana: “Go ne go sa tshwanela gotlhelele gore moletlo ono o o boitshepo go gaisa yotlhe o latele mokgwa wa (go bala) wa Bajuda ba diatla tsa bone di dirileng melato e e boitshegang, le ba megopolo ya bone e foufaditsweng.” (Bolumo 1, tsebe 322) Go dira jalo go lejwa e le “‘go ineela go nyadiwa’ ke Sinagoge e e neng e galefisa Kereke,” go bolela jalo J. Juster yo o nopotsweng mo go Studia Patristica, Bolumo ya IV, 1961, tsebe 412.
Ke go tlhaola Bajuda! Batho ba ba neng ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu ka letsatsi le a suleng ka lone ba lebiwa jaaka batho ba ba dumelang mo Sejudeng. Go ne go lebalwa gore Jesu ka boene e ne le Mojuda le gore o ne a dira gore letsatsi leo le nne botlhokwa ka go ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. Go tloga ka nako eo, Ba Letsatsi la Bolesomenne ba ne ba nyadiwa go twe ke baikeodi le batenegi mme ba ne ba bogisiwa. Ka 341 C.E., Lekgotla la Antioch le ne la ntsha molao wa gore ba kgaolwe. Lefa go ntse jalo, go ne go santse go na le ba bantsi ba bone ka 400 C.E., mme ba ne ba nna ba tswelela pele jalo ka dipalo tse dinnye ka lobaka lo loleele morago ga foo.
Fa e sa le ka nako eo, Labokeresete e ne ya palelwa ke go boela mo thulaganyong ya ga Jesu ya ntlhantlha. Porofesara William Bright o ne a dumela jaana: “Fa letsatsi le le kgethegileng e leng Good Friday le ne le dirwa letsatsi le go gopolwang Dipogo ka lone, go ne go setse go le thari thata gore go ketekiwe fela dilo dingwe tse di amanang le ‘paseka’ tse Moitshepi Paulo a di amanyang le loso lwa setlhabelo: di ne di dirwa fa go ketekiwa moletlo wa Tsogo ya Baswi, mme go ne ga nna le tlhakatlhakano mo puong ya ditlwaelo tsa Segerika le tsa Selatini tsa Labokeresete.”—The Age of the Fathers, Bolumo 1, tsebe 102.
Go Tweng ka Gompieno?
‘Morago ga dingwaga tseno tsotlhe,’ o ka nna wa botsa, ‘a tota go a tshwenya gore Segopotso se ketekiwa leng?’ Ee. Diphetogo di ne tsa dirwa ke banna ba ba neng ba gagamalela dikgopolo tsa bone ba ba batlang go laola. Batho ba ne ba dira dilo go ya ka dikgopolo tsa bone go na le gore ba ikobele Jesu Keresete. Tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo e ne ya diragala fela jaaka a boletse: “Kea itse e tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go lona [Bakeresete] diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleñ lecomane; le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.”—Ditihō 20:29, 30.
Kgang totatota ke go nna kutlo. Jesu o ne a tlhoma moletlo o le mongwe fela o Bakeresete ba tshwanetseng go o keteka. Bibela e tlhalosa sentle gore o tshwanetse go ketekiwa leng le gone jang. Ka jalo, tota ke mang yo o nang le maatla a go fetola seno? Batho ba ntlha Ba Letsatsi la Bolesomenne ba ne ba ineela gore ba bogisiwe le go kgaolwa go na le gore ba ineele mo kgannyeng eno.
O ka nna wa kgatlhiwa ke go itse gore go santse go na le Bakeresete ba ba dirang kafa Jesu a neng a eletsa ka teng mme ba keteka Segopotso sa loso lwa gagwe ka letlha le a le tlhomileng. Monongwaga, Basupi ba ga Jehofa ba tla bo ba kopana mmogo mo Diholong tsa bone tsa Bogosi go dikologa lefatshe morago ga 6:00 p.m. ka Matlhatso, ka March 26—fa letsatsi la bo 14 la Nisane le simologa. Mme ka nako e e botlhokwa thata eno ba tla bo ba dira sone se Jesu a rileng se dirwe. Ke eng fa o sa keteke Sejo sa Morena sa Maitseboa le bone? O ka supa gore o dira jaaka Jesu Keresete a batla gore go dirwe ka go nna teng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Nisane, kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa Sejuda, e ne e simolola fa ngwedi o le mosha. Ka jalo, Nisane 14 ka metlha e ne e nna ka nako ya fa ngwedi o tletse.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
“THEKOLOLO EO E E BOTLHOKWATLHOKWA”
Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete ga se thuto fela. Jesu o ne a bolela jaana ka ene: “Morwa motho ga a ka a tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè gore e nnè serèkololō sa batho ba le bantsi.” (Mareko 10:45) O ne a tlhalosa gape jaana: “Modimo o ratile lehatshe [la batho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Mo bathong ba ba suleng, thekololo e ba bulela tsela ya gore ba tle ba tsosiwe le gore ba lebelele gore ba tla tshelela ruri.—Yohane 5:28, 29.
Go a bo go gopolwa loso lo lo botlhokwa thata lwa ga Jesu Keresete fa go ketekiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Setlhabelo sa gagwe se fitlhelela dilo tse dintsi thata! Mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o thapisitsweng ke batsadi ba ba boifang Modimo yo le ene a ileng a tsamaya mo boammaaruring jwa Modimo ka masome a dingwaga o ne a supa tebogo ya gagwe ka go bolela jaana:
“Re lebeletse pele kwa Segopotsong. Se nna letsatsi le le kgethegileng go gaisa ngwaga le ngwaga. Ke gakologelwa dingwaga tse 20 tse di fetileng fa ke ne ke eme kwa mmotšhwaring ke lebile setopo sa ga rre mme ke ne ka anaanela thekololo tota go tswa pelong. Pele ga foo ke ne ke ntse ke itse fela ka yone. Ee, ke ne ke itse dikwalo tsotlhe e bile ke kgona go di tlhalosa! Mme ke ne ka itumelela se re tla se direlwang ka ntlha ya thekololo eo e e botlhokwatlhokwa ka nako ya fa ke ne ke lemoga kafa loso lo leng botlhoko ka teng.”