LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/1 ts. 8-13
  • “Dilo Tseno di Tshwanetse go Diragala”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dilo Tseno di Tshwanetse go Diragala”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiragatso ya Masetlapelo e e Tlogang e Direga
  • Go ne Go Tla Diragalela Batho ba Nako Eo
  • Go Diragadiwa go Gongwe go go Tlang
  • Katlholo e e Tlogang e Tla!
  • A o Tla Bolokwa fa Modimo a Tsaya Kgato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Sesupo sa go Nna Gone ga Gago E Tla Nna Eng?’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Bolokiwa Mo ‘Losikeng lo lo Bosula’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/1 ts. 8-13

“Dilo Tseno di Tshwanetse go Diragala”

“[Jesu] a ba raya a re: ‘. . . Dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e be e ise e nne bokhutlo.’”—MATHAIO 24:4-6.

1. Ke kgang efe e e tshwanetseng go ngoka kgatlhego ya rona?

GA GO pelaelo gore o kgatlhegela botshelo jwa gago le isagwe ya gago. Fa e le gore go ntse jalo, he o tshwanetse wa bo o kgatlhegela le kgang e e neng ya ngoka kgatlhego ya ga C. T. Russell bogologolo ka 1877. Russell, yo moragonyana a ileng a tlhoma Mokgatlho wa Watch Tower, o ile a kwala The Object and Manner of Our Lord’s Return. Bukana eno ya ditsebe tse 64 e ne e bua ka go boa ga ga Jesu, kana go tla ga gagwe ga mo isagweng. (Johane 14:3) Nako nngwe baaposetoloi ba ile ba botsa jaana malebana le go boa gono fa ba le mo Thabeng ya Lotlhware: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone [kana, “go tla,” King James Version] ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3.

2. Ke eng fa go na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le se Jesu a se boleletseng pele?

2 A o itse karabo ya ga Jesu, mme gone a wa e tlhaloganya? E fitlhelwa mo Diefangeleng tse tharo. Porofesa D. A. Carson o bolela jaana: “Ga go na dikgaolo tse dintsi tsa Baebele tse di ileng tsa tsosa kganetsano mo batlhalosing go feta Mathaio 24 le dikgaolo tse di tsamaisanang le yone tsa Mareko 13 le Luke 21.” Go tswa foo o tlhalosa kgopolo ya gagwe—e nngwe ya dikgopolo tse di ganetsanang le tsa ba bangwe. Mo dingwageng di le lekgolo kana go feta tse di fetileng, bontsi jwa dikgopolo tse di ntseng jalo di ile tsa supa go tlhoka tumelo. Beng ba tsone ba ne ba re Jesu ga a ise a ko a bue mafoko a re a balang mo Diefangeleng, ba bolela gore moragonyana mafoko a gagwe a ile a fetolwa kana gore dipolelelopele tsa gagwe ga di a ka tsa direga—dikgopolo tse di tlhotlheleditsweng ke botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo. Motlhalosi mongwe o ile a ba a leba Efangele ya ga Mareko ‘go ya ka filosofi ya Babuda ba Mahayana’!

3. Basupi ba ga Jehofa ba leba boporofeti jwa ga Jesu jang?

3 Basupi ba ga Jehofa bone ba dumela fa Baebele, go akaretsa le se Jesu a se boleletseng baaposetoloi ba banè ba ba neng ba na le ene kwa Thabeng ya Lotlhware malatsi a le mararo pele ga a swa, e le boammaaruri e bile e ikanyega. Fa e sa le go tloga ka nako ya ga C. T. Russell, tsela e batho ba Modimo ba tlhaloganyang boporofeti joo jwa ga Jesu ka yone e ile ya nna ya gola go ya pele. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, Tora ya Tebelo e ile ya phepafatsa pono ya bone malebana le boporofeti jono le e leng go feta. A o ile wa itseela tshedimosetso eo, wa bona kafa e amang botshelo jwa gago ka gone?a A re e boeletse.

Tiragatso ya Masetlapelo e e Tlogang e Direga

4. Ke eng se se ka tswang se dirile gore baaposetoloi ba botse Jesu kaga isagwe?

4 Baaposetoloi ba ne ba itse gore Jesu ke Mesia. Ka jalo fa ba utlwa a umaka loso lwa gagwe, tsogo le go boa ga gagwe, ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa, ‘Fa e le gore Jesu o tlile go swa a bo a tsamaya, o tla kgona go diragatsa jang dilo tse dintle tse Mesia a solofetsweng go di dira?’ Mo godimo ga moo, Jesu o ile a bua ka bokhutlo jwa Jerusalema le tempele ya yone. Baaposetoloi ba ka tswa ba ile ba ipotsa, ‘Seo se tla direga leng mme se tla direga jang?’ Baaposetoloi ba ile ba botsa jaana ba batla go tlhaloganya dilo tseno: “Dilo tseno di tla nna leng, mme ke eng se e tla nnang sesupo sa fa dilo tseno tsotlhe di laoletswe go tla mo bokhutlong?”—Mareko 13:4; Mathaio 16:21, 27, 28; 23:37–24:2.

5. Se Jesu a ileng a se bua se ile sa diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

5 Jesu o ile a bolelela pele gore go ne go tla nna le dintwa, mauba, dikgogodi tsa malwetse, dithoromo tsa lefatshe, go tlhoiwa le go bogisiwa ga Bakeresete, bomesia ba maaka le go anama ga tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Go tswa foo bokhutlo bo ne bo tla tla. (Mathaio 24:4-14; Mareko 13:5-13; Luke 21:8-19) Jesu o ne a bua seno go sa le gale mo ngwageng wa 33 C.E. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, barutwa ba gagwe ba ba neng ba ntshitse matlho dinameng ba ne ba kgona go lemoga gore dilo tse di neng di boleletswe pele di ne di direga ka tsela e e bonalang sentle. Ee, hisitori e supa gore sesupo seo se ile sa direga mo motlheng oo, mo go neng ga felela ka gore Baroma ba fedise tsamaiso ya dilo ya Sejuda ka 66-70 C.E. Seo se ile sa direga jang?

6. Go ile ga direga eng magareng ga Baroma le Bajuda ka 66 C.E.?

6 Mo selemong se se mogote sa Judea ka 66 C.E., Batlhagafadi ba Bajuda ba ile ba etelela pele letsholo la go tlhasela balebeledi ba Baroma mo kagong ya phemelo e e neng e le gaufi le tempele kwa Jerusalema, mme seo sa baka tirisodikgoka le kwa mafelong a mangwe a naga. Porofesa Heinrich Graetz o tlhalosa jaana mo bukeng ya History of the Jews: “Cestius Gallus, Molaodi wa Siria yo tiro ya gagwe e neng e le go dira gore masole a Roma a tswelele pele a tlotliwa, . . . o ne a ka se tlhole a tlogela botsuolodi joo bo tswelela pele fela fa thoko ga gagwe a sa dire maiteko a go bo kganela. O ile a kgobokanya masole a gagwe, mme dikgosana tse di neng di nna go bapa le ene di ne tsa ithaopa go mo romelela masole a tsone.” Masole ano a le 30 000 a ne a dikaganyetsa Jerusalema. Morago ga go lwa go sekae, Bajuda ba ne ba kata ka morago ba tshabela mo dithakong tsa motse gaufi le tempele. “Mo malatsing a matlhano a a latelanang Baroma ba ile ba tlhasela dithako, mme gone ba ne ba tla ba boela morago ka ntlha ya go tlhaselwa ke marumo a Bajudea. Ke mo letsatsing la borataro fela ba ileng ba kgona go koafatsa karolo e e kafa bokone ya lorako e e fa pele ga Tempele.”

7. Ke eng fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka leba dilo ka tsela e e farologaneng le ya bontsi jwa Bajuda?

7 Akanya fela kafa Bajuda ba tshwanetseng ba bo ba ne ba tlhakane tlhogo ka teng e re ka ba ne ba ntse ba dumela gore Modimo o tla ba sireletsa bone le motse wa bone o o boitshepo! Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu bone ba ne ba ile ba tlhagisiwa go sa le gale gore Jerusalema e tlile go welwa ke masetlapelo. Jesu o ne a ile a bolelela pele jaana: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba ba ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe, mme ba tla go phatlakanyetsa fa fatshe le bana ba gago ba ba mo go wena, mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena.” (Luke 19:43, 44) Mme gone, a seo se ne se bolela gore Bakeresete ba ba neng ba le mo teng ga Jerusalema ka 66 C.E. ba ne ba tlile go swa?

8. Jesu o ile a bolelela pele masetlapelo afe, mme ke bomang ba e neng e le “bakgethiwa” ba malatsi a neng a tla khutshwafadiwa ka ntlha ya bone?

8 Fa Jesu a araba baaposetoloi ba gagwe mo Thabeng ya Lotlhware o ile a bolelela pele jaana: “Malatsi ao e tla nna malatsi a pitlagano e e leng gore ga e ise e ko e diragale go tswa tshimologong ya tlhōlō e Modimo o neng wa e tlhōla go fitlha ka nako eo, mme e se kitla e diragala gape. Tota e bile, fa Jehofa a ne a sa khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang. Mme ka ntlha ya bakgethiwa ba a ba kgethileng o khutshwafaditse malatsi.” (Mareko 13:19, 20; Mathaio 24:21, 22) Ka jalo, malatsi a ne a tla khutshwafadiwa mme “bakgethiwa” ba bolokwa. E ne e le bomang? Ga go pelaelo gore e ne e se Bajuda ba batsuolodi ba ba neng ba ipolela gore ba obamela Jehofa mme gone ba ganne Morwawe. (Johane 19:1-7; Ditiro 2:22, 23, 36) Ka nako eo bakgethiwa ba boammaaruri e ne e le Bajuda le batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba dumela gore Jesu ke Mesia le Mmoloki. Modimo o ne a kgethile batho bao, mme ka Pentekosete ya 33 C.E., o ne a ba dira setšhaba se sesha sa semoya, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Luke 18:7; Ditiro 10:34-45; 1 Petere 2:9.

9, 10. Malatsi a go tlhasela ga Baroma a ile a “khutshwafadiwa” jang, mme ka matswela afe?

9 A malatsi ao a ile a “khutshwafadiwa” mme bakgethiwa bao ba ba tloditsweng ba Jerusalema ba bolokwa? Porofesa Graetz o akantsha jaana: “[Cestius Gallus] o ile a bona go se botlhale go tswelela pele a tlhasela batlhagafadi bao ba ba neng ba shakgetse le go inaakanya le letsholo le leleele ka setlha seo sa letlhabula se pula e neng e tloga e simolola go na ka sone . . . mo go neng go ka thibela masole go bona dilo tse ba di tlhokang. Ka ntlha ya seo, go ka direga gore o ile a akanya gore go botoka gore a boele morago.” Le fa e ka nna eng se Cestius Gallus a ka tswang a ne a se akantse, masole a Roma a ile a boela morago a tswa mo motseng ono, mme bontsi jwa bone ba swa ba bolawa ke Bajuda ba ba neng ba ba lelekile.

10 Go boela morago goo go go neng go sa lebelelwa ga Baroma go ile ga letla gore “nama”—barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba le mo kotsing mo teng ga Jerusalema—ba bolokwe. Hisitori e supa gore e ne ya re fa tshono eno e tlhaga, Bakeresete ba ile ba tshaba mo kgaolong eo. A bo seno e le sesupo se se molemo jang ne sa gore Modimo o kgona go bonela isagwe pele le go rulaganya gore baobamedi ba gagwe ba falole! Le fa go ntse jalo, go tweng ka Bajuda ba ba sa dumeleng ba ba ileng ba sala kwa Jerusalema le Judea?

Go ne Go Tla Diragalela Batho ba Nako Eo

11. Jesu o ile a reng malebana le “kokomana eno”?

11 Bajuda ba le bantsi ba ne ba akanya gore kobamelo ya bone e e neng e remeletse mo tempeleng e ne e tla tswelela pele ka bosakhutleng. Mme gone, Jesu o ile a re: “Ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige . . . : Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong. Ammaaruri ke a lo raya ka re kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala. Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a na go feta ka gope.”—Mathaio 24:32-35.

12, 13. Barutwa ba ka tswa ba ile ba tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu malebana le “kokomana eno”?

12 Mo dingwageng di sekae pele ga 66 C.E., Bakeresete ba ka tswa ba ile ba bona bontsi jwa ditiragalo tsa ntlha tsa sesupo se se dikarolo dintsi di diragala—dintwa, mauba, le e leng go rerwa go gogolo ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Ditiro 11:28; Bakolosa 1:23) Mme gone, bokhutlo bo ne bo tla tla leng? Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: ‘Kokomana eno [ge·ne·aʹ ka Segerika] ga e na go feta’? Gantsi Jesu o ne a tle a bitse bontsi jwa Bajuda ba motlha wa gagwe ba ba neng ba mo ganetsa, go akaretsa le baeteledipele ba bodumedi, a re ke ‘kokomana e e boikepo, e e akafalang.’ (Mathaio 11:16; 12:39, 45; 16:4; 17:17; 23:36) Ka jalo, fa a ne a bua gape ka “kokomana eno” mo Thabeng ya Lotlhware, go bonala a ne a sa kaye lotso lotlhe lwa Bajuda ba ba kileng ba tshela; e bile o ne a sa kaye balatedi ba gagwe le mororo e ne e le “lotso lo lo kgethilweng.” (1 Petere 2:9) E bile Jesu o ne a sa bolele gore “kokomana eno” ke lobaka lo lo rileng lwa nako.

13 Go na le moo, Jesu o ne a bua ka Bajuda ba nako eo ba ba neng ba mo ganetsa ba ba neng ba tla bona ditiragalo tsa sesupo se a neng a ba neile sone di direga. Porofesa Joel B. Green o akgela jaana malebana le mafoko a a reng “kokomana eno” a a tlhagang mo go Luke 21:32: “Mo Efangeleng ya Boraro, ‘kokomana eno’ (le dipolelwana tse di tsamaisanang le yone) ka metlha e emela setlhopha se se rileng sa batho ba ba leng kgatlhanong le maikaelelo a Modimo. . . . [E kaya] batho ba ba ganang maikaelelo a Modimo ba le tlhogoethata.”b

14. “Kokomana” eo e ile ya diragalelwa ke eng, mme Bakeresete bone ba ile ba bona matswela afe a a farologaneng?

14 Kokomana e e boikepo ya baganetsi ba Bajuda ba ba neng ba kgona go bona sesupo se diragala, gape ba ne ba tla bona bokhutlo. (Mathaio 24:6, 13, 14) Ba ile ba bo bona! Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a boa, a eteletswe pele ke Titus, morwa wa ga Molaodimogolo Vespasian. Tsela e Bajuda ba ba neng ba kganeletswe gape mo motseng ba neng ba boga ka yone e ne e boitshega tota.c Mosupi yo o boneng ka matlho e bong Flavius Josephus o bega gore ka nako ya fa Baroma ba tla go senya motse, Bajuda ba ba ka nnang 1 100 000 ba ne ba setse ba sule mme ba ba ka nnang 100-000 ba ne ba isiwa botshwarong, mme bontsi jwa bone ba ne ba swa setlhogo ba bolawa ke tlala kana ba swela mo mafelong a bobogelo a Roma. Ruri pitlagano ya 66-70 C.E. e ne e le kgolo go gaisa tsotlhe tse di neng di kile tsa diragalela Jerusalema le tsamaiso ya Sejuda le tse di neng di sa ntse di tla e diragalela. A bo Bakeresete ba ba ileng ba reetsa tlhagiso ya ga Jesu ya boporofeti mme ba tswa mo Jerusalema morago ga gore masole a Roma a ikgogele morago ka 66 C.E., ba ile ba diragalelwa ke se se farologaneng le seo jang ne! Bakeresete ba ba tloditsweng ba “bakgethiwa” ba ile ba ‘bolokwa,’ kana ba namolwa ka 70 C.E.—Mathaio 24:16, 22.

Go Diragadiwa go Gongwe go go Tlang

15. Ke eng se se dirang gore re tlhomamisege gore boporofeti jwa ga Jesu bo ne bo tla diragadiwa ka tsela e kgolwane morago ga 70 C.E.?

15 Le fa go ntse jalo, moo e ne e se gone gotlhe. Pelenyana, Jesu o ne a ile a bolela gore morago ga gore motse o ripitlwe, o ne a tla tla ka leina la ga Jehofa. (Mathaio 23:38, 39; 24:2) Go tswa foo o ne a tlhalosa kgang eo sentle mo boporofeting jo a ileng a bo bua kwa Thabeng ya Lotlhware. Morago ga go umaka “pitlagano e kgolo” e e tlang, o ne a re morago ga foo go ne go tla tlhaga boKeresete ba maaka, mme Jerusalema o ne a tla gatakwa ke merafe ka lobaka lo loleelenyana. (Mathaio 24:21, 23-28; Luke 21:24) A e ka tswa e le gore seo se ne se tla diragadiwa ka tsela e nngwe, e kgolwane? Mabaka a bontsha fa go ntse jalo. Fa re bapisa Tshenolo 6:2-8 (e e kwadilweng morago ga pitlagano ya Jerusalema ya 70 C.E.) le Mathaio 24:6-8 le Luke 21:10, 11, re lemoga gore go ne go tlile go nna le dintwa, tlhaelo ya dijo le maroborobo a magolo. Tsela eno e kgolwane ya go diragadiwa ga mafoko a ga Jesu e ntse e direga fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe I, e e neng ya runya ka 1914.

16-18. Re lebeletse gore go sa ntse go tla direga eng?

16 Go setse go fetile masome a dingwaga jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ruta gore tsela e sesupo se diragadiwang ka yone gone jaanong e supa gore “pitlagano e kgolo” e sa ntse e tla. “Kokomana” ya gone jaanong e e boikepo e tla bona pitlagano eo. Go bonala fa gape go tla nna le karolo e e tla simololang dilo (go tlhaselwa ga bodumedi jotlhe jwa maaka), fela jaaka go tlhasela ga ga Gallus ka 66 C.E. go ile ga simolola pitlagano ya Jerusalema.d Go tswa foo, morago ga gore go nne le nako ya go kgwa moya ya lobaka lo lo sa bewang, bokhutlo bo tla tla—tshenyego ya lefatshe lotlhe e e tsamaisanang le ya 70 C.E.

17 Jesu o ile a bua jaana fa a ne a bua ka pitlagano e e tla tlogang e direga: “Ka bonako fela morago ga pitlagano ya malatsi ao [go senngwa ga bodumedi jwa maaka] letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga e na go ntsha lesedi la yone, mme dinaledi di tla wa di tswa kwa legodimong, le maatla a magodimo a tla reketlisiwa. Mme go tswa foo sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme go tswa foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo, mme di tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo.”—Mathaio 24:29, 30.

18 Ka jalo, Jesu ka boene a re “morago ga pitlagano ya malatsi ao,” go tla nna le ditiragalo dingwe tse di sa tlwaelegang mo loaping. (Bapisa Joele 2:28-32; 3:15.) Seno se tla tshosa le go garola batho ba ba sa utlweng pelo mo e leng gore ba tla “ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo.” Bontsi jwa bone ba tla “tsibikela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni.” Mme gone ga go ne go nna jalo ka Bakeresete ba boammaaruri! Bone ba tla ‘tsholetsa ditlhogo tsa bone, ka gonne kgololo ya bone e atamela.’—Luke 21:25, 26, 28.

Katlholo e e Tlogang e Tla!

19. Re ka lemoga jang gore setshwantsho sa dinku le dipodi se tla diragadiwa leng?

19 Ela tlhoko gore Mathaio 24:29-31 e bolelela pele gore (1) Morwa motho o a tla, (2) o tla tla jalo a le mo kgalalelong e kgolo, (3) baengele ba tla bo ba na nae, le gore (4) ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla mmona. Jesu o boeletsa dilo tseno mo setshwantshong sa dinku le dipodi. (Mathaio 25:31-46) Ka gone, re ka swetsa ka gore setshwantsho seno se bua ka nako ya morago ga fa sepitla seno se sena go simologa, fa Jesu a tla bo a tla le baengele ba gagwe a bo a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi go atlhola. (Johane 5:22; Ditiro 17:31; bapisa 1 Dikgosi 7:7; Daniele 7:10, 13, 14, 22, 26; Mathaio 19:28.) Go tla bo go atlholwa bomang mme ka matswela afe? Setshwantsho se bontsha gore Jesu o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo merafeng yotlhe, go nna jaaka e kete e phuthetswe fa pele ga setulo sa gagwe sa bogosi sa selegodimo.

20, 21. (a) Go tla direga eng ka dinku tsa setshwantsho sa ga Jesu? (b) Dipodi di tla diragalelwa ke eng mo isagweng?

20 Banna le basadi ba sekadinku ba tla tlhaolelwa kafa letsogong la moja la kamogelo la ga Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ile ba dirisa ditshono tsa bone go direla bomonnawe molemo—Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba tla nnang le seabe mo Bogosing jwa ga Keresete jwa selegodimo. (Daniele 7:27; Bahebera 2:9–3:1) Go dumalana le setshwantsho seno, dimilionemilione tsa Bakeresete ba sekadinku ba ile ba tsaya bomonnawe Jesu ba semoya tsia le go ba ema nokeng. Ka ntlha ya seno, “boidiidi jo bogolo” bo na le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya go falola “pitlagano e kgolo” mme go tswa foo ba bo ba tshelela ruri mo Paradaiseng, bonno jwa mo lefatsheng jwa Bogosi jwa Modimo.—Tshenolo 7:9, 14; 21:3, 4; Johane 10:16.

21 A bo dipodi tsone di tlile go bona matswela a a farologaneng le ao thata jang ne! Mo go Mathaio 24:30 go tlhalosiwa gore fa Jesu a tla, di tla “ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo.” Di tshwanetse, ka gonne di tla bo di setse di itsege ka go gana dikgang tse di molemo tsa Bogosi, go ganetsa barutwa ba ga Jesu le go rata lefatshe leno le le fetang. (Mathaio 10:16-18; 1 Johane 2:15-17) Jesu—e seng ope wa barutwa ba gagwe ba mo lefatsheng—ke ene yo o tlhaolang ba e leng dipodi. O bua jaana ka bone: “Bano ba tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng.”—Mathaio 25:46.

22. Ke karolo efe ya boporofeti jwa ga Jesu e e tlhokang gore re e ele tlhoko go ya pele?

22 Kgatelopele ya rona mo go tlhaloganyeng boporofeti jo bo mo go Mathaio kgaolo 24 le 25 e a itumedisa. Le fa go ntse jalo, go na le karolo nngwe ya boporofeti jono jwa ga Jesu e e tlhokang gore re e ele tlhoko go ya pele—‘selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo mo lefelong le le boitshepo.’ Jesu o ile a kgothatsa balatedi ba gagwe gore ba dirise temogo malebana le sone le gore ba iketleeletse go tsaya kgato. (Mathaio 24:15, 16) ‘Selo seno se se makgapha’ ke eng? Se ema leng mo lefelong le le boitshepo? Botshelo jwa rona jwa gone jaanong le jwa mo isagweng bo amega jang? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka seno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona ditlhogo tse di neng di ithutiwa mo go Tora ya Tebelo ya February 15, 1994; October 15 le November 1, 1995; le August 15, 1996.

b Mokanoki wa Moboritane e bong G. R. Beasley-Murray o akgela jaana: “Polelwana e e reng ‘kokomana eno’ ga ya tshwanela go opisa batlhalosi tlhogo. Le fa gone go le boammaaruri gore mo Segerikeng sa bogologolo genea e ne e kaya matsalo, losika, ka jalo gape e kaya lotso, . . . mo [Septuagint ya Segerika] gantsi e ne e ranola lereo la Sehebera e leng dôr, le le kayang motlha, motlha wa batho kana kokomana ka kgopolo ya batho ba motho a tshelang le bone. . . . Mo mafokong a a amanngwang le Jesu, go bonala lereo leo le na le bokao jo bo gabedi: mo letlhakoreng le lengwe ka metlha le kaya batho ba motlha wa gagwe mme mo go le lengwe ka metlha le naya mogopolo wa kganetso e kgolo.”

c Mo bukeng ya History of the Jews, Porofesa Graetz a re ka dinako tse dingwe Baroma ba ne ba bapola magolegwa a le 500 ka letsatsi. Batshwarwa ba bangwe ba Bajuda ba ile ba kgaolwa diatla go tswa foo ba bo ba busediwa mo motseng. Maemo a ne a ntse jang teng? “Madi a teng a ne a sa tlhole a na le boleng, ka gonne a ne a sa kgone go reka borotho. Mo mebileng ya teng batho ba ne ba tle ba lwele dijo tse di maswe le tse di ferosang sebete, ba lwela letlhakanyana, lenathwana la letlalo kana mateng a a latlheletsweng dintša. . . . Ditopo tse di lalaaneng tse di neng di nna di koelana ka bofefo di ne di dira gore pheswana e e mogote ya selemo e anamise malwetse mme batho ba ne ba swa ka ntlha ya go tlhaselwa ke malwetse, leuba le tšhaka.”

d Setlhogo se se latelang se tlotla ka karolo eno ya pitlagano e e tlang.

A o A Gakologelwa?

◻ Mathaio 24:4-14 e ile ya diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

◻ Mo motlheng wa baaposetoloi, malatsi a ile a khutshwafadiwa jang le nama ya bolokwa jang jaaka go ne go boleletswe pele mo go Mathaio 24:21, 22?

◻ “Kokomana” e e umakwang mo go Mathaio 24:34 e ne e lemotshega ka eng?

◻ Re itse jang gore boporofeti jwa kwa Thabeng ya Lotlhware bo ne bo tla diragadiwa ka tsela e nngwe, e kgolwane?

◻ Setshwantsho sa dinku le dipodi se tla diragadiwa leng mme jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Setshwantsho sa Arch of Titus kwa Roma, se bontsha dilo tse di gapilweng fa go senngwa Jerusalema

[Motswedi wa Setshwantsho]

Soprintendenza Archeologica di Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela