LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/15 ts. 29
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tla Bolokwa fa Modimo a Tsaya Kgato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Re Bolèlèlè go Re, Dilō Tse Di Tla Dihala Leñ?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/15 ts. 29

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

“Tora ya Tebelo” ya August 15, 1996, e rile: “Mo karolong ya bofelo ya sepitla, ‘motho’ yo o tla tshabelang mo letlhakoreng la ga Jehofa o tla bolokwa.” A seo se akantsha gore morago ga karolo ya ntlha ya sepitla se segolo, batho ba bantsi ba basha ba tla tla kafa letlhakoreng la Modimo?

Eo e ne e se yone ntlha e e neng e tlhalosiwa.

Mafoko a ga Jesu a a fitlhelwang mo go Mathaio 24:22 a tla diragadiwa thata mo isagweng ka go bolokwa mo karolong ya ntlha ya sepitla se segolo se se tlang, go tlhaselwa ga bodumedi. Setlhogo seno se rile: “Gakologelwa gore ‘batho,’ ba masalela a a tloditsweng mmogo le ba ‘boidiidi jo bogolo,’ ba tla bo ba bolokilwe fa Babilone yo Mogolo a nyelediwa ka bonako le ka tsela e e feletseng mo karolong ya ntlha ya sepitla.”

Batho ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang ga ba kitla ba nna mo kotsing fa Jesu le masole a gagwe a selegodimo ba tsaya kgato mo karolong ya bofelo ya sepitla. Mme lefa go ntse jalo ke bomang ba ba tla falolang karolo eo ya sepitla? Tshenolo 7:9, 14 e bontsha gore boidiidi jo bogolo jo bo nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng bo tla falola. Go tweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya? “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1990, e tlhalositse gore ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra bua re gagametse gore masalela a batlodiwa a tla tseelwa leng kwa legodimong. Ka jalo, setlhogo sa bosheng (sa August 15, 1996) se tlogela kgang eno se sa e gagamatse fa se akgela ka kakaretso jaana: “Ka mo go tshwanang mo karolong ya bofelo ya sepitla, ‘motho’ yo o tla tshabelang mo letlhakoreng la ga Jehofa o tla bolokwa.”

Malebana le gore a bangwe ba basha ba ka kgona go ithuta boammaaruri mme ba bo ba tla ka fa letlhakoreng la Modimo morago ga go simolola ga sepitla se segolo, tlhokomela mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 24:29-31. Morago ga go tlhasela ga sepitla, sesupo sa Morwa motho se tla nna gone. Jesu o rile ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya mme di tla hutsafala. Ga a ka a bua sepe ka batho ba ba tla itharabologelwang, ba sokologa, ba nna kafa letlhakoreng la Modimo, mme ba bo ba nna barutwa ba boammaaruri.

Ka tsela e e tshwanang, mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Morwa motho o a tlhagelela mme o atlhola ka go kgaoganya batho go ya ka seo ba se dirileng kana se ba sa se dirang mo nakong e e fetileng. Jesu ga a bua sepe ka batho ba ba sa bolong go nna ba bontsha dinonofo tsa sepodi mme e bo e re ka tshoganyetso ba fetoge ba tshwane le dinku. O tla go atlhola mo motheong wa se batho ba itshupileng go nna sone.—Mathaio 25:31-46.

Mme lefa go ntse jalo, gape ga go na lebaka la go bua re gagametse mo ntlheng eno. Batho ba Modimo, ba batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo, ba itse se ba tshwanetseng go se dira gone jaanong—go rera le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20; Mareko 13:10) Gone jaanong ke nako ya gore re tseye kgothatso eno tsia: “E re ka re dira mmogo nae, re a rapela le gone, gore lo se amogelele tshegofatso ya Modimo lefela. Gonne wa re: ‘Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa.’ Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko.”—2 Bakorinthe 6:1, 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela