LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/15 ts. 1-4
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Masada—E Ne ya Diragala?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Masada—E Ne ya Diragala?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boramarumo ba kwa Masada
  • A Masada—E Ne E le Bosupi jwa Gore Mesia O Ne A Tlile?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dipego Tse Di Kgatlhang tsa ga Josephus
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Tla Bolokwa fa Modimo a Tsaya Kgato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tsholofelo e e Botoka ya Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/15 ts. 1-4

Ke Ka Ntlha Yang Fa Masada—E Ne ya Diragala?

“RE SALE re ikemisetsa go direla Modimo fela eseng Baroma, go tloga bogologolo, lona ditsala tsa me tse di pelokgale . . . Tlaang, fa re santse re gololesegile go ka tsaya ditšhaka ka diatla tsa rona . . . A bogolo re swe pele re ka nna batlhanka ba baba ba rona, mme re tshele botshelo jono mmogo re gololesegile le bana ba rona le basadi ba rona!”

Kgothatso eno ya motho yo o ngomogileng pelo go begiwa e ne ya buiwa ke Eleazar, morwa Jair (kana Ben Ya’ir), a bua le bao ba neng ba lwela go sireletsa Masada. Seo se ne sa kwalwa ke raditiragalo wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Josephus mo bukeng ya gagwe, The Jewish War. Ke ka ntlha yang fa moeteledipele yoo wa Mojuda a ne a kgothaletsa ditsala tsa gagwe go bolaya batho ba bantsi jalo kana gone go ipolaya, kgatlhanong le molao wa Modimo? (Ekesodo 20:13) Se se botlhokwa le go feta foo, ke gore go itse boemo jwa bone go ka go thusa jang go tila thubakanyo e e leng gone mo lefatsheng gompieno?

Boramarumo ba kwa Masada

Pele Bajuda ba tsuologa ka 66 C.E., Baroma ba ne ba tlhoma masole kwa Masada, e e leng lefelo le le sireleditsweng le le kwa godimo ga thaba gaufi le Lewatle le le Suleng. Lemororo Masada e ne e le lefelo le le neng le eme le le nosi, Herode yo Mogolo o ne a ikagetse mošate o montle oo a neng a nna kwa go one mariga. O ne a isa metsi koo ka dipeipi mo eleng gore ba ne ba kgona go tlhapa le ka metsi a a bolelo. Se se botlhokwa gape ke gore ka nako ya fa Baroma ba ne ba nna koo ntlo eno ya phemelo e ne ya nna bobolokelo jwa ditlhabano. Fa maikutlo a batho a ne a gotela ka go nna ga Baroma mo Palesetina, ditlhabano tseo di ne di le mo kotsing ya go tsewa ke Bajuda ba ba neng ba lwela diphetogo. Sengwe sa ditlhopha tseo e ne e le Sicarii, e e kayang “boramarumo,” bao Bibela e ba umakang e le bao ba neng ba na le seabe mo botsuoloding jono.—Ditihō 21:38.

Boramarumo bano ba ne ba gapa Masada ka 66 C.E. Ba ne ba gwantela kwa Jerusalema ba tshotse dibolao tsa bone tse disha go tshegetsa botsuolodi jo bo neng bo dirwa kgatlhanong le puso ya Roma. Balweladiphetogo bao ba Bajuda ba ne ba dira gore Mmusomogolo wa Roma o galefele batho ba bone ka ntlha ya fa ba ne ba bolaile masole a mantsi a Roma a a neng a le kwa Masada le mo Jerusalema. Pele 66 C.E. e khutla, Roman Twelfth Legion e ne ya tsena mo Judea e eteletswe pele ke Cestius Gallus mme ya thibelela kafa ntle ga Jerusalema. Baroma ba ne ba tlhasela motse go tswa mo matlhakoreng otlhe ba bo ba koafatsa metheo ya tempele kafa bokone. Ka bonako fela Gallus o ne a ntsha masole a gagwe mme a tswa mo Judea fela go sa itsiwe lebaka. “Fa a ka bo a ile a dikaganyetsa Motse oo ka lobakanyana lo lotelele go feta moo a ka bo a ile a o thopa gangwe fela,” go ne ga kwala jalo Josephus yo o neng a iponela ditiragalo tseo ka matlho.

Mme Baroma ba ne ba ise ba fetse. Dingwaga tse nnè moragonyana molaodi wa masole a Roma ebong Titus o ne a tsena mo Jerusalema ka ditlhopha tse nnè tsa masole.a Ba ne ba senya motse otlhe, mme Judea e ne ya tsena gape kafa tlase ga puso e e gatelelang ya Roma. Yotlhe fela kwantle ga Masada.

Ereka ba ne ba ikaeletse go nyeletsa bogoma jo bo setseng jono, Baroma ba ne ba dikaganyetsa kago eno ya phemelo e e neng e na le dikampa di le robedi tsa mabota a matlapa. Kgabagare ba ne ba aga tsela e e yang kwa godimo—mokong o o itiretsweng o o neng o le boleele jwa dimetara di le 197 mme o le bogodimo jwa dimetara di le 55! Ba ne ba aga tora mo godimo ba bo ba pega sekepe se se nang le nko e telele e e motsu go thuba lorako lwa Masada. Go ne go sa tle go tsaya lobaka gore masole ano a Roma a tsenelele mme a thope kago eno ya bofelo ya phemelo ya Judea.

Gompieno, go rulaganngwa ka phepafalo ga dikampa tsa Baroma, go dikaganyediwa ga lorako, le tsela e kgolo eo di naya bosupi jwa kafa botsuolodi jwa Bajuda bo neng jwa felela ka gone. Masada e ne ya fediwa go epololwa ka 1965. The New Encyclopœdia Britannica (1987) e bua jaana fa e akgela ka dilo tseo di neng tsa bonwa: “Go ne ga fitlhelwa gore dilo tseo raditiragalo wa Baroma le wa Bajuda Josephus a neng a di tlhalosa, tseo go fitlha ka nako eo e neng e le tsone fela motswedi wa hisitori ya Masada di ne tsa fitlhelwa e le tse di opang kgomo lonaka tota.”

Mme ereka Baroma ba ne ba setse ba tloga ba tsenelela mo marakong ao, boramarumo bao ba ne ba arabela jang puo ya boipolao ya ga Eleazar, morwa Jair? Josephus o bega jaana: “Mongwe le mongwe wa bone o ne a rulaganya balelapa la gagwe; . . . fa ba sena go tlhopha ka bola banna ba le lesome bao ba neng ba tlile go bolaya botlhe, mongwe le mongwe wa bone o ne a rapama fa thoko ga mosadi wa gagwe le bana, a bo a ba haka ka diatla tsa gagwe, a dira gore memetso ya bone e lebe ntlheng ya bao ba neng ba tlile go dira tiro eo e e botlhoko.b Bano ba ne ba ba bolaya botlhe, ba bo ba dira se se tshwanang ka mongwe le mongwe wa bone, . . . mme lefa go ntse jalo mosadimogolo mongwe, a na le yo mongwe gape . . . ba ne ba falola . . . Go ne ga bolawa batho ba le makgolo a le robong le borataro, go akaretsa basadi le bana.”

Ke ka ntlha yang fa botsuolodi jwa Bajuda bo ne jwa felela ka masetlapelo jaana? A bo ne bo amana ka tsela nngwe le botshelo jwa ga Jesu wa Nasaretha le loso lwa gagwe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Baithutamarope ba ne ba fitlhela madi a tshipi a le makgolokgolo kwa Masada a a kwadilweng ka Sehebera kaga go itumelela botsuolodi, jaaka a a reng “Mabapi le kgololesego ya Sione,” le “Jerusalema e e Galalelang.” Dr. Yigael Yadin o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe Masada: “Madi a re nang le ona a emela dingwaga tsotlhe tsa rona tsa go tsuologa, go tloga ka ngwaga wa ntlha go fitlha ka ngwaga wa botlhano, eleng one ngwaga wa bofelo oo madi ano a neng a dirwa ka one, o o nyalanang le ngwaga wa 70 AD fa tempele ya Jerusalema e ne e senngwa.”

b Kwa lefelong lengwe la botlhokwa gaufi le kgoro ya Masada, go ne ga fitlhelwa dipapetlana di le 11 tsa mmopa, tseo di neng di kwadilwe maina a direto a le marataro a makhutshwane a Sehebera. Bakanoki ba bantsi ba akantsha gore e tshwanetse ya bo e ne e le tsa bola jo Josephus a neng a bo umaka. Mo go e nngwe go ne go kwadilwe “Ben Ya’ir,” seo se kayang “morwa Jairus.” “Bola jo bo neng jwa bonwa ke Yadin go akaretsa le joo bo neng bo kwadilwe leina Ben Jair bo tlhomamisa pego ya ga Josephus tota,” go bolela jalo Louis Feldman mo go Josephus and Modern Scholarship.

[Setshwantsho sa khabara]

A Masada—Ke Jwa Gore Mesia O Ne A Tlile?

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ledi la tshipi la Sejuda la 67 C.E. leo le umakang “Ngwaga wa bo 2” wa ntwa ya bone le Roma

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela