LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/15 ts. 28-31
  • Dipego Tse Di Kgatlhang tsa ga Josephus

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipego Tse Di Kgatlhang tsa ga Josephus
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa A Sale Mosha
  • Go Ya kwa Roma le go Boa
  • Dibuka tsa ga Flavius Josephus
  • Kitso ya Lefoko la Modimo
  • Botsuolodi Jo Bogolo Kgatlhanong le Roma
  • Morago ga Ntwa
  • A Tota e Kwadilwe ke Josephus?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 6
    Tsogang!—2011
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Masada—E Ne ya Diragala?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/15 ts. 28-31

Dipego Tse Di Kgatlhang tsa ga Josephus

BAITHUTI ba hisitori ga ba bolo go tseela mekwalo ya ga Josephus kwa godimo ka lobaka lo loleele. O ne a tsholwa dingwaga di le nne fela fa Keresete a sena go swa, mme o ne a bona fa boperofeti jo bo tshwenyang maikutlo thata jwa ga Jesu kaga setšhaba sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa Bajuda bo ne bo diragadiwa. Josephus e ne e le molaodi wa mephato, moemedi wa puso, Mofarisai, le mokanoki.

Mekwalo ya ga Josephus e ne e tletse ka dintlha tse di kgatlhang. E sedifatsa dibuka tsa boammaaruri tsa Bibela e ntse e kaela ka popego le thutafatshe ya Palesetina. Ga go gakgamatse go bo ba bantsi ba akanya gore go nna le dibuka tsa gagwe mo dilaeboraring tsa bone ke selo se se botlhokwa thata!

Fa A Sale Mosha

Joseph ben Matthias, kana Josephus o ne a tsholwa ka 37 C.E., ka ngwaga wa ntlha wa puso ya mmusimogolo wa Roma Caligula. Rraagwe Josephus e ne e le wa losika lwa boperesiti. O ne a bolela gore mmaagwe, e ne e le setlogolwana sa ga Jonathan moperesiti yo mogolo wa Hasmon.

Fa a santse a le mo dingwageng tsa bolesome, Josephus e ne le moithuti yo o batlang kitso kaga Molao wa ga Moshe. O ne a sekaseka makoko a mararo a Sejuda ka kelotlhoko—Bafarisai, Basadukai, le Ba-Essene. E re ka a ne a rata bano ba bofelo o ne a swetsa go ya go nna le Bannus yo a neng a nna kwa sekakeng, yo gongwe e neng e le Mo-Essene. Josephus o ne a tlogela seno fa a na le dingwaga tse 19 mme o ne a boela kwa Jerusalema mme a inaakanya le Bafarisai.

Go Ya kwa Roma le go Boa

Josephus o ne a ya kwa Roma ka 64 C.E., go ya go buelela baperesiti ba Bajuda bao moemedi wa mmusi wa kwa Judea e bong Felise a neng a ba rometse kwa go Mmusimogolo Nero gore a ba sekise. Josephus o ne a batla a swa fa sekepe se ne se thubega mo tseleng. Go ne ga falodiwa batho ba le 80 mo bapagaming ba le 600 ba ba neng ba le mo sekepeng.

Ka nako ya fa Josephus a ne a etetse kwa Roma, motshameki mongwe wa diterama wa Mojuda o ne a mo itsise mosadi wa ga Nero, ebong Poppaea. O ne a mo thusa thata gore a atlege mo go se a neng a ile go se dira. Josephus o ne a nna a akanya ka bontle jwa motsemogolo oo ka lobaka lo loleele.

Fa Josephus a boela kwa Judea, Bajuda ba ne ba setse ba feditse mogopolo gore ba tlile go tsuologela Baroma. O ne a leka go gatisa mo megopolong ya batho ba naga yaabo kafa go ka se kang ga thusa sepe ka teng go lwa le Baroma. O ne a dumela gore ba mo tlhome jaaka molaodi wa masole a Bajuda kwa Galilea gonne a ne a palelwa ke go ba thibela e bile gongwe a ne a boifa gore ba tla tsaya gore o ema le baba ba bone. Josephus o ne a phutha banna ba gagwe a ba thapisa a bo a batla le didirisiwa le dijo fa ba ipaakanyetsa go lwa le masole a Roma—mme go ne ga se ka ga thusa sepe. Masole a ga Vespasian a ne a thopa Galilea. Kago ya phemelo ya ga Josephus e e neng e le kwa Jotapata e ne ya thopiwa morago ga go dikaganyediwa ka malatsi a le 47.

Ka nako ya fa a ne a ineela, Josephus o ne a bolelela pele ka botlhale gore Vespasian o tla tloga e nna mmusimogolo. E re ka a ne a tsentswe mo kgolegelong mme a sa otlhaiwa ka ntlha ya ponelopele eno, Josephus o ne a gololwa fa seo se ne se diragala. Seno se ne sa fetola botshelo jwa gagwe. Fa ntwa e ntse e lowa o ne a direla Baroma jaaka moranodi le motsereganyi. Josephus o ne a ipitsa ka leina la Flavius a supa fa a ineetse mo go Vespasian le barwa ba gagwe e bong Titus le Domitian.

Dibuka tsa ga Flavius Josephus

The Jewish War ke buka e kgologolo go di gaisa ya ga Josephus. Go dumelwa gore o ne a kwala pego eno ya dibolumo tse supa go bontsha Bajuda sentle ka phepafalo gore Baroma ba nonofile jang le go ba kganela go tsuologa mo isagweng. Mekwalo eno e sekaseka hisitori ya Bajuda go tswa fela fa Jerusalema e ne e thopiwa ke Antiochus Epiphanes (mo lekgolong la bobedi lwa dingwaga B.C.E.) go fitlha ka kgotlhang e e neng ya tsoga ka 67 C.E. Jaaka yo o boneng dilo tseno tsotlhe ka matlho, Josephus o ne a tlhalosa ntwa e e neng ya khutla ka 73 C.E.

Nngwe ya dibuka tsa ga Josephus e leng The Jewish Antiquities, ke dibolumo tse 20 tsa hisitori ya Bajuda. E simolola ka Genesise le popo, e bo e tswelela go fitlha fa ba ne ba simolola go lwa le Baroma. Josephus o latela thulaganyo ya polelo ya Bibela thata, a etla a tsenya ditlhaloso tse di boammaaruri mmogo le dilo tse a di boneng.

Josephus o ne a kwala buka nngwe e e leng ya gagwe ka namana e e nang le setlhogo se se reng Life. Mo go yone o leka go buelela boemo jo a neng a bo tsaya ka nako ya ntwa e bile o leka go tlhofofatsa melato e a neng a e pegwa ke Justus wa Tiberias. Buka ya bone—dibolumo tse pedi tse a itlhatswang leina mo go tsone tsa setlhogo se se reng Against Apion—e buelela Bajuda mo dilong tse ba neng ba sa buiwe sentle mo go tsone.

Kitso ya Lefoko la Modimo

Ga go na pelaelo gore hisitori e ntsi ya ga Josephus e tlhomame. Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Against Apion, o bontsha gore Bajuda ga ba ise ba ko ba tseye dibuka tsa Apocrypha jaaka karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. O ntsha bosupi jwa gore mekwalo ya bomodimo e tlhomame e bile e a dumelana. Josephus o bolela jaana: “Ga re na dibuka tse dintsintsi tse di sa dumelaneng le tse di ganetsanang, . . . mme re na le di le masomeamabedipedi fela [di lekana le tsela e gompieno Dikwalo tse 39 di kgaogantsweng ka yone], tse di nang le direkoto tsa dinako tse di fetileng; tse go dumelwang sentle gore ke tsa bomodimo.”

Mo go The Jewish Antiquities, Josephus o tsentse dikarolo dingwe tse di kgatlhang mabapi le pego ya Bibela. O bolela gore “Isake o ne a na le dingwaga di le masomeamabeditlhano” fa Aberahame a ne a mmofa maoto le matsogo go mo ntsha setlhabelo. Go ya ka Josephus, fa a sena go thusa go aga sebeso, Isake o ne a bolela gore “‘o ne a tla bo a sa tshwanelwe ke botsalwapele, fa a ne a ka ganana le se Modimo le rraagwe ba neng ba ikaeletse go se dira’ . . . Ka jalo o ne a ya ka bonako kwa sebesong gore a ntshiwe setlhabelo.”

Josephus o oketsa ka dintlha tseno mo pegong ya Dikwalo ya go tloga ga Baiseraele kwa Egepeto wa bogologolo: “Palo e e neng ya ba sala morago e ne e le dikoloi tsa ntwa di le makgolo a marataro, le bapagami ba dipitse ba le dikete di le masomeamatlhano, le banna ba ba tsamayang ka dinao ba le dikete di le makgolo a mabedi, botlhe ba tshotse ditlhabano.” Josephus o bolela gape gore “Samuele o ne a simolola go perofesa fa a na le dingwaga di le lesomepedi: mme Modimo o ne wa mmitsa ka leina nako nngwe fa a ne a robetse.”—Bapisa 1 Samuele 3:2-21.

Dibuka tse dingwe tsa ga Josephus di re bolelela ka makgetho, melao, le ditiragalo. O bolela gore Salome ke mosadi yo a neng a bina kwa moletlong wa ga Herode le yoo a neng a kopa tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi. (Mareko 6:17-26) Bontsi jwa se re se itseng ka boHerode ke se se kwadilweng ke Josephus. O bolela gore “[Herode] o ne a fetola mmala wa moriri wa gagwe a o dira montsho go timetsa gore o tsofetse.”

Botsuolodi Jo Bogolo Kgatlhanong le Roma

Boperofeti jwa ga Jesu mabapi le Jerusalema bo ne jwa simolola go diragala dingwaga tse 33 fela fa Jesu a sena go bo bolela. Makoko a a neng a tsuologa a Bajuda mo Jerusalema a ne a batla go tswa mo jokweng ya Baroma. Ka 66 C.E. dikgang tse di neng di bolela ka seno di ne tsa dira gore go phuthiwe go bo go ntshiwe mephato ya masole a Roma kafa tlase ga mmusi wa Mosiria Cestius Gallus. Boikaelelo jwa bone e ne e le go nyeletsa botsuolodi joo le go otlhaya ba ba bo bakang. Fa ba sena go senya mo metseng e e gaufi le Jerusalema, masole a ga Cestius a ne a tlhoma ditente go dikologa motsemogolo oo o o ageleditsweng ka dithako. Baroma ba ne ba dirisa mokgwa o o bidiwang testudo, mme ba kgona go kopanya dithebe tsa bone jaaka mokwatla wa khudu go itshireletsa mo babeng ba bone. Josephus o ne a tlhomamisa fa mokgwa ono o atlega ka go bolela jaana: “Metswi e e neng e hulwa e ne ya wela fa fatshe, mme e thelela fela e sa ba tlhabe; ka jalo masole a ne a epa dithako, mme a sa gobale, mme a baakanya dilo go tla go tshuba kgoro ya tempele ka molelo.”

Josephus o bolela jaana: “Morago ga foo go ne ga diragala gore Cestius . . . a ntshe masole a gagwe mo lefelong leo . . . O ne a tswa mo motsemogolong oo, kwantle ga lebaka lepe.” Go bonala gore Josephus o ne a kwala yone tiragalo e Bakeresete ba Jerusalema ba neng ba e letile mme go bonala e ne e se ka maikaelelo a go tlotlomatsa Morwa Modimo. E ne e le e e diragatsang boperofeti jwa ga Jesu Keresete! Dingwaga pele ga foo, Morwa Modimo o ne a kile a tlhagisa jaana: “Me e tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè; le ba ba kwa nageñ a ba se ee go tsèna mo go ōna. Gonne metlha euō ke ea pusholoshō, gore dilō cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè.” (Luke 21:20-22) Fela jaaka Jesu a ne a ba boleletse, balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tswa mo motseng oo ka bonako, ba nna koo, mme ba falola masetlapelo a a neng a o diragalela moragonyana.

Fa masole a Roma a ne a boa ka 70 C.E., Josephus o ne a kwala kafa seo se neng sa felela ka teng ka phepafalo. Morwa wa maitibolo wa ga Vespasian, Mojenerale Titus, o ne a tla go thopa Jerusalema le tempele ya yone e ntle. Mo teng ga motse go ne go na le makoko a a lwang a a neng a batla go laola. A ne a dirisa ditsela tse di setlhogo thata mme go ne ga tshololwa madi thata. Bangwe “ba ne ba tshwentswe ke masetlapelo a a neng a diragala mo teng mo ba neng ba eletsa gore Baroma ba tlhasele,” ba solofetse gore “ba tla falodiwa matshwenyego a ba neng ba le mo go one,” Josephus o bolela jalo. O bitsa ba ba neng ba tsuolola bao “dinokwane” tse di neng di senya dithoto tsa bahumi le go bolaya banna ba ba neng ba na le maemo—ba go neng go belaelwa gore ba ka ema le Baroma.

Fa ntwa eno ya semorafe e ntse e lowa, seemo sa botshelo se ne sa wela kwa tlase thata mo Jerusalema, mme ba ba neng ba swa ba ne ba nna foo ba sa fitlhwe. Ba ba neng ba epa puso bao ba ne ba “lwa ka bobone, ba ntse ba gata ditopo tse di neng di kgobelagane.” Ba ne ba thukhutha batho, ba ba bolaya gore ba ba amoge dijo le khumo. Selelo sa ba ba neng ba gobetse se ne se sa fele.

Tito o ne a bolelela Bajuda gore ba neele motse mme ka gone ba ipoloke. O “ne a romela Josephus gore a bue le bone ka puo ya bone; ka go bo a ne a akanya gore ba ne ba ka nna ba ineela fa motho wa naga ya bone a ne a ka bua le bone.” Mme ba ne ba sotla Josephus. Morago Titus o ne a aga lorako lo lo nang le dintlha tse di motsu go dikologa motse otlhe. (Luke 19:43) E re ka jaanong go ne go sa tlhole go na le tsholofelo ya go falola e bile ba sa kgone go tsamaela kgakala, leuba “le ne la bolaya matlo le malapa a a tletseng.” Ntwa e e neng e tsweletse eo e ne ya oketsa baswi. Titus o ne a thopa Jerusalema, a diragatsa boperofeti jwa Bibela a sa itse. Fa a sena go leba dithako tse dikgolo tseo le ditora tse di nonofileng o ne a tlhaeletsa jaana: “Modimo ke one tota o o ntshitseng Bajuda mo dikagong tse di thata tseno.” Go ne ga swa Bajuda ba ba fetang milione o le mongwe.—Luke 21:5, 6, 23, 24.

Morago ga Ntwa

Josephus o ne a ya kwa Roma morago ga ntwa. O ne a itumelela go nna le ba ga Flavius, mme o ne a tshela jaaka moagi wa Roma mo ntlong e kgolo e e kileng ya bo e le ya ga Vespasian mme Titus o ne a mo naya phenshene ya segosi mmogo le dimpho. Morago ga foo, Josephus o ne a nna mokwadi wa dibuka.

Go kgatlha tota go itse gore go bonala Josephus e le ene a neng a tlhama lereo “Puso ya Modimo.” O ne a kwala jaana kaga setšhaba sa Bajuda: “Puso ya rona . . . e ka bidiwa Puso ya Modimo, ka go tsaya gore Modimo ke one o nang le thata le maatla.”

Josephus ga a ise a ko a ipitse Mokeresete. Modimo o ne o sa mo tlhotlheletse gore a kwale. Lefa go ntse jalo, dikwalo tsa ga Josephus di na le ditiragalo tse di sedifatsang le tse di kgatlhang tsa hisitori.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Josephus kwa dithakong tsa Jerusalema

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela