A o Tla Bolokwa fa Modimo a Tsaya Kgato?
“Fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se [ka] a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.”—MATHAIO 24:22.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re kgatlhegele isagwe ya rona? (b) Go nna le kgatlhego e e tshwanetseng go ka tswa go ne ga akarediwa mo dipotsong dife tse di botlhokwa?
OIKGATLHEGELA go le kana kang? Batho ba le bantsi gompieno ba ikgatlhegela ka tsela e e feteletseng, ba le pelotshetlha. Lefa go ntse jalo, Baebele ga e gane gore re nne le kgatlhego e e tshwanetseng mo go se se re amang. (Baefeso 5:33) Seo se akaretsa go kgatlhegela isagwe ya rona. Ka jalo go tla bo go tshwanela gore o batle go itse gore isagwe ya gago e go tshwaretse eng. A o kgatlhegela seo?
2 Re ka tlhomamisega gore baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba na le mofuta o o ntseng jalo wa go kgatlhegela isagwe ya bone. (Mathaio 19:27) Go bonala e le lone lebaka le le dirileng gore ba botse fa ba banè ba bone ba ne ba na le Jesu kwa Thabeng ya Lotlhware. Ba ne ba botsa jaana: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dira[g]ala leng, le sesupo e tlaa nna eng sa fa dilo tsotlhe tse di tloga di dira[g]ala?” (Mareko 13:4) Jesu ga a ka a itlhokomolosa go nna le kgatlhego e e tshwanetseng ka isagwe—e leng kgatlhego ya bone le ya rona. Gangwe le gape o ne a gatelela kafa balatedi ba gagwe ba neng ba ka amiwa ke seo ka teng le gore matswela a bofelo a seo e ne e tla nna afe.
3. Ke ka ntlha yang fa re bapisa karabo ya ga Jesu le motlha wa rona?
3 Karabo ya ga Jesu e ne ya tlhalosa boporofeti jo bo diragadiwang thatathata mo motlheng wa rona. Re ka lemoga seno ka dintwa tsa lefatshe le dikgotlhang tse dingwe tsa mo lekgolong la rona la dingwaga, dithoromo tsa lefatshe tse di bolayang batho ba le bantsi, ditlhaelo tsa dijo tse di lereng bolwetse le loso, le leroborobo la bolwetse—go simolola ka letshoroma la Spain la 1918 go fitlha mo sebetsong sa gompieno sa AIDS. Lefa go ntse jalo, gape karolo e kgolo ya karabo ya ga Jesu e ne ya diragadiwa pele ga go senngwa ga Jerusalema le ka nako ya fa e ne e senngwa ke Baroma ka 70 C.E. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone.”—Mareko 13:9.
Se Jesu a se Boleletseng Pele, Le se Se Diragetseng
4. Ke ditlhagiso dife tse dingwe tse di akarediwang mo karabong ya ga Jesu?
4 Jesu ga a ka a bolelela pele ka tsela e batho ba bangwe ba neng ba tla tshwara barutwa ba gagwe ka yone fela. Gape o ne a ba tlhagisa gore bone ka bobone ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato efe. Ka sekai: “E tlaa re lo bona yo o makgapha a a swafatsang a eme fa o sa tshwanelang go ema teng, yo o balang a a tlhaloganye, foo ba ba mo Jutea ba tshabele kwa dithabeng.” (Mareko 13:14) Pego e e tshwanang le eo e e mo go Luke 21:20 ya re: “E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa.” Seno se ne sa itshupa se le boammaaruri jang mo lekgetlhong la ntlha?
5. Ke eng se se neng sa diragalela Bajuta bangwe kwa Jutea ka 66 C.E.?
5 The International Standard Bible Encyclopedia (1982) e re bolelela jaana: “Bajuta ba ne ba le tlhogoethata fa ba ne ba busiwa ke Baroma mme babogisi ba bone ba ne ba le thubakanyo thata, ba le setlhogo, e bile ba sa ikanyege. Botsuolodi jo bo neng bo le mo pepeneneng bo ne jwa tlhagoga ka A.D. 66. . . . Ntwa e ne ya simologa fa Batlhagafalelasejuta ba ne ba gapa Masada mme morago ga moo ba bo ba gwanta mo Jerusalema ba eteletswe pele ke Menahem. Ka nako e e tshwanang, Bajuta ba ba neng ba le kwa motseng o o busang wa Kaesarea ba ne ba bolawa, mme dikgang tsa tiro eno e e setlhogo di ne tsa anama mo nageng eo. Madi a tshipi a masha a ne a kwalwa Ngwaga 1 go ya go Ngwaga 5 wa botsuolodi.”
6. Go tsuologa ga Bajuta go ne ga dira gore Baroma ba tseye kgato efe?
6 Mophato wa Masole a Roma wa Bolesome le Bobedi o o neng o eteletswe pele ke Cestius Gallus o ne wa gwanta o tswa kwa Siria, wa thopa Galilea le Jutea, mme morago ga moo wa tlhasela moshate, tota le go tsena kwa dikarolong tse di kwa godimo tsa “Jerusalema motse o o boitshepo.” (Nehemia 11:1; Mathaio 4:5; 5:35; 27:53) Bolumo ya The Roman Siege of Jerusalem e bolela jaana fa e ne e sobokanya ditiragalo tseo: “Ka malatsi a le matlhano Baroma ba ne ba leka go thuba lebota, mme gangwe le gape ba busediwa kwa morago. Kgabagare baiphemedi, ba ba neng ba fekeediwa ke dibetsa tse dintsi tse di latlhelwang, ba ne ba ineela. Ba ne ba dirisa mokgwa o o bidiwang testudo—wa go ikhurumetsa ditlhogo ka dithebe tsa bone gore ba itshireletse—masole a Roma a ne a koafatsa lebota mme ba leka go tshuba heke ka molelo. Baiphemedi ba ne ba tshoga fela thata.” Bakeresete ba ba neng ba le mo motseng ba ne ba ka gakologelwa mafoko a ga Jesu mme ba lemoga gore se se makgapha se ne se eme fa lefelong le le boitshepo.a Mme Bakeresete bao ba ne ba ka tshaba jang e re ka motse o ne o dikanyeditswe, jaaka Jesu a ile a ba gakolola?
7. Ke eng se Baroma ba neng ba se dira fa ba ne ba ka kgona go fenya ka 66 C.E.?
7 Mokwalahisetori e bong Flavius Josephus o anela jaana: “E re ka Cestius [Gallus] a ne a sa lemoge gore batho ba ba neng ba dikanyeditswe ba ne ba le mo tlalelong e bile a sa itse gore ba ikutlwa jang, ka tshoganetso o ne a laela banna ba gagwe gore ba tlogele go tlhasela, o ne a tlhoka tshepo lefa gone a ne a ise a ko a fenngwe, mme a dira boeleele ka go tswa mo Motseng oo.” (The Jewish War, II, 540 [xix, 7]) Ke ka ntlha yang fa Gallus a ne a boela kwa morago? Go sa kgathalesege gore e ne e le ka lebaka lefe, go boela ga gagwe kwa morago go ne ga dira gore Bakeresete ba utlwe taelo ya ga Jesu mme ba tshabela kwa dithabeng le kwa go babalesegileng.
8. Ke karolo efe ya bobedi e Baroma ba neng ba e leka kgatlhanong le Jerusalema, mme ke eng se se neng sa diragalela bafalodi?
8 Go nna kutlo go ile ga boloka botshelo. Go ise go ye kae Baroma ba ne ba ya go fenya batsuolodi. Letsholo le le neng le eteletswe pele ke Mojenerale Titus le ne la fitlha kwa makgaolakgannyeng fa go ne go dikanyeditswe Jerusalema go tloga ka April go ya go August 70 C.E. Go tsitsibanya mmele tota fa o bala ka tlhaloso ya ga Josephus ya kafa Bajuta ba neng ba boga ka teng. Kwantle ga Bajuta bao ba bolailweng ba lwantsha Baroma, ba bangwe ba ne ba bolawa ke ditlhopha tsa baba ba Bajuta, mme tlala e ne ya dira gore ba je batho ba bangwe. Ka nako ya fa Baroma ba fenya, Bajuta ba le 1 100 000 ba ne ba setse ba sule.b Mo bafaloding ba le 97 000, bangwe ba bone ba ne ba bolawa ka bonako; ba bangwe ba ne ba dirwa makgoba. Josephus o bolela jaana: “Ba ba neng ba feta lesome le bosupa ba ne ba golegwa ka diketane ba bo ba ya go dira tiro e e bokete ya magolegwa kwa Egepeto, fa dipalopalo tse dingwe tsa bone di ne tsa isiwa ke Titus go ya kwa dikgaolong dingwe gore ba ye go bolawa ka tšhaka kana ke dibatana tsa naga kwa lebaleng la metshameko.” Magolegwa a le 11 000 a ne a bolawa ke tlala, fa tota thulaganyo eno ya go bona gore la bofelo go tla diragalang ka bone e ne e ntse e tsweletse pele.
9. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ne ba sa bolawa jaaka Bajuta, mme ke dipotso dife tse di salang?
9 Bakeresete ba ne ba ka lebogela gore ba utlwile tlhagiso ya Morena le gore ba ne ba tshabile ba tswa mo motseng pele masole a Roma a boa. Ka gone ba ne ba bolokwa mo karolong ya se Jesu a neng a se bitsa ‘sepitla se segolo se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eo; le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope’ mo Jerusalema. (Mathaio 24:21) Jesu o ne a oketsa jaana: “Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se [ka] a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:22) Ka nako eo, seo se ne se bolela eng, mme se bolela eng gone jaanong?
10. Mo nakong e e fetileng re ne re tlhalosa Mathaio 24:22 ka tsela efe?
10 Mo nakong e e fetileng go ne go tlhalosiwa gore ‘motho yo o bolokwang’ go ne go tewa Bajuta ba ba neng ba falola sepitla kwa Jerusalema ka 70 C.E. Bakeresete ba ne ba tshabile, ka jalo Modimo o ne a ka lesa Baroma go tla go lere tshenyego ka bonako. Ka mafoko a mangwe, ka ntlha ya go bo “baitshenkedwi” ba ne ba se mo kotsing, malatsi a sepitla a ne a ka khutshwafadiwa, go letla gore ‘batho’ bangwe ba Bajuta ba bolokwe. Go ne go akanngwa gore Bajuta ba ba neng ba falola ba ne ba tshwantshetsa bao ba tla falolang sepitla se segolo se se tlang mo motlheng wa rona.—Tshenolo 7:14.
11. Ke ka ntlha yang fa go lebega e kete tlhaloso e e mo go Mathaio 24:22 e tshwanetse go sekasekiwa gape?
11 A mme tlhaloso eno e dumalana le se se neng sa diragala ka 70 C.E.? Jesu o ne a bolela gore “motho” o ne a tshwanetse go “bolokwa” ka nako ya sepitla. A o ne o ka dirisa lefoko go “bolokwa” go tlhalosa bafalodi ba ba 97 000, ka lebaka la gore go ise go ye kae diketekete tsa bone di ne tsa bolawa ke tlala kana tsa bolaelwa kwa lebaleng la metshameko? Josephus o bolela jaana ka lebala lengwe la metshameko kwa Kaesarea: “Palo ya batho ba ba neng ba nyelela fa ba ne ba lwa le dibatana tsa naga kana ba lwantshana ka bobone kana ya ba ba neng ba fisiwa ka molelo ba ntse ba tshela e ne e feta 2 500.” Le mororo ba ne ba sa swa fa ba ne ba tlhaselwa, tota ba ne ba sa “bolokwa.” A mme Jesu o ne a ka ba tshwantsha le bafalodi ba ba itumetseng ba “sepitla se segolo” se se tlang?
Motho o Bolokwa—Jang?
12. “Baitshenkedwi” ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le bomang bao Modimo a neng a ba kgatlhegela?
12 Ka 70 C.E., Modimo o ne a sa tlhole a tsaya Bajuta ba tlholego e le baitshenkedwi ba gagwe. Jesu o ne a bontsha gore Modimo o ne a latlha setšhaba seo mme a lesa moshate wa sone, tempele le tsamaiso ya kobamelo ya sone e senngwa. (Mathaio 23:37–24:2) Modimo o ne a tlhopha setšhaba se sesha, e leng Iseraele wa semoya. (Ditiro 15:14; Baroma 2:28, 29; Bagalatia 6:16) Se ne se na le banna le basadi ba ba tlhophilweng mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba tloditswe ka moya o o boitshepo. (Mathaio 22:14; Johane 15:19; Ditiro 10:1, 2, 34, 35, 44, 45) Dingwaga pele ga Cestius Gallus a tlhasela, Petere o ne a kwalela “ba ba itshenketsweng ka fa ketsetsongpele ya Modimo Rara, ka go itshepisiwa ke Mowa.” Batlodiwa bao e ne e le “losika lo lo itshenketsweng, [le] bopereseti jwa segosi, morafe o o boitshepo.” (1 Petere 1:1, 2; 2:9, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Modimo o ne a tla tseela ba ba itshenketsweng bao kwa legodimong go ya go busa le Jesu.—Bakolosa 1:1, 2; 3:12; Tito 1:1; Tshenolo 17:14.
13. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:22 a ka tswa a ne a tlhaloganngwa jang?
13 Go mosola gore re itse gore baitshenkedwi bano ke bomang, ka gonne Jesu o ne a bolelela pele gore metlha ya sepitla e ne e tla khutshwafadiwa “ka ntlha ya baitshenkedwi.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “ka ntlha ya” gape le ka ranolwa ka gore “go solegela molemo” kana “go solegela . . . molemo.” (Mareko 2:27; Johane 12:30; 1 Bakorinthe 8:11; 9:10, 23; 11:9; 2 Timotheo 2:10; Tshenolo 2:3, bapisa NW.) Ka jalo Jesu o ka tswa a ne a re, ‘Fa e ka bo metlha eo e sa khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se ka a bolokwa; mme gore baitshenkedwi ba solegelwe molemo, metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.’c (Mathaio 24:22, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A go na le sengwe se se diragetseng se se neng sa thusa kana sa ‘solegela molemo’ baitshenkedwi ba Bakeresete ba ba neng ba thibeletswe kwa Jerusalema?
14. ‘Batho’ ba ne ba bolokwa jang fa masole a Roma a ne a boela kwa morago ka tsela e e sa lebelelwang kwa Jerusalema ka 66 C.E.?
14 Gakologelwa gore ka 66 C.E., Baroma ba ne ba ralala naga, ba tsena mo Jerusalema e e kwa godimo, mme ba simolola go koafatsa lebota. Josephus o akgela jaana: “Fa fela a ne a kile a tswelela pele a dikanyeditse ka lobaka lo lotelele o ka bo a ne a gapa Motse oo ka bonako” Ipotse, ‘Ke ka ntlha yang fa masole a Roma a a neng a nonofile a ne a tlogela letsholo leo ka bonako mme ba “dira boeleele” ka go boela kwa morago?’ Rupert Furneaux, moitse mo go tlhaloseng hisetori ya masole, o akgela jaana: “Ga go ise go nne le mokwalahisetori ope yo o neng a atlega mo go ntsheng lebaka lepe le le utlwalang la go bo Gallus a ne a swetsa ka tsela eo e e gakgamatsang le e e tshosang jaana.” Go sa kgathalesege lebaka leo, matswela e nnile gore sepitla seo se ne sa khutshwafadiwa. Baroma ba boela kwa morago, Bajuta ba ne ba etla ba ba tlhasela fa ba ntse ba boela kwa morago. Re ka reng ka “baitshenkedwi” ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba thibeletswe? Go tlogela go dikanyediwa go ne go raya gore ba ne ba bolokesegile mo go bolaiweng gope mo go neng go ka diragala ka sepitla. Ka gone, Bakeresete bao ba ba neng ba thusiwa ke go khutshwafadiwa ga sepitla ka 66 C.E. e ne e le ‘batho’ ba ba neng ba bolokwa ba ba umakilweng mo go Mathaio 24:22.
Isagwe ya Gago e go Tshwaretse Eng?
15. Ke ka ntlha yang fa o ka re Mathaio kgaolo 24 e tshwanetse ya kgatlhegelwa thata mo motlheng wa rona?
15 Motho mongwe o ka nna a botsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa tota ke tshwanetse go kgatlhegela kitso eno e e phepafaditsweng ya mafoko a ga Jesu?’ Ebu, go na le lebaka le le utlwalang la go bo re ka swetsa gore boporofeti jwa ga Jesu bo ne bo tshwanetse go diragadiwa ka tsela e kgolwane, go feta jo bo neng jwa dira go ya go fitlha ka 70 C.E. le jo bo diragetseng ka yone nako eo.d (Bapisa Mathaio 24:7; Luke 21:10, 11; Tshenolo 6:2-8.) Ka masomesome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ruta gore go diragadiwa mo gogolwane mo go mo motlheng wa rona go supa gore re ka lebelela “sepitla se segolo” kwa pele ga rona se se fetang seo. Ka nako ya sone, mafoko a boporofeti a a mo go Mathaio 24:22 a tla diragadiwa jang?
16. Ke ntlha efe e e kgothatsang e Tshenolo e e tlhagisang malebana le go atamela ga sepitla se segolo?
16 Mo e ka nnang masome a mabedi a dingwaga morago ga sepitla sa kwa Jerusalema, moaposetoloi Johane o ne a kwala buka ya Tshenolo. E ne e tlhomamisa gore sepitla se segolo se a tla. Mme fa ka borona re kgatlhegela se se re amang, re ka nna ra wela pelo go itse gore Tshenolo e re tlhomamisetsa ka tsela ya boporofeti gore motho o tla tshela go pota sepitla seno se segolo se se tlang ka kwa. Johane o ne a bolelela pele ka “boidiidi jo bogolo jwa batho . . . e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” Ke bomang? Lentswe le le tswang kwa legodimong le araba jaana: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo.” (Tshenolo 7:9, 14) Ee, e tla nna bafalodi! Gape Tshenolo e re neela temogo ya kafa dilo di tla diragadiwang ka teng mo sepitleng se segolo se se tlang le kafa Mathaio 24:22 e tla diragadiwang ka teng.
17. Karolo e e simololang ya sepitla se segolo e tla akaretsa eng?
17 Karolo e e simololang ya sepitla seno e tla nna go tlhaselwa ga seaka sa tshwantshetso se se bidiwang “Babilone yo mogolo.” (Tshenolo 14:8; 17:1, 2) Se emela mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o Labokeresete a itshupileng a le molato thata mo go one. Mafoko a a mo go Tshenolo 17:16-18 a bolela gore Modimo o tla tsenya mo pelong ya boradipolotiki gore ba tlhasele seaka seno sa tshwantshetso.e Akanya fela gore “baitshenkedwi” ba ba tloditsweng ba Modimo le ditsala tsa bone ba “boidiidi jo bogolo” ba ne ba tla e leba jang. Fa tlhaselo eno ya bodumedi e e swafatsang e tsweletse pele, e ka nna ya lebega e kete e tla nyeletsa mekgatlho yotlhe ya bodumedi, go akaretsa le batho ba ga Jehofa.
18. Ke ka ntlha yang fa go ka lebega e kete go ka se nne le “motho” ope yo o tla bolokwang mo karolong e e simololang ya sepitla se segolo?
18 Eno ke nako e mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:22 a tla diragadiwang ka yone ka tsela e kgolwane. Fela jaaka baitshenkedwi ba kwa Jerusalema ba ne ba lebega e kete ba mo kotsing, batlhanka ba ga Jehofa le bone ba ka nna ba lebega e kete ba mo kotsing ya go nyelediwa fa go tlhaselwa bodumedi, jaaka e kete tlhaselo eo e tla senya ‘batho’ botlhe ba Modimo. Lefa go ntse jalo, a re gakologelweng se se diragetseng bogologolo ka 66 C.E. Sepitla se se bakilweng ke Baroma se ne sa khutshwafadiwa, se letla gore baitshenkedwi ba ba tloditsweng ba Modimo ba nne le sebaka se segolwane sa go tshaba mme ba boloke matshelo a bone. Ka gone, re ka tshepa gore tlhaselo e e tla senyang bodumedi e ka se dumelelwe gore e bolaye phuthego ya lefatshe lotlhe ya baobamedi ba boammaaruri. E tla dirwa ka bonako, jaaka e kete ke “mo letsatsing le le lengwe fela.” Lefa go ntse jalo, ka tsela nngwe e tla khutshwafadiwa, e ka se tlogelwe e wetsa boikaelelo jwa yone, e le gore batho ba Modimo ba ka “bolokwa.”—Tshenolo 18:8.
19. (a) Ke eng se se tla bonalang morago ga karolo ya ntlha ya sepitla se segolo? (b) Seno se tla felela ka eng?
19 Dikarolo tse dingwe tsa mokgatlho wa lefatshe tsa ga Satane Diabolo morago ga moo di tla tswelela pele ka nakwana, di hutsafalela go latlhegelwa ke tirisanommogo ya tsone le seaka sa tsone sa bogologolo sa bodumedi. (Tshenolo 18:9-19) Mo letlhakoreng le lengwe, ba tla lemoga gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba setse, “ba agile fela ba se na dithako” mme ba lebega ba ka tlhaselwa motlhofo fela. A bo ba tla gakgamadiwa jang ne! Modimo o tla tsaya kgato gore a atlhole baba ba gagwe mo karolong ya bofelo ya sepitla se segolo, a ipusolosetsa mo bogaleng jwa mmatota jo bo kgatlhanong le batlhanka ba gagwe kana jo bo ba tshosetsang.—Esekiele 38:10-12, 14, 18-23.
20. Ke ka ntlha yang fa karolo ya bobedi ya sepitla e ka se ke ya baya batho ba Modimo mo kotsing?
20 Karolo eno ya bobedi ya sepitla se segolo e tla tshwana le se se neng sa diragalela Jerusalema le baagi ba yone fa e ne e tlhaselwa la bobedi ke Baroma ka 70 C.E. E tla itshupa e le “sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong [eo]; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope.” (Mathaio 24:21) Lefa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore baitshenkedwi ba Modimo le ditsala tsa bone ba ka se nne mo kotsing, kotsi ya gore ba ka bolawa. Legale, ba ne ba sa tshwanela go tshabela kwa lefelong lengwe mo lefatsheng. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema ba ne ba ka tswa mo motseng oo ba tshabela kwa dithabeng, jaaka kwa Pella go kgabaganya Joretane. Lefa go ntse jalo, mo isagweng Basupi ba ba ikanyegang ba Modimo ba tla nna gongwe le gongwe mo lefatsheng, ka jalo pabalesego le tshireletsego di ka se ikaege fela ka lefelo le le rileng mo lefatsheng.
21. Ke bomang ba ba tla bong ba lwa mo ntweng ya bofelo, mme go tla felela ka eng?
21 Tshenyego eno e ka se dirwe ke masole a Roma kana baemedi bape ba batho. Go na le moo, buka ya Tshenolo e tlhalosa gore masole a a tla bolayang e tla nna a a tswang kwa legodimong. Ee, karolo eo ya bofelo ya sepitla se segolo e tla bo e diragadiwa, e seng ka masole a batho, mme ka “Lefoko la Modimo,” Kgosi Jesu Keresete, a thusiwa ke ‘[masole, NW] a a leng kwa legodimong,’ go akaretsa le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng. “KGOSI YA DIKGOSI, LE MORENA WA BARENA” o tla bolaya go feta Baroma ka 70 C.E. E tla nyeletsa batho ba ba ganetsang Modimo—dikgosi, balaodi ba masole, bagololesegi le batlhanka, bannye le bagolo. Tota le mekgatlho ya batho ya lefatshe la ga Satane e tla nyelela.—Tshenolo 2:26, 27; 17:14; 19:11-21; 1 Johane 5:19.
22. Ke ka kutlwisiso efe e nngwe e ‘batho’ ba tla bolokwang ka yone?
22 Gakologelwa gore ‘batho,’ ba masalela a a tloditsweng mmogo le ba “boidiidi jo bogolo,” ba tla bo ba bolokilwe fa Babilone yo Mogolo a nyelediwa ka bonako le ka tsela e e feletseng mo karolong ya ntlha ya sepitla. Ka mo go tshwanang mo karolong ya bofelo ya sepitla, “motho” yo o tla tshabelang mo letlhakoreng la ga Jehofa o tla bolokwa. A bo seno se tla bo se farologane jang ne le go fedisiwa ga Bajuta ba batsuolodi ka 70 C.E.!
23. Ke eng se ‘batho’ ba ba tla falolang ba ka se lebelelang?
23 Fa o akanya ka dilo tse di ka diregang mo isagweng ya gago le ya baratiwa ba gago, ela tlhoko se se solofeditsweng mo go Tshenolo 7:16, 17: “Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora; le letsatsi ga le ketla le ba babalela, le fa e le mogote ope, gonne Kwana yo o fa gare ga setulo sa bogosi, o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” Eleruri, tota seo se raya go “bolokwa” ka tsela e e molemolemo le e e tla nnelang ruri.
[Dintlha tse di kwa tlase]
b Josephus o bolela jaana: “Fa Titus a tsena o ne a gakgamadiwa ke go bona kafa motse o neng o nonofile ka teng . . . O ne a goela kwa godimo a re: “Modimo o ntse o re eme nokeng; ke Modimo yo o digileng Bajuta mo dikagong tseno tsa phemelo; ka gonne ke eng se diatla tsa motho kana didirisiwa tsa gagwe di ka se dirang ka dikago tse dikgolo jalo?’”
c Se se kgatlhang ke gore mokwalo o o mo go Mathaio 24:22 wa ga Shem-Tob o dirisa lefoko la Sehebera ʽa·vurʹ, le le kayang “go solegela molemo, ka ntlha ya, ka lebaka la gore.”—Bona setlhogo se se fetileng, tsebe 13.
d Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1994, ditsebe 11 le 12, le tšhate e e mo tsebeng ya 14 le 15, e e bontshang dikholomo tse di tshwanang tsa karabo ya boporofeti jwa ga Jesu jo bo fitlhelwang mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21.
e Bona Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, ditsebe 235-58, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke dikarolo dife tse pedi tse di neng tsa diragala fa masole a Roma a ne a tlhasela kwa Jerusalema?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka se ke ra re Bajuta ba le 97 000 ba ba falotseng ka 70 C.E. ba ne ba bopa ‘batho’ ba ba umakilweng mo go Mathaio 24:22?
◻ Malatsi a sepitla sa kwa Jerusalema a ne a khutshwafadiwa jang, mme ka gone ‘batho’ ba ne ba bolokwa jang?
◻ Mo sepitleng se se atamelang, malatsi a tla khutshwafadiwa jang mme ‘batho’ ba tla bolokwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Madi a tshipi a Sejuta a ne a dirwa morago ga botsuolodi. Ditlhaka tsa Sehebera tse di neng di kwadilwe mo go one di ne di re “Ngwaga wa bobedi,” mo go kayang 67 C.E., e le ngwaga wa bone wa bobedi ba ipusa
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Madi a tshipi a Baroma a ne a dirwa ka 71 C.E. Kafa molemeng ke lesole la Roma le le tlhometseng; kafa letsogong le le jang ke mosadi wa Mojuta a lela. Mafoko a a reng “IVDAEA CAPTA” a kaya gore “Jutea e e mo Botshwarong”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.